“Tlhabana Tlhabano e e Molemo ya Tumelo”
“Tlhabana Tlhabano e e Molemo ya Tumelo”
KE LESOLE lefe le le se kitlang le itumela fa ka nako ya ntwa le laelwa jaana: “O tshwanetse go ya gae go ya go nna le mosadi wa gago le bana ba gago”?
Uria wa Mohite o ne a amogela taelo e e ntseng jalo. E ne e le lesole mo nakong ya ga Kgosi Dafide wa Iseraele. Kgosi ka boyone e ne ya bitsa Uria mme ya mo kgothaletsa gore a boele gae. Le fa go ntse jalo, Uria o ne a gana go boela kwa ntlong ya gagwe. Fa Uria a bodiwa gore ke ka ntlha yang fa a gana go boela kwa ntlong ya gagwe, o ne a re ke ka gonne letlole la kgolagano, le le neng le emela go nna gone ga Modimo, le masole a Baiseraele a ne a le kwa tlhabanong. O ne a botsa a re: “Mme nna—a ke tla tsena mo ntlong ya me ke je ke nwe ke bo ke lale le mosadi wa me?” Seno e ne e le sengwe se Uria a neng a ka se se dire mo nakong e e ntseng jalo e e thata.—2 Samuele 11:8-11.
Se Uria a neng a se dira se dira gore re ipotse dipotso dingwe tse di botlhokwa, ka gonne le rona re tshela mo nakong ya ntwa. Gone jaanong go na le ntwa e e sa tshwaneng le epe e ditšhaba di kileng tsa e lwa. Ntwa eno e dira gore dintwa tse pedi tsa lefatshe di bonale e se tsa sepe fa di bapisiwa le yone, mme le wena o a akarediwa mo ntweng eno. Matshelo a rona a mo kotsing mme mmaba le ene o galefile. Mo ntweng eno, ga go thuntshiwe, ga go na dibomo tse di thunyang, mme ntwa eno e sa ntse e tlhoka gore motho a itse gore a lwe jang.
Pele motho a ikwadisetsa go nna lesole, o tshwanetse go itse gore a go siame go ya ntweng le go itse gore o lwela eng. A ruri ntwa eo e botlhokwa go le kalo? Maikaelelo a ntwa eno e e sa tshwaneng le tse dingwe a tlhalosiwa ke moaposetoloi Paulo mo lekwalong la gagwe le a neng a le kwalela Timotheo: “Tlhabana tlhabano e e molemo ya tumelo.” Ee, mo ntweng eno, ga o sireletse kago e e thata, mme o sireletsa “tumelo”—boammaaruri jotlhe jwa Bokeresete jaaka bo tlhalosiwa mo Baebeleng. Ka jalo, o tshwanetse go nna le “tumelo” o sa belaele sepe gore o kgone go e lwela le go fenya.—Lesole le le botlhale le leka go ithuta mmaba wa lone. Mo ntweng eno, mmaba o na le maitemogelo a dingwagangwaga a ntwa, e bile o na le ditsela le dibetsa tse dintsi tse a ka di dirisang go mo thusa. Gape o na le maatla a a fetang a motho. O setlhogo, o bogale e bile ke selalome; mmaba yono ke Satane. (1 Petere 5:8) Ga go na dibetsa dipe tsa mmatota mmogo le botlhale le maano a batho a a ka dirisiwang kgatlhanong le mmaba yono. (2 Bakorintha 10:4) Wena o ka dirisa eng go lwa ntwa eno?
Sebetsa se segolo ke “tšhaka ya moya, e leng, lefoko la Modimo.” (Baefeso 6:17) Moaposetoloi Paulo o bontsha kafa sebetsa seno se leng maatla ka gone fa a re: “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla mme le bogale thata go gaisa tšhaka epe e e magalemabedi e bile le tlhaba gore le bo le kgaoganye moya le maikutlo, le malokololo le moko wa one, mme le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.” (Bahebera 4:12) Sebetsa se se bogale jalo, se se sa foseng jaana mo se ka kgonang go tlhaba dikakanyo tse di kwa teng le maikaelelo a motho, ruri se tshwanetse go dirisiwa ka botlhale le botswerere.
