“Dinopolo Tsa Bogologolo go Gaisa Tsotlhe Tse di Leng Teng Tsa Baebele”
“Dinopolo Tsa Bogologolo go Gaisa Tsotlhe Tse di Leng Teng Tsa Baebele”
DINGWAGA di le masome a mabedi le botlhano tse di fetileng, baithutamarope ba kwa Iseraele ba ne ba lemoga sengwe se se gakgamatsang. Mo legageng le go neng go fitlhwa batho mo go lone mo mekgokoloseng ya Mokgatšha wa Hinoma kwa Jerusalema, ba ne ba fitlhela memeno e mennye e mebedi ya selefera go kwadilwe ditemana tsa Baebele mo go yone. Memeno eo e dirilwe pele ga Jerusalema e senngwa ke Babelona ka 607 B.C.E. Ditemana tseo di ne di nopola bontlhanngwe jwa masego a a kwadilweng mo go Dipalo 6:24-26. Leina la Modimo, Jehofa, le ne le tlhaga makgetlho a le mmalwa mo memenong eo e mebedi. Mekwalo eno e tlhalosiwa go twe ke “mekwalo ya bogologolo go gaisa yotlhe e e itsiweng e e umakang ditemana tse di tswang mo Baebeleng ya Sehebera.”
Le fa go ntse jalo, bakanoki bangwe ba ne ba belaela matlha a go tweng e kwadilwe ka one mme ba re memeno eo e kwadilwe ka lekgolo la bobedi B.C.E. Lebaka le lengwe la go bo go ile ga ngangisanwa jaana ke gore dinepe tsa ntlhantlha tsa memeno eno e mennye thata di ne di sa bonale sentle gore go ka bonwa sengwe le sengwe sentle. Go rarabolola bothata jwa gore memeno eno e dirilwe leng, setlhopha sengwe sa bakanoki se ne sa dira patlisiso e ntšha. Ba dirisitse botegeniki jwa bosheng jaana jwa dikhomputara jwa go dira ditshwantsho gore ba tlhagise dinepe tse di bonalang sentle thata tsa memeno eo. Se se bonweng mo dipatlisisong tseo tse disha se ne sa gatisiwa bosheng jaana. Setlhopha seo sa bakanoki se sweditse ka go reng?
Sa ntlha, bakanoki ba gatelela gore tshedimosetso ya baithutamarope e dumalana le kgang ya gore memeno eo e kwadilwe pele ga go iwa botshwarwa kwa Babelona. Dipatlisiso tsa mekwalo ya bogologolo—go sekaseka letlha le mokwalo o di kwadilweng ka one, tsela e e kwadilweng ka yone, kafa e emeng ka teng, kafa e latelanang ka teng le kwa ditlhaka tseno di sekametseng gone—di bontsha gore e kwadilwe ka one motlha oo, go ela kwa bofelong jwa lekgolo la bosupa la dingwaga B.C.E. Mme fa go sekasekwa mokgwa wa go kwala, setlhopha seno se dira tshwetso eno: “Tshedimosetso ya mokgwa wa go kwala memeno eo e dumalana le bosupi jwa baithutamarope le jwa mekwalo ya bogogolo malebana le matlha a mekwalo eno e kwadilweng ka one.”
Lokwalopaka lwa Bulletin of the American Schools of Oriental Research lo sobokanya patlisiso ya memeno ya selefera, e gape e bidiwang mekwalo ya Ketef Hinnom jaana: “Ka jalo re ka tlhomamisa tshwetso ya bontsi jwa bakanoki ya gore mekwalo e e fitlhelwang mo memenong eno e tshwere dinopolo tsa bogologolo go gaisa tsotlhe tse di leng teng tsa Baebele.”
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 32]
Cave: Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.; inscriptions: Photograph © Israel Museum, Jerusalem; courtesy of Israel Antiquities Authority