A Ngwanake o Tshwanetse go Tsena Sekolo?
A Ngwanake o Tshwanetse go Tsena Sekolo?
O AKANYA gore go ne go ka nna jang fa o ka bo o sa kgone go bala mafoko a a kwadilweng mo tsebeng eno? Go tweng fa o ka bo o sa kgone go bua puo ya semmuso ya naga ya gaeno? Akanya fela fa o ka bo o sa kgone go supa naga ya gaeno mo mmapeng wa lefatshe? Bana ba le bantsintsi ba tla gola ba le mo go sone seemo seo. Go tweng ka ngwana wa gago?
A ngwana wa gago o tshwanetse go tsena sekolo? Kwa dinageng di le dintsi bana ba patelesega go tsena sekolo se sebotlana le se segolwane mme gantsi ba tsena mahala. Kopano ya Ditshwanelo Tsa Bana e tsaya go tsena sekolo e le tshwanelo ya konokono. Maikano a Lefatshe Lotlhe a Ditshwanelo Tsa Batho le one a bolela jalo. Le fa go ntse jalo, kwa dinageng dingwe sekolo se ka tswa se sa tsenwe mahala mme gongwe go tsenya bana sekolo go batla batsadi madi a mantsi. A re sekasekeng kgang eno re ipeile mo seemong sa batsadi ba Bakeresete ba ba batlang gore bana ba bone ba itse go bala le go kwala, e ka tswa e le ka go ba tsenya sekolo kgotsa ka ditsela tse dingwe.
Dikai Tse di mo Baebeleng Tsa Batho ba ba Neng ba Itse go Bala le go Kwala
Bontsi jwa batlhanka ba Modimo ba ba umakilweng mo Baebeleng ba ne ba itse go bala le go kwala. Baaposetoloi ba ga Jesu e bong Petere le Johane e ne e le batshwaraditlhapi ba Bajuda mme ba ne ba kwala dibuka tsa Baebele ka Segerika, e seng ka puo ya bone ya Segalalea. * Go lebega batsadi ba bone ba ile ba tlhomamisa gore ba tsena sekolo. Bakwadi ba bangwe ba Baebele ba seemo sa bone se tshwanang le seo ke Dafide wa modisa, mmereki wa molemirui Amose, le morwarraagwe Jesu ka motsadi a le mongwe, e bong Jude, yo a ka tswang a ne a le mmetli.
Monna yo go tweng Jobe o ne a kgona go bala le go kwala, mme lokwalo lwa Baebele lo lo bidiwang ka leina la gagwe lo bontsha gore o ne a tlhaloganya saense ka selekanyo se se rileng. Gape o ka tswa a ne a na le bokgoni jwa go kwala ditlhamo ka tsela e e botswerere, ka gonne mafoko a a a buileng mo bukeng ya Jobe a utlwala e kete ke a mmoki. Gape re itse gore Bakeresete ba bogologolo ba ne ba itse go bala le go kwala ka gonne se e ka tswang e ne e le dintlha tsa Dikwalo tse ba neng ba di kwadile di fitlhetswe mo dipeaneng, e leng dikapetla tsa dinkgo tse di thubegileng.
Thuto e Botlhokwa mo Bakereseteng
Bakeresete botlhe ba tshwanetse go tokafatsa kitso ya bone ya Baebele gore ba tle ba itumedise Modimo. (Bafilipi 1:9-11; 1 Bathesalonika 4:1) Go dirisa ka tlhoafalo Dikwalo le dibuka tsa go ithuta tse di theilweng mo Baebeleng, go ka dira gore motho a gole semoyeng. E re ka Modimo a re neile Lefoko la gagwe le le kwadilweng, o lebeletse gore baobamedi ba gagwe ba itse go bala le go kwala ka mo go ka kgonegang ka teng. Go bala Baebele ka go e thaloganya go dira gore go nne motlhofo go dirisa kgakololo ya yone. Ke boammaaruri gore re ka nna ra tshwanelwa ke gore re bale dikarolo dingwe tsa yone ka makgetlhonyana gore re kgone go tlhaloganya dintlha le gore re kgone go tlhatlhanya ka tsone.—Pesalema 119:104; 143:5; Diane 4:7.
