Go Rera Dikgang Tse di Molemo mo Nageng e Ntle ya Haiti
Go Rera Dikgang Tse di Molemo mo Nageng e Ntle ya Haiti
HAITI le Dominican Republic di mo setlhaketlhakeng sa boboatsatsi sa Hispaniola, e e nang le dithaba tse di kwa godimodimo mo dinageng tsa Caribbean. Bogodimo jwa ditlhoa di le mmalwa tsa dithaba tsa teng di fitlha go dimetara di tse di fetang 2 400. Mo dikgweding tse di tsididi, go nna le segagane mmogo le dikgapetla tsa aese kwa godimo mo dithabeng.
Dithaba mmogo le mekgatšha e e kafa borwa jwa Haiti e apesitswe ke dikgwa tse dintle tsa boboatsatsi. Mo mafelong a mangwe, dithaba ga di na ditlhare, bontsi jwa tsone di lebega di le borethe ka gonne ditlhare tsa tsone di remilwe tsotlhe. Go sa kgathalesege gore o ya kwa bokone kana kwa borwa jwa Haiti, o tla fitlhela e ntse e le ntlentle. Mo ditseleng dingwe tsa teng tse di tshesane le tse di matsoketsane tse di fetang mo dithabeng, o kgona go bona naga le lewatle tse di jesang kgakge o sa ntse o le kgakala. O kgona go bona dithunya tsa mefutafuta le tsa mebala e mentlentle gongwe le gongwe.
Bontsi jwa batho ba le dimilione di le 8,3 ba ba nnang mo nageng eno e e mebalabala ke ba lotso lo lo tlholegang mo metseselegaeng ya Afrika. Le fa gone bontsi jwa bone ba humanegile, ba pelonomi e bile ba rata go amogela baeng. Mo dingwageng di ka nna 60, Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba itumelela go isetsa batho bano dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo mme ba amogelwa ka diatla tsoopedi.—Mathaio 24:14.
Go Rera mo Motseselegaeng
Morongwa mongwe o ne a nna le maitemogelo a a tlwaelegileng koo fa a ne a etetse motseselegae mongwe lekgetlho la ntlha. O ne a kwala jaana:
“Letsatsi lengwe ka March 2003, re ne ra ya go rera kwa Casale, e leng torotswana e nnye e e ka nnang halofo ya ura go tswa kwa Cabaret, kwa legae la rona la barongwa le leng gone, dikilometara di le 30 kafa bokone jwa Port-au-Prince, e e leng motsemoshate. Labofelo fa Basupi ba ne ba rera kwa Casale e ne e le ka 1999, ka jalo re ne re lebeletse pele ka tlhoafalo fa re simolola loeto lwa rona ka 7:00 a.m. Re ne re le 22—mo e ka nnang phuthego yotlhe ya rona—re tletse mo dibeneng di le pedi tse di gogang ka maotwana a manè. Mongwe le mongwe o ne a tlotla e bile a tshega a itumetse fa re ntse re tsamaya mo ditseleng tsa mekgokolosa mme re fitlha mo mokgatšheng o o nang le ditlhare tse dintsi. Motse wa Casale o mo matlhakoreng oomabedi a noka e e elelelang mo mokgatšheng oo.
“Hisitori ya motse ono o o didimetseng e simologile mo dingwageng tsa bo1800 fa masole mangwe a kwa Poland a a neng a tlile mo Haiti go tla go thusa batho ba e neng e le makgoba gore ba bone kgololesego, a ne a aga mo mokgatšheng ono o o nonneng le basadi ba bone ba Ba-Haiti. Ba ne ba nna le bana ba bantle ba ba tswakaneng. Go kgatlha tota go bona batho ba kwa magaeng ba ba nang le letlalo le lesweu, le le borokwa, matlho a matala, a a borokwa jo bo tseneletseng jalo le jalo.
“Motho yo o neng a araba lemati la ntlha le re kokotileng mo go lone o ne a se na kgatlhego. Fa re retologa re tsamaya, monna mongwe o ne a tla go re kgatlhantsha. O ne a batla go itse gore a re dumela gore go na le pharologano fa gare ga Jesu le Modimo. Re ne ra mo kopa gore a tle le Baebele ya gagwe, mme motlotlo wa Dikwalo o re neng ra nna le one o ne wa mo tlhomamisetsa gore Jesu ke Morwa Modimo le gore Jehofa ke ene fela “Modimo yo o esi wa boammaaruri.” (Johane 17:3) Batho ba le bantsi ba ne ba re kopa gore re nne fa fatshe mme re bue le bone. Bangwe ba bone ba ne ba botsa jaana: ‘Lo tla boa leng go tla go ithuta Baebele le rona?’
