“Wetsa Bodiredi Jwa Gago ka Botlalo”
“Wetsa Bodiredi Jwa Gago ka Botlalo”
“Wetsa bodiredi jwa gago ka botlalo.”—2 TIMOTHEO 4:5.
1, 2. Le fa gone Bakeresete botlhe e le bareri, go lebeletswe eng mo bagolwaneng go ya ka Dikwalo?
A O MMOLEDI wa Bogosi? Fa go le jalo, leboga Jehofa Modimo ka ntlha ya tshiamelo eno e e molemo e a go abetseng yone. A o mogolwane mo phuthegong? Seo ke tshiamelo e nngwe e e oketsegileng e Jehofa a go abetseng yone. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go lebala gore thutego kana go nna setswerere mo puong ga se tsone dilo tse di dirang gore re tshwanelege mo bodireding kana mo go okameleng phuthego. Jehofa ke ene yo o dirang gore re tshwanelege ka botlalo mo bodireding, mme banna bangwe gareng ga rona ba nna le tshiamelo ya go nna balebedi ka go bo ba fitlheletse ditshwanelego tsa Dikwalo.—2 Bakorintha 3:5, 6; 1 Timotheo 3:1-7.
2 Bakeresete botlhe ba ba ineetseng ba dira tiro ya go rera, mme balebedi kana bagolwane ke bone ba segolobogolo ba tshwanetseng go tlhoma sekao se se molemo mo bodireding. Bagolwane “ba ba dirang ka natla mo go bueng le mo go ruteng” ba itumedisa Modimo le Keresete, le Basupi ka bone ba ga Jehofa. (1 Timotheo 5:17; Baefeso 5:23; Bahebera 6:10-12) Mo maemong otlhe, tsela ya mogolwane ya go ruta e tshwanetse ya nonotsha bomoya jwa bareetsi, ka gonne moaposetoloi Paulo o ile a raya Timotheo yo e neng e le molebedi a re: “Go tla nna le lobaka lwa nako lo ba tla se keng ba iteseletse go amogela thuto e e itekanetseng, mme, tumalanong le dikeletso tsa bone, ba tla ikokoanyetsa barutisi gore ditsebe tsa bone di tsikitliwe; mme ba tla faposa ditsebe tsa bone mo boammaaruring, mme bone ba tla faposediwa kwa dipolelong tsa maaka. Mme wena, nna o thantse mo tlhaloganyong mo dilong tsotlhe, boga bosula, dira tiro ya moefangele, wetsa bodiredi jwa gago ka botlalo.”—2 Timotheo 4:3-5.
3. Go tshwanetse ga dirwa eng gore dithuto tsa maaka di se ka tsa senya bomoya jwa phuthego?
3 Molebedi o tshwanetse go tlhomamisa gore dithuto tsa maaka ga di senye bomoya jwa phuthego ka gore a diragatse kgakololo eno ya ga Paulo: “Nna o thantse mo tlhaloganyong, . . . wetsa bodiredi jwa gago ka botlalo.” (2 Timotheo 4:5) Ee, mogolwane o tshwanetse go ‘wetsa bodiredi jwa gagwe ka botlalo.’ Mogolwane yo o dirang bodiredi jwa gagwe ka botlalo o diragatsa maikarabelo otlhe a gagwe sentle, a sa tlhokomologe sepe kana go tlogela sepe se sa dirwa ka botlalo. Monna yo o ntseng jalo o ikanyega le mo dilong tse dinnye.—Luke 12:48; 16:10.
4. Ke eng se se ka re thusang go wetsa bodiredi ka botlalo?
4 Go diragatsa bodiredi jwa rona ka botlalo ga se ka metlha go re tlhokang nako e ntsi, mme gone go re tlhoka gore re dirise nako ya rona sentle. Go nna tekatekano le go nna ka metlha mo bodireding go ka thusa Bakeresete botlhe go diragatsa bodiredi jwa bone ka botlalo. Gore mogolwane a fetse nako e e lekaneng mo tirelong ya tshimo o tshwanetse gore a rulaganye dilo tsa gagwe sentle le go itse gore ke dilo dife tse a ka abelang ba bangwe gore ba mo thuse tsone le gore a ka di ba abela jang. (Bahebera 13:17) Mogolwane yo o tlotlegang le ene o dira seabe sa gagwe fela jaaka Nehemia, yo o neng a nna le seabe mo go ageng dipota tsa Jerusalema sesha. (Nehemia 5:16) Mme gone batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba tshwanetse go nna le seabe ka metlha mo tirong ya go rera ka Bogosi.—1 Bakorintha 9:16-18.