Gongwe o a itse gore le fa masole a ka nna le dibetsa tsa maemo a a kwa godimo jang, dibetsa tseo ga di na mosola fa a sa kgone go di dirisa sentle. Le wena o tlhoka go rutiwa go dirisa tšhaka ya gago sentle. Se se itumedisang ke gore, o ka thusiwa ke masole a a thapisang ba bangwe a a nang le maitemogelo a magolo thata. Jesu o ne a bitsa masole ano a a thapisang ba bangwe a re ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” yo o neilweng maikarabelo a go naya balatedi ba gagwe dijo tsa semoya kana kaelo, ka nako e e siameng. (Mathaio 24:45) O ka kgona go lemoga setlhopha seno sa motlhanka ka go ela tlhoko tsela e se rutang ka tlhoafalo ka teng e bile se ntsha ditlhagiso tse di mo nakong malebana le maano a mmaba a a dirisang. Bosupi bo bontsha gore setlhopha seno se bopiwa ke maloko a a tloditsweng ka moya a phuthego ya Bokeresete ya Basupi ba ga Jehofa.—Tshenolo 14:1.
Setlhopha seno sa motlhanka ga se a ka sa ruta fela. Se ile sa bontsha moya wa ga moaposetoloi Paulo, yo o neng a kwalela phuthego ya Thesalonika jaana: “Re ne ra nna bonolo mo gare ga lona, jaaka fa mmè yo o amusang a ngomaela bana ba gagwe. Jalo, e re ka re lo rata ka lorato lwa bopelonomi, re ne ra itumelela thata go lo naya, e seng fela dikgang tse di molemo tsa Modimo, mme gape le meya ya rona, ka gonne lo ne lo ratega mo go rona.” (1 Bathesalonika 2:7, 8) Lesole lengwe le lengwe la Mokeresete le na le maikarabelo a go dirisa thuso eno e e lorato e le e newang.
Diaparo Tsa Ntwa Tsa Phemelo
Go na le diaparo tsa ntwa tsa tshwantshetso tse o ka di aparang go itshireletsa. O ka bona lenaane la diaparo tsotlhe tsa phemelo mo go Baefeso 6:13-18. Lesole le le kelotlhoko ga le kitla le tswela tlhabanong fa diaparo dingwe tsa gagwe tsa ntwa ya semoya di seyo kana di tlhoka go baakanngwa.
Mokeresete o tlhoka diaparo tsa gagwe tsotlhe tsa ntwa, mme thebe e kgolo ya tumelo ke yone e segolo e leng botlhokwa. Ke ka moo Paulo a ileng a kwala jaana: “Mo godimo ga dilo tsotlhe, tsayang thebe e kgolo ya tumelo, e lo tla kgonang go tima dibetsa tsotlhe tse di konopiwang tse di fisang tsa yo o boikepo ka yone.”—Baefeso 6:16.
Isaia 33:24; 35:1, 2; Tshenolo 19:17-21.
Thebe e kgolo, e e ka sireletsang mmele otlhe, e emela nonofo ya tumelo. Motho o tshwanetse go nna le tumelo e e nonofileng mo kaelong ya ga Jehofa, a dumela a sa belaele gore ditsholofetso tsotlhe tsa gagwe di tla diragala. O tshwanetse go ikutlwa e kete ditsholofetso tseo di setse di diragetse. O se ka wa belaela le ka motlha gore tsamaiso yotlhe ya lefatshe la ga Satane e tloga e senngwa, gore lefatshe le tla fetolwa go nna paradaise, le gore batho ba ba ikanyegang mo Modimong ba tla itekanela gape.—Le fa go ntse jalo, mo ntweng e e sa tlwaelegang eno, e o sa ntseng o e lwa, o tlhoka sengwe gape—o tlhoka tsala. Ka nako ya ntwa, go tsalana mmogo ga masole go dira gore a kgothatsane le gore a sireletsane, ka nako nngwe ba sireletsane le mo losong. Le fa gone botsala jono bo le botlhokwa, gore o tle o falole, botsala jo tota o bo tlhokang ke jwa ga Jehofa ka boene. Ke ka moo Paulo a konelang lenaane la gagwe la diaparo tsa ntwa ka mafoko ano: “Mme ka mofuta mongwe le mongwe wa thapelo le mokokotlelo lo tswelela lo rapela ka lobaka longwe le longwe ka moya.”—Baefeso 6:18.
Re rata go nna le tsala e re atamalaneng thata le yone. Re dira bojotlhe gore re nne le nako le ene. Fa re bua le Jehofa ka metlha ka thapelo, o nna motho wa mmatota mo go rona, tsala e re ka e ikanyang. Morutwa Jakobe o re kgothatsa jaana: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.”—Jakobe 4:8.
