A Tota o Tsaya Keresete e le Moeteledipele wa Rona?
A Tota o Tsaya Keresete e le Moeteledipele wa Rona?
“Le gone lo se ka lwa bidiwa ‘baeteledipele,’ gonne Moeteledipele wa lona o mongwe, e bong Keresete.”—MATHAIO 23:10.
1. Moeteledipele yo o esi wa Bakeresete ba boammaaruri ke mang?
ENE e le Labobedi, Nisane 11. Go ne go setse malatsi a le mararo gore Jesu Keresete a bolawe. Leno e ne e le lekgetlo la bofelo a ya kwa tempeleng. Mo letsatsing leno, Jesu o ne a ruta boidiidi jo bo neng bo kgobokane foo le barutwa ba gagwe thuto ya botlhokwa. O ne a re: “Lo se ka lwa bidiwa Rabi, gonne moruti wa lona o mongwe, mme lona lotlhe lo bakaulengwe. Mo godimo ga moo, lo se ka lwa bitsa ope rraalona mo lefatsheng, gonne Rraalona o mongwe, Wa selegodimo. Le gone lo se ka lwa bidiwa ‘baeteledipele,’ gonne Moeteledipele wa lona o mongwe, e bong Keresete.” (Mathaio 23:8-10) Ee ruri, Jesu Keresete ke Moeteledipele wa Bakeresete ba boammaaruri.
2, 3. Go reetsa Jehofa le go amogela Moeteledipele yo a mo tlhomileng go ama matshelo a rona jang?
2 Re solegelwa molemo thata mo matshelong a rona fa re tsaya Jesu e le Moeteledipele wa rona! Jehofa Modimo o ne a dirisa moporofeti Isaia go bolelela pele go tla ga Moeteledipele yono a bolela jaana: “Heelang, lona lotlhe ba lo nyorilweng! Tlang metsing. Le ba ba se nang madi! Tlang, rekang lo je. Ee, tlang, rekang beine le mashi kwantle ga madi le kwantle ga tlhwatlhwa. . . . Ntheetsang ka kelotlhoko, mme lo je se se molemo, mme a moya wa lona o itumelele monono thata. . . . Bona! Ke mo neile go nna mosupi mo ditlhopheng tsa ditšhaba, jaaka moeteledipele le molaodi mo ditlhopheng tsa ditšhaba.”—Isaia 55:1-4.
3 Isaia o ne a dirisa diedi tse di tlwaelegileng—metsi, mashi le beine—go tshwantshetsa kafa botshelo jwa rona bo amegang ka teng fa re reetsa Jehofa re bo re latela Moeteledipele le Molaodi yo a re mo neileng. Fa re dira jalo re a lapologelwa. Go nna jaaka fa re nwa metsi a a tsididi go le mogote. Re timola lenyora la rona la go nyorelwa boammaaruri le tshiamo. Fela jaaka mashi a nonotsha masea e bile a a thusa go gola, ‘mashi a lefoko’ a a re nonotsha e bile a thusa gore kamano ya rona le Modimo e gole ka tsela ya semoya. (1 Petere 2:1-3) Mme ke mang yo o ka ganetsang gore beine e thusa gore go itumelwe mo meketeng? Ka tsela e e tshwanang, go obamela Modimo wa boammaaruri le go latela dikgato tsa Moeteledipele yo a mo tlhomileng go dira gore botshelo bo nne bo ‘ipedise fela thata.’ (Duteronome 16:15) Ka gone, go botlhokwa gore rotlhe fela—bannye le bagolo, banna le basadi—re bontshe gore re tsaya boeteledipele jwa ga Keresete e le jwa mmatota. Le fa go ntse jalo, re ka bontsha jang mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi gore Mesia ke Moeteledipele wa rona?
Basha—Nnang lo ‘Gatele Pele mo Botlhaleng’
4. (a) Go ne ga diragala eng fa Jesu wa dingwaga tse 12 a ne a ile kwa Jerusalema ka nako ya Tlolaganyo? (b) Jesu o ne a na le kitso e kana kang a na le dingwaga di le 12 fela?