5. Re tshwanetse go ikutlwa jang ka bodiredi?
5 A bo re neilwe tiro e e itumedisang jang ne ya go nna baboledi ba Bogosi jo bo tlhomilweng jwa kwa legodimong! Ruri re anaanela tshiamelo e re nang le yone ya go nna le seabe mo go rereng dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe pele bokhutlo bo tla. (Mathaio 24:14) Le fa gone re sa itekanela, re ka kgothadiwa ke mafoko ano a ga Paulo: “Re na le letlotlo leno [la bodiredi] mo dijaneng tsa letsopa, gore maatla a a fetang a a tlwaelegileng e nne a Modimo mme e seng a a tswang mo go rona.” (2 Bakorintha 4:7) Ee, re ka kgona go dira tirelo e e amogelegang—mme e le fela ka thuso ya maatla le botlhale tse re di newang ke Modimo.—1 Bakorintha 1:26-31.
Go Bonatsa Kgalalelo ya Modimo
6. Go ne ga nna le pharologano efe gareng ga Iseraele wa tlholego le Iseraele wa semoya?
6 Fa Paulo a ne a bua ka Bakeresete ba ba tloditsweng o ne a re Modimo o “[dirile] gore re tshwanelege sentle go nna badiredi ba kgolagano e ntšha.” Moaposetoloi o bontsha pharologano e e leng teng gareng ga kgolagano e ntšha e e dirilweng le Iseraele wa semoya ka Jesu Keresete le kgolagano ya Molao e e dirilweng le Iseraele wa tlholego ka Moshe. Paulo o oketsa ka gore fa Moshe a ne a fologa Thaba ya Sinai a tshotse matlapana a a kwadilweng Melao e e Lesome, sefatlhego sa gagwe se ne se galalela thata jaana mo Baiseraele ba neng ba sa kgone go mo leba. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, go ne ga direga sengwe se se masisi le go feta ka gonne “maatla a bone a mogopolo a ne a kgwaraladitswe” le dipelo tsa bone di khurumeditswe ke lesire. Mme fa motho a retologela kwa go Jehofa ka go ineela mo go ene ka pelo yotlhe, lesire leo le a tlosiwa. Go tswa foo fa Paulo a bua ka bodiredi jo bo abetsweng ba ba mo kgolaganong e ntšha, a re: “Rona rotlhe, . . . ka difatlhego tse di sirolotsweng re bonatsa jaaka diipone kgalalelo ya ga Jehofa.” (2 Bakorintha 3:6-8, 14-18; Ekesodo 34:29-35) Gompieno “dinku tse dingwe” tsa ga Jesu le tsone di na le tshiamelo ya go bonatsa kgalalelo ya ga Jehofa.—Johane 10:16.
7. Batho ba ka bonatsa kgalalelo ya Modimo jang?
7 Batho ba ba nang le tshekamelo ya go dira boleo ba ka kgona jang go bonatsa kgalalelo ya Modimo, e re ka go se na motho ope yo o ka bonang sefatlhego sa gagwe mme a tshele? (Ekesodo 33:20) Re tshwanetse go lemoga gore, mo godimo ga gore Jehofa o na le kgalalelo, gape go na le boikaelelo jo bo botlhokwa jwa gore Bogosi jwa gagwe bo tshwanetse go tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe. Boammaaruri jo bo kaga Bogosi jono ke karolo ya “dilo tse dikgolo tsa Modimo” tse di neng tsa simolola go bolelwa ke batho ba ba neng ba tlodiwa ka moya o o boitshepo ka Pentekosete ya 33 C.E. (Ditiro 2:11) Ba ne ba kgona go diragatsa bodiredi jwa bone ka botlalo ka gonne ba ne ba kaelwa ke moya.—Ditiro 1:8.