Ngwaga le ngwaga batho ba ga Jehofa ba amogela dibuka di le dintsi tse di thusang tse di kwadilweng Mathaio 24:45-47) Dibuka tseo di bua ka botshelo jwa lelapa, ditlwaelo, bodumedi, saense le dikgang tse dingwe tse dintsi. Sa botlhokwa le go feta, di na le kgakololo ya Dikwalo mo dikgannyeng tsa semoya. Fa e le gore bana ba gago ga ba kgone go bala, ga ba na go kgona go itse ka tshedimosetso e ntsi ya botlhokwa.
ka kaelo ya “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Go ithuta hisitori ya batho go botlhokwa ka gonne go re thusa go tlhaloganya lebaka la go bo re tlhoka Bogosi Jwa Modimo. Go nna le kitso ya motheo ka thutafatshe le gone go molemo. Baebele e bua ka mafelo a mantsi, a a jaaka Iseraele, Egepeto le Gerika. A ngwana wa gago o kgona go supa mafelo ao mo mmapeng wa lefatshe? A o kgona go supa naga ya gabone mo go one? Fa motho a sa kgone go tlhaloganya mmapa a ka nna a se ka a kgona go dira bodiredi jwa gagwe sentle mo tshimong e a abetsweng mo go yone.—2 Timotheo 4:5.
Ditshiamelo mo Phuthegong
Bagolwane ba Bakeresete le batlhanka ba bodiredi ba na le maikarabelo a mantsi a a ba tlhokang gore ba bale. Ka sekai, ba na le dikabelo tsa dipokano tsa phuthego tse ba tshwanetseng go di baakanyetsa. Ba tshwanetse go kwala direkoto tse di amanang le dibuka le meneelo. Fa motho a sa tsena sekolo, a ka thatafalelwa thata ke go diragatsa maikarabelo ano sentle.
Badiri ba baithaopi ba direla mo magaeng a Bethele go dikologa lefatshe. Baithaopi bano ba tshwanetse ba bo ba kgona go bala le go kwala puo ya semmuso ya naga e ba nnang mo go yone gore ba tle ba kgone go buisana sentle le batho ba bangwe le go dira ditiro tsa bone, tse di jaaka go ranola dibuka le go baakanya metšhine. Gore bana ba gago ba tle ba kgone go itumelela ditshiamelo tse di ntseng jalo, gantsi go tlhokega gore ba bo ba tsene sekolo. Mabaka a mangwe a a utlwalang ke afe a go bo ngwana wa gago a tshwanetse go tsena sekolo?
Lehuma le Tumelobotlhodi
Mo maemong mangwe batho ba ba humanegileng ba ka fitlhela go se na sepe se ba ka se itirelang. Le fa go ntse jalo, go tsena sekolo ka selekanyo se se rileng go ka thusa rona le bana ba rona gore re se ka ra sotlega go sa tlhokege. Ke batho ba se kae fela ba ba sa itseng go bala le go kwala ba ba kgonang go itshedisa. Ka dinako tse dingwe, bana le e leng batsadi ba swa ka gonne ba amogela madi a mannye thata mo ba sa kgoneng go bona kalafi. Gantsi batho ba ba sa rutegang kgotsa ba ba sa tsenang sekolo gotlhelele, ga ba na dijo tse di nang le dikotla e bile ba tlhoka matlo a a siameng. Thuto kgotsa go kgona go bala le go kwala go ka thusa ka tsela nngwe mo maemong ano.
Gape go itse go bala le go kwala go fokotsa tlwaelo ya go dumela mo botlhoding. Gone ke boammaaruri gore batho ba ba dumelang mo botlhoding ke ba ba rutegileng mmogo le ba ba sa rutegang. Mme batho ba ba sa rutegang ba ka tsiediwa motlhofo le go jewa ntsoma ke ba bangwe ka gonne ba sa kgone go bala dibuka tse di senolang tsietso e e ntseng jalo. Ka gone gantsi ba dumela thata mo botlhoding le mo goreng motho yo o fodisang a dirisa meya a ka ba fodisa ka kgakgamatso.—Duteronome 18:10-12; Tshenolo 21:8.
