Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o ile wa itumelela go bala dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Fa go ntse jalo, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

“Bokgoni jwa go akanya” bo ka re sireletsa jang? (Diane 1:4)

Bo ka re thusa go lemoga dikotsi tsa semoya mme bo ka re rotloetsa go akanyetsa gore ke kgato efe e e tshwanetseng e re ka e tsayang fa re raelwa go itshwara ka tsela e e sa siamang kwa tirong. Bo re thusa go lemoga gore Bakeresete ka rona ga ba itekanela, mme seno se ka re thusa go tila go dira dilo ka go tseega maikutlo fa re kgopisitswe ke mongwe. Gape bo ka re thusa go tila go rata dikhumo mo go ka nnang ga re koafatsa semoyeng.—8/15, ditsebe 21-4.

Motho a ka nna jang moagelani yo o molemo?

Ditsela tse pedi tsa go nna moagelani yo o molemo ke go aba ka bopelotshweu le go amogela ka kanaanelo. Go botlhokwa go nna moagelani yo o molemo ka nako ya masetlapelo. Basupi ba ga Jehofa ba leka go nna baagelani ba ba molemo ka go tlhagisa batho ba bangwe ka tiragalo e e tlogang e direga, fa Modimo a tsaya kgato go fedisa bosula.—9/1, ditsebe 4-7.

Go ya ka Baebele, baitshepi ba boammaaruri ke bomang, mme ba tla thusa batho jang?

Bakeresete botlhe ba bogologolo e ne e le baitshepi ba boammaaruri, ba dirilwe baitshepi ke Modimo e seng ke batho kgotsa mekgatlho mengwe. (Baroma 1:7) Fa baitshepi ba tsosediwa go ya go tshela kwa legodimong, bone le Keresete ba tla tlisetsa batho ba ba ikanyegang mo lefatsheng masego. (Baefeso 1:18-21)—9/15, ditsebe 5-7.

Go itse sengwe ka diatleletiki tsa Gerika wa bogologolo go ka solegela Bakeresete molemo jang?

Dikwalo tsa ga moaposetoloi Petere le Paulo di dirisa ditshwantsho tse di theilweng mo metshamekong ya bogologolo kgotsa tse di buang ka yone. (1 Bakorintha 9:26; 1 Timotheo 4:7; 2 Timotheo 2:5; 1 Petere 5:10) Moatleletiki wa bogologolo o ne a tshwanetse go nna le mokatisi yo o molemo, a nne le boikgapo mme a iteke ka natla. Bakeresete gompieno ba tshwanetse go dira boiteko jo bo tshwanang mo dilong tsa semoya.—10/1, ditsebe 28-31.

Mathata le maduo a go godisa bana kwa nageng e sele ke afe?

Bana ba bantsi ba ithuta puo e ntšha ka bonako go feta batsadi ba bone, ba ba ka fitlhelang go le thata go tlhaloganya tsela e bana ba bone ba akanyang ka yone e bile ba dirang dilo ka yone. Gape bana ba ka nna ba se ka ba kgona go tlhaloganya dithuto tsa Baebele fa ba rutiwa ka puo ya batsadi ba bone. Le fa go ntse jalo, dikamano tsa malapa di ka nonotshiwa fa batsadi ba ruta bana puo ya bone, mme bana ba ka kgona go itse dipuo tse pedi e bile ba tlwaele ditso tse pedi.—10/15, ditsebe 22-6.

Ke eng fa go le botlhokwa go ithuta go kopa maitshwarelo?

Gantsi go ikopa maitshwarelo go tswa pelong go ka baakanya dikamano tse di senyegileng. Baebele e re naya dikai tsa kafa go kopa maitshwarelo go ka fetolang dilo ka teng. (1 Samuele 25:2-35; Ditiro 23:1-5) Gantsi fa batho ba babedi ba na le bothata, boobabedi ba bo ba na le molato mongwe. Ka jalo, go tlhokega gore boobabedi ba dumele molato mme ba ikope maitshwarelo.—11/1, ditsebe 4-7.

Ke ka ntlha yang fa go betšha, le e leng ka madi a le mannye, go le phoso?

Go betšha go ka dira gore batho ba itseye ba le kwa godimo thata, ba nne le moya wa go gaisana, e bile ba nne pelotshetlha, e leng dilo tse Baebele e di kgalang. (1 Bakorintha 6:9, 10) Batho ba bantsi ba ba lemaletseng go betšha ba simolotse ba sa le babotlana ka go betšha ka madi a mannye.—11/1, tsebe 31.

E re ka dibuka tse dintsi tsa Baebele di kwadilwe ka Segerika, ke ka ntlha yang fa go ile ga tlhokega gore go ranolelwe Baebele mo puong ya Segerika, mme seno se feletse ka eng?

Segerika sa segompieno se farologane thata le Segerika sa thanolo ya Septuagint ya Dikwalo Tsa Sehebera le sa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Mo makgolong a dingwaga a bosheng go dirilwe maiteko ka makgetlo a le mmalwa go ranolela dikarolo dingwe tsa Baebele kgotsa Baebele yotlhe mo Segerikeng se se buiwang. Gompieno, go na le dithanolo di ka nna 30 tsa Baebele, e feletse kgotsa dikarolo dingwe tsa yone, tse Mogerika fela yo o tlwaelegileng a ka kgonang go di bala, mme thanolo e e itsegeng ke Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo, e e gatisitsweng ka 1997.—11/15, ditsebe 26-9.

Ke ka ntlha yang fa go sa lebelelwa gore Bakeresete ba ntshe ditsabosome?

Go ya ka Molao o o neng o neilwe Iseraele wa bogologolo, go ntsha ditsabosome e ne e le tsela ya go tshegetsa lotso lwa Balefi le go tlhokomela batho ba ba tlhokang. (Lefitiko 27:30; Duteronome 14:28, 29) Loso lwa setlhabelo lwa ga Jesu lo ne lwa tlosa Molao le go ntshiwa ga ditsabosome. (Baefeso 2:13-15) Mo phuthegong ya bogologolo ya Bokeresete, Mokeresete mongwe le mongwe o ne a tshwanetse go neela go ya kafa a kgonang ka teng le go ya kafa a sweditseng ka teng mo pelong ya gagwe. (2 Bakorintha 9:5, 7)—12/1, ditsebe 4-6.

A Tshenolo 20:8 e raya gore mo tekong ya bofelo, Satane o tla timetsa palo e kgolo ya batho?

Temana eo ya re ba ba timeditsweng ba tla bo ba “ntse jaaka moshawa wa lewatle.” Mo Baebeleng, gantsi polelo eo e raya palo e e sa itsiweng, mme go sa reye gore e kgolo thata. Losika lwa ga Aborahame, lo lo neng lo tla nna “jaaka moshawa o o fa losing lwa lewatle,” e ne ya nna batho ba le 144 000, kwantle ga Jesu Keresete. (Genesise 22:17; Tshenolo 14:1-4)—12/1, tsebe 29.