4 Akanya ka sekai se Moeteledipele wa rona a ileng a se tlhomela basha. Le fa go sa itsiwe dilo tse dintsi kaga Jesu fa a ne a sa ntse a le ngwana, tiragalo nngwe e senola go le gontsi ka ene. Fa Jesu a ne a na le dingwaga di le 12, batsadi ba gagwe ba ne ba tsamaya le ene mo mosepeleng wa bone wa ngwaga le ngwaga wa go ya Tlolaganyong kwa Jerusalema. Ka lekgetlo leno o ne a tlhoma mogopolo mo motlotlong wa Dikwalo mme ba lelapa la gagabo ba mo tlogela ka phoso ba sa lemoge gore o setse. Morago ga malatsi a le mararo, batsadi ba gagwe ba ba neng ba tshwenyegile e bong Josefa le Marea ba ne ba mo fitlhela Luke 2:41-50.
mo tempeleng, “a ntse mo gare ga barutisi, a ba reeditse e bile a ba botsa dipotso.” Mo godimo ga moo, “botlhe ba ba mo reeditseng ruri ba ne ba gakgamadiwa ke tlhaloganyo ya gagwe le dikarabo tsa gagwe.” Ako o akanye fela, fa Jesu a na le dingwaga di le 12 fela, o ne a sa kgone fela go botsa dipotso tse di dirang gore batho ba akanye, dipotso tse di amanang le dilo tsa semoya mme gape o ne a na le dikarabo tse di supang botlhale! Kwantle ga pelaelo, o ne a thusitswe ke thapiso ya batsadi ba gagwe.—5. Basha ba ka tlhatlhoba maikutlo a bone jang malebana le thuto ya lelapa ya Baebele?
5 Gongwe o motho yo mosha ka dingwaga. Fa e le gore batsadi ba gago ke batlhanka ba ba ineetseng ba Modimo, go tshwanetse ga bo go na le thulaganyo ya lelapa ya go ithuta Baebele ka metlha kwa ga lona. O ikutlwa jang ka thuto eno ya lelapa? Ke eng fa o sa akanyetse dipotso tse di jaaka: ‘A ke tshegetsa thulaganyo ya thuto ya lelapa ya Baebele ka pelo yotlhe? A ke tsamaisana le yone, ke sa dire sepe go kgoreletsa thulaganyo e e beilweng?’ (Bafilipi 3:16) ‘A ke nna le seabe ka tlhoafalo mo thutong? Fa go tshwanela, a ke botsa dipotso ka se se ithutiwang le go akgela malebana le kafa se ka dirisiwang ka teng? Fa ke ntse ke gola semoyeng, a ke nna le keletso ya “dijo tse di tiileng [tsa] batho ba ba godileng sentle”?’—Bahebera 5:13, 14.
6, 7. Thulaganyo ya go bala Baebele letsatsi le letsatsi e ka solegela basha molemo jang?
6 Thulaganyo ya go bala Baebele letsatsi le letsatsi le yone e mosola. Mopesalema o ne a opela jaana: “Go itumela motho yo o sa tsamayang mo kgakololong ya baikepi, . . . mme o natefelelwa ke molao wa ga Jehofa, o balela molao wa gagwe kwa tlase motshegare le bosigo.” (Pesalema 1:1, 2) Motlhatlhami wa ga Moshe e bong Joshua, o ne a ‘balela buka ya molao kwa tlase motshegare le bosigo.’ Seno se ne se dira gore a kgone go dira ka botlhale mme a atlege fa a diragatsa kabelo ya gagwe e a e neilweng ke Modimo. (Joshua 1:8) Moeteledipele wa rona, Jesu Keresete, o ne a re: “Go kwadilwe ga twe, ‘Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.’” (Mathaio 4:4) Fa re tlhoka go ja dijo letsatsi le letsatsi, a bo re tlhoka go ja dijo tsa semoya ka metlha le go feta tseo!