Go Bona Tiro ga se Lone Fela Lebaka la Gore Motho a Tsene Sekolo
Batho ba le bantsi ba akanya gore lebaka la konokono la go bo motho a tsena sekolo ke gore a tle a nne le madi. Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba ba tseneng sekolo ga ba bone ditiro kgotsa ga ba amogele madi a a lekaneng gore ba ka nna le dilo tse ba di tlhokang. Ka jalo, batsadi bangwe ba ka akanya gore go tsenya ngwana sekolo ga go na Moreri 7:12) Fa motho a kgona go bua, go bala le go kwala puo ya semmuso ya naga e a nnang mo go yone, go ka nna motlhofo gore a dirisane le ba bongaka, badirelapuso kgotsa badiri ba kwa dibankeng, go na le gore go mo tshose.
mosola. Mme go tsena sekolo ga go thuse motho fela gore a tle a kgone go dira madi; go thusa bana gore ba tle ba kgone go lebana le botshelo ka kakaretso. (Mo mafelong mangwe, bana ba ba sa tsenang sekolo ba ka newa mongwe go twe a ba rute tiro, e ka tswa e le ya go aga, go tshwara ditlhapi, go roka kgotsa e sele fela. Go ithuta tiro go mosola, mme fa bana bano ba sa tsene sekolo, ba ka nna ba se ka ba ithuta go bala le go kwala sentle. Kwantle ga pelaelo, ba ka tila go jewa e bile ba ka nna le botshelo jo bo kgotsofatsang fa ba ka tsena sekolo pele e bo e le gone ba ithutang tiro nngwe.
Jesu wa kwa Nasaretha e ne e le mmetli mme go lebega a ile a rutwa tiro ka tsela nngwe ke rraagwe yo a mo godisitseng, e bong Josefa. (Mathaio 13:55; Mareko 6:3) Gape Jesu o ne a itse go bala le go kwala ka gonne le fa a ne a sa ntse a na le dingwaga di le 12, o ne a kgona go nna le metlotlo e e utlwalang le banna ba ba rutegileng kwa tempeleng. (Luke 2:46, 47) Jesu ene ga a ka a kgorelediwa ke go ithuta tiro gore a se ka a ithuta dilo tse dingwe.
A le Basetsana ba Tshwanetse go Tsenngwa Sekolo?
Ka dinako tse dingwe batsadi ba tsenya bana ba bone ba basimane sekolo, e seng ba basetsana. Gongwe batsadi bangwe ba akanya gore go tsenya bana ba bone ba basetsana sekolo go ja madi a mantsi e bile ba dumela gore basetsana ba ka thusa bommaabone ka go tlhola mo gae letsatsi lotlhe.
Mme go sa itse go bala le go kwala go ka bakela ngwana wa mosetsana bothata. Kgatiso ya United Nations Children’s Fund (UNICEF) e bolela jaana: “Dipatlisiso tse dintsi di bontshitse gore go ruta basetsana ke nngwe ya ditsela tse di molemolemo tsa go fedisa lehuma.” (Poverty and Children: Lessons of the 90s for Least Developed Countries) Basetsana ba ba tseneng sekolo ba kgona go lebana botoka le mathata a botshelo le go dira ditshwetso tse di siameng, mme ka tsela eo ba solegela botlhe mo lelapeng molemo.Patlisiso nngwe e e malebana le palo ya bana ba ba swang kwa Benin, kwa Afrika Bophirima, e supa gore bommè ba ba sa itseng go bala le go kwala ba swelwa ke bana ba ba kwa tlase ga dingwaga di le tlhano ka selekanyo sa ba le 167 mo go ba le 1 000 mme basadi ba ba tseneng sekolo se segolwane bone ba swelwa ke ba le 38. UNICEF e konela jaana: “Ka jalo, thutego ya batho e laola selekanyo se bana ba swang ka sone kwa Benin, mme go ntse fela jalo mo lefatsheng lotlhe.” Ka jalo, go tsenya bana ba gago ba basetsana sekolo go ka nna le melemo e mentsi.
A go Tsena Ditlelase Tsa go Ithuta go Bala le go Kwala go Lekane?
Fa go tlhokega, Basupi ba ga Jehofa ba tshwara ditlelase tsa go ithuta go bala le go kwala gore ba thuse maloko a phuthego a a sa itseng go bala. * Thulaganyo e e molemo eno e thusa batho go ithuta go bala, gantsi e le ka dipuo tse ba di buang. A go tla bo go siame gore bana ba tsene ditlelase tseno mo boemong jwa go tsena sekolo se se tlwaelegileng? A go tshwanetse ga lebelelwa gore phuthego e nne yone e rutang bana ba gago le fa go na le dikolo tse di tlwaelegileng?
