Ipoloke O le Mo Loratong Lwa Modimo!
Ipoloke O le Mo Loratong Lwa Modimo!
“Baratwa, . . . ipolokeng mo loratong lwa Modimo, . . . lo solofetse botshelo jo bo sa khutleng.”—JUDE 20, 21.
1, 2. O ka nna o le mo loratong lwa Modimo jang?
JEHOFA o rata batho ba ba mo lefatsheng mo a neng a roma Morwawe yo o tsetsweng a le esi gore ba ba dumelang mo go ene ba bone botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 3:16) A bo go le molemo jang ne go ratiwa ka lorato lo lo ntseng jalo! Fa o le motlhanka wa ga Jehofa, ruri o batla go tswelela pele o ratiwa jalo ka bosakhutleng!
2 Morutwa Jude o ne a tlhalosa kafa o ka dirang ka teng gore o nne o le mo loratong lwa Modimo. Jude o ne a kwala a re: “Ka go ikaga mo tumelong ya lona e e boitshepotshepo, le go rapela ka moya o o boitshepo, ipolokeng mo loratong lwa Modimo, lo ntse lo letetse kutlwelobotlhoko ya Morena wa rona Jesu Keresete lo solofetse botshelo jo bo sa khutleng.” (Jude 20, 21) Go ithuta Lefoko la Modimo le go rera dikgang tse di molemo go go thusa go inonotsha mo ‘tumelong e e boitshepotshepo’—ke gore, dithuto tsa Bokeresete. Gore o nne o le mo loratong lwa Modimo, o tshwanetse go rapela “ka moya o o boitshepo,” kgotsa ka tlhotlheletso ya one. E le gore o segofadiwe ka botshelo jo bo sa khutleng, gape o tshwanetse wa nna le tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu Keresete sa thekololo.—1 Johane 4:10.
3. Ke ka ntlha yang fa bangwe e sa tlhole e le Basupi ba ga Jehofa?
3 Bangwe ba ba kileng ba bo ba na le tumelo ga ba a ka ba nna mo loratong lwa Modimo. E re ka ba tlhophile tsela ya boleo, ga e tlhole e le Basupi ba ga Jehofa. O ka dira jang gore o se ka wa diragalelwa ke se se tshwanang? Go tlhatlhanya ka dintlha tse di latelang go ka go thusa gore o se ka wa leofa mme o ipoloke o le mo loratong lwa Modimo.
Bontsha Gore o Rata Modimo
4. Go ikobela Modimo go botlhokwa go le kana kang?
4 Bontsha gore o rata Modimo ka go mo ikobela. (Mathaio 22:37) Moaposetoloi Johane o ne a kwala a re: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.” (1 Johane 5:3) Go itlwaetsa go ikobela Modimo go ka go nonotsha gore o gane thaelo mme ga dira gore o itumele. Mopesalema o ne a re: “Go itumela motho yo o sa tsamayang mo kgakololong ya baikepi, . . . mme o natefelelwa ke molao wa ga Jehofa.”—Pesalema 1:1, 2.
5. Go rata Jehofa go tla go rotloetsa gore o itshware jang?
5 Fa o rata Jehofa, seo se tla go tlhotlheletsa gore o tile go dira boleo jo bo masisi jo bo ka dirang gore leina la gagwe le kgobiwe. Agure o ne a rapela jaana: “O se ka wa nnaya lehuma le fa e le dikhumo. Mma ke je dijo tse ke di laoletsweng, gore ke se ka ka kgora mme ka go latola ka re: ‘Jehofa ke mang?’ le gore ke se ka ka humanega mme ka utswa ka gobolola leina la Modimo wa me.” (Diane 30:1, 8, 9) Ititeye sehuba gore o se ka wa “gobolola leina la Modimo” ka go mo tlisetsa kgobo. Mo boemong jwa moo, nna o leka ka bojotlhe gore o dire dilo tse di siameng tse di mo tlisetsang kgalalelo.—Pesalema 86:12.