“Ka sethoboloko re ne ra bona lefelo le lentle le le nang le moriti mme ra jela dijo tsa rona tsa motshegare teng. Bokgaitsadi bangwe ba babedi ba ne ba apeile tlhapi ka pitsa e kgolo. E ne e le monate tota! Fa re ntse re iketlile foo re ja e bile re tlotla, re ne re rerela batho ba ba neng ba feta ka tsela. Morago ga moo re ne ra kgabaganya noka go ya kwa karolong e nngwe ya motse. Re ne ra itumelela go tlotla le batho bano ba ba molemo ba ba neng ba dutse kafa tlase ga ditlhare tsa bone gaufi le matlo a bone a maemo a a kwa tlase. Ruri go ne go itumedisa tota go utlwa modumo wa bana ba ba tshamekang, basadi ba ba tlhatswang diaparo kwa nokeng le bommèmogolo ba ba silang dinawa tsa go dira kofi!
“Go ise go ye kae, e ne e setse e le ura ya bonè mme setlhopha sa rona se se itumetseng se ne sa boela kwa dibeneng mme ra boela kwa Cabaret. Nna le monna wa me re ne ra itumelela loeto lwa rona lwa ntlha kwa Casale e e nang le batho ba ba ratang go amogela baeng le ba ba botsalano.”
Fa e sa le barongwa ba ntlha ba Basupi ba goroga mo Haiti ka 1945, palo ya baboledi ba Bogosi mo nageng eno e ne ya tlhatloga ka iketlo mo e leng gore jaanong go na le batho ba le 14 000 ba ba tshwaregileng ka tiro ya go rera mme ba tshwara dithuto tsa magae tsa Baebele tse di fetang 22 000. Ba amile matshelo a batho ba le 59 372 ba ba neng ba nna gone kwa Segopotsong ka March 2005 mme ba tsweletse go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo phatlalatsa. Ela tlhoko ditsela tse di farologaneng tse tiro ya Basupi ba ga Jehofa e amileng batho ka tsone.
Go Dirisa Ditshwantsho go Rera Dikgang Tse di Molemo
Batho ba le bantsi ba kwa Haiti ba rata dilo tse di mebalabala. Seno se bonala mo tseleng e ba aparang ka yone, e ba pentang matlo a bone ka yone, mo mefuteng e e farologaneng ya dithunya e e leng mo ditshingwaneng tsa bone le mo tseleng e ba takang ditshwantsho tsa bone ka yone. Diseile tse di pentilweng ka mokgwa wa mo lefelong leo wa go penta ka mebala e e galotseng o o bidiwang L’Art Haitien di beilwe gotlhe mo mebileng ya Port-au-Prince. Bareki ba tsone ba tswa mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe.
Mebala e e tlhageletseng eno ga e bonale fela mo diseileng. Mebila ya Port-au-Prince e tletse dithekisi tse di bidiwang di-camionette kana di-tap-tap tse di pentilweng ka maatlametlo ditshwantsho tse bataki
ba ikakanyeditseng tsone. Gantsi o kgona go bona ditshwantsho tse di theilweng mo Baebeleng.Fa o ntse o tsamaya mo mebileng, ka tshoganyetso fela o kgona go bona ditshwantsho tse di tlwaelegileng—tse di jaaka sa ga Adame le Efa ba le mo tshimong ya Edene. Ee, o tla di bona di pentilwe mo fensetereng e e kwa morago ya camionette e e sa tswang go feta. Gantsi o kgona go bona Dikwalo kana meano e e nang le leina la ga Jehofa e pentilwe mo dikoloing tseno kana e tsentswe mo maineng a dikgwebo.
Go Rera Dikgang Tse di Molemo Kwa Sekolong
Basha ba Basupi ba kwa Haiti ba na le ditshono tse di molemo tsa go thusa baithuti mmogo le bone go ithuta Baebele. Sengwe sa dikai tsa seo ke pego e e latelang ya mosetsanyana wa dingwaga di le 17 wa Mosupi.
“Letsatsi lengwe mosimane yo ke tsenang tlelase le ene o ne a tla kwa go nna mme a mpotsa gore ‘kgokafalo’ ke eng. E re ka ke ne ke akanya gore o batla go ntlwaela thata, ke ne ka mo tlhokomologa. Mme fa a botsa moithuti yo mongwe wa mosimane potso e e tshwanang, bana botlhe mo tlelaseng ba ne ba kgatlhegela potso eo. Ka jalo mo bekeng e e latelang fa ke sena go dira dipatlisiso ka kgang eno, ke ne ka buisana le baithuti ba tlelase ya me, ka ba tlhalosetsa gore ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba leka ka natla go nna ba le phepa mo boitsholong, mo semoyeng le mo mmeleng.