Le fa gone ditlelase tsa go ithuta go bala le go kwala e le thulaganyo e e molemo e e dirwang ke diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa, e diretswe batho ba ba godileng ba ba iseng ba ko ba tsene sekolo e le bana. Go ka direga gore batsadi ba bone ba ne ba sa itse botlhokwa jwa go bala le go kwala, kgotsa go ne go se na dikolo. Batho ba ba ntseng jalo ba ka thusiwa ke go tsena ditlelase tsa go ithuta go bala le go kwala tse di tshwarwang mo diphuthegong. Mme ditlelase tseno ga di emisetse sekolo se se tlwaelegileng e bile ga di neye thuto ya sekolo se sebotlana. Ga go rutiwe dithuto tse di jaaka saense, dipalo le hisitori mo ditlelaseng tseno tsa go ithuta go bala le go kwala. Mme di ka rutiwa mo thulaganyong ya sekolo se se tlwaelegileng.
Mo Afrika, gantsi ditlelase tseno tsa go ithuta go bala le go kwala di tshwarwa ka dipuo tsa setso e seng ka puo ya semmuso ya naga. Le fa go ntse jalo, gantsi kwa sekolong se se tlwaelegileng go rutiwa ka puo ya semmuso. Thulaganyo eno e solegela bana molemo ka ditsela tse dingwe gape ka gonne go na le dibuka tse dintsi tse di kwadilweng ka puo ya semmuso. Le fa ditlelase tseno tsa go ithuta go bala le go kwala tsa phuthego di ka oketsa thuto e ngwana a e newang kwa sekolong, di ka se ka tsa emisetsa go tsena sekolo. Fa e le gore go a kgonega, a bana ga ba a tshwanela go tsena sekolo?
Maikarabelo a Batsadi
Banna ba ba etelelang pele go tlhokomela phuthego ka dilo tsa semoya ba tshwanetse go nna Bakeresete ba ba tlhomang sekao. Ba tshwanetse go okamela malapa a bone le bana ba bone ka “mokgwa o o molemo.” (1 Timotheo 3:4, 12) Go okamela ka “mokgwa o o molemo,” go akaretsa go dira sotlhe se re ka se kgonang go thusa bana ba rona gore ba se ka ba nna le mathata mo isagweng.
Modimo o neile batsadi ba Bakeresete maikarabelo a magolo. Ba tshwanetse go godisa bana ba bone go ya ka Lefoko la gagwe le go ba thusa gore ba nne ‘barati ba kitso.’ (Diane 12:1; 22:6; Baefeso 6:4) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Eleruri fa motho a sa tlamele ba e leng ba gagwe, mme segolobogolo ba e leng maloko a ba ntlo ya gagwe, o itatotse tumelo e bile o bosula go gaisa motho yo o se nang tumelo.” (1 Timotheo 5:8) Gape bana ba rona ba tshwanetse go newa thuto e e tshwanetseng.
Ka dinako tse dingwe bana ga ba rutwe sentle kwa dikolong ka gonne di tletse thata, go se na madi a a lekaneng kgotsa ka gonne barutabana ba sa itumela e bile ba duelwa madi a a kwa tlase. Ka jalo, go botlhokwa gore batsadi ba kgatlhegele se bana ba bone ba se ithutang kwa sekolong. Go tla bo go le botlhale go itlwaelanya le barutabana, segolobogolo nako le nako fa dikolo di bulwa, le go kopa kgakololo ya bone malebana le kafa bana ba ka tokafatsang ka teng mo dithutong tsa bone. Ka jalo, barutabana ba ka ikutlwa ba anaanelwa e bile ba tlhotlheletsega go dira maiteko a magolo fa ba ruta bana.
Thuto ke selo sa botlhokwa thata fa ngwana a ntse a gola. Diane 10:14 ya re: “Ba ba botlhale ke ba ba bolokang kitso.” E bile seno se boammaaruri thata malebana le kitso ya Baebele. Batho ba ga Jehofa—bannye le bagolo ka go tshwana—ba tshwanetse go nna le kitso e ntsi kafa ba ka kgonang ka teng gore ba thuse ba bangwe semoyeng le gore ba ‘itlhagise ba amogelwa ke Modimo ba se na sepe se se ka ba tlhabisang ditlhong, ba tshwere lefoko la boammaaruri sentle.’ (2 Timotheo 2:15; 1 Timotheo 4:15) Ka jalo, a bana ba gago ba tshwanetse go tsena sekolo? Ga go na pelaelo gore o tla swetsa ka gore ba tshwanetse go tsena sekolo, le fa go tla ikaega thata ka se se kgonegang mo nageng ya gaeno. Mme batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go araba potso eno ya botlhokwa, ‘A bongwanake ba tshwanetse go newa thuto?’ Go sa kgathalesege gore o nna kae, a ga o dumele gore karabo ya gago e tshwanetse go nna ee yo motona?