7 E re ka Nicole wa dingwaga tse 13 a ne a lemoga se a se tlhokang semoyeng, o ne a simolola go bala Baebele letsatsi le letsatsi. * Jaanong o na le dingwaga di le 16, mme o setse a badile Baebele yotlhe gangwe fela e bile jaanong o e bala la bobedi, o tsamaya mo bogareng jwa yone. Mokgwa wa gagwe o motlhofo. A re: “Ke tlhomamisa gore bogolo ke bale kgaolo e le nngwe fela ka letsatsi.” Go bala Baebele letsatsi le letsatsi go mo thusitse jang? O araba jaana: “Go na le tlhotlheletso e ntsi e e bosula mo metlheng eno. Letsatsi le letsatsi fa ke le kwa sekolong kgotsa go sele fela ke kopana le dikgatelelo tse di lekang tumelo ya me. Go bala Baebele letsatsi le letsatsi go nthusa gore ka bonako ke gopole melao le melaometheo ya Baebele e e nkgothaletsang go lwantsha dikgatelelo tseno. Ka ntlha ya seno, ke ikutlwa ke le gaufi thata le Jehofa le Jesu.”
8. Jesu o ne a na le mokgwa ofe kwa sinagogeng, mme basha ba ka mo etsa jang?
8 Jesu o ne a na le mokgwa wa go reetsa fa go balwa Dikwalo kwa sinagogeng le go di bala ka boene. (Luke 4:16; Ditiro 15:21) A bo go le molemo jang ne gore basha ba latele sekao seo ka go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete ka metlha, kwa Baebele e balwang le go ithutiwa gone! Richard wa dingwaga tse 14 o bolela jaana a bontsha go anaanela dipokano tse di ntseng jalo: “Dipokano di ntsholegela molemo. Kwa go tsone ke nna ke gakololwa gore ke eng se se siameng le se se sa siamang, ke eng se e leng boitshwaro jo bo siameng le se e leng boitshwaro jo bo sa siamang, ke eng se e leng sa Bokeresete le se e seng sa Bokeresete. Ga ke tlhoke go ithuta seo botlhoko—ka gore di ntiragalele.” Ee, “kgakololo ya ga Jehofa e a ikanyega, e tlhalefisa yo o se nang maitemogelo.” (Pesalema 19:7) Nicole gape o tlhomamisa gore a nne teng kwa dipokanong tsotlhe tse tlhano tsa phuthego beke le beke. Gape o dirisa diura tse pedi go ya go tse tharo a di baakanyetsa.—Baefeso 5:15, 16.
9. Basha ba ka tswelela pele ‘ba gatela pele mo botlhaleng’ jang?
9 Bosha ke nako e e siameng ya go bapala ‘kitso ka ga Modimo yo o esi wa boammaaruri le ka ga ene yo a mo romileng, e bong Jesu Keresete.’ (Johane 17:3) O ka tswa o itse basha bangwe ba ba dirisang nako e ntsi ba bala dikhomiki, ba lebeletse thelebishene, ba tshameka metshameko ya bidio, kgotsa ba fenyenkolola Internet. Tota o tla bo o ba salelang morago fa o ne o ka latela sekao se se molemo sa Moeteledipele wa rona? Fa a ne a sa ntse a le mosimane, o ne a itumelela go ithuta ka ga Jehofa. Mme go ne ga felela ka eng? E re ka a ne a rata dilo tsa semoya, “Jesu [o ne] a tswelela a gatela pele mo botlhaleng.” (Luke 2:52) Le wena o ka gatela pele fela jalo.
“Ikobelaneng”
10. Ke eng se se tla thusang gore botshelo jwa lelapa bo tlise kagiso le boitumelo?
10 Legae e ka nna lefelo le le monate la kagiso le thitibalo mme gape e ka nna lefelo la dintwa le dikomano. (Diane 21:19; 26:21) Fa re amogela boeteledipele jwa ga Keresete seo se tla thusa gore lelapa le nne le kagiso le boitumelo. Tota Jesu o tlhomile sekao sa kafa lelapa le tshwanetseng go dirisana mmogo ka gone. Dikwalo tsa re: “Ikobelaneng lo boifa Keresete. A basadi ba ikobele banna ba bone jaaka ba ikobela Morena, ka gonne monna ke tlhogo ya mosadi wa gagwe jaaka Keresete le ene a le tlhogo ya phuthego, ka ene e le mmoloki wa mmele ono. . . . Banna, tswelelang lo rate basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ne a rata phuthego a ba a ineela ka ntlha ya yone.” (Baefeso 5:21-25) Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela phuthego ya kwa Kolosa jaana: “Lona bana, utlwang batsadi ba lona mo go sengwe le sengwe, gonne seno se itumedisa thata mo Moreneng.”—Bakolosa 3:18-20.
