Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Saense le Baebele—A Ruri di a Ganetsana?

Saense le Baebele—A Ruri di a Ganetsana?

Saense le Baebele—A Ruri di a Ganetsana?

DILO tse di neng tsa baka kgotlhang magareng ga Galileo le Kereke ya Katoliki e sa le di simologa makgolo a dingwaga pele Copernicus le Galileo ba tsholwa. Kgopolo ya gore dinaledi le dipolanete tsotlhe di tsamaya go dikologa lefatshe e ne ya amogelwa ke Bagerika ba bogologolo mme mofilosofi Aristotle (384-322 B.C.E.) le Ptolemy (wa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E.) yo e leng moithutadinaledi e bile e le molepadinaledi, ke bone ba ba neng ba dira gore kgopolo eno e tume. *

Selo se se neng sa tlhotlheletsa Aristotle go nna le kgopolo eno ka lobopo ke dikakanyo tsa ga Pythagoras (wa lekgolo la borataro la dingwaga B.C.E.) yo e leng moitsedipalo le mofilosofi wa Mogerika. Aristotle o ne a simolola go latela kgopolo ya ga Pythagoras ya gore sebopego se se kgolokwe le se se potokwe ke dipopego tse di sa fetogeng le fa o ka tswa o di leba go tswa ntlheng efe, mme seno se ne sa dira gore a dumele gore magodimo a tshwana le bokafagare jwa eiye ka dikarolo tse di kgolokwe tse di matlhatlhaganyane, e nngwe mo godimo ga e nngwe. Karolo nngwe le nngwe e ne e dirilwe ka kirisetale, mme lefatshe le le fa gare. Dinaledi di ne di tsamaya di dikologa, di tsamaisiwa ke maatla mangwe a a kwa ntlentle ga kgolokwe eno, a e seng a motho. Gape Aristotle o ne a dumela gore letsatsi le masedi a mangwe a tlholego ga a senyege, ga a na dipatso e bile ga a fetoge.

Kgopolo ya ga Aristotle e ne e le ya filosofi, mme e ne e se ya saense. O ne a akanya gore go ne go se kitla go utlwala go dumela gore lefatshe ga le a nna felo go le gongwe fela. Gape o ne a dumela gore go ne go se na se go tweng ke karolo e e lolea mo dipopong tse di farologaneng tsa lobopo, a re fa go ne go le jalo lefatshe le ne le tla tsamaya le gotlhana le dilo e bile le ne le tla ema fa go se na maatla a a le tsamaisang. Batho ba le bantsi ba ne ba amogela kgopolo eno ya ga Aristotle ka dingwaga di ka nna 2 000 ka gonne go ne go lebega e utlwala go ya ka kitso ya saense ya nako eo. Tota le mo lekgolong la bo16 la dingwaga, mofilosofi mongwe wa Mofora e bong Jean Bodin o ne a bua ka kgopolo eo e e neng e dumelwa ke batho ba le bantsi, a re: “Ga go na motho ope yo o akanyang sentle, kgotsa yo o nang le kitsonyana ya fisikisi, yo o ka akanyang gore lefatshe, le le bokete le le le sa kgoneng go tshwarega . . . , le dikologa . . . mo aseng ya lone e bile le tsamaya go dikologa letsatsi; ka gonne fa lefatshe le ne le ka tshikinyega go le gonnye fela re ne re tla bona ditoropo le dikago tse di goletseng kwa godimo le dithaba di wa.”

Kereke e Amogela Thuto ya ga Aristotle

Kgang e nngwe gape e e neng ya dira gore Galileo a ganetsane le kereke e ile ya simologa mo lekgolong la bo13 la dingwaga mme e ne e akaretsa moeteledipele mongwe wa Mokatoliki e bong Thomas Aquinas (1225-74). Aquinas o ne a tlotla Aristotle thata, mme o ne a mmitsa Ramatlhale. Aquinas o ne a fetsa dingwaga tse tlhano a leka ka natla go tswakanya filosofi ya ga Aristotle le thuto ya kereke. Wade Rowland, mo bukeng ya gagwe ya Galileo’s Mistake, o bolela gore ka motlha wa ga Galileo, “kgopolo ya ga Aristotle e e neng e tswakantswe le thuto ya bodumedi ya ga Aquinas e ne ya nna thuto ya konokono ya Kereke ya Roma.” Gape se lebale gore mo metlheng eo go ne go se na baitsesaense ba ba ikemetseng. Thuto e ne e laolwa thata ke kereke. Gantsi kereke e ne e le yone fela e e laolang bodumedi le saense.

