Go Ithuta—Gone Jaanong le ka Bosakhutleng
Go Ithuta—Gone Jaanong le ka Bosakhutleng
ULRICH Strunz, yo e leng ngaka ya Mojeremane, o ne a kwala motseletsele wa dibuka tsa setlhogo se se reng Forever Young. Mo go tsone o ne a bolela gore go ikatisa, go ikotla le go tshela botshelo jo bo molemo go ka tokafatsa botshelo jwa motho e bile gongwe go ka mo thusa go tshela botshelo jo boleele. Le fa go ntse jalo, ga a solofetse babadi ba gagwe gore ba ka tshelela ruri ka tsela ya mmatota ka go latela kgakololo ya gagwe.
Le fa go ntse jalo, go na le mofuta mongwe wa kitso o o solofetsang botshelo jo bo sa khutleng. Mme gone, fa o ne o ka bo o tshelela ruri, o ne o tla ithuta dilo tse di molemo ka bosakhutleng. Jesu o ne a bua jaana a rapela Modimo: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Sa ntlha a re tlhaloseng gore mafoko “botshelo jo bo sa khutleng” a raya eng re bo re tlhalosa se kitso eno e se akaretsang le gore motho a ka e bona jang.
Go ya ka Baebele, go ise go ye kae Mmopi o tla fetola lefatshe a le dira paradaise ya mmatota, e batho ba tla kgonang go tshelela ruri mo go yone. Gore Paradaise eo e nne teng go tla tshwanelwa ke gore go tsewe kgato e e masisi e e tshwanang le e e neng ya tsewa ka nako ya Morwalela wa ga Noa. Mathaio kgaolo 24 ditemana 37 go ya go 39 di bontsha gore Jesu o ne a tshwantsha motlha wa rona le “malatsi a ga Noa” a mo go one batho ba neng “ba se ka ba tsaya tsia” boemo jwa bone jo bo mo kotsing. Gape ba ne ba tlhokomologa molaetsa o Noa a neng a o rera. Go tswa foo go ne ga tla “letsatsi le Noa a tseneng mo teng ga araka” ka lone mme Morwalela wa senya botlhe ba ba neng ba sa amogela kitso eno. Noa le ba ba neng ba na le ene mo arakeng ba ne ba tswelela ba tshela.
Jesu o ne a bontsha gore “letsatsi” le le tshwanang le leo le tla tla mo motlheng wa rona. Ba ba tsayang tsia tshedimosetso e e amanang le tiragalo eno ba ka se falole fela mme gape ba tla nna le tsholofelo ya go tshelela ruri. Mo godimo ga moo, baswi ba Modimo a ba gopolang ba tla tsosiwa mme ba nne le tsholofelo ya gore ba ka se swe gape. (Johane 5:28, 29) Ela tlhoko kafa Jesu a neng a tlhalosa dilo tseno tse pedi ka teng. Fa a ne a bua le Maratha ka tsogo ya baswi, o ne a re: “Yo o supang tumelo mo go nna, le mororo aa swa, o tla tshela; mme mongwe le mongwe yo o tshelang e bile a supa tumelo mo go nna ga a kitla a swa ka gope.” Bosupi jotlhe bo bontsha gore “letsatsi” leno le gaufi thata, mo go rayang gore o ka nna wa se “kitla o swa ka gope.”—Johane 11:25-27.
Go tswa foo Jesu o ne a botsa Maratha a re: “A o dumela seno?” Maratha a araba a re: “Ee, Morena.” Fa Jesu a ne a ka go botsa yone potso eo gompieno, o ne o tla araba o reng? Gongwe o ne o tla fitlhela go le thata go dumela kgang ya gore batho ba ka se swe gotlhelele. Mme le fa o ne o ka nna le maikutlo ao, ga go na pelaelo gore o ka rata go dumela seo. Akanya fela ka dilo tse dintsi tse o neng o ka di ithuta fa o ne o se kitla o “swa ka gope”! Ipone fela o itumelela go ithuta le go dira dilo tsotlhe tse o eletsang go di dira gone jaanong mme o se ke o nna le nako ya go di dira. Mme akanya fela o bona gape le baratiwa ba gago ba ba tlhokafetseng! Ke kitso efe e e ka reng fa motho a na le yone ya dira gore a kgone go itumelela dilo tseo, mme o ka e bona jang?
Re ka Kgona go Nna le Kitso e e Nayang Botshelo
A re ka kgona go nna le kitso ka Modimo le Keresete? Ee. Ke boammaaruri gore go itse ditiro tsa Mmopi ga go fele. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a sa bue ka bolepadinaledi kana ka saense ya mofuta mongwe fa a ne a amanya “kitso” le “botshelo jo bo sa khutleng.” Diane kgaolo 2, ditemana 1 le 5, di bontsha gore “mafoko” le “ditaelo” tse di fitlhelwang mo Baebeleng di botlhokwa gore motho a bone “e e leng kitso ya Modimo.” Malebana le Jesu, Johane 20:30, 31 e bontsha gore dilo tse di kwadilweng di lekane gore re “nne le botshelo.”