11. Monna yo o nyetseng a ka bontsha jang gore tota o tsaya Keresete e le Moeteledipele wa gagwe?
11 Go latela kgakololo eno go raya gore monna a etelele lelapa pele, mosadi wa gagwe a mo tshegetse ka boikanyegi, le bana ba utlwe batsadi ba bone. Le fa go ntse jalo, botlhogo jwa monna bo tlisa boitumelo fa fela bo dirisiwa sentle. Monna yo o botlhale o tshwanetse a ithuta go dirisa botlhogo ka go etsa Tlhogo ya gagwe le Moeteledipele 1 Bakorintha 11:3) Le fa moragonyana Jesu a ile a nna “tlhogo ya dilo tsotlhe mo phuthegong,” o ne a tla mo lefatsheng, “e seng go direlwa, fa e se go direla.” (Baefeso 1:22; Mathaio 20:28) Ka tsela e e tshwanang, monna wa Mokeresete o dirisa botlhogo jwa gagwe, e se gore a solegelwe molemo ene, mme o bo dirisa go tlhokomela mosadi wa gagwe le bana ba gagwe—ee, lelapa lotlhe. (1 Bakorintha 13:4, 5) O leka go etsa dinonofo tse di siameng tsa tlhogo ya gagwe, Jesu Keresete. Fela jaaka Jesu, o bonolo e bile o boikokobetso mo pelong. (Mathaio 11:28-30) Ga a palelwe ke go bua mafoko a a jaaka “intshwarele” kgotsa “o nepile” fa ene a le phoso. Sekao sa gagwe se se molemo se dira gore go nne motlhofo ka mosadi gore a nne “mothusi,” “motlatsi” le “molekane” wa monna yo o ntseng jalo, a ithuta mo go ene e bile a dira mmogo le ene.—Genesise 2:20; Malaki 2:14.
wa gagwe, Keresete Jesu. (12. Ke eng se se tla thusang mosadi yo o nyetsweng gore a ikobele molaomotheo wa botlhogo?
12 Mosadi ene o tshwanetse a ikobela monna wa gagwe. Le fa go ntse jalo, fa mosadi a tsenwa ke moya wa lefatshe, moya ono o ka senya tsela e a lebang molaomotheo wa botlhogo ka yone mme a ka se rate kgang ya go nna mo taolong ya monna. Dikwalo ga di re monna o tshwanetse a gatelela, mme gone di bolela gore basadi ba tshwanetse go ikobela banna ba bone. (Baefeso 5:24) Gape Baebele e baya boikarabelo mo monneng kgotsa mo go rre, mme fa a dirisa kgakololo ya yone, seno se thusa gore go nne le kagiso le thulaganyo mo lelapeng.—Bafilipi 2:5.
13. Jesu o tlhometse bana sekao sefe sa go ikoba?
13 Bana ba tshwanetse go utlwa batsadi ba bone. Jesu o tlhomile sekao se sentle thata mo ntlheng eno. Morago ga tiragalo ya kwa tempeleng e mo go yone Jesu wa dingwaga tse 12 a neng a sala teng malatsi a le mararo, o ne “a fologa le [batsadi ba gagwe] a tla mo Nasaretha, a tswelela a le mo taolong ya bone.” (Luke 2:51) Fa bana ba ikobela batsadi ba bone seo se thusa gore go nne le kagiso le kutlwano mo lelapeng. Fa mongwe le mongwe mo lelapeng a ikobela boeteledipele jwa ga Keresete, lelapa e nna le le itumetseng.
14, 15. Ke eng se se tla re thusang gore re atlege fa re lebane le bothata mo lelapeng? Naya sekai.
