Ditekanyetso Tsa Semoya—Di Tla Felela Kae?
Ditekanyetso Tsa Semoya—Di Tla Felela Kae?
“Batho ba le 30 ba ba ipaakanyetsang lenyalo ba nna teng kwa thulaganyong ya maitseboa [ya Katoliki] e go neelwang kgakololo ya pele ga lenyalo mo go yone. Mo go bano ba ba 30, ke ba le 3 fela ba ba bolelang gore ba na le tumelo.”
La Croix, lokwalodikgang lo lo tswang letsatsi le letsatsi lwa Katoliki lwa Fora.
DITEKANYETSO tsa bodumedi di mo mathateng. Tsebe e e kafa ntle ya makasine wa ditšhabatšhaba wa Newsweek wa July 12, 1999, e ne ya botsa jaana: “A Modimo o Sule?” Kwa Yuropa bophirima, karabo ya makasine ono e ne e le gore tota go lebega jalo. Fa lokwalodikgang lwa Sefora lwa Le Monde lo bega ka sinoto ya Kereke ya Katoliki e e neng e tshwerwe kwa Roma ka October mo go one ngwaga oo lo ne lwa re: “Kereke e fitlhela go le thata go feta le fa e le leng pele gore e fetisetse molaetsa wa yone mo bathong ba ba simolotseng ‘go e ila.‘ . . . Kwa Italy, Bakatoliki ga ba tlhole ba dumela dithuto tse di tshwanang. . . . Kwa Jeremane, kganetsano e e malebana le mafelo a go neelwang kgakololo mo go one pele motho a ntsha mpa, e ntse e dira gore mopapa le thulaganyo ya puso ya batho ka batho e e sa ikemisetsang go tlhola e bolelelwa se e tshwanetseng go se dira, di katogane. Boikutlo jwa batho ba kwa [Netherlands] jwa go se kgathale malebana le boitsholo le go bolaya go twe ke ka ntlha ya kutlwelobotlhoko, bo setse bo dirile gore baakgedi bangwe ba tseye gore bo bakwa ke go tlogela ga bone Bokeresete ka tshoganyetso.”
Seemo se a tshwana le mo mafelong a mangwe. Ka 1999 Bishopomogolo wa Canterbury, e bong George Carey o ne a re, “go setse kokomana e le nngwe gore [Kereke ya Engelane] e nyelele.” Mo setlhogong se se reng “Bofelo Jwa Yuropa ya Bokeresete,” lokwalodikgang lwa Sefora lwa Le Figaro lo ne lwa bolela jaana: “Go fitlhelwa mokgwa o o tshwanang gongwe le gongwe. . . . Batho ba nna ba belaela se se buiwang ka boitsholo le dithuto tsa bodumedi.”
Go se Nne le Seabe go le Kalo mo Bodumeding
Kwa Yuropa, palo ya batho ba ba yang kerekeng e fokotsega thata. Ke diperesente tse di kwa tlase ga 10 tsa Bakatoliki ba Bafora ba ba yang Mmiseng Sontaga mongwe le mongwe, mme ke diperesente di le 3 go ya go di le 4 fela tsa Bakatoliki ba ba nnang kwa Paris ba ba yang kerekeng ka metlha. Go ile ga tlhokomelwa
gore go na le dipalo tse di lekanang kgotsa tse di kwa tlase ga tseno tsa batho ba ba yang kerekeng kwa United Kingdom, Jeremane le kwa dinageng tsa Scandinavia.Selo se se tshwenyang baeteledipele ba bodumedi thata ke palo e e kwa tlase ya batho ba ba ithutelang go nna baruti. Mo nakong e e kwa tlase ga dingwaga di le lekgolo, palo ya baruti kwa Fora e ne ya fokotsega thata, go tloga go baruti ba le 14 mo baaging ba le 10 000 go ya go moruti a le 1 mo baaging ba le 10 000 gompieno. Kwa Yuropa, batho ba ba nnang baruti ke ba ba nang le dingwaga tse di kwa godimonyana, mme baruti ba a tlhaela le kwa dinageng tse di jaaka Ireland le Belgium. Mo godimo ga moo, palo ya bana ba ba kwadisiwang mo ditlelaseng tsa katekasima e a fokotsega, mme seo se dira gore go nne le dipelaelo tse di masisi malebana le gore a tota Kereke ya Katoliki e ka kgona go itsosolosa.