Maemo ano ke one a a neng a dira gore Galileo a ganetsane le kereke. Tota le pele ga Galileo a ithuta ka dinaledi, o ne a setse a kwadile setlhogo sengwe se se tlotlang ka ntlha eno ya gore fa e le letsatsi le lefatshe tota ke eng se se tsamayang. Mo setlhogong seno o ne a bontsha go belaela dilo di le dintsi tse di neng tsa fopholediwa ke Aristotle yo o neng a tlotlwa thata. Le fa go ntse jalo, Galileo o ne a sekisiwa ke Kgotlatshekelo e e Lwantshang Bokgelogi ka 1633, ka ntlha ya gore o ne a tshegetsa ka bopelokgale kgopolo ya gore dinaledi le dipolanete tsotlhe di tsamaya go dikologa letsatsi e bile a bua gore kgopolo eno e dumalana le Dikwalo.

Fa Galileo a ne a ipuelela, o ne a tlhalosa kafa a nang le tumelo e e nonofileng ka teng mo Baebeleng, a re o e tsaya e le Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. Gape o ne a tlhalosa gore Dikwalo di ne di kwaletswe batho fela ba maemo a a kwa tlase, mme ditemana tsa Baebele tse di ka tswang di utlwala e kete di kaya gore letsatsi le a tsamaya di ne di sa tshwanela go tlhalosiwa jaaka di ntse. Ditlhaloso tsa gagwe di ne di sa thuse sepe. E re ka Galileo a ne a sa dumalane le tsela e e theilweng mo filosofing ya Segerika e Dikwalo di neng di tlhalosiwa ka yone, o ne a bonwa molato! Kereke ya Katoliki e ne ya dumela semolao ka 1992 gore e ne e dirile phoso ka go atlhola Galileo.

Se re Ka se Ithutang

Re ka ithuta eng mo ditiragalong tseno? Sengwe se re se ithutang ke gore Galileo o ne a sa belaele Baebele. Go na le moo, o ne a belaela dithuto tsa kereke. Mokwadi mongwe wa dilo tsa bodumedi o ne a re: “Go lebega se re se ithutang mo go Galileo e se gore Kereke e ne e ngaparetse dithuto tsa Baebele mme re ithuta gore e ne e sa di ngaparela thata.” Kereke e ne ya latela ngwao ya batho go na le go latela dithuto tsa Baebele ka go dumelela gore thuto ya yone ya bodumedi e tlhotlhelediwe ke filosofi ya Segerika.

Dilo tseno tsotlhe di re gopotsa tlhagiso eno e e mo Baebeleng: “Disang: gongwe go ka tswa go na le mongwe yo o tla lo tsayang jaaka ba a ba tsomileng a dirisa botlhajana le tsietso e e lolea go ya ka ngwao ya batho, go ya ka dilo tsa tshimologo tsa lefatshe mme e seng go ya ka Keresete.”—Bakolosa 2:8.

Tota le gompieno, ditumelo di le dintsi tse di ipitsang tsa Bokeresete di ntse di amogela dikgopolo le difilosofi tse di sa dumalaneng le Baebele. Sekai sengwe sa seno ke kgopolo ya ga Darwin ya gore dilo di itlhagetse fela, e e ileng ya amogelwa mo boemong jwa pego ya Genesise ya popo. Ka go amogela kgopolo eno, totatota dikereke di ile tsa dira gore gompieno kgopolo ya ga Darwin e amogelwe fela jaaka kgopolo ya ga Aristotle e ne e amogelwa, mme thutotlhagelelo e setse e le thuto ya konokono e e dumelwang ya bodumedi. *

Saense ya Mmatota e Dumalana le Baebele

Dintlha tse di builweng fa godimo ga di a tshwanela go dira gore re se ka ra kgatlhegela saense. Tota e bile Baebele ka boyone e re kgothaletsa go ithuta mo popong ya Modimo le go lemoga dinonofo tse di gakgamatsang tsa Modimo mo go se re se bonang. (Isaia 40:26; Baroma 1:20) Gone mme, Baebele ga se buka e e rutang saense. Go na le moo, e re ruta melao ya Modimo, botho jwa gagwe jo popo ka boyone fela e ka se kang ya bo re ruta, e bile e re ruta le ka boikaelelo jwa gagwe ka batho. (Pesalema 19:7-11; 2 Timotheo 3:16) Mme fa Baebele e bua ka dilo tsa tlholego, ka metlha e a bo e nepile. Galileo ka boene o ne a re: “Dikwalo tse di Boitshepo le dilo tsa tlholego di nnile gone ka taelo ya Modimo . . . Dikwalo tseno tse di Boitshepo le dilo tsa tlholego le ka motlha di ka se ganetsane.” Akanya ka dikai tse di latelang.

