Go Nonotshiwa ke Bokaulengwe Jwa Rona Jwa Lefatshe Lotlhe
Polelo ya Botshelo
Go Nonotshiwa ke Bokaulengwe Jwa Rona Jwa Lefatshe Lotlhe
JAAKA GO BOLETSE THOMSON KANGALE
Ka April 24, 1993, ke ne ka lalediwa gore ke nne gone fa go kgakolwa dikago tsa ofisi ya lekala le lesha, le le neng le na le dikago di le 13, kwa Lusaka, Zambia. E re ka ke ne ke sa tlhole ke kgona go tsamaya sentle, kgaitsadi wa Mokeresete yo o neng a re tsamaisa mo dikagong o ne a botsa jaana ka bopelontle, “A nka go tshwarela setulo gore o kgone go tla o ntse o ikhutsa?” Nna ke motho montsho, ene ke motho mosweu, mme seo se ne se sa mo tshwenye. Seno se ne sa nkama maikutlo thata mme ka mo leboga ka gonne ke ne ke tla kgona go bona dikago tsotlhe tsa lekala ka ntlha ya bopelontle jwa gagwe.
MO DINGWAGENG tse di ntseng di feta, maitemogelo a go tshwana le ano a ile a intumedisa, a tlhomamisa tumelo e ke nang le yone ya gore mo phuthegong ya Bokeresete ya Basupi ba ga Jehofa, go na le lorato lo Keresete a ileng a re lo tla tlhaola balatedi ba gagwe ba boammaaruri. (Johane 13:35; 1 Petere 2:17) Mma ke lo bolelele gore go tlile jang gore ke itse Bakeresete bano morago kwa ka 1931, ka ngwaga o ba neng ba itsise phatlalatsa ka one gore ba batla go itsewe ka leina le le tswang mo Baebeleng la Basupi ba ga Jehofa.—Isaia 43:12.
Go Simolola Bodiredi mo Afrika
Ka November 1931, ke ne ke na le dingwaga di le 22 mme ke nna kwa Kitwe, toropo e e mo kgaolong ya Copperbelt ya Rhodesia Bokone (e jaanong e leng Zambia). Tsala nngwe ya me e ke neng ke tshameka kgwele ya dinao le yone e ne ya nkitsise Basupi. Ke ne ka ya kwa go dingwe tsa * Buka eno e ne e kwadilwe ka Seesemane, mme ke ne ke palelwa ke go e tlhaloganya ka gonne ke ne ke sa itse puo eo sentle.
dipokano tsa bone mme ka kwalela ofisi ya lekala kwa Cape Town, kwa Afrika Borwa, ke kopa buka e e thusang batho go ithuta Baebele e e bidiwang The Harp of God.Mo kgaolong ya Copperbelt, e e sekgala sa dikilometara di le 240 kwa borwabotlhaba jwa Letsha la Bangweulu, gaufi le kwa ke goletseng teng, go ne go thapilwe batho ba le bantsi ba ba tswang kwa dikgaolong tse dingwe gore ba dire mo meepong ya kopore. Ditlhopha di le dintsinyana tsa Basupi di ne di kopana koo ka metlha go tla go ithuta Baebele. Morago ga nakwana, ke ne ka tswa mo Kitwe ka fudugela kwa toropong e e fa gaufi ya Ndola mme ka simolola go kopanela le setlhopha sa Basupi koo. Ka nako eo, ke ne ke le kapotene ya setlhopha sa kgwele ya dinao se se bidiwang Prince of Wales. Gape ke ne ke le motlhanka yo o dirang mo ntlong ke berekela manejara wa motho mosweu wa khampani ya African Lakes Corporation, e e neng e na le mabenkele a mantsi mo mafelong a a farologaneng mo Afrika bogare.
Ke ne ke sa ya gope ka sekolo mme Seesemanenyana se ke neng ke se itse ke ne ke se ithutile mo Bayuropeng ba ke neng ke ba berekela. Le fa go ntse jalo, ke ne ke batla go tsweletsa dithuto tsa me pele mme ka gone ka kopa phatlha ya go ithuta kwa sekolong sengwe kwa Plumtree, kwa Rhodesia Borwa (e jaanong e leng Zimbabwe). Fa ke ntse ke letile ke ne ka kwalela ofisi ya lekala ya Cape Town lekgetlho la bobedi. Ke ne ka ba itsise gore ke amogetse buka ya The Harp of God le gore ke batla go direla Jehofa ka nako e e tletseng.
