‘Nnang Lo se Na Dingongorego’
‘Nnang Lo se Na Dingongorego’
“Nnang lo dire dilo tsotlhe go se na dingongorego.”—BAFILIPI 2:14.
1, 2. Moaposetoloi Paulo o ne a naya Bakeresete ba kwa Filipi le Korintha kgakololo efe, mme ka ntlha yang?
FA MOAPOSETOLOI Paulo a ne a tlhotlhelediwa ke Modimo go kwalela phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya kwa Filipi, o ne a kwala mafoko a mantsi a ba akgola. O ne a akgola badumedi ka ene ba motse oo ka ntlha ya moya wa bone wa bopelotshweu le wa tlhagafalo, mme a bolela gore o ipelela ditiro tsa bone tse di molemo. Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a ba gopotsa gore ba ‘nne ba dire dilo tsotlhe go se na dingongorego le manganga.’ (Bafilipi 2:14) Ke ka ntlha yang fa moaposetoloi a ne a naya kgakololo eo?
2 Paulo o ne a itse gore go ngongorega go ka felela ka eng. Dingwaga di le mmalwanyana pele ga foo, o ne a ile a gopotsa phuthego ya Korintha gore go ngongorega go ka nna kotsi. Paulo o ne a bontsha gore fa Baiseraele ba le kwa nageng, ba ne ba ile ba galefisa Jehofa gangwe le gape. Ba mo galefisa ka eng? Ka go eletsa dilo tse di utlwisang botlhoko, go obamela medingwana le go dira kgokafalo, go leka Jehofa, le gone go ngongorega. Paulo o ne a kgothaletsa Bakorintha gore ba ithute mo dikaing tseno. O ne a kwala jaana: “Le gone re se ka ra nna bangongoregi, fela jaaka bangwe ba bone ba ne ba ngongorega, mme ba nyelediwa ke mosenyi.”—1 Bakorintha 10:6-11.
3. Ke ka ntlha yang fa re ka kgatlhegela go itse ka kgang ya go ngongorega gompieno?
3 Rona batlhanka ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno, re bontsha moya o o tshwanang le wa phuthego ya kwa Filipi. Re tlhoafaletse ditiro tse di molemo e bile re a ratana. (Johane 13:34, 35) Le fa go ntse jalo, e re ka go ngongorega go ile ga tlisetsa batho ba Modimo mathata mo nakong e e fetileng, re na le lebaka le le utlwalang la go tsaya kgakololo eno tsia: “Nnang lo dire dilo tsotlhe go se na dingongorego.” A re simololeng ka go sekaseka dikai tsa go ngongorega tse di umakiwang mo Dikwalong. Go tswa foo re tla sekaseka dilo dingwe tse re ka di dirang go thibela gore go ngongorega go se ka ga tlisa mathata gompieno.
Phuthego e e Bosula e Ngongorega Kgatlhanong le Jehofa
4. Baiseraele ba ne ba ngongorega jang kwa nageng?
4 Lefoko la Sehebera le le rayang ‘go ngongorega, kgotsa go bobora’ le dirisiwa mo Baebeleng fa go buiwa ka ditiragalo tsa dingwaga tse 40 tsa fa Baiseraele ba le kwa nageng. Gangwe le gape Baiseraele ba ne ba sa kgotsofalele seemo sa bone mme ba ne ba bontsha maikutlo a bone ka go ngongorega. Ka sekai, dibeke di se kae fela fa ba sena go gololwa mo bokgobeng kwa Egepeto, “phuthego yotlhe ya bomorwa Iseraele ya simolola go ngongoregela Moshe le Arone.” Baiseraele ba ne ba ngongorega ka dijo, ba re: “Re ka bo bogolo re ne ra swa ka seatla sa ga Jehofa kwa lefatsheng la Egepeto fa re ne re ntse fa thoko ga dipitsa tsa nama, fa re ne re ja senkgwe gore re bo re kgore, ka gonne lo re ntsheditse mo nageng eno gore lo bolaye phuthego eno yotlhe ka leuba.”—Ekesodo 16:1-3.