Ka jalo, kitso e e fitlhelwang mo Baebeleng ka ga Jehofa le Jesu Keresete e lekane go go bontsha kafa o ka bonang ka teng botshelo jo bo sa khutleng. Baebele ke buka e e tlhomologileng. Mmopi o e tlhotlheleditse ka tsela e e leng gore le batho ba ba sa rutegang, ba ba sa bulegelwang ke sebaka sa go ithuta, ba ka nna le kitso e e lekaneng gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng. Ka tsela e e tshwanang, motho yo o kgonang go ithuta dilo ka bonako, mme a na le nako e e lekaneng le dilo tse di ka mo thusang go ithuta, ka metlha o tla kgona go ithuta sengwe se sesha mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng. Go bo o kgona go bala setlhogo seno ke bosupi jwa gore o kgona go ithuta, mme o tshwanetse go dirisa bokgoni joo jang?
Dikai tsa batho ba le bantsi di bontshitse gore tsela e e molemolemo ya go nna le kitso eno ke ka go nna le thuto ya Baebele e e tshwarwang ke mongwe yo o setseng a tlhaloganya tshedimosetso eo. Fela jaaka Noa a ne a leka go naya batho ba ba neng ba tshela ka nako ya gagwe kitso, Basupi ba ga Jehofa ba ka rata go tla kwa legaeng la gago go tla go sekaseka Baebele le wena. Ba ka nna ba dirisa boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? kgotsa buka e e nang le setlhogo se se tshwanetseng tota e e bidiwang Kitso E E * Le fa o ka fitlhela go le thata go dumela kgopolo ya gore mo lefatsheng la Paradaise batho ba ba ikanyegang ga ba ‘kitla ba swa ka gope’, metlotlo eno ya Baebele e ka go thusa go ikanya tsholofetso eo. Ka jalo fa e le gore o ka rata go tshelela ruri kgotsa o batla fela go bona gore a go a utlwala go dumela gore seno se ka kgonega, ke eng se o tshwanetseng go se dira? Amogela sebaka seno se se go bulegetseng sa gore o ithute Baebele.
Isang Botshelong Jo Bo Sa Khutleng.Thuto e e ntseng jalo e ka tsaya nako e e kana kang? Boroutšhara jwa ditsebe tse 32 jo bo sa tswang go umakiwa, jo bo leng teng ka dipuo di le makgolokgolo, bo na le dithuto di le 16 fela tse dikhutshwane. Mme fa o ka beela kwa thoko ura e le nngwe mo bekeng, o tla tlhoka dikgwedi di le mmalwa fela go ithuta ditlhogo tsa botlhokwa tsa Baebele, o dirisa buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo Bo Sa Khutleng. Dikgatiso tseno di thusitse batho ba le bantsi go nna le kitso e ntsi le go tlhagolela go rata Modimo. Mmopi o tla duela batho ba tota ba mo ratang, a ba thusa gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng.
Ruri re ka nna le kitso e e nayang botshelo, e bile go motlhofo go e bona. Baebele e ranotswe ka dipuo di feta 2 000 e feletse kgotsa bontlhanngwe jwa yone. Basupi ba ga Jehofa mo dinageng di le 235 ba ka itumelela go go thusa le go go naya dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng gore o kgone go oketsa kitso ya gago go ya pele.
Thuto ya Botho
Kamano ya gago le Modimo ke kgang e e amang wena le Mmopi wa gago fela. Ke wena fela o ka dirang gore e tswelele e le teng le go e nonotsha, e bile ke ene fela a ka go nayang botshelo jo bo sa khutleng. Ka jalo, o tshwanetse go tswelela o nna le thuto ya botho ya Lefoko la gagwe le le kwadilweng. Fa go na le mongwe yo o go etelang kwa legaeng la gago ka metlha, o ka nna wa fitlhela go le motlhofo go beela nako ya go ithuta kwa thoko.
