Go Direla ka Moya wa go Intsha Setlhabelo
Polelo ya Botshelo
Go Direla ka Moya wa go Intsha Setlhabelo
JAAKA GO BOLETSE DON RENDELL
Mmè o tlhokafetse ka 1927 fa ke ne ke na le dingwaga di le tlhano fela. Le fa go ntse jalo, tumelo ya gagwe e tlhotlheleditse botshelo jwa me thata. Seo se diregile jang?
MMÈ e ne e le leloko le le ikanyegang la Kereke ya Engelane fa a ne a nyalwa ke rre yo o neng a thapiseditswe tiro ya bosole. Seno se diragetse pele ga Ntwa ya Lefatshe I. Ntwa ya Lefatshe I e simolotse ka 1914, mme Mmè o ne a ganetsana le moruti ka go bo a ne a dirisa serala sa kereke go biletsa batho kwa bosoleng. Moruti o ne a araba jang? “Ya gae, mme o se ka wa itshwenya ka dipotso tse di ntseng jalo!” Seo ga se a ka sa mo kgotsofatsa.
Ka 1917, fa ntwa e ne e fagile, Mmè o ne a ya go bona “Photo-Drama of Creation.” Ka gonne a ne a tlhatswegile pelo gore o bone boammaaruri, o ne a tlogela kereke ya gagwe ka bonako mme a simolola go kopanela le Baithuti ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo. O ne a ya dipokanong tsa phuthego ya Yeovil, e leng toropo e e neng e le gaufi le motse wa rona wa West Coker, mo karolong ya Baesemane ya Somerset.
Go ise go ye kae, Mmè o ne a simolola go bolelela bana ba gabone ba bararo ba basetsana ka tumelo ya gagwe e ntšha, mme maloko a a godileng a phuthego ya Yeovil a ntlhaloseditse kafa mmè le monnawe e bong Millie ba neng ba tsamaya ka teng ka dibaesekele mo tshimong ya rona e kgolo ya selegae, ba tsamaisa dibuka tsa go ithuta Baebele tsa Studies in the Scriptures. Le fa go ntse jalo, se se utlwisang botlhoko ke gore mo dikgweding tse 18 tsa bofelo tsa botshelo jwa gagwe, Mmè o ne a nna fela mo bolaong a tshwerwe ke thiibi e ka nako eo e neng e se na kalafi.
Go Bontsha go Intsha Setlhabelo
Mmangwane Millie, yo o neng a nna le rona ka nako eo, o ne a tlhokomela Mmè fa a ne a lwala mme gape a ntlhokomela mmogo le kgaitsadiake yo o neng a na le dingwaga tse supa, e bong Joan.
Fa Mmè a tlhokafala, ka bonako Mmangwane Millie o ne a ithaopela go re tlhokomela rona bana. Rre o ne a dumela a sa okaoke gore Mmangwane Millie a nnele ruri le rona, ka gonne a ne a itumeletse go rolwa boikarabelo jono.Re ne re rata mmangwanaarona mme re ne re itumeletse gore o ne a tlile go nna le rona. Mme ke ka ntlha yang fa a ne a dira tshwetso e e ntseng jalo? Dingwaga tse dintsi morago ga moo, Mmangwane Millie o ne a re bolelela gore o ne a itse gore o na le boikarabelo jwa go aga mo motheong o Mmè a neng a o theile—gore a rute nna le Joan boammaaruri jwa Baebele—e leng sengwe se a neng a lemogile gore rraarona o ne a se kitla a bo a se dira ka gonne o ne a sa kgatlhegele bodumedi.
Gape, moragonyana re ne ra utlwa gore Mmangwane Millie o ne a dirile tshwetso e nngwe ya botho tota. O ne a se kitla a nyalwa gore a tle a kgone go re tlhokomela sentle. A bo e le go intsha setlhabelo mo gogolo jang ne! Nna le Joan re na le mabaka a a utlwalang a go mo leboga fela thata. Re tshwareletse mo go sengwe le sengwe se Mmangwane Millie a se re rutileng le mo sekaong sa gagwe se se molemo thata se a se re beetseng.