Ke ne ka gakgamadiwa ke karabo ya bone e e neng e re: “Re go akgolela go bo o eletsa go direla Jehofa. Re rata go go kgothaletsa gore o rapele ka kgang eno, mme Jehofa o tla go thusa go tlhaloganya boammaaruri botoka, mme o tla bona tsela e o ka mo direlang ka yone.” Fa ke sena go bala lekwalo leo ka makgetlhonyana, ke ne ka botsa Basupi ba le mmalwa gore ke direng. Ba ne ba re: “Fa ruri o eletsa go direla Jehofa, se senye nako, mo direle gone jaanong.”
Ke ne ka fetsa beke yotlhe ke rapela ka kgang eno mme kgabagare ka dira tshwetso ya gore ke tlogele kgang ya go ya sekolong mme ke tswelele pele ke ithuta Baebele le Basupi. E rile ngwaga o o latelang, ka January 1932, ka tshwantshetsa boineelo jwa me mo go Jehofa Modimo ka go kolobediwa mo metsing. Fa ke sena go tswa kwa Ndola ke fudugela kwa toropong e e fa gaufi ya Luanshya, ke ne ka kopana le Jeanette, modumedi ka nna, mme ra nyalana ka September 1934. Fa re nyalana, Jeanette o ne a setse a na le morwa le morwadi.
Ke ne ka gatela pele semoyeng kgato ka kgato mme ka 1937 ka tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng. Nakwana fela morago ga moo, ke ne ka tlhomiwa go nna modiredi yo o etang, yo jaanong a bidiwang molebedi wa potologo. Balebedi ba ba etang ba etela diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa go ba nonotsha semoyeng.
Go Rera mo Dingwageng Tsa Bogologolo
Ka January 1938 ke ne ka romiwa gore ke etele kgosana nngwe ya Moafrika e bong Sokontwe, yo o neng a kopile gore Basupi ba ga Jehofa ba mo etele. Ke ne ka tsamaya malatsi a le mararo ka baesekele gore ke fitlhe kwa kgaolong ya gagwe. Fa ke mmolelela gore ke ne ke romilwe ka ntlha ya lokwalo lo a neng a lo kwaletse ofisi ya rona e e kwa Cape Town, o ne a leboga fela thata.
Ke ne ka tsamaya ntlo le ntlo mo bathong ba motse wa gagwe ke ba laletsa go tla kwa insaka (kwa kgotleng). Fa ba sena go phuthega, ke ne ka bua le boidiidi. Ka ntlha ya seo, go ne ga simololwa dithuto tse dintsi tsa Baebele. Kgosana ya motse le mokwaledi wa gagwe e ne ya nna bone batho ba ntlha go nna balebedi ba diphuthego koo. Gompieno go na le diphuthego di feta 50 mo kgaolong eo, e jaanong e bidiwang kgaolo ya Samfya.
Go tloga ka 1942 go ya go 1947, ke ne ke direla mo kgaolong e e gaufi le Letsha la Bangweulu. Ke ne ke nna malatsi a le lesome mo phuthegong nngwe le nngwe. E re ka badiri ba ba neng ba dira thobo ya semoya ba ne ba le mmalwanyana fela ka nako eo, re ne re ikutlwa fela jaaka Morena wa rona, Jesu Keresete, fa a ne a re: “Ee, thobo e kgolo, mme badiri ba babotlana. Jalo, kopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.” (Mathaio 9:36-38) Mo metlheng eo ya bogologolo, go ne go se motlhofo go tsaya mesepele, ka jalo gantsi Jeanette o ne a sala le bana kwa Luanshya fa nna ke etela diphuthego. Ka nako eo, nna le Jeanette re ne re setse re na le bana ba bangwe ba le babedi, mme yo mongwe a tlhokafala a na le dikgwedi di le lesome.
Dikoloi di ne di tlala seatla fela mo metlheng eo, mme le ditsela di ne di se dintsi. Letsatsi lengwe, ke ne ka tsaya mosepele wa sekgala sa dikilometara di feta di le 200 ka baesekele ya ga Jeanette. Ka dinako tse dingwe fa ke ne ke tshwanelwa ke go kgabaganya nokana, ke ne ke baya baesekele mo magetleng, ke e tshwara ka seatla se le sengwe, ke bo ke thuma ka seatla se sengwe. Mme palo ya Basupi e ne ya gola fela thata kwa Luanshya, mme ka 1946 batho ba le 1 850 ba ne ba nna gone mo Segopotsong sa loso lwa ga Keresete.