8. Paulo o ne a ititeile sehuba go dira eng malebana le bodiredi?
8 Paulo o ne a ititeile sehuba go se letle sepe se mo kgoreletsa go diragatsa bodiredi jwa gagwe ka botlalo. O ne a kwala jaana: “E re ka re na le bodiredi jono go ya ka kutlwelobotlhoko e re neng ra e bontshiwa; mme re baketse dilo tsa boferefere tse di tshwanetseng go re tlhabisa ditlhong, re sa tsamaye ka tsietso, le fa e le go kgotlela lefoko la Modimo, mme ka go dira gore boammaaruri bo bonatshege re itshupa re tshwanelega mo segakoloding sengwe le sengwe sa motho mo ponong ya Modimo.” (2 Bakorintha 4:1, 2) Boammaaruri bo a bonatshega le lesedi la semoya le a anamisiwa ka se Paulo a se bitsang “bodiredi jono.”
9, 10. Re ka kgona go bonatsa kgalalelo ya ga Jehofa jang?
9 Paulo o kwala jaana malebana le Motswedi wa lesedi la mmatota le la semoya: “Modimo ke ene yo o neng a re: ‘A lesedi le phatsime mo lefifing,’ 2 Bakorintha 4:6; Genesise 1:2-5) E re ka re neilwe tshiamelo e e seng kana ka sepe ya go nna badiredi ba Modimo, a re ipolokeng re le phepa gore jaaka diipone re bonatse kgalalelo ya ga Jehofa.
mme o phatsimile mo dipelong tsa rona go di bonesa ka kitso e e galalelang ya Modimo ka sefatlhego sa ga Keresete.” (10 Batho ba ba leng mo lefifing la semoya ga ba kgone go bona kgalalelo ya ga Jehofa kana phatsimo ya yone go tswa mo go Jesu Keresete, Moshe yo Mogolwane. Mme rona batlhanka ba ga Jehofa, re bona lesedi leo le le galalelang mo Dikwalong mme re le phatsimisetsa batho ba bangwe. Batho bao ba ba leng mo lefifing la semoya ba tlhoka lesedi la Modimo gore ba kgone go falola tshenyego. Ka gone, a ka boipelo le tlhagafalo e kgolo re ikobele taelo ya Modimo ya gore re galaletse Jehofa ka go phatsimisa lesedi la gagwe mo lefifing.
A Lesedi la Gago le Phatsime mo Dithutong Tsa Magae Tsa Baebele
11. Jesu o ile a reng malebana le go phatsimisa lesedi la rona, mme tsela nngwe ya go dira jalo mo bodireding jwa rona ke efe?
11 Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Lo lesedi la lefatshe. Motse ga o ka ke wa fitlhega fa o tlhomilwe mo godimo ga thaba. Batho ba tshuba lobone ba bo ba lo tlhoma, e seng kafa tlase ga seroto se se lekanyang, mme mo godimo ga setlhomo sa lobone, mme lo phatsimela botlhe ba ba mo ntlong. Ka tsela e e tshwanang a lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho, gore ba tle ba bone ditiro tsa lona tse di molemo mme ba neye Rraalona yo o kwa magodimong kgalalelo.” (Mathaio 5:14-16) Boitshwaro jwa rona jo bo molemo bo ka dira gore batho ba bangwe ba galaletse Modimo. (1 Petere 2:12) Mme dikarolo tse di farologaneng tsa tiro ya rona ya go rera di re naya ditshono di le dintsi tsa go phatsimisa lesedi la rona. Bongwe jwa maikaelelo a magolo a rona ke go bonatsa lesedi la semoya go tswa mo Lefokong la Modimo ka go tshwara dithuto tsa Baebele tse di nang le matswela. Eno ke tsela e e botlhokwa thata ya go wetsa bodiredi jwa rona ka botlalo. Ke dikakantsho dife tse di ka re thusang go tshwara dithuto tsa Baebele tse di amang dipelo tsa batho ba ba batlang boammaaruri?
12. Thapelo e amana jang le tiro ya go tshwara dithuto tsa magae tsa Baebele?
12 Go rapelela kgang eno mo go Jehofa go bontsha gore re na le keletso e kgolo ya go tshwara dithuto tsa Baebele. Gape go bontsha gore re lemoga botlhokwa jwa go thusa batho ba bangwe go nna le kitso ya Modimo. (Esekiele 33:7-9) Ruri Jehofa o tla araba dithapelo tsa rona le go segofatsa maiteko a re a dirang ka tlhoafalo mo bodireding. (1 Johane 5:14, 15) Mme gone, ga re rapelele fela gore re bone mongwe yo re ka mo tshwarelang thuto ya legae ya Baebele. Fa re sena go nna le thuto, go rapelela motho yo re ithutang Baebele le ene le go tlhatlhanya ka dilo tse di rileng tse a di tlhokang go tla re thusa gore nako le nako fa re tla go tshwara thuto re e tshware ka tsela e e nang le matswela.—Baroma 12:12.
