Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Thelebishene e Molemo go Tlhokomela Bana?

A Thelebishene e Molemo go Tlhokomela Bana?

A Thelebishene e Molemo go Tlhokomela Bana?

KA DINAKO tse dingwe go tlogela bana ba gago ba lebeletse thelebishene gore wena o kgone go dira ditiro tse dingwe go ka lebega e le selo se se siameng. Mme seo se ka ama bana ba gago jang?

The New York Times e bega gore “le masea tota a ka tlhotlhelediwa ke dilo tse di amang maikutlo tse ba di bonang mo thelebisheneng.” Mo patlisisong nngwe ya bosheng, bana ba ba nang le ngwaga ba ne ba bontshiwa ditshwantsho tse di bontshiwang mo thelebisheneng tse mo go tsone motshameki a neng a itshwara ka ditsela tse di farologaneng fa a bona setshamekisi sengwe. Times ya re: “Fa motshameki mo thelebisheneng a bontsha go tshoga fa a bona setshamekisi seo, bana ba ne ba sa batle go tshameka ka sone e bile ba ne ba lebega ba tshogile, ba tlhonya mo sefatlhegong, ba se dilola kana ba lela. Fa motshameki a lebega a rata setshamekisi seo, bana ba ne ba rata go tshameka ka sone.”

Go a bonala gore thelebishene e ka ama masea. E ka ama bana jang morago ga nako e telele ba ntse ba e leba? Dr. Naoki Kataoka, porofesa wa lephata la kalafo ya bana kwa Kawasaki Medical College kwa Kurashiki, kwa Japane o kile a nna a ela tlhoko bana ba le bantsi ba ba didimetseng thata e bile ba sa bontshe maikutlo ape mo difatlhegong. Botlhe ba ne ba kile ba lebelela thelebishene kana dibidio ka lobaka lo loleele. Mosimanyana mongwe wa dingwaga tse pedi o ne a sa kgone go bua e bile a sa itse mafoko a mantsi. O ne a leba dibidio go tloga mo mosong go fitlha maitseboa fa e sa le a na le ngwaga o le mongwe. Mosimanyana yono o ne a itse go bua sentle fa mmaagwe a sena go latela ditaelo tsa ngaka a bo a mo tlogedisa go lebelela dibidio mme a simolola go tshameka le ene. Batsadi ba tshwanetse go tshameka le go bua le bana ba bone.

Jehofa Modimo, Mosimolodi wa thulaganyo ya lelapa, o ne a bontsha gore go botlhokwa go le kana kang go dirisa nako o na le bana lo dira dilo tse di botlhokwa. Bogologolo o ne a raya batho ba gagwe a re: “O a jalele [mafoko a Modimo] kwa teng mo go morwao o bo o bue ka one fa o ntse mo ntlong ya gago le fa o tsamaya mo tseleng le fa o rapama le fa o tsoga.” (Duteronome 6:7) Batsadi, e seng thelebishene, ke bone ba ka rutang bana ba bone ka go bua le ka go ba tlhomela sekao, ‘ka tsela e e ba tshwanetseng.’—Diane 22:6.