Go Aba mo go Tlisang Boipelo
Go Aba mo go Tlisang Boipelo
GENIVAL yo o nnang kwa mekhukhung kwa karolong e e kwa bokonebotlhaba ya Brazil, o ne a tlamela mosadi le bana ba gagwe ka madi a mannye a a neng a a amogela mo tirong ya gagwe ya go nna modisa kwa kokelong. Le fa Genival a ne a goga ka thata, o ne a ntsha ditsabosome ka metlha. O gakologelwa jaana a ntse a itshwara dimpa: “Ka dinako tse dingwe ba lelapa la me ba ne ba bolawa ke tlala, mme ke ne ke batla go naya Modimo gotlhe mo nka go kgonang, le fa ke ne nka tshwanelwa ke go ithontsha dilo go le kana kang.”
Fa Genival a sena go latlhegelwa ke tiro, o ne a nna a ntsha ditsabosome. Moruti wa gagwe o ne a mo rotloetsa go leka Modimo ka go ntsha moneelo o mogolo. Moruti yono o ne a mo tlhomamisetsa gore eleruri Modimo o ne a tla mo tshololela masego. Ka jalo Genival o ne a swetsa ka gore a rekise ntlo ya gagwe le go naya kereke madi a yone.
Ga se Genival fela yo o abang ka tlhoafalo jalo. Batho ba le bantsi ba ba humanegileng thata ba ntsha ditsabosome ka metlha ka gonne dikereke tsa bone di ba rutile gore go ntsha ditsabosome ke sengwe se Baebele e laelang gore se dirwe. A seno ke boammaaruri?
Ditsabosome le Molao
Taelo ya gore batho ba ntshe ditsabosome e ne e le karolo ya Molao o Jehofa Modimo a neng a o naya ditso di le 12 tsa Iseraele wa bogologolo dingwaga di feta 3 500 tse di fetileng. Molao oo o ne o laela gore karolo ya bosome ya sengwe le sengwe se se tswang mo lefatsheng le mo ditlhareng tsa maungo le karolo ya bosome ya tse di tsalwang tsa metlhape e newe lotso lwa ga Lefi go ba tshegetsa fa ba ntse ba dira ditirelo tsa bone kwa motlaaganeng.—Lefitiko 27:30, 32; Dipalo 18:21, 24.
Jehofa o ne a tlhomamisetsa Baiseraele gore Molao o ne ‘o ka se nne thata go le kalo mo go bone.’ (Duteronome 30:11) Jehofa o ne a ba solofeditse gore fa fela ba ne ba ka latela ditaolo tsa gagwe tsotlhe, go akaretsa le ya go ntsha ditsabosome, ba ne ba tla nna le thobo e kgolo. Mo godimo ga moo, ka metlha go ne go seegelwa kwa thoko ditsabosome tse dingwe gape tsa ngwaga le ngwaga gore go se ka ga nna le tlhaelo, mme gantsi di ne di dirisiwa fa setšhaba se kopane mmogo ka mekete ya bodumedi. Ka jalo ‘moagi wa moeng, mosimane yo o se nang rre le motlholagadi’ ba ne ba tla kgotsofala.—Duteronome 14:28, 29; 28:1, 2, 11-14.
Molao o ne o sa tlhalose gore fa motho a sa ntshe ditsabosome o ne a tla duedisiwa jang, mme Moiseraele mongwe le mongwe o ne a na le boikarabelo jo bogolo jwa go tshegetsa kobamelo ya boammaaruri ka tsela eno. E bile tota, Jehofa o ne a latofatsa Baiseraele ba ba neng ba sa ntshe ditsabosome mo motlheng wa ga Malaki a re ‘ba mo thukutha ditsabosome le meneelo.’ (Malaki 3:8) A Bakeresete ba ba sa ntsheng ditsabosome le bone ba ka latofadiwa jalo?
A re sekasekeng ntlha eno. Gantsi melao ya naga e dira mo nageng eo fela. Ka sekai, molao o o reng bakgweetsi ba kwa Boritane ba kgweetse ba le ka fa molemeng wa tsela ga o ame bakgweetsi ba kwa Fora. Ka tsela e e tshwanang, molao o o reng batho ba ntshe ditsabosome e ne e le karolo ya kgolagano e e neng e ama Modimo le setšhaba sa Iseraele fela. (Ekesodo 19:3-8; Pesalema 147:19, 20) Baiseraele ke bone fela ba ba neng ba tshwanetse go latela molao oo.