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 5 Puo ya gabone e ka tswa e ne e le loleme longwe lwa Segalalea lwa Searamaika kgotsa loleme longwe lwa Sehebera. Bona Bolumo 1, tsebe 144-6 ya Insight on the Scriptures, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 12, 13]
FA GO SA KGONEGE GO TSENA SEKOLO
Mo mabakeng mangwe ga go kgonege gore motho a tsene sekolo. Ka sekai, makasine wa Refugees o ne wa bega gore kwa dikampeng tsa batshabi ke ngwana a le 1 fela yo o nang le dingwaga tsa go tsena sekolo mo go ba le 5 yo o ka tsenang sekolo. Mo maemong a mangwe, fa barutabana ba ngadile tiro, dikolo di tswalwa ka nako e telele. Mo mafelong mangwe dikolo di ka tswa di le kgakala thata kgotsa di seyo gotlhelele. Go bogisiwa ga Bakeresete le gone go felela ka gore bana ba lelekiwe kwa sekolong.
O ka thusa jang bana ba gago mo maemong a a ntseng jalo? Ke eng se o ka se dirang fa o na le bana ba le mmalwa mme o nna mo lefelong le o sa kgoneng go ba duelela botlhe gore ba tsene sekolo? Fa go ntse jalo, a o ka kgona go duelela ngwana a le mongwe fela kgotsa ba le babedi gore ba tsene sekolo mme o sa ba tsenye mo kotsing ya semoya? Fa go kgonega, ba ka nna ba thusa ka go ruta bana ba bangwe ba gago se ba se ithutang kwa sekolong.
Dinaga tse dingwe di na le se se bidiwang thuto ya mo lapeng. * Mo thulaganyong eno, mongwe wa batsadi o dirisa diura di sekae letsatsi le letsatsi a ruta ngwana. Mo metlheng ya ditlhogo tsa lotso, batsadi ba ne ba atlega tota fa ba ruta bana ba bone. Go lebega morwawe Jakobe, e bong Josefa a ne a kgona go nna molebedi a sa le mmotlana thata ka gonne a ne a thapisitswe sentle ke batsadi ba gagwe.
Go ka nna ga tswa go le thata go nna le thulaganyo ya thuto mo mafelong a a tshwanang le dikampa tsa batshabi, mme batsadi ba ka nna ba dirisa dibuka tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa fa ba ruta. Ka sekai Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela e ka thusa fa go rutiwa bana ba babotlana. Makasine wa Tsogang! o na le ditlhogo tse di buang ka dikgang tse dintsi tse di farologaneng. Go ka dirisiwa buka e e reng Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? go ruta dithuto tsa saense. Yearbook of Jehovah’s Witnesses e na le mmapa o monnye wa lefatshe mme e bua ka botshelo le tiro ya go rera mo dinageng tse di farologaneng.
Thuto e ka solegela bana molemo thata fa e baakanyeditswe sentle e bile e rulagantswe go ya ka selekanyo se ba kgonang go tlhaloganya ka sone. Fa ba tswelela pele ka go bala le go ithuta, go tla nna motlhofo gore ba tlwaele sekolo fa go ka kgonega gore ba se tsene. Fa o tsaya kgato mme o dira maiteko, o ka kgona go thusa bana ba gago gore ba rutege sentle. Mme a bo seo se ka tlisa maduo a a molemo jang ne!
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 40 Bona setlhogo se se reng “Home Schooling—Is It For You?” (Go Rutela Bana mo Gae—A o Ka go Dira?) mo makasineng wa Tsogang! ya April 8, 1993, ditsebe 9-12 (ka Seesemane).
[Setshwantsho]
O ka dirang fa o nna kwa lefelong le bana ba gago ba sa kgoneng go tsena sekolo se se tlwaelegileng?