Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa re Tshwanetse go Itse Gore Moganetsakeresete ke Mang?

Ke Eng fa re Tshwanetse go Itse Gore Moganetsakeresete ke Mang?

Ke Eng fa re Tshwanetse go Itse Gore Moganetsakeresete ke Mang?

Moaposetoloi yo o tlhotlheleditsweng o ne a kwala jaana bogologolo: “Lo utlwile gore moganetsakeresete o e tla.” (1 Johane 2:18) A bo mafoko ao a kgatlha jang ne! Batho ba ntse ba ipotsa gore a kaya eng ka makgolokgolo a dingwaga. Moganetsakeresete ke mang? O tla tla leng? O tlile go dirang fa a tla?

BATHO ba ba neng ba latofadiwa go twe ke baganetsakeresete ba bantsi. Mo nakong e e fetileng, batho ba ba neng ba bidiwa “moganetsakeresete” ba ne ba akaretsa Bajuda, Bomopapa ba Katoliki le babusibagolo ba Roma. Ka sekai, fa Mmusimogolo Frederick II (1194-1250) a ne a gana go tsenela Botlhabanelatumelo mo boemong jwa kereke, Mopapa Gregory IX o ne a mmitsa moganetsakeresete mme a mo kgaola mo kerekeng. Yo o neng a tlhatlhama Gregory, e bong Innocent IV, o ne a mo kgaola gape. Ka ntlha ya moo, Frederick o ne a re Innocent ke ene moganetsakeresete.

Moaposetoloi Johane ke ene fela mokwadi wa Baebele yo o neng a dirisa lefoko “moganetsakeresete.” Mo makwalong a mabedi a a bidiwang ka leina la gagwe, lefoko leno le tlhaga makgetlho a le matlhano, mo bongweng le mo bontsing. Ditemana tse lefoko leno le tlhagang mo go tsone di thathamisitswe mo lebokoseng le le mo tsebeng e e latelang. Mo ditemaneng tseno re kgona go bona gore moganetsakeresete ke moaki le motsietsi, yo o ikemiseditseng go senya kamano e motho a nang le yone le Keresete le Modimo. Ke sone se moaposetoloi a neng a rotloetsa Bakeresete mmogo le ene jaana: “Baratwa, lo se ka lwa dumela dipolelwana dingwe le dingwe tse di tlhotlheleditsweng, mme tlhatlhobang dipolelwana tse di tlhotlheleditsweng go bona gore a di tswa mo Modimong, ka gonne baporofeti ba le bantsi ba maaka ba tswetse mo lefatsheng.”—1 Johane 4:1.

Jesu le ene o ne a tlhagisa ka batsietsi, kana baporofeti ba maaka, a re: ‘Ba tla mo go lona ba le mo diaparong tsa dinku, mme mo teng e le diphiri tse di garolakang. Lo tla ba lemoga ka maungo a bone [kana, ditiro].’ (Mathaio 7:15, 16) A Jesu le ene o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe ka moganetsakeresete yono wa tshwantshetso? A re boneng gore re ka lemoga jang motsietsi yono yo o setlhogo.