6. Go ne go ka diragalang fa o ne o ka dira boleo ka boomo?
6 Rapela Rrago yo o lorato yo o kwa legodimong ka metlha gore a go thuse go emelana le thaelo ya go dira boleo. (Mathaio 6:13; Baroma 12:12) Nna o latela kgakololo ya Modimo gore dithapelo tsa gago di se ka tsa kgoreletsega. (1 Petere 3:7) Fa o ne o ka dira boleo ka boomo, ditlamorago di ne di tla nna botlhoko, gonne Jehofa o thiba ka tsela ya tshwantshetso jaaka e kete ka leru le legolo gore dithapelo tsa batho ba ba tsuologang di se ka tsa goroga kwa go ene. (Dikhutsafalo 3:42-44) Ka jalo bontsha boikokobetso, mme o rapele gore o se ka wa dira sepe se se ka go thibelang go atamela Modimo ka thapelo.—2 Bakorintha 13:7.
Bontsha Gore o Rata Morwa Modimo
7, 8. Go latela kgakololo ya ga Jesu go ka thusa motho jang go gana tsela ya boleo?
7 Bontsha gore o rata Jesu Keresete ka go ikobela melao ya gagwe, gonne seo se tla go thusa go gana tsela ya boleo. Jesu o ne a re: “Fa lo boloka ditaelo tsa me, lo tla nnela ruri mo loratong lwa me, fela jaaka ke bolokile ditaelo tsa ga Rara mme ka nnela ruri mo loratong lwa gagwe.” (Johane 15:10) Go dirisa mafoko a ga Jesu go ka go thusa jang gore o nne o le mo loratong lwa Modimo?
8 Go ela mafoko a ga Jesu tlhoko go ka go thusa gore o nne o latetse melao e e siameng ya boitsholo. Molao o Modimo a neng a o naya Baiseraele o ne o re: “O se ka wa dira boaka.” (Ekesodo 20:14) Mme Jesu o ne a bolela molaomotheo wa taelo eo fa a re: “Mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.” (Mathaio 5:27, 28) Moaposetoloi Petere o ne a bolela gore bangwe mo phuthegong ya lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba na le “matlho a a tletseng boaka” e bile ba “hepisa meya e e sa nitamang.” (2 Petere 2:14) Le fa go ntse jalo, wena o ka tila maleo a tlhakanelodikobo fa o rata Modimo le Keresete e bile o ba ikobela le gone o ititeile sehuba gore o tla nna o na le kamano e e molemo le bone.
Letla Moya wa ga Jehofa Gore o go Kaele
9. Go ka direga eng ka moya o o boitshepo fa motho a ka tswelela pele ka boleo?
9 Rapelela moya wa Modimo o o boitshepo, mme o o letle o go kaele. (Luke 11:13; Bagalatia 5:19-25) Fa o ka tswelela pele ka boleo, Modimo a ka nna a go amoga moya wa gagwe. Fa Dafide a sena go leofa le Bathesheba, o ne a rapela Modimo jaana: “O se ka wa ntatlha wa ntlosa fa pele ga sefatlhego sa gago; mme, tsweetswee, o se ka wa tlosa moya wa gago o o boitshepo mo go nna.” (Pesalema 51:11) Kgosi Saulo ene o ne a amogwa moya wa Modimo ka ntlha ya go leofa a sa ikwatlhaye. Saulo o ne a leofa ka go isa setlhabelo se se fisiwang le ka go se bolaye letsomane, motlhape le kgosi ya Baamaleke. Go tswa foo Jehofa o ne a tlosa moya wa gagwe o o boitshepo mo go Saulo.—1 Samuele 13:1-14; 15:1-35; 16:14-23.
10. Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go gana le yone kgopolo fela ya go dira boleo?
10 Gana le yone kgopolo fela ya go dira boleo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “Fa re dira boleo ka boomo re sena go amogela kitso e e leng yone ya boammaaruri, ga go tlhole go na le setlhabelo sepe sa maleo se se setseng.” (Bahebera 10:26-31) A bo go ne go ka nna botlhoko jang gore o dire boleo o bo o fitlhe mo seemong seo!
Bontsha ba Bangwe Lorato Lwa Boammaaruri
11, 12. Lorato le tlotlo di ka thibela motho jang gore a se ka a dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo?
11 Go rata bangwe ka wena go tla go thibela go tsena mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. (Mathaio 22:39) Lorato lo lo ntseng jalo lo tla go tlhotlheletsa go dibela pelo ya gago gore e se ka ya go raela go ratana le molekane wa motho yo mongwe wa lenyalo. Go dira jalo go ka felela ka boleo jwa go dira boaka. (Diane 4:23; Jeremia 4:14; 17:9, 10) Nna jaaka Jobe yo o thokgameng, yo o sa kang a itetla go rata mosadi ope o sele fa e se mosadi wa gagwe.—Jobe 31:1.