Tiro ya Rona e a Ganediwa
Ka letsatsi lengwe, Ntwa ya Lefatshe II e ntse e tsweletse, mokomishinara mongwe wa kgaolo wa kwa Kawambwa o ne a mpitsa mme a nthaya a re: “Ke batla gore o tlogele go dirisa dibuka tsa Mokgatlho wa Watch Tower ka gonne di thibetswe jaanong. Mme nka go naya dibuka tse o ka di dirisang go ikwalela dibuka tse dingwe tse di ka go thusang mo tirong ya gago.”
Ke ne ka mo araba ka re: “Dibuka tse re nang natso di siame. Ga ke tlhoke sepe se sele.”
O ne a re: “Ga o itse Baamerika.” (Dibuka tsa rona di ne di gatisiwa kwa United States mo metlheng eo). “Ba tla go latlha.”
Ke ne ka mo araba ka re: “Nnyaa, ba ke dirisanang nabo ga ba kake.”
Go tswa foo o ne a mpotsa a re: “A o ka se kgothaletse diphuthego tsa lona gore di ntshe meneelo ya madi go thusa mo ntweng fela jaaka madumedi a mangwe a dira?”
Fa ke mo araba ka re: “Tiro eo ke ya barongwa ba puso.”
Ene a re: “Ke eng fa o sa ye gae o ye go akanya ka kgang eno?”
Ka araba ka re: “Baebele mo go Ekesodo 20:13 le 2 Timotheo 2:24 e re laela gore re se ka ra bolaya le gone re se ka ra lwa.”
Le fa ke ne ka rebolwa go tsamaya, moragonyana ke ne ka bidiwa ke mokomishinara wa kgaolo wa kwa Fort Rosebery, toropo e jaanong e bidiwang Mansa. O ne a nthaya a re: “Ke go bileditse kwano go tla go go bolelela gore puso e thibetse dibuka tsa lona.”
Nna ka re: “Ee. Ke utlwile.”
“Ka jalo tsamaya o ye kwa diphuthegong tsotlhe tsa lona mme o bolelele batho ba o obamelang le bone gore ba tlise dibuka tsotlhe kwano. O a utlwa?”
Ke ne ka araba ka re: “Ga se tiro ya me eo. Ke tiro ya barongwa ba puso.”
Puisano e Nna le Matswela
Morago ga ntwa re ne ra tswelela pele fela re rera. Ka 1947, ke ne ke sa tswa go fetsa go direla phuthego nngwe kwa motseng wa Mwanza fa ke tla botsa gore nka reka kae kopi ya tee. Ke ne ka bontshiwa ntlo ya ga Rre Nkonde, e e neng e na le borekisetso jwa tee. Rre Nkonde le mohumagadi wa gagwe ba ne ba nkamogela ka diatla tsoopedi. Ke ne ka botsa Rre Nkonde gore fa ke ntse ke nwa tee,
a ene a ka bala kgaolo e e reng “Hell, a Place of Rest in Hope [Dihele, Lefelo la go Ikhutsa ka Tsholofelo]” e e mo bukeng ya “Let God Be True.”Ke ne ka mmotsa jaana fa ke sena go nwa tee: “Jaanong o ka re dihele ke eng?” E re ka a ne a gakgamaditswe ke se a neng a se badile, o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi mme ya re moragonyana a kolobediwa le mohumagadi wa gagwe. Le fa Rre yono a ile a se ka tswelela e le Mosupi, mosadi wa gagwe le bana ba gagwe ba le mmalwa bone ba ile ba tswelela. Tota e bile, ngwana mongwe wa gagwe e bong Pilney o sa ntse a direla kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Zambia. Mme le fa mmaagwe Pilney a setse a godile thata, e sa ntse e le Mosupi yo o ikanyegang.
Go Nna Lobakanyana Kwa Afrika Botlhaba
Ofisi ya rona ya lekala kwa Rhodesia Bokone, e e neng ya tlhongwa bogologolo ka 1948 kwa Lusaka, e ne ya nthomela gore ke ye go direla kwa Tanganyika (e jaanong e bidiwang Tanzania). Nna le mosadi wa me re ne ra tseisiwa tsela ke Mosupi yo mongwe mo mosepeleng o re neng ra o tsaya go ralala dithaba re tsamaya ka dinao. Mosepele wa rona o ne wa tsaya malatsi a le mararo mme o ne o lapisa tota. Ke ne ke sikere dibuka tsa rona, mosadi wa me a re sikaretse diaparo mme Mosupi yo mongwe ene a sikere dilo tse re robalang mo go tsone.
