A o A Gakologelwa?
A o A Gakologelwa?
A o ile wa itumelela go bala dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Fa go ntse jalo, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:
• Go na le dikgaolo di le kae mo bukeng ya Mika, mme e ile ya kwala leng e bile maemo a ne a ntse jang ka nako eo?
Buka ya Mika e na le dikgaolo di le supa. Moporofeti Mika o ne a kwala buka eno mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E., ka nako e batho ba Modimo a neng a dirile kgolagano le bone ba neng ba kgaogantswe go nna ditšhaba tse pedi—Iseraele le Juda.—8/15, tsebe 9.
• Go ya ka Mika 6:8, ke eng se Modimo a se batlang mo go rona?
Re tshwanetse gore re “dire tshiamo.” Tsela e Modimo a dirang dilo ka yone ke sekao sa go nna tshiamo, ka jalo re tshwanetse go boloka melaometheo ya gagwe ya boikanyegi le ya go boloka bothokgami. O re bolelela gore re “rate bopelonomi.” Bakeresete ba ile ba bontsha ba bangwe bopelonomi jwa lorato ka go ba thusa, jaaka fa ba wetswe ke masetlapelo. Gore re ‘nne boingotlo fa re tsamaya le’ Jehofa, re tshwanetse ra lemoga makoa a rona mme re ikaege ka ene.—8/15, tsebe 20-2.
• Ke eng se Mokeresete a ka batlang go se dira fa a latlhegetswe ke tiro?
Go tla bo go le botlhale gore motho a sekaseke tsela e a tshelang ka yone. Gongwe motho a ka kgona go tlhofofatsa botshelo jwa gagwe ka go fudugela mo ntlong e nnye kana ka go fokotsa dithoto tse dingwe tse di sa tlhokegeng. Mme gone, go botlhokwa gore motho a lese go tlhobaela ka dilo tse a di tlhokang tsa letsatsi le letsatsi, a tshepa gore Modimo o tla mo thusa go bona dilo tse a di tlhokang. (Mathaio 6:33, 34)—9/1, tsebe 14-15.
• Re tshwanetse go gakologelwa eng fa re amogela dimpho tsa lenyalo kana re di naya ba bangwe?
Ga re tlhoke go ntsha kana go lebelela go amogela dimpho tse di jang madi a mantsi. Selo se se botlhokwa thata ke boikutlo jwa pelo jwa motho yo o ntshang mpho. (Luke 21:1-4) Ga se selo se sentle go bala maina a batho ba ba tlisitseng dimpho. Go dira jalo go ka tlhabisa ba bangwe ditlhong thata. (Mathaio 6:3)—9/1, tsebe 29.
• Ke eng fa re tshwanetse go rapela re sa kgaotse?
Go rapela ka metlha go ka nonotsha kamano ya rona le Jehofa mme ga re tlhomelela go lebana le diteko tse dikgolo. Dithapelo tsa rona di ka nna tsa nna dikhutshwane kana tsa nna ditelele, go ikaegile ka maemo le ka se re se tlhokang. Thapelo e aga tumelo ya rona e bile e re thusa go lebana le mathata.—9/15, tsebe 15-18.
• Re tshwanetse go tlhaloganya jang 1 Bakorintha 15:29, e mo dithanolong dingwe e ranotsweng ka gore “go kolobediwa mo boemong jwa baswi”?
Moaposetoloi Paulo o ne a raya gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba kolobediwa, kana ba nwediwa, mo tseleng ya botshelo e e ka felelang ka gore ba swe ba ikanyega fela jaaka Keresete. Morago ga moo, ba tsosediwa go nna dibopiwa tsa semoya fela jaaka Keresete.—10/1, tsebe 29.
• Re itse jang gore go nna Mokeresete go akaretsa se se fetang go tila dilo tse di sa siamang tse di umakiwang mo 1 Bakorintha 6:9-11?
Moaposetoloi Paulo ga a ka a umaka fela dilo tse di sa siamang tse di tshwanang le kgokafalo, kobamelo ya medingwana le botagwa. Mo temaneng e e latelang o ne a bontsha gore motho o ka tlhoka go dira diphetogo tse dingwe fa a ne a re: “Dilo tsotlhe di kafa molaong mo go nna; mme ga se dilo tsotlhe tse di solegelang molemo.”—10/15, tsebe 18-19.
• Bangwe ba basadi ba dinako tsa bogologolo ba ba neng ba itumedisa pelo ya ga Jehofa ke bomang?
Ba akaretsa babelegisi Shifera le Pua, ba ba neng ba gana go ikobela Faro gore ba bolaye masea a basimane ba Baiseraele. (Ekesodo 1:15-20) Mosadi wa Mokanana wa seaka e bong Rahabe o ne a sireletsa ditlhola tse pedi tsa Baiseraele. (Joshua 2:1-13; 6:22, 23) Abigaile o ne a bontsha botlhale ka go thusa go boloka matshelo a batho le go thibela Dafide gore a se ka a nna le molato wa madi. (1 Samuele 25:2-35) Basadi bano ke dikao mo basading ba gompieno.—11/1, tsebe 8-11.
• “Dinaledi di ne tsa tlhabana di le kwa legodimong” jang di tlhabana le Sisera jaaka go kwadilwe mo go Baatlhodi 5:20?
Bangwe ba tsaya gore seno se raya gore Modimo o ne a ba thusa. Ba bangwe ba re ba ne ba thusiwa ke baengele, ba thusiwa ke go wa ga dinaledi, kana gore Sisera o ne a ikaega ka se se neng sa bolelelwa pele ke balepadinaledi. E re ka Baebele e sa tlhalose seno, re ka swetsa ka gore polelo eno e bontsha gore Modimo o ne a thusa masole a Iseraele ka tsela nngwe.—11/15, tsebe 30.
• Le fa gompieno batho ba le bantsi mo lefatsheng ba sa kgatlhegele bodumedi kana ba bo itlhokomolosa, ke ka ntlha yang fa ba le bantsi jaana ba sa ntse ba bolela fa ba dumela mo Modimong?
Bangwe ba ya kerekeng gore ba nne le kagiso ya mogopolo. Ba bangwe ba solofela go bona botshelo jo bo sa khutleng morago ga loso, kana botsogo jo bontle, dikhumo le katlego. Mo mafelong mangwe, batho ba batla go bona sengwe se se tla kgotsofatsang tlala ya bone ya semoya e e nnileng teng fa dikgopolo tsa Bokomonisi di ne di emisediwa ke dikgopolo tsa bokapitalise. Go itse mabaka ano go ka thusa Mokeresete go simolola metlotlo e e ka solegelang mong wa ntlo molemo.—12/1, tsebe 3.