Fa go tla mo bodumeding, go bonala batho ba sa tlhole ba na le tshepo. Ke diperesente di le 6 fela tsa batho ba kwa Fora ba ba dumelang gore “boammaaruri bo ka bonwa fela mo bodumeding bo le bongwe,” fa ba bapisiwa le ba ba diperesente di le 15 ka 1981 le diperesente di le 50 ka 1952. Go sa kgatlhegele bodumedi go a anama. Palo ya batho ba ba bolelang gore ga ba mo bodumeding bope e ile ya oketsega go tloga go diperesente di le 26 ka 1980 go ya go diperesente di le 42 ka 2000.—Les valeurs des Français—Évolutions de 1980 à 2000 (Ditekanyetso Tsa Kwa Fora—Se se Diragetseng go Tloga ka 1980 go Fitlha ka 2000).
Diphetogo Tse Dikgolo mo Ditekanyetsong Tsa Boitsholo
Mathata a ditekanyetso a bonala le mo kgannyeng ya boitsholo. Jaaka go umakilwe fa godimo, batho ba le bantsi ba ba tsenang kereke ba gana go amogela melao ya boitsholo ya dikereke tsa bone. Ga ba dumalane le kgopolo ya gore baeteledipele ba bodumedi ba na le tshwanelo ya gore ba ba tlhomele melao ya boitshwaro. Bone batho ba ba neng ba dumalana le boikutlo jwa mopapa mo kgannyeng ya ditshwanelo tsa batho, ga ba dumalane le ene fa se a se buang se ama tsela e ba tshelang ka yone. Ka sekai, tsela e a ikutlwang ka yone malebana le go thibela pelegi e itlhokomolosiwa thata, tota le ke banyalani ba le bantsi ba Bakatoliki.
Boikutlo jono bo ama batho ba maemo otlhe mo setšhabeng, ba bodumedi le ba e seng ba bodumedi ka go tshwana. Mekgwa e e kgalwang mo Dikwalong Tse di Boitshepo e a amogelwa. Dingwaga di le 20 tse di fetileng diperesente di le 45 tsa baagi ba Fora di ne di kgala bosodoma. Gompieno, diperesente di le 80 di bona e le selo se se amogelesegang. Le fa gone bontsi jwa batho ba buelela go ikanyega mo lenyalong, ke diperesente di le 36 fela tse di kgalang kgang ya go nna le dikamano tse dingwe kwa ntle ga lenyalo.—Baroma 1:26, 27; 1 Bakorintha 6:9, 10; Bahebera 13:4.
Tlhakatlhakano ya Bodumedi
Kwa dinageng tsa Bophirima, go simologa bodumedi jo bo itlhametsweng jo mo go jone mongwe le mongwe a nang le tshwanelo ya go itlhophela se a batlang go se dumela. Go dumelwa dithuto dingwe mme tse dingwe di kgaphelwa kwa thoko. Bangwe ba ipitsa Bakeresete le mororo ba dumela mo thutong ya go tsalwa o le setshedi se sesha mme ba bangwe ba latela dikgopolo tsa madumedi a le mmalwa ka nako e le nngwe. (Moreri 9:5, 10; Esekiele 18:4, 20; Mathaio 7:21; Baefeso 4:5, 6) Buka ya Les valeurs des Français e ile ya bontsha ka tlhamalalo gore badumedi ba le bantsi gompieno ba fapogile thata mo melaong e e tlhomilweng ke kereke.
Le fa go ntse jalo, mokgwa ono wa go batla gore mongwe le mongwe a itlhophele se a batlang go se dumela o kotsi. Jean Delumeau, yo e leng mokwalahisitori wa bodumedi e bile e le leloko la Institut de France o dumela thata gore ga go kgonege gore motho a itlhomele bodumedi jwa gagwe ka boene go se na thulaganyo epe e a e latelang. “Tumelo e ka se nne teng fa e sa thewa mo thulaganyong nngwe e e nonofileng ya bodumedi.” Ditekanyetso tsa semoya le mekgwa ya bodumedi di tshwanetse go tsamaisana le se motho a se dumelang. Go tsamaisana mo go ntseng jalo go ka bonwa kae mo setšhabeng se se sentsweng ke diphetogo?
Baebele yotlhe e re gakolola gore ke Modimo a tlhomang mekgwa e e amogelesegang ya boitsholo le ya boitshwaro, le fa gone a letla batho gore ba itlhophele gore a ba batla go e utlwa kgotsa nnyaa. Dimilionemilione tsa batho mo lefatsheng lotlhe ba lemoga gore buka eno e e sa bolong go tseelwa kwa godimo e na le mosola gompieno le gore ke ‘lobone lwa dinao tsa bone le lesedi la tsela ya bone.’ (Pesalema 119:105) Go tlile jang gore ba dire tshwetso eo? Seno se tla sekasekwa mo setlhogong se se latelang.