Maretshwa a Mmaba a a Dirisang
Ka dinako dingwe go lepalepana le lefatshe leno go ka tshwana le go tsamaya mo lefelong le le tletseng dibomo tse di epetsweng. Motho a ka tlhaselwa go tswa ntlheng le fa e le efe fela, mme mmaba o leka go go tlhasela o sa lebelela. Le fa go ntse jalo, tlhomamisega gore Jehofa o go neile tshireletso yotlhe e o e tlhokang.—1 Bakorintha 10:13.
Mmaba a ka nna a go tlhasela ka go ganetsa dithuto tsa Baebele tse di leng botlhokwa mo tumelong ya gago. Batlhanogi ba ka nna ba dirisa mafoko a a borethe le dikgopolo tse di sokameng go leka go go fekeetsa. Mme gone motlhanogi ga a amege ka wena. Diane 11:9 ya re: “Yo e leng motlhanogi o senya mongwe ka ene ka molomo wa gagwe, mme basiami ba namolwa ka kitso.”
Go tla bo go sa siama go akanya gore o tlhoka go reetsa batlhanogi kana go bala dilo tse ba di kwadileng gore o kgone go ba ganetsa sentle. Dikgopolo tsa bone tse di sokameng, tse di botlhole di ka go ntsha kotsi semoyeng mme di ka leswafatsa tumelo ya gago jaaka ntho e e kekelang ka bonako. (2 Timotheo 2:16, 17) Go na le moo, etsa tsela e Modimo a ikutlwang ka yone ka batlhanogi. Jobe o ne a bua jaana ka Jehofa: “Ga go na motlhanogi ope yo o tla tsenang fa pele ga gagwe.”—Jobe 13:16.
Mmaba a ka nna a leka leano le lengwe le le kileng la atlega go lo gongwe go sele. Fa masole a a mo mogwantong a ka hepisiwa gore a tswe mo moleng go dira boitshwaro jo bo sa siamang, seno se ka baka tlhakatlhakanyo.
Boitlosobodutu jwa lefatshe, jaaka difilimi le mananeo a thelebishene a a nang le boitsholo jo bo sa siamang le mmino o o sa laolesegeng, ke seru se se maatla. Bangwe ba bolela gore ba ka lebelela ditshwantsho tse di bontshang boitsholo jo bo sa siamang kana go bala dibuka tse di bontshang
boitsholo jo bo sa siamang kwantle ga gore di ba tlhotlheletse. Mme mongwe yo neng a tlhola a lebeletse difilimi tse di maswe tsa tlhakanelodikobo o ne a dumela jaana: “Ga o lebale ditshwantsho tseo, fa o akanya ka tsone thata, o batla go dira se o se boneng . . . Filimi e dira gore o ikutlwe o fetwa ke monate mongwe.” A tota go mosola go itsenya mo kotsing ya go tlhaselwa ka tsela eno e e bofitlha?Sebetsa se sengwe se mmaba a se dirisang ke go rata dithoto. Go ka nna thata go lemoga kotsi eno ka gonne rotlhe re tlhoka dithoto. Re tlhoka matlo, dijo le diaparo, e bile ga go phoso go nna le dilo tse dintle. Kotsi e ka nna mo tseleng e motho a lebang dilo tseno ka yone. Madi a ka simolola go nna botlhokwa go feta dilo tsa semoya. Re ka simolola go rata madi. Go molemo go nna re ikgakolola ka dilo tse madi a sa kgoneng go di reka. Madi ke a nakwana fela, fa dikhumo tsa semoya tsone di nnela ruri.—Mathaio 6:19, 20.
Fa masole a kgobegile marapo, go thata gore a fenye. “A o itshupile o kgobegile marapo mo letsatsing la matshwenyego? Maatla a gago a tla tlhaela.” (Diane 24:10) Go ngomoga pelo ke sebetsa se Satane a se dirisang ka katlego. Go apara “tsholofelo ya poloko jaaka tlhoro ya phemelo” go tla go thusa go lwantshana le go ngomoga pelo. (1 Bathesalonika 5:8) Leka go boloka tsholofelo ya gago e nonofile jaaka ya ga Aborahame. Fa Aborahame a ne a kopiwa go ntsha morwawe e bong Isake setlhabelo, ga a ka a okaoka. O ne a dumela gore Modimo o ne a tla diragatsa tsholofetso ya Gagwe ya go segofatsa ditšhaba tsotlhe ka losika lwa gagwe le gore Modimo o ne a ka tsosa Isake mo baswing gore a tle a diragatse tsholofetso eo.—Bahebera 11:17-19.