13. Ke eng se se ka re thusang go tshwara dithuto tsa magae tsa Baebele tse di nang le matswela?
13 Gore re tshware thuto ya legae ya Baebele e e nang le matswela re tshwanetse go e ipaakanyetsa sentle nako le nako fa re ya go e tshwara. Fa re ikutlwa re sa tshwanelege ka tsela nngwe, go ka nna ga thusa thata fa re tsaya malebela mo molebeding wa Thuto ya Buka ya Phuthego re leba kafa a tshwarang thuto ya beke le beke ka teng. Ka dinako dingwe re ka nna ra tsamaya le baboledi ba Bogosi ba ba ileng ba nna le matswela a a molemo mo dithutong tsa magae tsa Baebele. Ke boammaaruri gore, re tshwanetse go tsaya malebela segolobogolo mo mekgweng ya go ruta ya ga Jesu Keresete.
14. Re ka ama jang pelo ya motho yo re ithutang Baebele le ene?
14 Jesu o ne a itumelela go dira thato ya ga Rraagwe wa kwa legodimong le go bua le batho ba bangwe ka Modimo. (Pesalema 40:8) O ne a le bonolo mme o ne a kgona go ama dipelo tsa bareetsi ba gagwe. (Mathaio 11:28-30) Ka gone, a re lweleng go ama dipelo tsa batho ba re ithutang Baebele le bone. Gore re dire jalo, re tshwanetse go baakanyetsa thuto nngwe le nngwe re akantse ka maemo a a rileng a motho yo re ithutang le ene. Ka sekai, fa a tswa mo setsong se se sa tlwaelanang le Baebele, re ka nna ra tshwanelwa ke go mo tlhatswa pelo ka mabaka gore Baebele e boammaaruri. Fa go le jalo, ga go pelaelo gore re tla tshwanelwa ke go bala dikwalo di le dintsi le go di tlhalosa.
Thusa Diithuti go Tlhaloganya Dipapiso
15, 16. (a) Re ka thusa jang motho yo re ithutang le ene gore a tlhaloganye papiso nngwe e e dirisitsweng mo Baebeleng? (b) Re ka dira eng fa nngwe ya dikgatiso tsa rona e dirisa papiso e go leng thata gore motho yo re ithutang Baebele le ene a e tlhaloganye?
15 Motho yo o ithutang Baebele le ene a ka nna a bo a sa tlwaelana le papiso nngwe e e dirisiwang mo Dikwalong. Ka sekai, a ka nna a se ka a tlhaloganya gore Jesu o ne a kaya eng fa a ne a bua ka go baya lobone mo setlhomong. (Mareko 4:21, 22) Jesu o ne a bua ka lobone lwa bogologolo lwa lookwane lo lo neng lo bonesa ka mogala o o tukang. Lobone lo lo ntseng jalo lo ne lo bewa mo setlhomong se se kgethegileng mme lo ne lo ka bonesa phaposi yotlhe mo ntlong. O ka nna wa tshwanelwa ke go dira dipatlisiso ka setlhogo sa “Lamp” [Lobone] le “Lampstad” [Setlhomo] mo bukeng ya Insight on the Scriptures gore o mo thuse go tlhaloganya papiso eno ya ga Jesu. * Mme a bo go le molemo jang ne go tlela motho yo o ithutang le ene tlhaloso e e tlhaloganyegang sentle fa o tla go mo tshwarela thuto!
16 Kgatiso ya Baebele e ka dirisa papiso e go leng thata gore motho yo o ithutang le ene a e tlhaloganye. Iphe nako ya go e tlhalosa, kgotsa o dirise e nngwe go tlhalosa ntlha e e tshwanang. Gongwe kgatiso e gatelela gore molekane yo o molemo le tirisanommogo e e molemo di botlhokwa mo lenyalong. Go tshwantsha seno, go ka nna ga buiwa ka monna yo o ikakgang mo sekomporomaeng, a bo a itlogelela a ikaegile ka yo mongwe gore o tla mo tshwara. O ka nna wa dirisa setshwantsho se sengwe go gatelela botlhokwa jwa go nna le molekane yo o molemo le go nna le tirisanommogo e e molemo ka go bua ka badiri ba ba dirisanang mmogo ka go tshwarisana mabokose fa ba a pagolola mo lloring.