Nako ya go Dira Tshwetso
Nna le Joan re ne re tsena sekolo sa mo motseng sa Kereke ya Engelane kwa Mmangwane Millie a neng a bua a tiisitse le mogokgo wa sekolo teng malebana le thuto ya rona ya bodumedi. Fa bana ba bangwe ba ne ba ya kerekeng, rona re ne re ya gae, mme fa moruti a ne a tla kwa sekolong go tla go re ruta ka tsa bodumedi, re ne re itlhaola mo baneng ba bangwe botlhe re bo re newa ditemana tsa Dikwalo gore re di ithute ka tlhogo. Seno se ne sa nthusa thata, ka gonne ditemana tseno di kwadilwe ka tsela e e ka se phimogeng mo tlhaloganyong ya me.
Ke ne ka tlogela sekolo ke na le dingwaga di le 14 gore ke ye go ithuta go dira tšhisi kwa madirelong a mo lefelong la rona. Gape ke ne ka ithuta go tshameka piano, mme ke ne ke itlosa bodutu ka mmino le tantshe ya ballroom. Le fa boammaaruri jwa Baebele bo ne bo medile mo pelong ya me, bo ne bo ise bo ntlhotlheletse. Mme letsatsi lengwe ka March 1940, Mosupi mongwe yo o godileng o ne a nkopa gore ke ye le ene kwa kopanong kwa Swindon, e e neng e le bokgakala jwa dikilometara di ka nna 110. Albert D. Schroeder, modiredi yo o okamelang wa Basupi ba ga Jehofa kwa Boritane, o ne a baya puo ya phatlalatsa. Kopano eo e ne ya tlisa phetogo ya botlhokwa mo botshelong jwa me.
Ntwa ya Lefatshe II e ne e fagile. Ke ne ke dira eng ka botshelo jwa me? Ke ne ka swetsa ka gore ke boele kwa Holong ya Bogosi ya Yeovil. Kwa pokanong ya ntlha e ke neng ke le kwa go yone, go ne ga itsisiwe gore go tlile go simololwa tiro ya go neela bosupi jwa mmila. Le fa ke ne ke se na kitso e e kalo, ke ne ka ithaopela go nna le seabe mo tirong eno, mme seno se ne sa gakgamatsa thata batho ba bantsi ba ke neng ke tsaya gore ke ditsala tsa me e bile ba ne ba ntshotla fa ba feta ka tsela!
Ke ne ka kolobediwa kwa toropong ya Bristol ka June 1940. E ne ya re go ise go fete kgwedi, ka bo ke setse ke ikwadisitse go nna mmulatsela wa ka metlha—moreri wa nako e e tletseng. Ke ne ka itumela tota fa moragonyana kgaitsadiake le ene a ne a bontsha boineelo jwa gagwe ka go kolobediwa mo metsing!
Go Bula Tsela ka Nako ya Ntwa
Ngwaga fa ntwa e sena go simolola, ke ne ka amogela diforomo tsa go ikwadisetsa bosole. E re ka kwa Yeovil ke ne ke ikwadisitse jaaka motho yo segakolodi sa gagwe sa bodumedi se sa mo letleng go tsenela bosole, ke ne ka tshwanelwa ke go ya go tlhaga fa pele ga kgotlatshekelo kwa Bristol. Ke ne ke bula tsela mmogo le John Wynn kwa Cinderford, Gloucestershire, mme moragonyana kwa Haverfordwest le kwa Carmarthen, kwa Wales. * Moragonyana, kwa tshekong kwa Carmarthen, ke ne ka atlholelwa dikgwedi tse tharo kwa kgolegelong ya Swansea, mme gape ka lefisiwa £25—a e neng e le madi a mantsi thata mo metlheng eo. Morago ga foo, ke ne ka newa katlholo ya bobedi ya dikgwedi tse tharo mo kgolegelong ka gonne ke ne ke sa duela madi a ke neng ke a lefisitswe.