14 Tota le fa go nna le maemo a a thata mo lelapeng, se se ka thusang ke go etsa Jesu le go amogela kaelo ya gagwe. Ka sekai, fa Jerry wa dingwaga tse 35 a ne a nyalana le Lana, yo o nang le morwadi wa dingwaga tsa bolesome, go ne ga nna le bothata jo ba neng ba sa bo letela. Jerry o tlhalosa jaana: “Ke ne ke itse gore fa ke batla go atlega ke le tlhogo ya lelapa, ke ne ke tshwanetse go dirisa yone melaometheo ya Baebele e e dirang gore malapa a mangwe a atlege. Mme go ise go ye kae ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse ka e dirisa ka botlhale le temogo e kgolwane.” Morwadia Jerry yo mosha o ne a tlhoile Jerry fela thata ka gonne o ne a tsaya gore o ne a mo lotlhanya le mmaagwe. Jerry o ne a tlhoka temogo go bona gore boikutlo jono bo ne bo ama se mosetsana a neng a se bua le se a neng a se dira. O ne a dirisana le seemo seno jang? Jerry o araba jaana: “Nna le Lana re ne ra dumalana gore Lana a name a dire seabe sa go otlhaya mo nakong eno fa nna ke sa ntse ke leka go nna le kamano e ntle le morwadi yono wa me yo mosha. Fa nako e ntse e ya, mokgwa ono o ne wa nna le matswela a a molemo.”
15 Fa re lebane le mathata mo lelapeng, re tlhoka temogo go bona gore ke ka ntlha yang fa maloko a lelapa a bua e bile a dira dilo ka tsela e a dirang ka yone. Gape re tlhoka botlhale gore re kgone go dirisa melaometheo ya Modimo sentle. Ka sekai, Jesu o ne a lemoga ka phepafalo gore ke ka ntlha yang fa mosadi yo o neng a na le kelelo ya madi a ne a mo kgomile, mme o ne a dirisana le ene ka botlhale le ka kutlwelobotlhoko. (Lefitiko 15:25-27; Mareko 5:30-34) Botlhale le temogo ke dinonofo tse di tlhomologileng tsa Moeteledipele wa rona. (Diane 8:12) Re sego fa re itshwara ka tsela e ene a neng a ka itshwara ka yone.
‘Nnang lo Batle Pele Bogosi’
16. Ke eng se e tshwanetseng ya nna selo sa konokono mo matshelong a rona, mme Jesu o ne a bontsha seno jang ka sekao sa gagwe?
16 Jesu o ne a bontsha sentle gore ke eng se e tshwanetseng ya nna selo sa konokono mo matshelong a batho ba ba amogelang boeteledipele jwa gagwe. O ne a re: “Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya [Modimo].” (Mathaio 6:33) Mme o ne a re bontsha ka sekao sa gagwe gore re ka dira seo jang. Fa Jesu a sena go kolobediwa o ne a fetsa malatsi a le 40 a itima dijo, a tlhatlhanya e bile a rapela, mme morago ga moo a lekwa. Satane Diabolo o ne a mo solofetsa gore a ka busa “magosi otlhe a lefatshe.” Akanya fela botshelo jo Jesu a ka bong a ile a bo tshela fa a ka bo a ile a amogela mpho ya ga Diabolo! Le fa go ntse jalo, Keresete o ne a tlhomile mogopolo mo go direng thato ya ga Rraagwe. Gape o ne a lemoga gore botshelo jo bo ntseng jalo mo lefatsheng la ga Satane bo ne bo tla nna bokhutshwane. O ne a akofa a gana mpho ya ga Diabolo, a re: “Go kwadilwe ga twe, ‘Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tshwanetseng go mo obamela, e bile ke ene a le esi yo o tshwanetseng go mo direla tirelo e e boitshepo.’” Nakwana fela morago ga moo, Jesu o ne “a simolola go rera a re: ‘Ikwatlhayeng, gonne bogosi jwa magodimo bo atametse.’” (Mathaio 4:2, 8-10, 17) Go tloga foo, botshelo jwa ga Keresete jotlhe jwa fa a le mo lefatsheng, o ne a le moreri wa nako e e tletseng wa Bogosi jwa Modimo.