E re ka Baebele le dilo tse di thusang go e tlhaloganya di na le “e e leng kitso ya Modimo,” go a tshwanela go di tlhokomela sentle. (Diane 2:5) Fa o dira jalo, o tla nna le tsone ka lobaka lo loleele. Fa o nna mo nageng e e tlhabologileng, o ka tswa o ne o sa dirise dibuka tse dintsi kwa sekolong, mme o ka tswa o ne o ithuta thata ka go reetsa le ka go ela dilo tlhoko. Ka sekai, kwa Benin, go buiwa dipuo di feta 50. Go tlwaelegile gore motho a bue dipuo tse nnè kgotsa tse tlhano ka thelelo, le fa a ise nke a nne le buka e e kwadilweng ka dipuo tseo. Bokgoni jo o nang le jone jwa go ithuta ka go reetsa, go ela dilo tlhoko le go tlhoma mogopolo, ke mpho. Mme o tla lemoga gore dibuka di ka go thusa thata fa o ithuta.
Le fa lo ka tswa lo pitlagane mo ntlong e nnye, leka go nna le lefelo le le tshwanetseng le o bayang Baebele ya gago le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng mo go lone. Di beye mo o tla di bonang motlhofo fa o di tlhoka mme e le mo lefelong le di ka se senyegeng mo go lone.
Thuto ya Lelapa
Fa o le motsadi, o tshwanetse go kgatlhegela go thusa bana ba gago gore ba nne le kitso e o e ithutang. Mo dinageng tse di tlhabologang, gantsi batsadi ba tlwaetse go ruta bana ba bone go nna le bokgoni jo bo tla ba thusang mo botshelong. Bokgoni jono bo akaretsa go apaya, go rwalela dikgong, go ga metsi, go lema, go tshwara ditlhapi, le go rekisa dilo kwa marekisetsong. Ruri thuto eno e ka ba solegela molemo mo botshelong. Le fa go ntse jalo, batsadi ba bantsi ga ba rute bana ba bone kitso e e ka dirang gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng.
Le fa seemo sa gago e ka tswa e le sefe, gongwe o akanya gore ga o na nako ya go dira jalo. Mmopi le ene o a itse. Ela tlhoko se a neng a se bua bogologolo malebana le kafa batsadi ba ka rutang bana ba bone ditsela tsa gagwe ka teng: “O a jalele kwa teng mo go morwao [kgotsa morwadio] o bo o bue ka one fa o ntse mo ntlong ya gago le fa o tsamaya mo tseleng le fa o rapama le fa o tsoga.” (Duteronome 6:7) Ka ntlha ya mabaka a a fa godimo, ke eng fa o sa itirele thulaganyo ya go ruta bana ba gago, e e tshwanang le e e latelang:
1. “Fa o ntse mo ntlong”: Leka go tlotla le bana ba gago kwa gae ka metlha, gongwe beke le beke, fela jaaka go ka tswa go ne go na le mongwe
yo o neng a tshwara metlotlo eo le wena. Basupi ba ga Jehofa ba naya batho dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tse di siametseng go ruta bana ba dingwaga tse di farologaneng.2. “Fa o tsamaya mo tseleng”: Tlotla le bana ba gago ka Jehofa ka dinako tse e seng tsa thuto, fela jaaka o ka ba ruta ka dilo tsa botlhokwa mo botshelong kana wa ba kaela.
3. “Fa o rapama”: Rapela le bana ba gago maitseboa mangwe le mangwe.
4. “Fa o tsoga”: Malapa a mantsi a nnile le matswela a a molemo ka go sekaseka temana e le nngwe ya Baebele letsatsi le letsatsi. Basupi ba ga Jehofa ba dirisa bukana ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe go dira seno. *
Mo dinageng tse di tlhabologileng, batsadi ba bantsi ba tsaya matsapa go tlhomamisa gore ngwana a le mongwe wa bone o bona thuto e e molemo. Ka tsela e e ntseng jalo ngwana yoo o tla kgona go tlhokomela batsadi fa ba tsofala. Le fa go ntse jalo, fa o ithuta Baebele mme o thusa bana ba gago gore le bone ba dire se se tshwanang, o tla bona kitso e e tla thusang wena le lelapa la gago gore lo tshelele ruri.
A go tla tla nako e ka yone re tla bong re itse sengwe le sengwe? Nnyaa. Jaaka lefatshe la rona le sa ema mo lefelong le le lengwe mo lobopong lo lo se nang mo le felelang teng, re tla tswelela pele re ntse re ithuta. Ee ruri, Moreri 3:11 ya re: “[Modimo] o dirile sengwe le sengwe go nna sentle mo motlheng wa sone. E bile o tsentse bosakhutleng mo pelong ya bone, gore le ka motlha batho ba se ka ba batlisisa tiro e Modimo wa boammaaruri a e dirileng go tloga tshimologong go ya bokhutlong.” Go ithuta ke selo se se itumedisang se se se nang go khutla.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 10 Tsoopedi di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.
^ ser. 23 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.
[Mafoko a a mo go tsebe 5]
“Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso . . . ”
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Thusa ba lelapa la gago gore ba ithute gone jaanong le ka bosakhutleng