Kwa tshekong ya boraro, ke ne ka bodiwa jaana, “A ga o itse gore Baebele ya re, ‘Duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara’?” Ke ne ka araba ka re, “Seo ke a se itse, mme nka rata go feleletsa temana eo: ‘mme Modimo dilo tsa Modimo.’ Ke sone se ke se dirang.” (Mathaio 22:21) Dibeke tse pedi morago ga foo, ke ne ka amogela lekwalo le le neng le mpolelela gore ke ne ke sa tlhole ke patelediwa go tsenela tiro ya bosole.
Kwa masimologong a 1945, ke ne ka lalediwa go tla lelapeng la Bethele la Lontone. Mo marigeng a a latelang, Nathan H. Knorr, yo o neng a eteletse pele mo go rulaganyeng tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe, o ne a etela kwa Lontone ene le mokwaledi wa gagwe, Milton G. Henschel. Bakaulengwe ba le robedi ba babotlana go tswa kwa Boritane ba ne ba kwadiseditswe tlelase ya borobedi ya Sekolo sa Watchtower sa Gileade go thapisediwa borongwa, mme ke ne ke le mongwe wa bone.
Dikabelo Tsa Borongwa
Ka May 23, 1946, re ne ra tloga kwa boemakepeng jo bonnye jwa Cornwall jwa Fowey re tsamaya ka sekepe sa nako ya ntwa sa Liberty. Molaodi wa boemakepe, Kapotene Collins, e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme fa re tloga fa lobopong o ne a letsa sedirisiwa se se tlhabang mokgosi. Jaaka go ne go ka lebelelwa, rotlhe re ne re sa itse gore re ikutlwa jang jaaka re ne re ntse re katogela kgakala le lobopo lwa Baesemane. Lewatle la Atlantic le ne le kgoberegile fela thata fa re ne re le kgabaganya mme le fa go ntse jalo, re ne ra goroga kwa United States re babalesegile morago ga malatsi a le 13.
Go nna teng kwa kopanong ya ditšhabatšhaba ya malatsi a le robedi kwa Cleveland, kwa Ohio, go simolola ka August 4 go ya go 11, 1946, e ne e le tiragalo e e sa lebalesegeng. Go ne go na le batlakopanong ba le 80 000, go akaretsa ba le 302 go tswa kwa dinageng tse dingwe tse 32. Kwa kopanong eo, boidiidi jwa batho jo bo neng bo le matlhagatlhaga bo ne jwa gololelwa makasine wa Tsogang! * (ka Seesemane) le buka ya go ithuta Baebele ya “Let God Be True.”
Re ne ra aloga kwa Gileade ka 1947, mme nna le Bill Copson re ne ra abelwa go ya kwa Egepeto. Mme pele ga re ya teng, Richard Abrahamson o ne a nthapisa ka tsela e e molemo mo ditsamaisong tsa ofisi kwa Bethele ya Brooklyn. Re ne ra fologa kwa Alexandria, mme go ise go ye kae ke ne ke setse ke tlwaetse mokgwa wa botshelo wa Botlhabagare. Le fa go ntse jalo, go ithuta Searabia e ne e le kgwetlho, mme gape ke ne ka tshwanela gore ke dirise dikarata tsa go neela bosupi tse di kwadilweng ka dipuo tse nnè.
Bill Copson o ne a nna dingwaga di le supa, mme nna lokwalo lwa me lwa mosepele lo ne lwa se ka lwa ntšhafadiwa morago ga ngwaga wa ntlha, mme ke ne ka tshwanelwa ke go tswa mo nageng eo. Ke sa ntse ke gakologelwa ngwaga oo wa borongwa e le o o neng o na le matswela go di gaisa tsotlhe mo botshelong jwa me. Ke ne ka nna le tshiamelo ya go tshwara dithuto tsa magae tsa Baebele di feta 20 beke le beke, mme bangwe ba batho ba ke neng ke ithuta boammaaruri le bone ka nako eo ba sa ntse ba baka Jehofa ka matlhagatlhaga. Go tswa kwa Egepeto ke ne ka abelwa go ya go direla kwa Kupero.