Mo godimo ga moo, le fa go le boammaaruri gore Modimo ga a ke a fetoga, ka dinako tse dingwe dilo tse a di batlang mo bathong di a fetoga. (Malaki 3:6) Baebele e bolela ka tlhamalalo gore loso lwa ga Jesu lwa setlhabelo, ka 33 C.E., lo ne lwa “phimola,” kgotsa lwa “fedisa,” Molao mmogo le “taolo ya go phutha ditsabosome.”—Bakolosa 2:13, 14; Baefeso 2:13-15; Bahebera 7:5, 18.
Go Aba ga Bakeresete
Le fa go ntse jalo, meneelo e e tshegetsang kobamelo ya boammaaruri e ne e sa ntse e tlhokega. Jesu o ne a laetse barutwa ba gagwe gore ‘ba nne basupi go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.’ (Ditiro 1:8) Fa palo ya badumedi e ntse e gola, go ne ga tlhokega thata gore go nne le barutisi le balebedi ba Bakeresete ba ba neng ba tla etela le go nonotsha diphuthego. Ka dinako tse dingwe, batlholagadi, masiela le batho ba bangwe ba ba tlhokang ba ne ba tshwanelwa ke go tlhokomelwa. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba duelela jang ditshenyegelo tsa gone?
Mo e ka nnang ka 55 C.E., go ne ga kopiwa Bakeresete ba Baditšhaba ba ba kwa Yuropa le Asia Minor gore ba thuse phuthego e e neng e humanegile ya kwa Judea. Mo makwalong a moaposetoloi Paulo a neng a a kwalela phuthego ya kwa Korintha, o tlhalosa kafa ‘go phuthiwa gono ga madi mo go direlwang baitshepi’ go neng go rulagantswe ka teng. (1 Bakorintha 16:1) O ka nna wa gakgamadiwa ke se mafoko a ga Paulo a se senolang ka ga go aba ga Bakeresete.
Moaposetoloi Paulo o ne a sa pateletse badumedi ka ene gore ba abe. E bile tota, Bakeresete ba kwa Makedonia ba ba neng ba “bogisega” e bile ba ‘le mo lehumeng le legolo’ ba ne ba tshwanelwa ke go ‘nna ba mo kopa tshiamelo ya go aba ka bopelonomi ba rapela thata le gore ba nne le seabe mo bodireding jo bo laoletsweng baitshepi.’—2 Bakorintha 8:1-4.
Ke boammaaruri gore Paulo o ne a kgothaletsa Bakorintha ba ba neng ba eme sentle gore ba etse bakaulengwe ba bone ba ba pelotshweu ba kwa Makedonia. Buka nngwe e akgela ka go re, le fa go ntse jalo, o ne a ‘gana go ntsha ditaelo, a tlhopha gore mo boemong jwa moo a kope, a akantshe, a kgothatse kgotsa a ikuele. Bakorintha ba ne ba ka se ka ba aba ka bogabone fela le ka lorato fa ba ne ba patelediwa.’ Paulo o ne a itse gore “Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo,” e seng yo o nayang “ka go ikgoga fela kgotsa ka go patelelwa.”—2 Bakorintha 9:7.
Bakorintha ba ne ba tla tlhotlhelediwa ke tumelo e kgolo le kitso mmogo le lorato lwa mmatota lo ba neng ba rata Bakeresete ka bone ka lone gore ba abe ka bogabone fela.—2 Bakorintha 8:7, 8.