17. Re ka ithuta eng mo go Jesu malebana le ditshwantsho?
17 Go dirisa papiso e nngwe mo boemong jwa e e dirisitsweng go ka go tlhoka gore o baakanyetse go sa le gale. Mme go dira jalo ke tsela ya go bontsha gore re kgatlhegela motho yo re ithutang Baebele le ene. Jesu o ne a dirisa dipapiso tse di motlhofo go tlhalosa dikgang tse di thata. Thero ya gagwe ya kwa Thabeng e re naya dikai tsa dipapiso tseno mme Baebele e bontsha gore mokgwa wa gagwe wa go ruta o ne o tlhotlheletsa bareetsi ba gagwe ka tsela e e molemo. (Mathaio 5:1–7:29) Jesu o ne a le pelotelele go tlhalosetsa batho dilo ka gonne a ba kgatlhegela.—Mathaio 16:5-12.
18. Go akantshiwa eng malebana le dikwalo tse di tlhagang mo dikgatisong tsa rona?
18 Tsela e re kgatlhegelang batho ba bangwe ka yone e tla re tlhotlheletsa go “ba bontsha mabaka go tswa mo Dikwalong.” (Ditiro 17:2, 3) Seno se re tlhoka gore re ithute ka tlhoafalo ka go rapela le gore dikgatiso tse re di newang ke “molebedi yo o boikanyego” re di dirise ka tsela e e molemo. (Luke 12:42-44) Ka sekai, buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng e nopola dikwalo di le dintsi. * Ka ntlha ya bonnye jwa buka eno, dikwalo tse dingwe di umakilwe fela. Ka nako ya fa o tshwere thuto ya Baebele, go botlhokwa gore o bale dikwalo tseno tse di umakilweng fela le go di tlhalosa. Kana e bile, thuto ya rona e ikaegile ka Lefoko la Modimo, mme le na le maatla a magolo. (Bahebera 4:12) Umaka Baebele mo thutong yotlhe, o tla o dirisa dikwalo tse di mo dirapeng. Thusa motho yo o ithutang le ene go lemoga se Baebele e se buang ka kgang kana kgato e e rileng. Leka go mmontsha gore o tla solegelwa molemo go le kana kang ke go ikobela Modimo.—Isaia 48:17, 18.
Botsa Dipotso Tse di Dirang Gore Motho a Akanye
19, 20. (a) Ke eng fa go le botlhokwa go dirisa dipotso tse di fatang maikutlo fa o tshwere thuto ya legae ya Baebele? (b) O ka dira eng fa kgang nngwe e tlhoka gore e sekasekiwe go ya pele?
19 Tsela e e molemo e Jesu a neng a dirisa dipotso ka yone e ne e thusa batho gore ba akanye. (Mathaio 17:24-27) Fa re botsa motho yo re ithutang le ene dipotso tse di mo fatang maikutlo tse di sa direng gore a ikutlwe a tlhabiwa ke ditlhong, dikarabo tsa gagwe di ka senola se a se akanyang ka kgang nngwe. Re ka nna ra fitlhela gore o sa ntse a na le megopolo mengwe e e sa dumalaneng le dikwalo. Ka sekai, a ka tswa a dumela mo thutong ya Tharonngwe. Mo go kgaolo 3 ya buka ya Kitso, go tlhalosiwa gore lefoko “Tharonngwe” ga le yo mo Baebeleng. Buka eno e umaka le go nopola dikwalo tse di bontshang gore Jehofa o farologane le Jesu le gore moya o o boitshepo ga se motho, ke maatla a Modimo a a dirang. Go bala le go tlhalosa ditemana tseno tsa Baebele go ka nna ga bo go lekane. Mme go tweng fa e le gore go sa ntse go tlhokega sengwe se se fetang seo? Gongwe morago ga thuto ya ka metlha mo lekgetlong le le latelang lo ka ipha nako ya go nna le motlotlo o o molemo ka kgang eno go ya kafa e tlhalosiwang ka teng mo kgatisong e nngwe ya Basupi ba ga Jehofa, e e jaaka boroutšhara jwa A o Tshwanetse go Dumela Tharonngwe? Go tswa foo lo ka tswelela ka thuto lo dirisa buka ya Kitso.