5. Fa Baiseraele ba ne ba ngongorega, tota ba ne ba ngongoregela mang?
5 Boammaaruri ke gore Jehofa o ne a tlamela Baiseraele ka se ba neng ba se tlhoka kwa nageng, a ba naya dijo le metsi ka lorato. Baiseraele ba ne ba se ke ba nna mo kotsing ya gore ba ka swela kwa nageng ka ntlha ya tlala. Le fa go ntse jalo, ka gonne ba ne ba sa kgotsofala, ba ne ba dira gore go lebege e kete ba mo pitlaganong e kgolo thata mme ba simolola go ngongorega. Le fa ba ne ba ngongoregela Moshe le Arone, Jehofa o ne a bona gore tota ba ngongorega ka ene. Moshe o ne a raya Baiseraele a re: “Jehofa o utlwile dingongorego tsa lona tse lo di mo ngongoregelang. Mme rona re bomang? Ga lo ngongoregele rona, mme lo ngongoregela Jehofa.”—Ekesodo 16:4-8.
6, 7. Jaaka go bontshitswe mo go Dipalo 14:1-3, boikutlo jwa Baiseraele bo ne bo fetogile jang?
6 Nakwana fela morago ga moo, Baiseraele ba ne ba ngongorega gape. Moshe o ne a romela banna ba le 12 go ya go tlhola Lefatshe le le Solofeditsweng. Ba le lesome ba bone ba ne ba tlisa pego e e sa siamang. Go ne ga felela jang? “Bomorwa Iseraele botlhe ba simolola go ngongoregela Moshe le Arone, phuthego yotlhe ya simolola go bua jaana kgatlhanong le bone: ‘Re ka bo bogolo re ne ra swela kwa lefatsheng la Egepeto, kgotsa re ka bo bogolo re ne ra swela mo nageng eno! Mme ke ka ntlha yang fa Jehofa a re tlisa mo lefatsheng leno [la Kanana] go tla go wa ka tšhaka? Basadi ba rona le bana ba rona ba tla nna kgapo. A ga go botoka gore re boele Egepeto?’”—Dipalo 14:1-3.
7 Boikutlo jwa Baiseraele bo ne bo fetogile tota! La ntlha ba ne ba lebogela go gololwa kwa Egepeto le go namolwa mo Lewatleng le Lehibidu ba bo ba opelela Jehofa dipako. (Ekesodo 15:1-21) Mme fa batho ba Modimo ba setse ba lebane le botshelo jo bo thata jwa kwa nageng e bile ba boifa Bakanana, ba ne ba felelwa ke go leboga mme ba nna le moya wa go se kgotsofale. Mo boemong jwa go lebogela Modimo kgololesego ya bone, ba ne ba mo pega molato ka se ba neng ba se leba e le go sotliwa mme tota e se gone. Ka jalo go ngongorega go ne go bontsha go se anaanele dithulaganyo tse di molemo tsa ga Jehofa. Ke sone se a ileng a re: “Phuthego e e bosula eno e tla nna le ngongorego eno eo e e dirang kgatlhanong le nna ka lobaka lo lo kae?”—Dipalo 14:27; 21:5.
Go Ngongorega mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga
8, 9. Naya dikai tsa go ngongorega tse di mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika.
8 Dikai tse di fa godimo tsa go ngongorega e ne e le tsa ditlhopha tsa batho ba ba neng ba bua phatlalatsa gore ga ba kgotsofale. Le fa go ntse jalo, fa Jesu Keresete a ne a le kwa Jerusalema a tlile Moletlong wa Diobo ka 32 C.E., “boidiidi bo ne bo ngunanguna thata ka ene.” (Johane 7:12, 13, 32) Ba ne ba sebaseba kaga gagwe, bangwe ba re ke monna yo o siameng ba bangwe ba re ga a nna jalo.
9 Ka lekgetlho le lengwe, Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba etetse kwa legaeng la ga Lefi, kgotsa Mathaio, mokgethisi. “Bafarasai le bakwadi ba bone ba simolola go ngongorega mo barutweng ba gagwe, ba re: ‘Ke ka ntlha yang lo ja e bile lo nwa le bakgethisi le baleofi?’” (Luke 5:27-30) Moragonyana, kwa Galalea, “Bajuda ba [ne ba] simolola go ngongorega ka [Jesu] ka gonne a ne a re: ‘Ke nna senkgwe se se fologileng kwa legodimong.’” Tota le bangwe ba balatedi ba ga Jesu ba ne ba kgopisiwa ke mafoko a gagwe mme ba simolola go ngongorega.—Johane 6:41, 60, 61.