12 Go tlotla boitshepo jwa lenyalo go ka go thusa go tila boleo jo bo masisi. Modimo o ne a ikaeletse gore lenyalo le le tlotlegang le dikamano tsa tlhakanelodikobo e nne tsela ya go atisa batho. Genesise 1:26-28) Gakologelwa gore dirwe tsa tlhakanelodikobo di diretswe go tlisa botshelo, sengwe se se boitshepo. Bagokafadi le baakafadi ba tlola molao wa Modimo, ba tlontlolola tlhakanelodikobo, ga ba tlotle boitshepo jwa lenyalo mme ba leofela mebele ya bone. (1 Bakorintha 6:18) Mme go rata Modimo le moagelani mmogo le go ikobela Modimo go ka thusa motho gore a se ka a dira boitsholo jo bo ka felelang ka gore a kgaolwe mo phuthegong ya Bokeresete.
(13. Motho yo o sa itsholeng sentle o “senya dilo tse di tlhwatlhwakgolo” ka tsela efe?
13 Re tshwanetse go thibela maikutlo a boleo gore re se ka ra utlwisa baratiwa ba rona botlhoko. Diane 29:3 ya re: “Yo o nnang molekane le diaka o senya dilo tse di tlhwatlhwakgolo.” Moakafadi yo o sa ikwatlhayeng o senya kamano ya gagwe le Modimo e bile o thuba lelapa. Mosadi wa gagwe o na le lebaka la go tlhala. (Mathaio 19:9) Go sa kgathalesege gore a phoso ke ya monna kgotsa mosadi, fa lenyalo le thubega, seo se ka tlisa kutlobotlhoko e kgolo mo molekaneng yo o se nang molato, mo baneng le mo bathong ba bangwe. A ga o dumalane gore go itse kafa boitsholo jo bo sa siamang bo senyang ka teng go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go gana thaelo ya go bo dira?
14. Diane 6:30-35 e re ruta eng kaga go dira phoso?
14 Lebaka la go bo go se na tsela epe ya go dirolola boaka le tshwanetse la re tlhotlheletsa go tila tiro eno ya bogagapa jo bo feteletseng. Diane 6:30-35 e bontsha gore le fa batho ba ka utlwela legodu botlhoko fa le utswa ka ntlha ya tlala, ba nyatsa moakafadi ka gonne o na le maitlhomo a a sa siamang. “O senya moya wa [kgotsa, botshelo jwa] gagwe.” Mo Molaong wa ga Moshe, o ka bo a ile a bolawa. (Lefitiko 20:10) Motho yo o dirang boaka o utlwisa ba bangwe botlhoko e le fela gore a kgotsofatse keletso ya gagwe, mme moakafadi yo o sa ikwatlhayeng ga a nne a le mo loratong lwa Modimo mme o kobiwa mo phuthegong e e phepa ya Bokeresete.
Nna le Segakolodi se se Phepa ka Dinako Tsotlhe
15. Seemo sa segakolodi se se tshwailweng “jaaka e kete ka tshipi e e babolang” ke sefe?
15 Fa re batla go nna re le mo loratong lwa Modimo, ga re ka ke ra letla segakolodi sa rona se kgwaralala mo re sa boneng boleo. Ee, ga re a tshwanela go amogela ditekanyetso tse di kwa tlase tsa lefatshe tsa boitsholo, mme re tshwanetse go nna kelotlhoko mo dilong tse re di tlhophang, tse di jaaka ditsala, se re se balang le boitlosobodutu. Paulo o ne a tlhagisa jaana: “Mo dipakeng tsa moragonyana tsa nako bangwe ba tla wa mo tumelong, ba tlhokomela dipolelo tse di tlhotlheleditsweng tse di tsietsang le dithuto tsa madimona, ka boitimokanyo jwa batho ba ba buang maaka, ba ba tshwailweng mo digakoloding tsa bone jaaka e kete ka tshipi e e babolang.” (1 Timotheo 4:1, 2) Segakolodi se se tshwailweng “jaaka e kete ka tshipi e e babolang” se ntse jaaka letlalo la motho le le babogileng e bile le na le legogo mme le sa tlhole le kgona go utlwa sepe. Segakolodi se se ntseng jalo se ka se tlhole se re tlhagisa gore re tsamaele kgakala le batlhanogi le maemo a a ka dirang gore re we mo tumelong.
16. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa jaana go nna le segakolodi se se phepa?
1 Petere 3:21) Ka ntlha ya tumelo ya rona mo mading a ga Jesu a a tsholotsweng, segakolodi sa rona se tlhatswitswe ditiro tse di suleng, “gore re direle Modimo yo o tshelang tirelo e e boitshepo.” (Bahebera 9:13, 14) Fa re leofa ka boomo, segakolodi sa rona se ka leswefala mme ra ka se ka ra tlhola re le batho ba ba phepa ba ba tshwanelegelang go direla Modimo. (Tito 1:15) Mme ka thuso ya ga Jehofa, re ka nna le segakolodi se se phepa.
16 Re ka bolokwa fela fa re na le segakolodi se se phepa. (Ditsela Tse Dingwe Tsa go Tila Boitsholo Jo bo Sa Siamang
17. ‘Go sala Jehofa morago ka botlalo’ go na le molemo ofe?
17 ‘Sala Jehofa morago ka botlalo,’ fela jaaka go ne ga dira Kalebe wa Iseraele wa bogologolo. (Duteronome 1:34-36) Dira se Modimo a batlang o se dira, mme le ka motlha o se ka wa ja “mo tafoleng ya madimona.” (1 Bakorintha 10:21) Gana botlhanogi. Itumelele go ja dijo tsa semoya tse di bonwang mo tafoleng ya ga Jehofa fela, mme o ka se timediwe ke barutisi ba maaka kgotsa meya e e boikepo. (Baefeso 6:12; Jude 3, 4) Tlhoma mogopolo mo dilong tsa semoya, jaaka go ithuta Baebele, go ya kwa dipokanong le kwa bodireding jwa tshimo. Ruri o tla itumela fa o sala Jehofa morago ka botlalo e bile o na le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.—1 Bakorintha 15:58.
18. Go boifa Jehofa go tla ama jang tsela e o itshwarang ka yone?
18 Ititeye sehuba gore o ‘direle Modimo tirelo e e boitshepo ka poifo ya bomodimo le tshisimogo.’ (Bahebera 12:28) Go boifa Jehofa ka go mo tlotla go tla go rotloetsa go gana tsela epe fela ya boganana. Go tla go thusa gore o itshware go dumalana le kgakololo eno e Petere a neng a e naya batlodiwa ka ene a re: “Fa lo bitsa Rara yo o atlholang ka go se tlhaole, go ya ka tiro ya mongwe le mongwe, itshwareng ka poifo mo nakong ya boagi jwa lona jwa boeng.”—1 Petere 1:17.
19. Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse gore ka dinako tsotlhe o dirise dilo tse o di ithutang mo Lefokong la Modimo?
19 Dira gore ka dinako tsotlhe o dirise se o se ithutang mo Lefokong la Modimo. Seno se tla go thusa go tila maleo a a masisi ka gonne o tla itshupa o le mongwe wa “ba bokgoni jwa bone jwa go lemoga bo thapisiwang ka go dirisiwa gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.” (Bahebera 5:14) Mo boemong jwa go bua fela o sa akanye le go sa itshware sentle, nna kelotlhoko gore o tsamaye jaaka motho yo o botlhale, ‘o ithekela nako e e go siametseng’ mo metlheng eno e e boikepo. ‘Tswelela o lemoga se e leng thato ya ga Jehofa,’ mme o nne o e dire.—Baefeso 5:15-17; 2 Petere 3:17.
20. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tila keletso ya bopelotshetlha?
20 Le ka motlha o se ka wa nna le keletso ya bopelotshetlha—o eletsa dilo tsa batho ba bangwe. Mongwe wa Melao e e Lesome wa re: “O se ka wa eletsa [“eletsa ka bopelotshetlha,” New International Version] ntlo ya mongwe ka wena. O se ka wa eletsa mosadi wa mongwe ka wena, le fa e le motlhanka wa gagwe le fa e le lelata la gagwe le fa e le poo ya gagwe le fa e le esele ya gagwe le fa e le sepe fela se e leng sa mongwe ka wena.” (Ekesodo 20:17) Molao ono o ne o sireletsa ntlo ya motho, mosadi wa gagwe, batlhanka ba gagwe, diruiwa tsa gagwe, jalo le jalo. Mme sa botlhokwa thata ke mafoko a ga Jesu a gore bopelotshetlha bo leswefatsa motho.—Mareko 7:20-23.