“Fela Jaaka a Sweditse mo Pelong ya Gagwe”
Go na le gore Paulo a bolele gore go tshwanetse ga ntshiwa selekanyo se se kana kang kgotsa peresente efe, o ne a akantsha fela gore “mo letsatsing la ntlha la beke nngwe le nngwe, mongwe le mongwe . . . a beele kwa thoko madi a a rileng go ya ka se a se amogelang.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona; 1 Bakorintha 16:2, New International Version) Fa Bakorintha ba ne ba ka rulaganya le go beela madi kwa thoko ka metlha, ba ne ba ka se ka ba ikutlwa ba patelesega go aba ka go ikgogona kgotsa ka go tseega maikutlo fa Paulo a tla. Mokeresete mongwe le mongwe o ne a tshwanetse go itirela tshwetso ka esi gore o aba bokae, tshwetso e ‘a e dirileng mo pelong ya gagwe.’—2 Bakorintha 9:5, 7.
Bakorintha ba ne ba tshwanetse go jala ka bogolo gore ba tle ba robe ka bogolo. Ga go ise go ke go akantshiwe gore batho ba abe gore ba bo ba felelwe. Paulo o ne a ba tlhomamisetsa jaana: “Ga ke reye gore . . . go nne thata mo go lona.” Meneelo e ne e ‘amogelesega segolobogolo go ya ka se motho a neng a na le sone, e seng go ya ka se a neng a se na sone.’ (2 Bakorintha 8:12, 13; 9:6) Mo lekwalong le moaposetoloi a neng a le kwala moragonyana, o ne a tlhagisa jaana: “Fa motho a sa tlamele . . . ba e leng maloko a ba ntlo ya gagwe, o itatotse tumelo e bile o bosula go gaisa motho yo o se nang tumelo.” (1 Timotheo 5:8) Paulo o ne a sa kgothaletse go aba mo go neng go tlola molaomotheo ono.
Ke ga botlhokwa gore Paulo o ne a okametse ‘go phuthiwa ga madi mo go neng go direlwa baitshepi’ ba ba neng ba tlhoka. Ga go na gope fa re balang teng mo Dikwalong go twe Paulo kgotsa baaposetoloi ba bangwe ba ne ba rulaganya go phuthiwa ga madi kgotsa ditsabosome go tshegetsa bodiredi jwa bone. (Ditiro 3:6) Ka metlha Paulo o ne a lebogela dimpho tse a neng a di romelelwa ke diphuthego, mme o ne a nna kelotlhoko thata gore a se ka a rwesa bakaulengwe ba gagwe “mokgweleo wa ditshenyegelo tse dintsi.”—1 Bathesalonika 2:9; Bafilipi 4:15-18.
Go Aba ka go Rata Gompieno
Go bonala sentle gore balatedi ba ga Keresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba sa ntshe ditsabosome mme ba ne ba aba ka go rata. Le fa go ntse jalo, o ka nna wa ipotsa gore a eno e sa ntse e le yone tsela e e molemo ya go tshegetsa ka madi tiro ya go rera dikgang tse di molemo le go tlhokomela Bakeresete ba ba tlhokang.
Akanya ka seno. Ka 1879 barulaganyi ba makasine ono ba ne ba bolela ka tlhamalalo gore “ga ba kitla ba kopa kana ba lopa batho gore ba ba tshegetse.” A tshwetso eo e kgoreleditse maiteko a Basupi ba ga Jehofa a go anamisa boammaaruri jwa Baebele?
Ga jaanong, Basupi ba anamisa Dibaebele, dibuka tsa Bokeresete le dikgatiso tse dingwe mo dinageng di le 235. Kwa tshimologong go ne go anamisiwa dikhopi di le 6 000 kgwedi le kgwedi tse di gatisitsweng ka puo e le nngwe fela tsa makasine o o rutang Baebele wa Tora ya Tebelo. Gompieno e setse e le makasine o o tswang gabedi ka kgwedi o o gatisiwang ka dikhopi di feta 24 000 000 ka dipuo di le 146. Basupi ba na le makala mo dinageng di le 110 a ba a dirisetsang go rulaganya tiro ya bone e e dirwang mo lefatsheng lotlhe ya go ruta Baebele. Mo godimo ga moo, ba agile mafelo a ba kopanelang mo go one a le diketekete mmogo le diholo tse dikgolo tsa dikopano tse di tla lekanang batho ba ba ratang go rutiwa go ya pele ka Baebele.