10, 11. Bajuda ba ba buang Segerika ba ne ba ngongoregela eng, mme bagolwane ba Bakeresete ba ka solegelwa molemo jang ke tsela e kgang eo e ileng ya rarabololwa ka yone?
10 Mme go ngongorega mo go ileng ga direga nakwana fela morago ga Pentekosete 33 C.E. go ile ga nna le diphelelo tse di molemo. Barutwa ba le bantsi ba ba neng ba sa tswa go sokologa mo mafelong a a kwantle ga Iseraele ba ne ba amogelwa ke badumedi ka bone kwa Judea, mme go ne ga nna le mathata malebana le go abelana se se neng se le teng. Pego e bolela jaana: “Ga tsoga ngongorego mo Bajudeng ba ba buang Segerika ka Bajuda ba ba buang Sehebera, ka gonne batlholagadi ba bone ba ne ba tlodisiwa matlho mo kabong ya letsatsi le letsatsi.”—Ditiro 6:1.
11 Batho bano ba ba ngongoregang ba ne ba sa tshwane le Baiseraele ba ba neng ba ngongorega kwa nageng. Bajuda ba ba buang Segerika ga ba a ka ba bontsha go se kgotsofalele seemo sa bone, ba ikakanyeditse bone fela. Ba ne ba ngongoregela gore bangwe ba batlholagadi ba ne ba sa newe se ba se tlhokang. Mo godimo ga moo, bangongoregi bano ba ne ba sa tsose mathata e bile ba ne ba sa ngongoregele Jehofa phatlalatsa. Ba ne ba ngongorega mo baaposetoloing, mme bone ba ne ba rulaganya gore go tsewe kgato ka bonako ka gonne ngongorego ya bone e ne e utlwala. A bo baaposetoloi ba ile ba tlhomela bagolwane ba Bakeresete gompieno sekao se se molemo jang ne! Badisa bano ba semoya ba nna kelotlhoko gore ba se ka ba ‘thiba tsebe ya bone gore e se ka ya utlwa go goa ka go ngongorega ga motho wa maemo a a kwa tlase.’—Diane 21:13; Ditiro 6:2-6.
Itise mo Tlhotlheletsong e e Senyang ya go Ngongorega
12, 13. (a) Dirisa setshwantsho go tlhalosa diphelelo tsa go ngongorega. (b) Ke eng se se ka dirang gore motho a ngongorege?
12 Bontsi jwa dikai tse re di sekasekileng tse di mo Dikwalong di bontsha gore go ngongorega go ne ga senya thata mo bathong ba Modimo mo nakong e e fetileng. Ka jalo, re tshwanetse go akanya thata ka tlhotlheletso e e senyang e go ka nnang le yone gompieno. Gongwe setshwantsho se ka thusa. Mefuta e mentsi ya tshipi e a rusa ka tlholego fela. Fa matshwao a ntlha a go rusa a itlhokomolosiwa, tshipi e ka rusa go fitlha e ka se tlhole e dirisiwa. Dikoloi tse dintsi di fetoga dikgoropa, e se ka gonne di sa kgone go tsamaya mme e le ka gonne tshipi ya koloi e rusitse mo go setseng go le kotsi go tsamaya ka yone. Setshwantsho seno se ka dira jang mo kgannyeng ya go ngongorega?
13 Fela jaaka mefuta mengwe ya tshipi e rata go rusa, batho ba ba sa itekanelang ba rata go ngongorega. Re tshwanetse go itisa gore re bone matshwao ape a a supang gore re nna le mokgwa ono. Fela jaaka bongola le phefo e e nang le letswai di dira gore tshipi e ruse ka bonako, mathata a dira gore go nne motlhofo ka rona go ngongorega. Ka ntlha ya go gatelelwa mo maikutlong, sengwe se sennye fela se se tshwenyang se ka fetoga kgang e kgolo e motho a ngongoregang ka yone. Fa maemo a metlha ya bofelo ya tsamaiso eno a ntse a nnela maswe kwa pele, dilo tse di ka bakang dingongorego le tsone di ka oketsega. (2 Timotheo 3:1-5) Ka gone, motlhanka mongwe wa ga Jehofa a ka nna a simolola go ngongorega ka yo mongwe. Lebaka e ka tswa e le sengwe se se sa reng sepe, gongwe e le fela gore o ngongoregela makoa a gagwe, bokgoni jwa gagwe kgotsa maikarabelo mangwe a a a neilweng mo phuthegong.