O se Ka wa Ineela
Bangwe ba ba feditseng nako e telele ba lwa ka bopelokgale ba ka nna ba bo ba lapile mme ka jalo ga ba sa tlhole ba lwa ka matlhagatlhaga ao a pele. Sekai sa ga Uria se se umakilweng mo tshimologong ya setlhogo seno, se ka thusa botlhe ba ba lwang ntwa ya tumelo go nna le pono e e siameng. Bontsi jwa batlhabani mmogo le rona ba Bakeresete ba tshwanetse go itshokela go nna ba se na dilo tse ba di tlhokang letsatsi le letsatsi, ba lebane le dikotsi kana ba tshwanetse go bolawa ke serame le tlala. Fela jaaka Uria, le rona ga re batle go nna re akantse ka dilo tsotlhe tsa manobonobo tse re ka nnang le tsone gone jaanong kana re batla go tshela botshelo jo bo iketlileng. Re batla go nna re le karolo ya mophato wa lefatshe lotlhe wa masole a a ikanyegang a ga Jehofa mme re nna re ntse re lwa go fitlha re bona masego a a itumedisang a a larileng kwa pele.—Bahebera 10:32-34.
Re ka itsenya mo kotsing fa re ka tlogela go nna re disitse, gongwe re akanya gore tlhaselo ya bofelo e sa ntse e le kgakala le go direga. Sekai sa ga Kgosi Dafide se gatelela botlhokwa jwa seno. Ka mabaka mangwe o ne a sa ya le mephato ya 2 Samuele 12:10-14.
gagwe kwa ntweng. Ka ntlha ya seo, Dafide o ne a dira boleo jo bo masisi jo bo neng jwa mmakela botlhoko le masetlapelo mo botshelong jotlhe jwa gagwe.—A go mosola gore o lwe ntwa eno, o lebane le mathata a a leng teng mo tlhabanong, o itshokele go sotliwa le go itima menate mengwe e e belaetsang ya lefatshe? Batho ba ba lwang ntwa eno ka katlego ba dumela gore lefatshe leno le ka lebega le gogela, mme fa o le sekaseka sentle, ga le na mosola ope. (Bafilipi 3:8) Mo godimo ga moo, gantsi motho o felela a utlwile botlhoko e bile a swabile ka ntlha ya go latela menate eo.
Mokeresete yo o mo ntweng eno ya semoya o itumelela go nna le ditsala tsa boammaaruri, segakolodi se se phepa le tsholofelo e e itumedisang. Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya ba lebeletse pele go bona botshelo jwa bosasweng kwa legodimong le Keresete Jesu. (1 Bakorintha 15:54) Bontsi jwa masole a Bakeresete a solofetse go nna le botshelo jo bo itekanetseng mo lefatsheng la paradaise. Ruri motho a ka dira sengwe le sengwe go bona tuelo e e ntseng jalo. Mme go farologana le dintwa tse di lowang mo lefatsheng, re tlhomamiseditswe gore re ka fenya ntwa eno fa fela re nna re ntse re ikanyega. (Bahebera 11:1) Le fa go ntse jalo, se se emetseng tsamaiso eno e e laolwang ke Satane ke gore e fedisiwe gotlhelele.—2 Petere 3:10.
Gakologelwa mafoko ano a ga Jesu fa o ntse o lwa ntwa eno: “Nnang pelokgale! Ke fentse lefatshe.” (Johane 16:33) O ne a fenya ka gonne o ne a nna a disitse e bile a boloka bothokgami fa a lekwa. Le rona re ka kgona go dira jalo.
[Mafoko a a mo go tsebe 27]
Mo ntweng eno, ga go thuntshiwe, ga go na dibomo tse di thunyang, mme ntwa eno e sa ntse e tlhoka gore motho a itse gore a lwe jang
[Mafoko a a mo go tsebe 30]
Re tlhomamiseditswe gore re ka fenya ntwa eno fa fela re nna re ntse re ikanyega
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Tlhoro ya poloko e tla re thusa go fenya go kgobega marapo
Dirisa thebe e kgolo ya tumelo go thibela ‘dibetsa tse di konopiwang tse di fisang’ tsa ga Satane
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
“Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela”
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Re tshwanetse go dumela mo go diragadiweng ga ditsholofetso tsa Modimo