“Baithuti ba ne ba botsa dipotso tse dintsi mme ba itumelela dikarabo tse di tswang mo Baebeleng tse ke neng ke ba naya tsone. Tota le mogokgo yo kwa tshimologong a neng a okaoka o ne a botsa dipotso tse dintsi mme a dira dithulaganyo tsa gore ke tlotle le baithuti ba ba leng mo ditlelaseng tse dingwe. Ke ne ka ba bontsha buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, * mme ba le bantsi ba ne ba e kgatlhegela. Mo letsatsing le le latelang ke ne ka tsamaisetsa baithuti mmogo le nna dibuka di le 45. Ba le bantsi ba ne ba fetsa go bala buka ya bone ka bonako mme jaanong ba ithuta Baebele le Basupi ba ba nnang gaufi le bone. Moithuti mongwe yo o nnang mo lefelong le le lengwe le nna o tla dipokanong tsotlhe.”
Go Dirisa Puo ya Se-Creole
Batho ba lefelo le ke ba mebala e e farologaneng e bile ba a kgatlha mmogo le naga ya bone, go ntse jalo le ka Se-Creole sa kwa Haiti se mo go sone go kopantsweng mafoko a Sefora le thutapuo ya kwa Afrika Bophirima. Eno ke yone puo ya batho ba Haiti, puo e ba e ratang thata. Puo eno ke yone e Basupi ba ga Jehofa ba e dirisang thata go rerela batho ba Haiti, mme go dirilwe dithulaganyo tsa go gatisa dibuka tsa Baebele ka Se-Creole sa kwa Haiti.
Ka 1987, boroutšhara jwa Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng! bo ne jwa ranolelwa mo puong ya Se-Creole sa Haiti, mme ya latelwa ke buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng mme moragonyana go ne ga ranolwa boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? Dikgatiso tseno di thusitse thata baithuti ba basha ba Baebele ba ba batlang go tlhaloganya Lefoko la Modimo. Go simolola ka September 1, 2002, Tora ya Tebelo le yone e ne ya gatisiwa ka Se-Creole sa Haiti. Go sa ntse go dirisiwa dibuka tsa Sefora, mme gone ba le bantsi ba rata go bala ka puo ya bone.
Go Isetsa ba ba Leng Kwa Kgolegelong Dikgang Tse di Molemo
Bosheng jaana, Basupi ba ga Jehofa ba simolotse go isetsa banna le basadi ba ba leng kwa dikgolegelong tsa Puso dikgang tse di molemo. Basupi ba ba dirang seno ba itumelela go isetsa batho bano ba ba leng mo maemong a a botlhoko dikgang tsa kgomotso. Modiredi mongwe wa Mokeresete o bega jaana:
“Fa re ne re etetse kgolegelo nngwe lekgetlo la ntlha, magolegwa a ne a tlisiwa mo phaposing e kgolo gore a tle go kopana le rona. Re ne re ipotsa gore ba tla itshwara jang. Fa re ba tlhalosetsa gore re ne re tlile go ba thusa go tlhaloganya Baebele, botlhe ba le 50 ba ne ba re amogela ka diatla tsoopedi. Re ne ra ba bontsha dikgatiso tsa Se-Creole tsa boroutšhara jwa Ineele go Bala le go Kwala le jwa
Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng! mme ra simolola dithuto tsa Baebele di le 26 le bone. Ba le lesome ba bone ba ne ba sa itse go bala le go kwala, mme ba ne ba bontsha kgatlhego fa re ba bontsha gore ba dirise jang ditshwantsho tse di mo boroutšhareng go ba thusa go tlhaloganya mafoko.”Fa Basupi ba boa, monna mongwe o ne a re: “Ke badile boroutšhara jono ka ba ka bo boaboeletsa. Ke nna ke akanya ka se ke se badileng mo go jone mme ke ntse ke lebile pele gore lo nketele gape.” Monna yo o neng a tshwaretswe go thukutha a tshwere tlhobolo o ne a re o batla go fetoga, mme a kopa gore go romelwe mongwe a ye go ithuta Baebele le mosadi wa gagwe. Rre wa bana ba le babedi yo o neng a le mo kgolegelong le ene o ne a kopa gore go ithutiwe Baebele le mosadi wa gagwe gore mosadi wa gagwe a kgone go bona pharologano fa gare ga ditumelo tsa boammaaruri le tsa maaka. Moruti mongwe wa Moporotesetanta yo o neng a na le molato wa go tseela maloko a kereke ya gagwe madi a mantsi ka boferefere o ne a re jaanong o bone boammaaruri mme fa a sena go gololwa o tlile go thusa maloko a kereke ya gagwe gore ba nne Basupi ba ga Jehofa.