Fa re goroga kwa Mbeya ka March 1948, go ne go na le tiro e ntsi e e neng e tshwanelwa ke go dirwa go thusa bakaulengwe go dira diphetogo dingwe gore ba dumalanye matshelo a bone ka botlalo le se Baebele e se rutang. Sa ntlha, batho ba lefelo leo ba ne ba re bitsa Ma-Watchtower. Le fa bakaulengwe ba ne ba amogetse leina la Basupi ba ga Jehofa, le ne le sa bolelwe phatlalatsa. Mo godimo ga moo, Basupi bangwe ba ne ba tshwanetse go tlogela dingwao dingwe tse di amanang le go tlotla baswi. Mme gongwe phetogo e e bokete thata mo go ba le bantsi e ne e le ya go kwadisa manyalo a bone kafa molaong, gore a tlotlege mo go botlhe.—Bahebera 13:4.
Moragonyana, ke ne ka nna le tshiamelo ya go direla mo mafelong a mangwe kwa Afrika Botlhaba, go akaretsa le kwa Uganda. Ke ne ka nna dibeke di le thataro kwa Entebbe le kwa Kampala, kwa batho ba le bantsi ba neng ba thusiwa gone go nna le kitso ya boammaaruri jwa Baebele.
Re Lalediwa go ya New York City
Fa ke sena go direla kwa Uganda ka nakwana, ke ne ka goroga kwa Dar es Salaam, motsemogolo wa Tanganyika mo masimologong a 1956. Fa ke tsena koo, ke ne ka fitlhela lekwalo le le tswang kwa ntlokgolong ya Basupi ba ga Jehofa. Le ne le na le ditaelo tsa gore ke simolole go ipaakanyetsa go ya New York kwa kopanong ya ditšhabatšhaba e e neng e tla tshwarwa go tloga ka July 27 go ya go August 3, 1958. O ka akanya fela gore ke ne ke e gakaletse jang.
Fa nako ya teng e goroga, nna le molebedi yo mongwe wa potologo e bong Luka Mwango re ne ra tsamaya ka sefofane go tloga kwa Ndola go ya Salisbury (e jaanong e leng Harare), kwa Rhodesia Borwa, re bo re ya kwa Nairobi, Kenya. Go tswa foo re ne ra tsamaya ka sefofane go ya kwa Lontone, kwa Engelane, kwa re neng ra fitlha ra amogelwa ka diatla tsoopedi teng. Fa re ya go robala bosigo jo re gorogileng ka jone kwa Engelane, re ne re itumetse thata mme ra nnela go tlotla kafa rona Baafrika re neng re amogetswe ka diatla tsoopedi ka teng ke batho basweu. Tiragalo eo e ne ya re kgothatsa fela thata.
Kgabagare re ne ra goroga kwa New York, kwa kopano e neng e tshwaretswe teng. Letsatsi lengwe mo kopanong ke ne ka naya pego ka tiro ya Basupi ba ga Jehofa kwa Rhodesia Bokone. Ka letsatsi leo go ne go reeditse batho ba ka nna 200 000 ba
ba neng ba phuthegetse kwa Polo Grounds ya kwa New York City le kwa Yankee Stadium. Ke ne ke sa kgone go robala mo bosigong joo ka gonne ke ne ke akanya thata ka tshiamelo e e gakgamatsang e ke neng ke nnile le yone.Go ise go ye kae, ke fa kopano e bile e fedile mme ra boela gae. Mo tseleng ya go ya gae re ne ra amogelwa ka lorato gape ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona kwa Engelane. Mo mosepeleng oo, re ne ra bona kutlwano e re se kitlang re e lebala ya batho ba ga Jehofa, ba ba utlwanang botlhe le fa e ka tswa e le ba lotso lofe kgotsa setšhaba sefe!
Go Tswelela Pele ke Direla ke Ntse ke Lekwa
Ka 1967, ke ne ka tlhomiwa go nna motlhanka wa kgaolo—modiredi yo o etelang dipotologo. Ka nako eo palo ya Basupi kwa Zambia e ne e oketsegile e bile e feta 35 000. Moragonyana ke ne ka abelwa gape go nna molebedi wa potologo kwa Copperbelt ka ntlha ya go koafala mo mmeleng. Fa nako e ntse e ya, Jeanette o ne a nna le mathata a botsogo mme ka December 1984 a swa a ntse a ikanyega mo go Jehofa.