17. Re ka bontsha jang gore dilo tse di direlwang Bogosi di tla pele mo matshelong a rona?
17 Re tshwanetse ra etsa Moeteledipele wa rona mme re se ka ra letla lefatshe la ga Satane le re raela go dira gore tiro nngwe e e duelang ya botshelo jotlhe e nne yone mokgele wa rona wa konokono mo botshelong. (Mareko 1:17-21) A bo e ne e ka nna boeleele jang gore re beye tlhaloganyo yotlhe ya rona mo go batleng dilo tsa lefatshe mo e leng gore dilo tsa Bogosi di tla morago fela! Jesu o re abetse tiro ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Ee, re ka tswa re na le lelapa le maikarabelo a mangwe a re tshwanetseng go a sikara, mme a ga re itumelele go dirisa maitseboa le mafelobeke go diragatsa boikarabelo jwa rona jwa Bokeresete jwa go rera le go ruta? Mme a bo go kgothatsa jang ne gore mo ngwageng wa tirelo wa 2001, batho ba ka nna 780 000 ba ne ba kgona go nna badiredi ba nako e e tletseng, kgotsa babulatsela!
18. Ke eng se se re thusang go ipela mo bodireding?
18 Dipego tsa Efangele di bontsha Jesu e le monna wa ditiro e bile e le motho yo o bonolo. Fa a ne a bona kafa batho gaufi le ene ba tlhokang ka teng semoyeng, o ne a ba tlhomogela pelo a bo a ithaopa go ba thusa ka tlhoafalo. (Mareko 6:31-34) Bodiredi jwa rona bo ipedisa fa re nna le seabe mo go jone ka gonne re rata batho ba bangwe e bile re eletsa thata go ba thusa. Mme re ka nna le keletso e e ntseng jalo jang? Lekawana lengwe le le bidiwang Jayson la re: “Fa ke ne ke le mo dingwageng tsa bolesome, tota ke ne ke sa rate bodiredi go le kalo.” Ke eng se se neng sa mo thusa go rata tiro eno? Jayson o araba jaana: “Kwa lapeng, meso ya Lamatlhatso e ne ka metlha e le nako ya go ya tirelong ya tshimo. Seno se ne sa nthusa ka gonne fa ke ntse ke ya bodireding kgapetsakgapetsa, ke ne ke bona molemo wa gone e bile ke go itumelela thata.” Le rona re tshwanetse ra nna le seabe mo bodireding ka metlha le ka tlhoafalo.
19. Re tshwanetse ra ititaya sehuba go dirang malebana le boeteledipele jwa ga Keresete?
19 Eleruri go amogela boeteledipele jwa ga Keresete go a lapolosa e bile go na le matswela. Fa re dira jalo, nako ya bosha e nna nako ya go gatela pele mo kitsong le mo botlhaleng. Botshelo jwa lelapa e nna jo bo nang le kagiso le boitumelo, mme bodiredi e nna tiro e e lereng boipelo le kgotsofalo. Ka gone, a re ititeyeng sehuba gore re bontshe mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi le mo ditshwetsong tse re di dirang gore tota re tsaya Keresete e le Moeteledipele wa rona. (Bakolosa 3:23, 24) Le fa go ntse jalo, Jesu Keresete o bontshitse boeteledipele jwa gagwe le ka tsela e nngwe gape—phuthego ya Bokeresete. Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa gore re ka solegelwa molemo jang ke thulaganyo eno.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 7 Maina mangwe a fetotswe.
A o A Gakologelwa?
• Go latela Moeteledipele wa rona yo o tlhomilweng ke Modimo go re solegela molemo jang?
• Basha ba ka bontsha jang gore ba batla go latela boeteledipele jwa ga Jesu?
• Boeteledipele jwa ga Keresete bo ama jang botshelo jwa lelapa jwa ba ba bo ikobelang?
• Bodiredi jwa rona bo ka bontsha jang gore tota re tsaya Keresete e le Moeteledipele wa rona?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Ditshwantsho mo go tsebe 9]
Bosha ke nako e e siameng ya go bapala kitso ka ga Modimo le Moeteledipele wa rona yo o tlhomilweng
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Go ikobela botlhogo jwa ga Keresete go tlisa boitumelo mo lelapeng
[Ditshwantsho mo go tsebe 12]
Jesu o ne a batla Bogosi pele. Wena?