21, 22. Mokeresete a ka tsaya dikgato dife tse di ka mo thusang gore a se ka a leofa?
21 Tsaya dikgato tsa go itshireletsa gore keletso e se ka ya go gogela mo boleong. Morutwa Jakobe o ne a kwala a re: “Mongwe le mongwe o lekwa ka go gogelwa a ba a hepisiwa ke keletso ya gagwe. Go tswa foo keletso, fa e sena go emera, e tshola boleo; boleo le jone, fa bo sena go diragadiwa, bo tsala loso.” (Jakobe 1:14, 15) Ka sekai, fa motho a kile a nna le bothata jwa go nwa mo nakong e e fetileng, a ka nna a dira tshwetso ya gore go se ka ga nna go na le bojalwa mo ga gagwe. Gore Mokeresete a tile thaelo e e amanang le mongwe wa bong bo sele, a ka nna a tlhoka go fetola lefelo le a berekelang mo go lone kgotsa go batla tiro e nngwe.—Diane 6:23-28.
22 O se ka wa tsaya le yone kgato ya ntlha fela e e isang kwa boleong. Go itira e kete o na le maikutlo a lorato le go nna le dikgopolo tsa boitsholo jo bo sa siamang go ka felela ka kgokafalo kgotsa boaka. Go bua maaka a masesane go ka fa motho bopelokgale jwa gore a bue maaka a magolo mme go ka felela ka gore a nne le tlwaelo ya boleo ya go bua maaka. Go utswa mo e seng ga sepe go ka kgwaralatsa segakolodi sa motho gore a bo a simolole go utswa dilo tse dikgolo. Tota le go amogela kgopolo ya botlhanogi go se kae fela go ka felela ka gore motho a nne motlhanogi yo o feletseng.—Diane 11:9; Tshenolo 21:8.
Go Tweng fa o Leofile?
23, 24. Re ka gomodiwa jang ke mafoko a a mo go 2 Ditiragalo 6:29, 30 le Diane 28:13?
23 Batho botlhe ga ba a itekanela. (Moreri 7:20) Mme fa o dirile boleo jo bo masisi, o ka gomodiwa ke thapelo ya ga Kgosi Solomone ya fa go ne go kgakolwa tempele ya ga Jehofa. Solomone o ne a rapela Modimo a re: “Thapelo le fa e le efe, kopo le fa e le efe ya go utlwelwa botlhoko e e ka nnang ya dirwa ke motho ope kgotsa ke batho botlhe ba gago ba Iseraele, ka gonne mongwe le mongwe wa bone a itse sebetso sa gagwe le botlhoko jwa gagwe; fa a otlololela ntlo eno magofi a gagwe, e kete o ka utlwa o le kwa magodimong, lefelo la gago la bonno, mme o itshwarele le go naya mongwe le mongwe go ya ka ditsela tsotlhe tsa gagwe, ka gonne o itse pelo ya gagwe (gonne wena ka bowena o le nosi o itse sentle pelo ya bomorwa batho).”—2 Ditiragalo 6:29, 30.
24 Ee, Modimo o itse pelo e bile o a itshwarela. Diane 28:13 ya re: “Yo o bipang ditlolo tsa gagwe ga a na go atlega, mme yo o di ipolelang a bo a di tlogela o tla utlwelwa botlhoko.” Fa motho a ipolela maleo a ikwatlhaya a bo a tlogela go leofa, Modimo a ka mo utlwela botlhoko. Mme fa o koafetse semoyeng, ke eng gape se se ka go thusang go nna o le mo loratong lwa Modimo?
O ne O ka Araba Jang?
• Re ka ipoloka jang re le mo loratong lwa Modimo?
• Go rata Modimo le Keresete go re thusa jang go gana boleo?
• Go rata ba bangwe ka lorato lwa mmatota go re faposa jang mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo?
• Ditsela dingwe tsa go tila boitsholo jo bo sa siamang ke dife?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Jude o re bontsha kafa re ka ipolokang re le mo loratong lwa Modimo ka teng
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Fa lenyalo le thubega, bana le molekane yo o se nang molato ba ka utlwa botlhoko thata
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
A o iketleeditse go ‘sala Jehofa morago ka botlalo’ fela jaaka Kalebe?
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Rapela ka metlha gore o thusiwe go emelana le thaelo