Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke maemo afe a mo go one mosadi wa Mokeresete a tshwanetseng go rwala mo tlhogong ka mabaka a bodumedi?

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Mosadi mongwe le mongwe yo o rapelang kgotsa yo o porofetang tlhogo ya gagwe e sa bipiwa o tlontlolola tlhogo ya gagwe.” Ka ntlha yang? Ka ntlha ya molaomotheo wa bomodimo wa botlhogo o o reng: “Mosadi ... tlhogo ya gagwe ke monna.” Gantsi go rapela kgotsa go rera mo phuthegong ya Bokeresete ke boikarabelo jwa monna. Ka gone, fa mosadi wa Mokeresete a dira ditiro tse di amanang le kobamelo tse ka tlwaelo di neng di ka dirwa ke monna wa gagwe kgotsa ke monna yo o kolobeditsweng, o tshwanetse a rwala mo tlhogong.—1 Bakorintha 11:3-10.

Go ka nna le maemo mangwe mo lelapeng a a ka dirang gore mosadi wa Mokeresete a tshwanelwe ke go rwala mo tlhogong. Ka sekai, fa lelapa le kopana mmogo go ithuta Baebele kgotsa go ja, gantsi monna ke ene a etelelang pele go ba ruta le go ba emela ka thapelo kwa Modimong. Le fa go ntse jalo, fa monna e se modumedi boikarabelo jono e ka nna jwa mosadi wa gagwe. Ka gone, kgaitsadi wa Mokeresete o tshwanetse a rwala mo tlhogong fa a rapelela kwa godimo a ithapelela ene le ba bangwe kgotsa fa a tshwaretse bana ba gagwe thuto ya Baebele monna wa gagwe a le teng. Fa monna wa gagwe a seyo, mosadi ga a tlhoke go rwala mo tlhogong ka gonne o tlhomilwe ke Modimo gore a rute bana ba gagwe.—Diane 1:8; 6:20.

Le fa go ntse jalo, go tweng fa e le gore morwa yo mmotlana mo lelapeng ke motlhanka yo o ineetseng, yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa Modimo? E re ka morwa yono e le leloko la phuthego ya Bokeresete, o tshwanetse a rutiwa ke maloko a yone a banna. (1 Timotheo 2:12) Fa rraagwe e le modumedi, ke ene a tshwanetseng go ruta morwa wa gagwe. Le fa go ntse jalo, fa rraagwe a seyo, mmaagwe o tshwanetse go rwala mo tlhogong fa a tshwaretse morwa yo mmotlana yo o kolobeditsweng le bana ba bangwe thuto ya Baebele. Ke ene a ka bonang gore a o tla kopa morwa yo o kolobeditsweng go rapela mo thutong eo kgotsa fa go jewa. Mmè a ka nna a swetsa ka gore e nne ene a rapelang ka gonne a bona gore morwa ga a ise a nne le bokgoni sentle. Fa mmè a tlhopha go rapela mo seemong se se ntseng jalo, o tshwanetse a rwala mo tlhogong.

Fa basadi ba Bakeresete ba dira ditiro dingwe tsa phuthego, ba ka nna ba tlhoka go rwala mo tlhogong. Ka sekai, mo pokanong ya tirelo ya tshimo ya mo gare ga beke, go ka nna ga bo go na le bokgaitsadi ba Bakeresete fela, go se na banna bape ba ba kolobeditsweng. Go ka nna ga nna le dinako tse dingwe tse ka tsone banna ba ba kolobeditsweng ba seyong kwa pokanong ya phuthego. Fa kgaitsadi a tshwanelwa ke go dira ditiro tse gantsi di dirwang ke mokaulengwe kwa pokanong e e rulagantsweng ke phuthego kgotsa kwa pokanong ya tirelo ya tshimo, o tshwanetse a rwala mo tlhogong.

A basadi ba Bakeresete ba tshwanetse go rwala mo tlhogong fa ba toloka puo e e theilweng mo Baebeleng ka puo e sele kgotsa ka puo ya diatla kgotsa fa ba bala dirapa mo kgatisong e e dirisiwang go ithuta Baebele kwa pokanong ya phuthego? Nnyaa. Bokgaitsadi ba ba dirang ditiro tseno ga ba okamele e bile ga ba rute. Ka tsela e e tshwanang, bokgaitsadi ga ba tlhoke go rwala mo tlhogong fa ba dira dipontsho, ba bolela maitemogelo kgotsa ba neela dipuo tsa baithuti mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.

Le fa banna ba ba kolobeditsweng e le bone ba tshwanetseng go ruta mo phuthegong, banna mmogo le basadi ba na le boikarabelo jwa go rera le go ruta batho ba ba kwa ntle ga phuthego. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Ka jalo mosadi wa Mokeresete a ka se tlhoke go rwala mo tlhogong fa a bua le batho ba bangwe ka Lefoko la Modimo go na le monna yo e leng Mosupi wa ga Jehofa.

Le fa go ntse jalo, ke kgang e sele fa go tshwerwe thuto ya ka metlha e e rulagantsweng ya Baebele mo gae mme monna yo o ineetseng yo o kolobeditsweng a le teng. Eno ke thulaganyo ya go ruta e e rulagantsweng go sa le gale e e okamelwang ke motho yo o tshwereng thuto. Mo maemong a a ntseng jaana, thuto e latela se se dirwang kwa phuthegong. Fa mosadi yo e leng Mosupi a tshwara thuto e e ntseng jalo go na le Mosupi yo o kolobeditsweng wa monna, mosadi o tshwanetse go rwala mo tlhogong. Le fa go ntse jalo, mokaulengwe yo o ineetseng ke ene a tshwanetseng a rapela. Kgaitsadi a ka se rapele go na le mokaulengwe yo o ineetseng ntle le fa go na le mabaka mangwe a a utlwalang, jaaka fa mokaulengwe a na le bogole jwa go sa kgone go bua.

Gangwe le gape motho wa monna yo e leng mmoledi wa Bogosi yo o sa kolobediwang a ka nna a tsamaya le kgaitsadi wa Mokeresete fa kgaitsadi a ya go tshwara thuto ya Baebele. Fa kgaitsadi a rata jalo, a ka nna a kopa mmoledi yono wa monna go tshwara thuto. Mme e re ka tota a ka se ka a rapelela kgaitsadi yo o kolobeditsweng kwa go Jehofa, kgaitsadi ke ene a tshwanetseng go rapela mo thutong eo. Kgaitsadi o tshwanetse go rwala fa a tshwere thuto eo le fa a rapela mo maemong ao. E re ntswa mmoledi yo wa monna a ise a kolobediwe, batho ba kwa ntle ba mo tsaya e le leloko la phuthego ka ntlha ya tiro ya gagwe ya go rera.

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Mosadi [o tshwanetse] go nna le sesupo sa taolo mo tlhogong ya gagwe ka ntlha ya baengele.” Ee, bokgaitsadi ba Bakeresete ba na le tshiamelo ya go nna dikao tse di molemo mo dimilioneng tsa baengele ba ba tswelelang pele ba ikobela Jehofa ka boikanyegi. A bo go tshwanela jang ne gore basadi ba ba ratang Modimo ba akanyetse thata kgang ya go rwala mo tlhogong fa go tlhokega jalo!

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Go rwala mo tlhogong go supa go tlotla botlhogo