Legolegwa lengwe le le neng le se na khopi ya boroutšhara jwa Re Direng ka Se-Creole le ne la kwalolola boroutšhara jotlhe jwa legolegwa mmogo le lone mme la ithuta jone go fitlha le bo tshwara ka tlhogo. Mosadi mongwe wa legolegwa o ne a simolola go bolelela magolegwa a a neng a na le one mo seleng se a neng a ithuta sone mme a bo a ithuta le bone. Monna mongwe wa legolegwa o ne a fetsa go bala boroutšhara, mme fa a simolola go bala buka ya Kitso, a simolola go rerela magolegwa a mangwe. Go ise go ye kae o ne a ithuta Baebele le ba le banè ba bone.
Mercony * o kile a bo a ithuta Baebele mme o na le ba losika ba e leng Basupi ba ga Jehofa. O ne a kgothaletsa magolegwa a mangwe gore a bale dibuka tsa Baebele tse a neng a di tletswe ke ba losika. A re: “Fa ke naya magolegwa dibuka, ba mpitsa Mosupi wa ga Jehofa. Ke ba bolelela gore ga ke Mosupi gonne ke itse se se bolelwang ke go nna Mosupi. Ke batla go tsaya thuto ya me ya Baebele masisi jaanong, ke ithute ke bo ke kolobediwe. Fa nkabo ke latetse tsela ya bonkgonne fa ke sa ntse ke le mosha, nkabo ke se mo kgolegelong jaanong.”
Mongwe wa magolegwa a a amogetseng dibuka mo go Mercony o ne a raya Basupi ba ba mo etetseng a re: “Pele lo tla Mantaga o o fetileng ke ne ke tshwenyegile thata mo maikutlong mme ke ne ke tlile go ipolaya. Mme fa ke sena go bala dimakasine, ke ne ka rapela Modimo gore a intshwarele dilo tse di bosula tse ke di dirileng le gore a romele mongwe go tla go mpontsha tsela e e siameng. Ke ne ka itumela thata mo letsatsing le le latelang fa lo ne lo re lo batla go ithuta Baebele le magolegwa! Ke batla gore lo nthute gore nka direla Jehofa jang.”
Tsogang! E Naya ba le Bantsi Dikgang Tse di Molemo
Makasine wa Tsogang! wa November 8, 2000 o ne o bua ka tiro ya booki. Mosadi mongwe o ne a amogela dikhopi di le 2 000 mme a di neela baoki ba ba neng ba le mo seminareng kwa Port-au-Prince. Makasine wa July 8, 2002, wa Tsogang! one, o ne o na le ditlhogo tse di buang ka mapodise le tiro ya bone mme o ne wa tsamaisetswa mapodise a le mantsi a kwa Port-au-Prince. Ba ne ba itumelela dimakasine tseno fela thata, mme le jaanong bangwe ba bone ba emisa Basupi fa ba le mo tirong ya seterata ba ba kopa dimakasine tse dingwe.
Bosheng jaana, modiredimogolo mongwe wa Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo o ne a rulaganya thulaganyo ya go ruta batho ka mathata a AIDS. O ne a lalediwa kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa a neng a bontshiwa tshedimosetso e e buang ka kgang eno e e gatisitsweng mo makasineng wa Tsogang! O ne a kgatlhiwa thata ke go bona ditlhogo tse di theilweng mo Baebeleng tse di tlotlang ka ditsela tse di molemo thata tsa go thibela AIDS le ka ditsela tsa go thusa ba ba setseng ba tshwaeditswe go lebana le boemo jwa bone. O ne a re Tsogang! e di goga kwa pele mo go anamiseng tshedimosetso ka kgang eno.
Ee, Basupi ba ga Jehofa ba dirisa ditsela tse dintsi go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo nageng e e mebalabala ya Haiti, fela jaaka ba dira mo dinageng tse dingwe di le 234 lefatshe ka bophara. Ba le bantsi ba amogela molaetsa ono wa tsholofelo mme ba thusiwa gore ba seka ba tsepamisa megopolo mo mathateng a gone jaanong a botshelo. Go na le moo, ba kgothalediwa gore ba lebe kwa pele kwa lefatsheng le lesha koo botlhe ba ba obamelang Modimo wa boammaaruri Jehofa ba tla itumelelang botshelo jo bo itekanetseng ka botlalo teng.—Tshenolo 21:4.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 20 Dibuka tse maina a tsone a bontshitsweng mo setlhogong seno di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.
^ ser. 29 Leina le fetotswe.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 9]
Background: ©Adalberto Rios Szalay/photodisc/age fotostock