Fa a sena go swa, ke ne ka utlwa botlhoko thata fa bagwagadiake ba ba sa dumeleng ba ne ba ntatofatsa ba re ke mo loile. Mme bangwe ba ba neng ba itse ka bolwetse jwa ga Jeanette e bile ba kile ba bua le ngaka ya gagwe ba ne ba tlhalosetsa bano ba losika se tota se diragetseng. Go tswa foo ke ne ka lekwa gape. Bangwe ba losika ba ne ba batla gore ke latele moetlo o o bidiwang ukupyanika. Kwa ke tswang teng, mo moetlong ono fa motho a swelwa ke molekane wa lenyalo o tshwanetse go tlhakanela dikobo le mongwe yo o gaufi thata ka losika le moswi. Ke ne ka gana.
Kgabagare kgatelelo ya ba losika e ne ya fela. Ke ne ka lebogela gore Jehofa o ne a nthusitse go ema ke nitame. Kgwedi morago ga phitlho ya mosadi wa me, mokaulengwe mongwe o ne a tla fa go nna a re: “Mokaulengwe Kangale, o re kgothaditse tota ka nako ya loso lwa mosadi wa gago ka gonne ga go na le fa e le ngwao e le yosi e e sa siamang e o ileng wa ineela mo go yone. Re go leboga fela thata.”
Thobo e e Gakgamatsang
Go setse go fetile dingwaga di le 65 jaanong fa e sa le ke simolola bodiredi jwa me jwa nako e e tletseng ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. A bo go ile ga intumedisa jang ne mo dingwageng tseno go bona diphuthego di le makgolokgolo di tlhomiwa e bile go agiwa Diholo tse dintsi Tsa Bogosi mo mafelong a nkileng ka direla mo go one ke le molebedi yo o etang! Ka 1943 go ne go na le Basupi ba ka nna 2 800 kwa Zambia mme jaanong go na le baboledi ba Bogosi ba feta 122 000. Ee ruri, ngogola go ne ga tla batho ba feta 514 000 kwa Segopotsong mo nageng eno, e batho ba yone botlhe ba leng kwa tlase ga dimilione di le 11.
Ga jaanong, Jehofa o ntse a ntlhokometse sentle. Fa ke tlhoka thuso ya tsa kalafi, mokaulengwe wa Mokeresete o nkisa kwa bookelong. Diphuthego di sa ntse di ntaletsa gore ke neye dipuo tsa phatlalatsa mme seno se nkgothatsa tota. Phuthego e ke kopanelang le yone e rulaganya gore bokgaitsadi ba Bakeresete ba fapaanele go phepafatsa ntlo ya me, mme bakaulengwe ba ithaopela go nkisa dipokanong beke le beke. Ke a itse gore ke ne nka se tlhokomelwe ka lorato jalo fa nka bo ke sa direle Jehofa. Ke mo leboga thata ka go bo a ile a tswelela pele a ntirisa mo bodireding jwa nako e e tletseng le ka ntlha ya maikarabelo a mantsi a ke kgonneng go a sikara go tla go fitlha jaanong.
Ga ke tlhole ke bona sentle, mme fa ke ya kwa Holong ya Bogosi, ke tshwanelwa ke go tsamaya ke ikhutsa gantsinyana mo tseleng. Kgetsi ya me ya dibuka e setse e nkimela malatsing a, ka jalo ke ntsha dibuka tse nka se di tlhokeng kwa dipokanong gore e nne motlhofo. Gantsi ke dira bodiredi jwa tshimo ka go ithuta Baebele le batho ba ba tlang mo ga me. Le fa go ntse jalo, a bo go intumedisa jang ne go leba kwa morago kwa dingwageng tse di fetileng ke bo ke kgona go akanya ka kgolo e e gakgamatsang e e ntseng e direga! Ke ile ka direla mo tshimong e mafoko a Isaia 60:22 a ileng a diragadiwa ka tsela e e gakgamatsang mo go yone. Temana eo ya re: “Yo monnye o tla nna sekete, le yo mmotlana o tla nna setšhaba se se thata. Nna, Jehofa, ke tla go akofisa mo motlheng wa gone.” Ee ruri, ke tshetse gore ke bo ke bone seo se direga e seng mo Zambia fela mme mo lefatsheng lotlhe. *
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 7 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme jaanong ga e tlhole e gatisiwa.
^ ser. 50 Ka maswabi, Mokaulengwe Kangale o ne a koafala a bo a swa a ntse a ikanyega fa setlhogo seno se ntse se baakanyediwa go gatisiwa.
[Ditshwantsho mo go tsebe 24]
Thomson, mme ka fa morago ke lekala la Zambia
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Lekala la Zambia gompieno