Melaometheo E o E Tlhophang
Melaometheo E o E Tlhophang
AO MOTHO yo o tshelang ka melaometheo? Kana a o akanya gore melaometheo e siilwe ke nako? Gone mme, mongwe le mongwe o kaelwa ke melaometheo mengwe, e a dumelang gore e botlhokwa. Go ya ka The New Shorter Oxford English Dictionary, molaomotheo o ka tlhalosiwa e le “molao o motho a o itlhometseng malebana le go dira se se siameng.” Melaometheo e tlhotlheletsa ditshwetso tse re di dirang e bile ke yone e e laolang tsela e re e latelang mo botshelong. Melaometheo e ka tshwana le kompase.
Ka sekai, Jesu o ne a kgothaletsa balatedi ba gagwe gore ba boloke Molao wa Sekagouta, o o mo go Mathaio 7:12: “Dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” Balatedi ba ga Confucius ba ne ba latela melaometheo ya li le jen, e e neng e bua ka dinonofo tse di jaaka bopelonomi, boikokobetso, tlotlo le boikanyegi. Tota le batho ba e seng ba bodumedi ba na le dilo dingwe tse di tlang pele mo matshelong a bone kana tse di ba kaelang gore ba tshwanetse go itshwara jang.
O Tshwanetse go Latela Mofuta Ofe wa Melaometheo?
Gone mme, re tla bo re dira sentle fa re gakologelwa gore melaometheo e ka nna e e molemo kana e e bosula. Ka sekai, mo e ka nnang mo dingwageng tse di lesome kana go feta, palo e e oketsegang ya batho e tlhotlhelediwa ke se go tweng ke boikutlo jwa nna pele. Le mororo ba le bantsi ba ka tswa ba sa itse ka polelwana eno kana ba ka nna ba akanya gore ga e dire mo go bone, boikutlo jwa nna pele ke mokgwa wa boitshwaro o batho ba le bantsi ba o latelang fa ba tlogela go latela ditekanyetso tsa maemo a a kwa godimo tsa boitshwaro. Le fa polelwana eno e ka tswa e tlhalosiwa jalo kana e sa tlhalosiwe jalo, boikutlo jono jwa nna pele ke boikutlo jwa bopelotshetlha, jo gantsi bo tsamaisanang le go rata dithoto ka tsela e e feteletseng. Molaodimookamedi mongwe wa thelebishene wa kwa China o ne a bolela jaana: “Re na le melaometheo e mebedi fela. O mongwe ke wa go dira se se batlegang. O mongwe ke wa go dira madi.”
Boikutlo jwa nna pele bo tshwana le makenete. Mme makenete e ama kompase jang? Fa dilo tseno tse pedi di bapile, nnalete ya kompase ga e supe sentle. Ka tsela e e tshwanang, boikutlo jwa nna pele bo tlhakatlhakanya kompase ya motho ya boitsholo, kana tsela e e siameng ya boitshwaro, ka go dira gore dikeletso tsa motho e nne tsone tse di tlang pele ga sengwe le sengwe.
A go tla go gakgamatsa go utlwa gore boikutlo jwa nna pele ga bo simologe gompieno? Tsela eno ya botshelo e simologile kwa tshimong ya Edene fa batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba itlhokomolosa ditekanyetso tsa boitshwaro tse di tlhomilweng ke Mmopi wa rona. Seo se ile sa dira gore kompase ya bone ya boitsholo e fetoge. E re ka batho e le bana ba ga Adame le Efa, ba tshwenngwa ke yone tsela eno ya go leba botshelo, e bosheng jaana e bidiwang boikutlo jwa “nna pele.”—Genesise 3:6-8, 12.
Go anama ga boikutlo jono go bonala thata mo nakong e boporofeti jwa Baebele bo reng ke ‘metlha 2 Timotheo 3:1-5.
ya bofelo,’ e e bonalang ka “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” Batho ba le bantsi ke “baithati.” Ga go gakgamatse go bo re iphitlhela re patelesega go etsa boikutlo jono jwa nna pele.—Gongwe o ikutlwa o dumalana le mosha mongwe yo go tweng ke Olaf yo o neng a kwalela lekala la Basupi ba ga Jehofa kwa Yuropa jaana: “Go boima thata go nna re thokgame mo boitsholong, segolobogolo mo go rona basha. Tsweetswee tswelelang lo nna lo re gakolola ka botlhokwa jwa go ngaparela melaometheo ya Baebele.”
Olaf o itshupa a le kelotlhoko. Melaometheo ya bomodimo e ka re thusa—basha kana bagolo—go boloka ditekanyetso tsa maemo a a kwa godimo tsa boitshwaro. Gape di ka re thusa go tila boikutlo jwa nna pele, bo ka tswa bo bidiwa jalo kgotsa bo sa bidiwe jalo. Fa o rata go ithuta go ya pele malebana le kafa melaometheo ya Baebele e ka go thusang ka teng, tsweetswee sekaseka setlhogo se se latelang.
[Ditshwantsho mo go tsebe 4]
Batho ba le bantsi gompieno ga ba amege ka batho ba bangwe