“Modimo wa Boammaaruri le Botshelo Jo bo Sa Khutleng” ke Mang?
“Modimo wa Boammaaruri le Botshelo Jo bo Sa Khutleng” ke Mang?
JEHOFA, Rraagwe Morena wa rona Jesu Keresete, ke Modimo wa boammaaruri. Ke Mmopi, ene yo o nayang ba ba mo ratang botshelo jo bo sa khutleng. Batho ba bantsi ba ba balang Baebele le ba ba dumelang mo go yone ba araba jalo potso e e boditsweng mo setlhogong se se fa godimo. Ee, Jesu ka boene o ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”—Johane 17:3.
Le fa go ntse jalo, batho ba bantsi ba ba tsenang kereke ba tlhaloganya mafoko ao ka tsela e sele. Mafoko a a mo setlhogong a tswa mo go 1 Johane 5:20, e karolo ya yone e reng: “Re seoposengwe le wa boammaaruri, ka Morwawe Jesu Keresete. Yono ke Modimo wa boammaaruri le botshelo jo bo sa khutleng.”
Batho ba ba dumelang thuto ya Tharonngwe ba re leemedi la letlhalosi e leng “yono” (houʹtos) le kaya motho yo o umakilweng la bofelo pele ga lone, e bong Jesu Keresete. Ba gatelela gore Jesu ke “Modimo wa boammaaruri le botshelo jo bo sa khutleng.” Le fa go ntse jalo, tlhaloso eo ga e dumalane le Dikwalo tse dingwe tsotlhe. Mme bakanoki ba bantsi ba ba ikanngwang ga ba dumalane le kgopolo eno ya Tharonngwe. Mokanoki wa Cambridge University e bong B. F. Westcott o ne a kwala jaana: “Motho yo go bonalang sentle gore go buiwa ka ene [yo leemedi leno houʹtos] le lebisitseng kwa go ene ga se motho yo o umakilweng la bofelo pele ga lone, mme ke motho yo moaposetoloi a neng a akantse thata ka ene.” Ka jalo, moaposetoloi Johane o ne a akantse ka Rraagwe Jesu. Moithutabodumedi wa Mojeremane Erich Haupt o ne a kwala jaana: “Go tshwanetse ga sekasekwa gore a leemedi [houʹtos] le le umakiwang moragonyana le kaya motho yo go builweng ka ene la bofelo pele ga lone . . . kgotsa motho yo o umakilweng pelenyana e bong Modimo. . . . E re ka mafoko a a tlang pelenyana ga foo e le tlhagiso ya bofelo kgatlhanong le kobamelo ya medingwana, go a utlwala gore mafoko a a latelang e nne a a supelang gore go na le Modimo a le mongwe, e seng a a supang gore Keresete ke Modimo.”
Le buka ya A Grammatical Analysis of the Greek New Testament, e e kwadilweng ke Pontifical Biblical Institute kwa Roma, kwa Italy ya re: [Houʹtos]: e re ka kgang eno e konela [temana] 18-20 leemedi leno le tshwanetse la bo le lebisitse kwa Modimong wa mmatota, wa boammaaruri, yo o farologaneng le medimo ya boheitane (temana 21).”
Gantsi houʹtos, e e ranolwang ka gore “seno” kgotsa “yono” ga e kaye sengwe kgotsa mongwe yo go builweng ka ene la bofelo pele ga yone. Ditemana tse dingwe di tlhalosa ntlha eo. Mo go 2 Johane 7, ene moaposetoloi yoo yo e leng ene a kwadileng lekwalo la ntlha o ne a kwala jaana: “Batsietsi ba le bantsi ba tswetse mo lefatsheng, batho ba ba sa boleleng fa ba dumela gore Jesu Keresete o tla a le mo nameng. Yono [houʹtosʹ] ke motsietsi le moganetsakeresete.” Fano leemedi le ka se ka la bo le lebisitse go motho yo go sa tswang go buiwa ka ene e bong Jesu. Kwantle ga pelaelo “yono” o raya ba ba ileng ba itatola Jesu. Botlhe ba bidiwa “motsietsi le moganetsakeresete.”
Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana mo Efangeleng ya gagwe: “Anderea morwarraagwe Simone Petere e ne e le mongwe wa ba babedi ba ba neng ba utlwa se Johane a neng a se bua mme ba sala Jesu morago. Sa ntlha yono [houʹtos] a bona morwarraagwe, e bong Simone.” (Johane 1:40, 41) Go bonala sentle gore leemedi “yono” ga le a lebisa mo mothong yo o umakilweng la bofelo, mme le lebisitse mo go Anderea. Mo go 1 Johane 2:22 moaposetoloi o dirisa leemedi lone leo ka tsela e e tshwanang.
Luke o dirisa leemedi leo ka tsela e e tshwanang jaaka re bona mo go Ditiro 4:10, 11: “Mo leineng la ga Jesu Keresete Monasaretha, yo lo neng lwa mmapola mme yo Modimo a neng a mo tsosa mo baswing, ke ka yono go bo monna yono a eme fano fa pele ga lona a itekanetse sentle. Leno [houʹtos] ke ‘leje le le neng la tshwarwa ke lona baagi jaaka le e seng la sepe le jaanong le leng tlhogo ya sekhutlo.’” Leemedi “leno” ga le reye motho yo o fodisitsweng, le fa e le ene a umakiwang pele ga houʹtos. Kwantle ga pelaelo leemedi “leno” mo go temana 11 le raya Jesu Keresete wa Monasaretha, yo e leng “leje la sekhutlo” le phuthego ya Bokeresete e theilweng mo go lone.—Baefeso 2:20; 1 Petere 2:4-8.
Ditemana tse di tshwanang le tseno di tlhomamisa se se neng sa lemogiwa ke mokanoki wa Mogerika Daniel Wallace, yo o bolelang gore fa go dirisiwa maemedi a matlhalosi a Segerika “motho yo o umakiwang la bofelo pele ga leemedi leno e ka tswa e se ene yo mokwadi a mo akantseng.”
“Wa Boammaaruri”
Jaaka moaposetoloi Johane a ne a kwala, “wa boammaaruri” ke Jehofa, Rraagwe Jesu Keresete. Ke ene Modimo yo o esi wa boammaaruri, Mmopi. Moaposetoloi Paulo o ne a dumela jaana: “Mo go rona go na le Modimo a le mongwe e bong Rara, yo dilo tsotlhe di tswang mo go ene.” (1 Bakorintha 8:6; Isaia 42:8) Lebaka le lengwe la go bo Jehofa e le “wa boammaaruri” le le tlhalosiwang mo go 1 Johane 5:20 ke gore ke Motswedi wa boammaaruri. Mopesalema o ne a bitsa Jehofa “Modimo wa boammaaruri” ka gonne o a ikanyega mo go sengwe le sengwe se a se dirang e bile a ka se bue maaka. (Pesalema 31:5; Ekesodo 34:6; Tito 1:2) Morwa o ne a bua jaana fa a ne a bua ka Rraagwe yo o kwa legodimong: “Lefoko la gago ke boammaaruri.” Mme Jesu o ne a bua jaana malebana le thuto ya gagwe: “Se ke se rutang ga se sa me, mme ke sa yo o nthomileng.”—Johane 7:16; 17:17.
Gape Jehofa ke “botshelo jo bo sa khutleng.” Ke Motswedi wa botshelo, yo o bo re nayang e le mpho e e sa re tshwanelang ka Keresete. (Pesalema 36:9; Baroma 6:23) Ka gone, moaposetoloi Paulo o ne a re Modimo ke “moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” (Bahebera 11:6) Modimo o ne a duela Morwawe ka go mo tsosa mo baswing, mme Rara o tla naya ba ba mo direlang ka pelo yotlhe tuelo ya botshelo jo bo sa khutleng.—Ditiro 26:23; 2 Bakorintha 1:9.
Re swetsa ka go reng? Ka gore Jehofa, mme e seng ope o sele, ke ene “Modimo wa boammaaruri le botshelo jo bo sa khutleng.” Ke ene fela a tshwanelwang ke go newa kobamelo e e feletseng ke ba a ba bopileng.—Tshenolo 4:11.