Kupero—le Iseraele
Ke ne ka simolola go ithuta puo e nngwe gape, ya Segerika, le go tlwaela tsela e go neng go buiwa ka yone mo lefelong leo. Moragonyana, fa Anthony Sideris a ne a kopiwa go ya Gerika, ke ne ka tlhomiwa go nna molebedi wa tiro kwa Kupero. Ka nako eo ofisi ya lekala ya Kupero gape e ne e tlhokometse Iseraele, mme mmogo le bakaulengwe ba bangwe, ke ne ka nna le tshiamelo ya gore ka makgetlhonyana ke nne ke etele Basupi ba sekaenyana ba ba neng ba nna koo.
Mo loetong lwa me lwa ntlha kwa Iseraele, re ne ra tshwarela kopano mo resetšhurenteng e nnye kwa Haifa, e go neng go na le batho ba le 50 kgotsa 60 mo go yone. Re ne ra neela thulaganyo ya kopano ka dipuo tse thataro tse di farologaneng ka gonne re ne re kgaogantse batho ka ditšhaba! Mo lekgetlhong lengwe, ke ne ka kgona go bontsha batho filimi kwa Jerusalema e e neng e dirilwe ke Basupi ba ga Jehofa, mme ke ne ka neela puo ya phatlalatsa e lokwalodikgang lwa Seesemane lo neng lwa e bega ka tsela e e molemo.
Go ne go na le Basupi ba ka nna 100 kwa Kupero ka nako eo, mme ba ne ba tshwanelwa ke go lwela tumelo ya bone ka thata. Digongwana tse di neng di eteletswe pele ke baruti ba Kereke ya Greek Orthodox di ne tsa kgoreletsa dikopano tsa rona, mme e ne e le la ntlha ke kgobotlediwa ka maje fa re ne re neela bosupi kwa mafelong a selegae. Ke ne ka tshwanelwa ke go ithuta go tshaba ka bonako! Jaaka go ne go na le kganetso e e mabifi jalo, go ne go nonotsha tumelo go nna le barongwa ba bangwe ba ba neng ba abetswe go tla go direla kwa setlhaketlhakeng seo. Dennis le Mavis Matthews mmogo le Joan Hulley le Beryl Heywood ba ne ba tla go direla le nna kwa Famagusta, fa Tom le Mary Goulden le Nina Constanti, yo e neng e le motho wa Kupero yo o neng a tsholetswe kwa Lontone, ba ne ba ya kwa Limassol. Ka yone nako eo, Bill Copson le ene o ne a fudusediwa kwa Kupero mme moragonyana ga tla Bert le Beryl Vaisey.
Go Tlwaela Maemo a a Fetogang
Kwa bokhutlong jwa 1957, ke ne ka lwala mme ke ne ke sa kgone go tswelela mo kabelong ya me ya borongwa. Ka kutlobotlhoko ke ne ka dira tshwetso ya gore, fa ke ne ke batla go tsosolosa botsogo jwa me, ke ne ke tshwanetse go boela kwa Engelane, kwa ke neng ka tswelela ke bula tsela teng go fitlha ka 1960. Kgaitsadiake le monna wa gagwe ba ne ba nnaya marobalo ka bopelonomi, mme maemo a ne a fetogile. Dilo di ne di thatafalela Joan thata. Mo godimo ga go tlhokomela monna wa gagwe le morwadie yo mmotlana mo lobakeng lwa dingwaga tse 17 fa ke ne ke seyo, ka lorato o ne a tlhokometse rraarona le Mmangwane Millie, yo ka nako eno a neng a tsofetse e bile a se na botsogo jo bontle. Go ne ga bonala gore ke tlhoka go sala morago sekao sa ga mmangwane sa go intsha setlhabelo, ka jalo ke ne ka nna le kgaitsadiake go fitlha mmangwane le rre ba tlhokafala.