20 A re re gongwe motho yo o ithutang le ene o araba potso e o mmotsang yone ka tsela e e go gakgamatsang kgotsa le e leng go go swabisa. Fa e le gore kgang eo e akaretsa go goga motsoko kana sengwe se se masisi, o ka nna wa akantsha gore lo tswelele ka thuto mme lo tlotle ka kgang eo nako nngwe. Go itse gore motho yo o ithutang le ene o sa ntse a goga go ka go thusa gore o senke tshedimosetso e e gatisitsweng mo dikgatisong tsa rona e e ka mo thusang go gatela pele semoyeng. Fa o ntse o leka go ama pelo ya motho yo o ithutang le ene, o ka rapela Jehofa gore a mo thuse go gola semoyeng.
21. Go ka direga eng fa re dira gore mekgwa ya rona ya go ruta e tshwanele dilo tse di rileng tse motho yo re ithutang Baebele le ene a di tlhokang?
21 Ga go pelaelo gore fa re baakanyetsa sentle le ka thuso ya ga Jehofa, re ka kgona go dira gore mekgwa ya rona ya go ruta e tshwanele dilo tse di rileng tse motho yo re ithutang Baebele le ene a di tlhokang. Fa nako e ntse e ya, re ka kgona go mo thusa gore a simolole go rata Modimo ka lorato lo logolo. Gape re ka kgona go mo thusa go tlotla phuthego ya ga Jehofa thata le go e anaanela. Mme a bo go itumedisa jang ne fa motho yo re ithutang Baebele le ene a simolola go lemoga gore ‘ruri Modimo o mo gare ga rona’! (1 Bakorintha 14:24, 25) Ka gone, a re tshwareng dithuto tsa Baebele tse di nang le matswela mme re dire sotlhe se re ka se kgonang go thusa batho ba bangwe go nna barutwa ba ga Jesu.
Letlotlo le re Tshwanetseng go le Anaanela
22, 23. Go tlhokega eng gore re kgone go wetsa bodiredi jwa rona ka botlalo?
22 Re tshwanetse go ikaega ka nonofo e re e newang ke Modimo gore re kgone go wetsa bodiredi jwa rona ka botlalo. Paulo o ne a kwalela Bakeresete ka ene ba ba tloditsweng jaana fa a ne a bua ka bodiredi: “Re na le letlotlo leno mo dijaneng tsa letsopa, gore maatla a a fetang a a tlwaelegileng e nne a Modimo mme e seng a a tswang mo go rona.”—2 Bakorintha 4:7.
23 E ka ne re ba setlhopha sa batlodiwa kana re ba “dinku tse dingwe,” re tshwana le dijana tsa letsopa tse go leng motlhofo gore di thubege. (Johane 10:16) Le fa go ntse jalo, Jehofa a ka re naya nonofo e re e tlhokang gore re diragatse dikabelo tsa rona go sa kgathalasege dikgatelelo tse re lebanang le tsone. (Johane 16:13; Bafilipi 4:13) Ka gone, a re ikanyeng Jehofa ka botlalo, re anaanele tirelo ya rona e e tshwanang le letlotlo, mme re wetse bodiredi jwa rona ka botlalo.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 15 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.
^ ser. 18 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.
O ne O ka Araba Jang?
• Bagolwane ba ka dira eng go wetsa bodiredi jwa bone ka botlalo?
• Re ka dira jang gore dithuto tsa rona tsa magae tsa Baebele di nne le matswela a magolwane?
• O ne o ka dira eng fa motho yo o ithutang Baebele le ene a sa tlhaloganye papiso nngwe kana a tlhoka tshedimosetso e e oketsegileng ka kgang nngwe?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Bagolwane ba Bakeresete ba ruta mo phuthegong e bile ba thusa go thapisa badumedi ka bone mo bodireding
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Go tshwara dithuto tsa magae tsa Baebele tse di nang le matswela ke tsela nngwe e re phatsimisang lesedi la rona ka yone