Le fa tiro ya go tlhokomela batho semoyeng e le yone ya botlhokwa, Basupi ba ga Jehofa ga ba tlhokomologe dilo tse badumedi ka bone ba tlhokang go itlamela ka tsone. Fa bakaulengwe ba bone ba
boga ka ntlha ya dintwa, dithoromo tsa lefatshe, dikomelelo le diphefo tsa matsubutsubu, ba nna bofefo go ba naya dilo tsa kalafi, dijo, diaparo le dilo tse dingwe tse ba di tlhokang. Dilo tseno di tshegediwa ka meneelo e e ntshiwang ke Bakeresete le ke diphuthego.Go ntsha meneelo ka go rata go molemo e bile go rola batho ba ba humanegileng morwalo, ba ba jaaka Genival, yo o umakilweng kwa tshimologong. Se se itumedisang ke gore pele Genival a ka rekisa ntlo ya gagwe, o ne a etelwa ke Maria, modiredi wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa. Genival o gakologelwa jaana: “Motlotlo oo o ne wa thusa lelapa la me gore le se ka la tsena mo mathateng a mantsi go sa tlhokege.”
Genival o ne a lemoga gore tiro ya Morena ga e a ikaega ka ditsabosome. E bile tota, go ntsha ditsabosome ga e tlhole e le sengwe se se batliwang mo Dikwalong. O ne a ithuta gore Bakeresete ba a segofadiwa fa ba aba ka bopelotshweu mme ga ba patelesege go aba go feta kafa ba ka kgonang ka teng.
Go aba ka go rata go tliseditse Genival boipelo jwa boammaaruri. O tlhalosa kgang eno jaana: “Le fa nka ntsha diperesente di le 10 kgotsa ka se ka ka di ntsha, ke itumelela moneelo o ke o ntshang e bile ke tlhomamisega gore Jehofa le ene o a itumela.”
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 6]
A Borara ba Bogologolo ba Kereke Ba ne Ba Ruta Gore go Ntshiwe Ditsabosome?
“Bahumi ba ba mo gare ga rona ba thusa batlhoki . . . Ba ba emeng sentle e bile ba rata, ba aba sengwe le sengwe se ba bonang se tshwanela.”—The First Apology, Justin Martyr, wa mo e ka nnang ka 150 C.E.
“Eleruri Bajuda ba ne ba Mo neile ditsabosome tsa dithoto tsa bone, mme ba ba gololesegileng ba beela dithoto tsotlhe tsa bone kwa thoko gore di dirisediwe ditiro tsa Morena, . . . fela jaaka motlholagadi yole wa mohumanegi yo o neng a tsenya sotlhe se a itshedisang ka sone mo letloleng la Modimo.”—Against Heresies, Irenaeus, wa mo e ka nnang ka 180 C.E.
“Le mororo re na le letlole, ga le a dirwa ka madi a batho ba a ntshang gore ba bone poloko, jaaka letlole la bodumedi jo bo itlhomelang tlhwatlhwa. Mo letsatsing lengwe gangwe mo kgweding, fa motho a rata, o tlisa moneelo wa gagwe o monnye; mme ke fela fa a itumelela seo, le fa a kgona: ka go bo ga go patelediwe ope; sengwe le sengwe se dirwa ka go rata.”—Apology, Tertullian, wa mo e ka nnang ka 197 C.E.
“Fa Kereke e ntse e gola go bo go nna le matlo a a farologaneng a thutelo, go ne ga tlhokega gore go dirwe melao e e neng e tla tlhomamisa gore baruti ba tswelela pele ba tshegediwa sentle ka madi. Go ntshiwa ga ditsabosome go ne ga tsewa mo Molaong o Mogologolo . . . Go bonala molao wa bogologolo o o leng teng malebana le kgang eno o le mo lokwalong lwa bobishopo lo lo neng lwa kwalwa kwa Tours ka 567 le mo [melaong ya kereke] ya Lekgotla la Macon la 585.”—The Catholic Encyclopedia.
[Motswedi wa Setshwantsho]
Coin, top left: Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
[Setshwantsho mo go tsebe 4, 5]
Go aba ka go rata go tlisa boipelo
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Meneelo e e ntshiwang ka go rata e tshegetsa tiro ya go rera, tiro ya namolo ka nako ya mathata le tiro ya go aga mafelo a re kopanelang mo go one