Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tsamaya ka Mokoro mo Lewatleng le Legolo

Go Tsamaya ka Mokoro mo Lewatleng le Legolo

Go Tsamaya ka Mokoro mo Lewatleng le Legolo

DITLHAKETLHAKE tsa Marshall di na le ditlhaketlhake di le 1 200 tse dikgolo le tse dipotlana, mme bontsi jwa tsone di dimetara di le mmalwa fela fa godimo ga lewatle. Sekgalanyana fela fa o tsenelela mo lewatleng, ga di tlhole di bonala. Le fa go ntse jalo, batsamaisadikepe ba bogologolo ba kwa ditlhaketlhakeng tsa Marshall ba ne ba kgona go tsamaya ba tswa mo setlhaketlhakeng se sennye ba ya kwa go se sengwe se sennye ba tsamaya disekwere kilometara di ka nna dimilione di le pedi mo Lewatleng la Pacific ba dirisa mekoro ya bone. Ba ne ba kgona jang go dira jalo? Ba ne ba kaelwa ke “dimmapa” tse di motlhofo mme di thusa tota tse di bidiwang ditšhate tsa matlhokwana.

Batsamaisadikepe ba kwa Marshall ba ne ba lemoga gore lefatshe kafa tlase le dira gore tsela e makhubu a tsamayang ka yone a bontshe setlhaketlhake se se dikilometara di le 30 go tswa fa ba leng teng. Go ne go na le ditsela tse dintsi tse makhubu a neng a tsamaya ka tsone tse ba neng ba tshwanetse go di ithuta, mme dimmapa tsa matlhokwana di ne di thusa go ba gakolola. Dimmapa tsa matlhokwana di ne di ntse jang? Jaaka o bona mo setshwantshong, matlhokwana a a dirilweng ka dithobane tsa medi ya setlhatshana se se bidiwang pandanus kana karolo e e fa gare ya matlhare a khokonate di ne di bofaganngwa mmogo go dira marofana a a emelang tsela e makhubu a tsamayang ka yone. Dikgapetla tse dinnye tsa ditshedi tsa mo metsing di ne di bofelelwa go tshwaya fa ditlhaketlhake di leng teng.

Ka dingwagangwaga, go tsamaya mo lewatleng ka mokoro motho a dirisa tšhate ya matlhokwana go ne go dirwa sephiri, se se neng se senolelwa fela batho ba ba rileng. Mosha yo o tsamaisang mokoro o ne a ithuta jang go dirisa mmapa wa matlhokwana? O ne a tlwaela fela ka go ithapisa le go o dirisa gantsi. Motsamaisasekepe yo o nang le bokgoni o ne a ruta yo mosha yono kwa thoko, gongwe a tsaya maeto le ene fa a ya kwa ditlhaketlhakeng tse di gaufi. Fa motho yono yo mosha a ithuta go lemoga tsela e makhubu a tsamayang ka yone, o ne a kgona go nna le sebete sa go dirisa tšhate ya gagwe ya matlhokwana. Kgabagare o ne a kgona go tsamaya ka mokoro a le esi mo lewatleng.

Ka tsela e e tshwanang, Lefoko la Modimo, Baebele le ka re kaela mo botshelong. Kwa tshimologong mongwe a ka nna a re thusa go tlhaloganya dithuto tsa motheo tsa Dikwalo. Mme fa re tswelela re ithuta Lefoko la Modimo e bile re dirisa melaometheo ya lone, re dumela thata se le se buang. Joshua, yo e neng e le moeteledipele wa Baiseraele, o ne a bolelelwa gore a tswelele a bala Lefoko la Modimo gore a tle a “tlhokomele go dira kafa go sotlhe se se kwadilweng mo go [l]one.” Modimo o ne a raya Joshua a re: “Gonne o tla dira gore tsela ya gago e atlege e bile o tla dira ka botlhale.” (Joshua 1:8) Ee, Baebele e ka re bontsha tsela e e molemo le e e atlegileng mo botshelong.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]

© Greg Vaughn