14, 15. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go letla mokgwa wa go ngongorega o tswelela pele fela?
14 Le fa re ka tswa re sa itumedisiwe ke eng fela, fa re ka se latlhe mokgwa wa go ngongorega o Ekesodo 16:8) A le ka motlha re se ka ra fitlha mo seemong seo!
sa ntse o simolola, re ka nna le moya wa go se kgotsofale re bo re nna batho ba ba ngongoregetseng ruri. Ee, go ngongorega go gobatsa semoyeng mme go ka re koafatsa fela thata. Fa Baiseraele ba ne ba ngongorega ka botshelo jwa kwa nageng, ba ile ba bo ba pega Jehofa molato. (15 Gore tshipi e se ka ya rusa, e tshasiwa pente e e thibelang ruse mme fa go na le gongwe fa go rusang teng, go baakanngwa ka bofefo. Ka tsela e e tshwanang, fa re itemoga gore re rata go ngongorega, re ka thiba mokgwa ono ka go tsaya kgato ka bonako ka kgang eno, re rapela re bo re dira maiteko a go tlogela mokgwa o. Jang?
Leba Dilo ka Tsela ya ga Jehofa
16. Fa motho a ka bona a na le mokgwa wa go ngongorega, a ka o latlha jang?
16 Go ngongorega go dira gore re tlhome mogopolo mo mathateng a rona mme re se ka ra tlhola re akanya ka masego a rona Basupi ba ga Jehofa re nang le one. Fa re bona re na le mokgwa wa go ngongorega, re ka o latlha ka go nna re akantse thata ka masego ano. Ka sekai, mongwe le mongwe wa rona o na le tshiamelo e e molemo ya go sikara leina la ga Jehofa. (Isaia 43:10) Re kgona go nna le botsalano jo bo gaufi le ene, mme re ka bua le “Moutlwi wa thapelo” nako nngwe le nngwe fa re batla. (Pesalema 65:2; Jakobe 4:8) Botshelo jwa rona bo na le bokao tota ka gonne re tlhaloganya kgang ya bolaodi jwa lobopo lotlhe mme re gopola gore re na le tshiamelo ya go nna re ikanyega mo Modimong. (Diane 27:11) Re ka nna le seabe ka metlha mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. (Mathaio 24:14) Go nna le tumelo mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu Keresete go dira gore re kgone go nna le segakolodi se se phepa. (Johane 3:16) Re nna le masego ano go sa kgathalesege gore re tshwanelwa ke go itshokela eng.
17. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leka go leba dilo ka tsela ya ga Jehofa, tota le fa re na le lebaka le le utlwalang la go ngongorega?
17 A re lekeng go leba dilo ka tsela ya ga Jehofa, e seng ya rona. Mopesalema Dafide o ne a opela a re: “Nkitsise ditsela tsa gago, wena Jehofa; nthute ditselana tsa gago.” (Pesalema 25:4) Fa re na le lebaka le le utlwalang la go ngongorega, Jehofa o a le bona. A ka kgona go baakanya seemo ka bonako fela. Mme ke eng fa ka dinako tse dingwe a tlogela mathata a tswelela pele? O ka tswa a dira jalo go re thusa gore re nne le dinonofo tse di molemo, tse di jaaka bopelotelele, boitshoko le tumelo.—Jakobe 1:2-4.
18, 19. Bontsha melemo e e ka nnang teng fa re itshokela mathata re sa ngongorege.
18 Fa re itshokela maemo a a seng monate re sa ngongorege, seo ga se re thuse fela go tokafatsa botho jwa rona mme gape se ka kgatlha batho ba ba bonang boitshwaro jwa rona. Ka 2003 setlhopha sa Basupi ba ga Jehofa se ne sa tsamaya ka bese go tswa kwa Jeremane se ya kopanong kwa Hungary. Mokgweetsi wa bese eno e ne e se Mosupi, mme o ne a sa ratisise kgang ya gore o tla bo a na le Basupi malatsi a le lesome. Le fa go ntse jalo, fa mosepele o wela, o ne a fetotse mogopolo gotlhelele. Ka ntlha yang?