Go ne go ka nna motlhofo thata go nna kwa Engelane, mme morago ga boikhutso jo bokhutshwane ke ne ka ikutlwa ke patelesega go boela kwa kabelong ya me. Gone mme, a phuthego ya ga Jehofa e ne e sa dirisa madi a mantsi e nthapisa? Ka jalo, ka 1972, ke ne ka ituelela go boela kwa Kupero go ya go bula tsela teng gape.
Nathan H. Knorr o ne a goroga go tla go rulaganyetsa kopano e e neng e tlile go tshwarwa mo ngwageng o o latelang. Fa a ne a utlwalela gore ke boile, o ne a akantsha gore ke tlhomiwe go nna molebedi wa potologo mo setlhaketlhakeng seo sotlhe, e leng tshiamelo e ke neng ka nna le yone ka dingwaga tse nnè. Le fa go ntse jalo, e ne e le kabelo e e bokete e re ka ke ne ke tshwanelwa ke go bua Segerika ka dinako tsotlhe.
Nako ya Mathata
Ke ne ke nna kwa motseng wa Karakoumi, kwa botlhaba jwa Kyrenia mo lobopong lwa bokone, le Paul Andreou, Mosupi wa kwa Kupero yo o buang Segerika. Ofisi ya lekala ya Kupero e ne e le kwa Nicosia, kwa borwa jwa Dithaba tsa Kyrenia. Kwa tshimologong ya July 1974, ke ne ke le kwa Nicosia fa puso e ne e menolwa go tlosa Poresidente Makarios mo setulong, mme ke ne ka bona ntlo ya gagwe ya segosi e sha. Fa go ne go setse go babalesegile go tsaya loeto, ke ne ka itlhaganelela go boela kwa Kyrenia, kwa re neng re baakanyetsa kopano ya potologo gone. Malatsi a mabedi moragonyana ke ne ka utlwa bomo ya ntlha e thunya mo boemakepeng, mme ka bona go tletse dihelikopotara mo loaping di tlisa mephato e e tlhaselang ya masole go tswa kwa Turkey.
Ka gonne ke ne ke le moagi wa Boritane, masole a Turkey a ne a nkisa ka kwa ntle ga Nicosia, kwa badiri ba lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ba ba neng ba ikgolaganya le ofisi ya lekala gone ba neng ba nthamathamisa ka dipotso. Go tswa foo ke ne ka lebana le tiro e e tshosang ya go tsamaya ke raletse megala e e kgweleganeng ya founu le ya motlakase ke ya kwa magaeng a a se nang batho ka kwa ntlheng e nngwe ya sekgwa. Ke ne ke itumetse tota gore tsela ya me ya go buisana le Jehofa Modimo e ne e ka se kgoreletsege! Dithapelo tsa me di ne tsa nnonotsha mo go sengwe sa dilo tse di hutsafatsang thata tse di kileng tsa ntiragalela mo botshelong.
Ke ne ke latlhegetswe ke sengwe le sengwe, mme ke ne ka itumelela go bona tshireletsego kwa ofising ya lekala. Le fa go ntse jalo, boemo jono ga bo a ka jwa tswelela lobaka lo loleele. Mo lobakeng lwa malatsi a sekae, mephato ya masole a a tlhaselang e ne e setse e laola nngwetharong ya setlhaketlhake ka kwa bokone. Re ne ra tshwanelwa ke go tswa kwa Bethele mme re fudugele kwa Limassol. Ke ne ka itumelela go dira le komiti e e neng ya tlhomiwa gore e tlhokomele bakaulengwe ba le 300 ba ba neng ba amilwe ke dikhuduego tseo, ba bontsi jwa bone ba neng ba latlhegetswe ke magae a bone.
Dikabelo Tse Dingwe Gape
Ka January 1981, Setlhopha se se Laolang se ne sa nkopa gore ke fudugele kwa Gerika ke ye go nna mongwe wa lelapa la Bethele kwa Athena, mme kwa bofelong jwa ngwaga, ke ne ke boetse kwa Kupero mme ke tlhomilwe go nna motsamaisi wa Komiti ya Lekala. Andreas Kontoyiorgis le mosadi wa gagwe, Maro, batho ba Kupero ba ba neng ba rometswe go tswa kwa Lontone, ba ne ba itshupa e le “thuso e e nnonotshang.”—Bakolosa 4:11.