Sengwe se se botlhokwa go feta kgang ya motsamao wa dinaledi le dipolanete ke gore sengwe le sengwe mo lobopong se laolwa ke melao, jaaka molao wa maatlakgogedi. Motho wa ntlhantlha go bua ka melao ya tlholego kwa ntle ga mo Baebeleng e ne e le Pythagoras, yo o neng a dumela gore lobopo lo ka tlhalosiwa ka dipalo. Dingwaga di le 2 000 morago ga moo, Galileo, Kepler le Newton, kgabagare ba ne ba bontsha gore dilo tse di mo lobopong di laolwa ke melao e e utlwalang.

Baebele e umaka molao wa tlholego lantlhantlha mo bukeng ya Jobe. Mo e ka nnang ka 1600 B.C.E., Modimo o ne a botsa Jobe jaana: “A o itse melao ya magodimo?” (Jobe 38:33) Buka ya Jeremia e e kwadilweng mo lekgolong la bosupa la dingwaga B.C.E., e tlhalosa Jehofa e le Mmopi wa “melao ya ngwedi le dinaledi” le “melao ya legodimo le lefatshe.” (Jeremia 31:35; 33:25) Ka ntlha ya mafoko ano, motho mongwe yo o tlhalosang Baebele e bong G. Rawlinson o ne a re: “Se bakwadi ba buka e e boitshepo ba se buang ka melao ya lefatshe se dumalana sentle le se saense ya segompieno e se buang.”

Mafoko a a mo bukeng ya Jobe a builwe mo e ka nnang dingwaga di le diketekete pele ga motlha wa ga Pythagoras. Se lebale gore boikaelelo jo bogolo jwa Baebele ga se go re naya tshedimosetso fela ka dilo tsa tlholego, mme ke go gatelela mo go rona gore Jehofa ke Mmopi wa dilo tsotlhe—ene yo o kgonang go dira melao ya tlholego.—Jobe 38:4, 12; 42:1, 2.

Sekai se sengwe se re ka akanyang ka sone ke sa modikologo wa metsi. Se tota se diregang mo modikologong ono ke gore, metsi a lewatle a fetoga mouwane o o bopang maru, go tswa foo mouwane ono o boela mo lefatsheng e le pula kgotsa kapoko, mme kgabagare metsi a one a boela mo lewatleng. Mekwalo e e sa ntseng e le teng ya bogologolo e e seng ya Baebele, e e tlhalosang modikologo ono ke ya go tloga ka lekgolo la bonè la dingwaga B.C.E. Le fa go ntse jalo, Baebele e sa le e bua ka kgang eno dingwaga di le makgolokgolo pele ga moo. Ka sekai, mo lekgolong la bo11 la dingwaga B.C.E., Kgosi Solomone wa Iseraele o ne a kwala jaana: “Melatswana yotlhe e e phothoselang ya mariga e ya kwa lewatleng, mme lewatle ka bolone ga le a tlala. Lefelo le melatswana e e phothoselang ya mariga e yang kwa go lone, e boela kwa go lone gore e tle e tswe teng.”—Moreri 1:7.

Ka tsela e e tshwanang, mo e ka nnang ka 800 B.C.E., moporofeti Amose, yo e neng e le modisa wa maemo a a kwa tlase e bile e le molemi, o ne a kwala gore Jehofa ke “Ene yo o bitsang metsi a lewatle, gore a tle a a tshololele mo godimo ga lefatshe.” (Amose 5:8) Solomone le Amose ba ne ba tlhalosa modikologo wa metsi ka nepo, ba sa dirise mafoko a a raraaneng a go leng thata go a tlhaloganya, mme ba ne ba sa o tlhalose ka go tshwana.

Gape Baebele ya re Modimo o “lepeletsa lefatshe mo go se nang sepe.” (Jobe 26:7) Fa o akanya ka kitso e batho ba neng ba na le yone ka 1600 B.C.E., mo e ka nnang ka nako ya fa mafoko ano a ne a buiwa, motho yo o neng a ka re sengwe se se boima jaana se ne se ka ema se sa tshegediwe ke sepe o ne a tla bo a gakgamatsa tota. Jaaka go setse go tlhalositswe, Aristotle ka boene o ne a sa dumele gore go na le se go tweng ke karolo e e lolea mo lobopong, mme o ile a tshela mo lefatsheng dingwaga di feta 1 200 morago ga gore mafoko ao a Baebele a buiwe!