19 Mo mosepeleng ono, go ne ga nna le mathata gangwe le gape. Mme Basupi ga ba ise ba ke ba ngongorege. Mokgweetsi wa bese o ne a re seno e ne e le setlhopha se se molemo go gaisa tsotlhe tse a kileng a di kgweeletsa! E bile o ne a solofetsa gore nako e e tlang fa Basupi ba mo etela kwa lapeng, o tla ba amogela a bo a ba reetse ka kelotlhoko. Bapalami ba bese ya gagwe ba ne ba mo kgatlhile tota ka go ‘dira dilo tsotlhe go se na dingongorego’!
Go Itshwarela go Tlisa Kutlwano
20. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go itshwarelana?
20 Go tweng fa re ngongorega ka modumedi ka rona? Fa e le kgang e e masisi, re tshwanetse go dirisa melaometheo e e mo mafokong a ga Jesu a a kwadilweng mo go Mathaio 18:15-17. Le fa go ntse jalo, ga se ka metlha seno se ka tlhokegang ka gonne gantsi dilo tse go ngongoregwang ka tsone e a bo e se tsa sepe. Ke eng fa o sa tseye seemo seo e le sebaka sa go itshwarela? Paulo o ne a kwala jaana: “Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo. Mme, mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, aparang lorato, gonne ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.” (Bakolosa 3:13, 14) A re iketleeditse go itshwarela ba bangwe? A Jehofa ga a na lebaka la go ngongorega ka rona? Le fa go ntse jalo, gangwe le gape o re bontsha bopelotlhomogi e bile o a re itshwarela.
21. Batho ba ba utlwang dingongorego ba ka amega jang?
21 Le fa lebaka e ka tswa e le lefe, go ngongorega go ka se rarabolole mathata. Lefoko la Sehebera le le rayang “go ngongorega” gape le ka raya “go bobora.” Re tshwanetse ra bo re sa rate go nna le motho yo o ngongoregetseng ruri e bile re leka go nnela kgakala le ene. Fa re ngongorega kgotsa re bobora, ba ba re reeditseng le bone ba ka ikutlwa jalo ka rona. Ee, ba ka nna ba bo ba sa itumele mo ba batlang go katogela kgakala le rona! Go bobora go ka dira gore motho a go ele tlhoko, mme ruri go ka se dire gore a go rate.
22. Mosetsana mongwe o ne a reng ka Basupi ba ga Jehofa?
22 Go rata go itshwarela go dira gore batho ba nne le kutlwano—sengwe se batho ba ga Jehofa ba se ratang thata. (Pesalema 133:1-3) Mo nageng nngwe ya kwa Yuropa, mosetsana wa dingwaga tse 17 wa Mokatoliki o ne a kwalela ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa a bontsha kafa a ba ratang ka teng. O ne a re: “Ke yone fela phuthego e ke e itseng e batho ba yone ba sa kgaoganang ka ntlha ya letlhoo, bogagapa, go se itshokelane, bopelotshetlha kgotsa go tlhoka kutlwano.”
23. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?
23 Fa re anaanela dilo tsotlhe tsa semoya tse rona baobamedi ba Modimo wa boammaaruri, Jehofa re di amogelang, seo se tla re thusa gore re nne le kutlwano mme re tile go ngongoregelana ka dilo tsa botho. Setlhogo se se latelang se tla re bontsha kafa dinonofo tse re di rutiwang ke Modimo di tla re thusang ka teng gore re se ka ra ngongorega ka tsela e e kotsi le go feta—ke gore, go ngongorega ka karolo e e mo lefatsheng ya phuthego ya ga Jehofa.
A o A Gakologelwa?
• Go ngongorega go akaretsa eng?
• Diphelelo tsa go ngongorega di ka tshwantshiwa jang?
• Ke eng se se ka re thusang go latlha mokgwa wa go ngongorega?
• Go iketleeletsa go itshwarela go ka re thusa jang gore re se ka ra ngongorega?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
Tota Baiseraele ba ne ba ngongoregela Jehofa!
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
A o leka go leba dilo ka tsela ya ga Jehofa?
[Ditshwantsho mo go tsebe 18]
Go itshwarela go dira gore Bakeresete ba utlwane