Kwa bokhutlong jwa ketelo ya lekala e e neng e dirwa ke Theodore Jaracz ka 1984, ke ne ka amogela lekwalo le le neng le tswa kwa Setlhopheng se se Laolang le le neng le re: “Fa Mokaulengwe Jaracz a fetsa loeto lwa gagwe, re ka rata gore o tsamaye le ene go ya kwa Gerika.” Go ne go sa bolelwa lebaka, mme fa re goroga kwa Gerika, Komiti ya Lekala e ne ya balelwa lekwalo le lengwe le le neng le tswa kwa Setlhopheng se se Laolang, le le neng le ntlhoma go nna mookamedi wa Komiti ya Lekala mo nageng eo.
Mo nakong eno, re ne re tlhaselwa ke batlhanogi. Gape go ne go na le ditatofatso tse dintsi tsa gore re sokolola batho ka tsela e e seng ka fa molaong. Batho ba ga Jehofa ba ne ba tshwarwa letsatsi le letsatsi mme ba isiwa dikgotlatshekelong. A bo e ne e le tshiamelo e kgolo jang ne go kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba bolokile bothokgami kafa tlase ga diteko! Dingwe tsa dikgetsi tsa bone di ne tsa reediwa fa pele ga Kgotlatshekelo ya *
Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho, mme di ne di na le matswela a a molemo a a neng a ama tiro ya go rera ka tsela e e molemo kwa Gerika.Fa ke ne ke direla kwa Gerika, ke ne ka kgona go nna teng kwa dikopanong tse di sa lebalesegeng kwa Athena, kwa Thesalonika le kwa ditlhaketlhakeng tsa Rhodes le Kereta. E ne e le dingwaga tse nnè tse di itumedisang tse di nang le matswela, mme go ne go tlile go tla phetogo e nngwe gape—go boela kwa Kupero ka 1988.
Kupero le go Boela kwa Gerika Gape
Ka nako e ke neng ke seyo ka yone kwa Kupero, bakaulengwe ba ne ba reka dikago tse disha gore e nne lekala kwa Nissou, dikilometara di sekae go tswa kwa Nicosia, mme Carey Barber, go tswa kwa ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, o ne a baya puo ya go le kgakola. Maemo a ne a setse a ritibetse jaanong mo setlhaketlhakeng, mme ke ne ke itumeletse go bo ke boile—mme ke ne ke se kitla ke nna nako e telele.
Setlhopha se se Laolang se ne se amogetse dipolane tsa go aga legae le lesha la Bethele kwa Gerika, dikilometara di sekae kwa bokone jwa Athena. E re ka ke ne ke kgona go bua Seesemane le Segerika, ke ne ka kopiwa gore ke boe ke tle go dira mo lefelong la kago e ntšha ka 1990 gore ke ranolele lelapa la batlhanka ba ditšhabatšhaba ba ba neng ba bereka gone. Ke sa ntse ke gakologelwa monate wa go nna teng kwa setsheng ka nako ya borataro moso mongwe le mongwe ka selemo, ke amogela makgolokgolo a bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bagerika ba ba neng ba ithaopetse go dira mmogo le lelapa le le dirang tiro ya go aga! Ka metlha ke tla nna ke gakologelwa boitumelo jwa bone le matlhagatlhaga a bone.
Baruti ba Greek Orthodox le balatedi ba bone ba ne ba leka go tsena kwa setsheng le go kgoreletsa tiro ya rona, mme Jehofa o ne a utlwa dithapelo tsa rona mme ra sireletsega. Ke ne ka dira kwa setsheng go fitlha legae le lesha la Bethele le kgakolwa ka April 13, 1991.