A ga o kgatlhiwe ke go bona kafa Baebele e tlhalosang dilo ka nepo ka teng—segolo jang fa o akanya ka dikgopolo tse di ka tswang di utlwala mme gone di le phoso, tse batho ba neng ba na le tsone mo metlheng eo? Batho ba ba akanyang sentle ba tsaya seno e le lebaka le lengwe le le supang gore Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo. Ka jalo, ga re a tshwanela go itetla go tlhotlhelediwa motlhofo ke thuto kgotsa kgopolo epe fela e e sa dumalaneng le Lefoko la Modimo. Fela jaaka hisitori e ile ya bontsha gangwe le gape, difilosofi tsa batho, tota le tsa batho ba ba rutegileng thata, di nna di fetoga ka metlha, mme “lefoko la ga Jehofa lone le nnela ruri.”—1 Petere 1:25.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Mo lekgolong la boraro la dingwaga B.C.E., Mogerika mongwe wa kwa Samosa e bong Aristarchus, o ne a tlhalosa kgopolo ya gore dinaledi le dipolanete tsotlhe di tsamaya go dikologa letsatsi, mme kgopolo eno ya gagwe e ne ya se ka ya amogelwa mme mo boemong jwa yone go ne ga amogelwa ya ga Aristotle.

^ ser. 12 Go bona tshedimosetso ka botlalo malebana le kgang eno, bona kgaolo 15 ya setlhogo se se reng “Why Do Many Accept Evolution?” (Ke Eng fa Batho ba Bantsi ba Dumela Thutotlhagelelo?) mo bukeng ya Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 6]

Boikutlo Jwa Baporotesetanta

Baeteledipele ba Diphetogo tsa Boporotesetanta le bone ba ne ba ganetsa kgopolo ya gore dinaledi le dipolanete tsotlhe di tsamaya go dikologa letsatsi. Bangwe ba bone e ne e le Martin Luther (1483-1546), Philipp Melanchthon (1497-1560), le John Calvin (1509-64). Luther o ne a bua jaana ka Copernicus: “Seeleele seo se batla go fetola saense yotlhe e e amanang le thuto ya dinaledi.”

Lebaka la go bo balweladiphetogo bano ba ne ba ganetsa kgopolo eno ke gore ba ne ba tlhalosa ditemana dingwe tsa Baebele jaaka di ntse, jaaka pego e e mo go Joshua kgaolo 10, e e tlhalosang gore letsatsi le ngwedi di ne tsa “ema di sa tshikinyege.” * Ke ka ntlha yang fa Balweladiphetogo bano ba ne ba ema ba sa fetoge mo go se ba se dumelang? Buka ya Galileo’s Mistake e tlhalosa gore le mororo baeteledipele ba Diphetogo tsa Boporotesetanta ba ile ba se ka ba tlhola ba dirisana le bomopapa, ba ile ba se ka ba kgona go tlogela “se se neng se dumelwa thata” ke Aristotle le Thomas Aquinas, ba dikgopolo tsa bone di neng di “amogelwa ke kereke ya Katoliki le ya Porotesetanta.”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 28 Go ya ka saense, ga re bue sentle fa re bua ka “go tlhaba ga letsatsi” le “go phirima ga letsatsi.” Le fa go ntse jalo, ka puo e e tlwaelegileng fela, go siame go bua jalo fa o akanya ka tsela e re bonang dilo ka yone fa re le mo lefatsheng. Ka gone, Joshua le ene o ne a sa bue ka thutodinaledi; o ne a bega fela se a neng a se bona.

[Ditshwantsho]

Luther

Calvin

[Motswedi wa Setshwantsho]

Go tswa mo bukeng ya Servetus and Calvin, 1877

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Aristotle

[Motswedi wa Setshwantsho]

Go tswa mo bukeng ya A General History for Colleges and High Schools, 1900

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Thomas Aquinas

[Motswedi wa Setshwantsho]

Go tswa mo bukeng ya Encyclopedia of Religious Knowledge, 1855

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Isaac Newton

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Baebele e ile ya tlhalosa modikologo wa metsi dingwaga di feta 3 000 tse di fetileng