Go Thusa Kgaitsadiake yo o Rategang
Mo ngwageng o o latelang, ke ne ka boela kwa Engelane go ya malatsing a boikhutso, mme ke ne ke nna le kgaitsadiake le monna wa gagwe. Go utlwisa botlhoko gore fa ke ne ke le koo, monna wa ga kgaitsadiake o ne a tlhaselwa ke bolwetse jwa go ema pelo makgetlo a le mabedi mme a tlhokafala. Joan o ne a ntse a nkeme nokeng tota mo tirelong ya me ya borongwa. Go ne go sa fete beke a sa nkwalela lokwalo a nkgothatsa. Kamano e e ntseng jalo e kgothatsa tota mo morongweng mongwe le mongwe! Jaanong e ne e le motlholagadi yo o se nang botsogo jo bontle mme a tlhoka gore ke mo eme nokeng. Ke tshwanetse go dira eng?
Morwadia Joan, e bong Thelma, le monna wa gagwe ba ne ba setse ba tlhokometse motlholagadi yo mongwe yo o ikanyegang mo phuthegong ya bone, yo e neng e le mongwe wa bontsalaarona, yo o neng a lwala bolwetse jo bo sa foleng. Ka jalo fa ke sena go rapela thata, ke ne ka swetsa ka gore ke nne mme ke thuse go tlhokomela Joan. Go ne go se motlhofo go dira phetogo eno, mme ke na le tshiamelo ya go direla ke le mogolwane mo Pen Mill, nngwe ya diphuthego tse pedi tsa Yeovil.
Bakaulengwe ba ke neng ke direla le bone kwa moseja ba ikgolaganya le nna ka metlha ka founu le ka lekwalo, mme ke itumelela seno thata. Ke a itse gore fa go ka direga gore ke tlhalose gore ke rata go boela kwa Gerika kgotsa kwa Kupero, dithekete tsa me tsa mosepele di tla goroga ka bonako. Mme jaanong ke na le dingwaga tse 80, mme matlho a me le botsogo jwa me ga di a nna jaaka di ne di ntse pele. Go nkutlwisa botlhoko go bo ke sa tlhole ke le matlhagatlhaga jaaka pele, mme dingwaga tsa me tsa tirelo ya Bethele di nthusitse go nna le mekgwa e mentle e e ntsholegelang molemo gompieno. Ka sekai, ka metlha ke bala temana ya letsatsi pele ga sefitlholo. Gape ke ithutile go dirisana sentle le batho le go ba rata—tsela ya go atlega mo tirelong ya borongwa.
Fa ke leba kwa morago mo dingwageng tse di ka nnang 60 tse ke di dirisitseng ke baka Jehofa, ke a itse gore tirelo ya nako e e tletseng ke tshireletso e kgolo go di feta tsotlhe e bile e naya motho thuto e e di gaisang tsotlhe. Ka pelo ya me yotlhe nka bua mafoko a a tshwanang le a ga Dafide fa a ne a bua le Jehofa: “O itshupile o le bogodimo jo bo sireletsegileng mo go nna le lefelo le go ka tshabelwang kwa go lone mo letsatsing la matshwenyego a me.”—Pesalema 59:16.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 18 Polelo ya botshelo ya ga John Wynn, “Pelo Ya Me E Penologa ka Tebogo,” e tlhagile mo go Tora ya Tebelo, September 1, 1997, ditsebe 25-8.
^ ser. 23 Pele e ne e itsiwe e le Consolation.
^ ser. 41 Bona Tora ya Tebelo, December 1, 1998, ditsebe 20-1, le September 1, 1993, ditsebe 27-31; Tsogang!, January 8, 1998, ditsebe 29-30, le Tsogang!, March 22, 1997, ditsebe 14-15 (ka Seesemane).
[Dimmapa mo go tsebe 24]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
GERIKA
Athena
KUPERO
Nicosia
Kyrenia
Famagusta
Limassol
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Mmè, ka 1915
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Ka 1946 mo godimo ga marulelo a Bethele ya Brooklyn, nna (wa bonè go tswa molemeng) le bakaulengwe ba bangwe ba tlelase ya borobedi ya Gileade
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Ke na le Mmangwane Millie fa ke sena go boela kwa Engelane lekgetlho la ntlha