Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Go tlhophiwa ga Bakeresete ba ba nang le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong go tla fela leng?

Baebele ga e re neye karabo e e tlhomameng ya potso eo. Mme gone re itse gore go tlodiwa ga barutwa ba ga Jesu gore ba bone boswa jwa go tshela kwa legodimong go simologile ka 33 C.E. (Ditiro 2:1-4) Gape re itse gore fa baaposetoloi ba sena go swa, Bakeresete ba boammaaruri ba ba tloditsweng ba e leng “korong” ba ne ba ‘gola mmogo’ le Bakeresete ba e seng bone, e leng “mefero.” (Mathaio 13:24-30) Go tswa foo, go simolola ka dingwaga tsa bofelo tsa bo1800, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba boa gape ba dira ka natla tota. Ka 1919, “thobo ya lefatshe,” e e akaretsang le go phuthiwa ga ba bofelo ba batlodiwa, e ne ya simolola go rojwa.—Tshenolo 14:15, 16.

Go simolola ka dingwaga tsa bofelo tsa bo1800 go fitlha ka 1931, boikaelelo jo bogolo jwa tiro ya go rera e ne e le gore go phuthiwe ba ba setseng ba mmele wa ga Keresete. Ka 1931, Baithuti ba Baebele ba ne ba simolola go ipitsa ka leina le le tswang mo Baebeleng la Basupi ba ga Jehofa, mme mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa November 15, 1933 [ka Seesemane], go ne ga bontshiwa gore leina leo le le sa tlwaelegang e ne e le yone “denario” e go buiwang ka yone mo setshwantshong sa ga Jesu se se mo go Mathaio 20:1-16. Go ne go akanngwa gore diura tse 12 tse di umakwang mo setshwantshong seno di tsamaisana le dingwaga tse 12 tsa go tloga ka 1919 go fitlha ka 1931. Ka dingwaga tse dintsi morago ga moo, go ne go dumelwa gore go tlhophiwa ga batho ba ba neng ba tla nna mo Bogosing jwa legodimo go ne go fedile ka 1931 le gore ba ba neng ba bileditswe go nna baruaboswa mmogo le Keresete ka 1930 le 1931 e ne e le bone ba “bofelo” go tlhophiwa. (Mathaio 20:6-8) Le fa go ntse jalo, ka 1966 setshwantsho seo se ne sa tlhalosiwa ka tsela e nngwe, mme go ne ga bonala sentle gore se ne se sa amane ka gope le go fela ga tiro ya go tlhopha batlodiwa.

Ka 1935 go ne ga tlhaloganngwa gore “boidiidi jo bogolo” jwa Tshenolo 7:9-15 bo bopilwe ka “dinku tse dingwe,” Bakeresete ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng, ba ba neng ba tla phuthiwa mo “metlheng ya bofelo” ba bo ba falole Haramagedona e le setlhopha. (Johane 10:16; 2 Timotheo 3:1; Tshenolo 21:3, 4) Morago ga ngwaga oo, tiro ya go dira barutwa e ne ya remelela mo go phutheng ba boidiidi jo bogolo. Ka gone, bogolo jang fa e sale ka 1966, go ne go dumelwa gore tiro ya go tlhopha batho ba ba yang legodimong e weditswe ka 1935. Seno se ne se lebega se tlhomamisiwa fa mo e ka nnang botlhe ba ba neng ba kolobediwa morago ga 1935 ba ne ba dumela gore ba na le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. Morago ga moo, bape ba ba neng ba tlhophiwa gore ba newe tsholofelo ya go tshela kwa legodimong go ne go dumelwa gore ba emisetsa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba neng ba sa ikanyega.

Kwantle ga pelaelo, fa mongwe wa batlodiwa a tlogela boammaaruri a sa ikwatlhaye, Jehofa o bitsa motho yo mongwe gore a tseye sebaka sa gagwe. (Baroma 11:17-22) Le fa go ntse jalo, palo ya batlodiwa ba mmatota ba ba ileng ba wa e ka se ke ya bo e le kgolo. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa nako e ntse e feta, Bakeresete bangwe ba ba kolobeditsweng morago ga 1935 ba ile ba supelwa ke moya o o boitshepo gore ba na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong. (Baroma 8:16, 17) Ka gone, go lebega gore re ka se ka ra baya letlha le le tlhomameng la gore go tlhophiwa ga Bakeresete gore ba newe tsholofelo ya go tshela kwa legodimong go fela leng.

Motho yo o dumelang gore jaanong ke motlodiwa a bo a simolola go ja ditshwantshetso kwa Segopotsong o tshwanetse go lebiwa jang? Ga a tshwanela go tshwaiwa phoso. Ke kgang ya gagwe le Jehofa. (Baroma 14:12) Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ba tloditsweng ba boammaaruri ga ba senke go tshwarwa ka tsela nngwe e e kgethegileng. Ga ba dumele gore go nna batlodiwa ga bone go dira gore ba nne le “lesedi” lengwe le le kgethegileng, go feta lesedi le ba bangwe ba ba nang le maitemogelo ba boidiidi jo bogolo ba nang le lone. Ga ba dumele gore seo se dira gore ba nne le moya o o boitshepo go feta balekane ba bone ba dinku tse dingwe; le gone ga ba lebelele gore ba tshwarwe ka tsela nngwe e e kgethegileng e bile ga ba akanye gore go ja ditshwantshetso ga bone go dira gore ba nne kwa godimo ga bagolwane ba ba tlhomilweng mo phuthegong. Ba gopola ka boikokobetso gore banna bangwe ba ba tloditsweng ka lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa tshwanelege go nna bagolwane kgotsa batlhanka ba bodiredi. (1 Timotheo 3:1-10, 12, 13; Tito 1:5-9; Jakobe 3:1) E bile Bakeresete bangwe ba ba tloditsweng ba ne ba le bokoa semoyeng. (1 Bathesalonika 5:14) Mme bokgaitsadi, le fa ba ne ba tloditswe, ba ne ba sa rute mo phuthegong.—1 Timotheo 2:11, 12.

Ka jalo, Bakeresete ba ba tloditsweng mmogo le balekane ba bone ba dinku tse dingwe ba leka go nna ba nonofile semoyeng, ba tlhagolela maungo a moya e bile ba dira gore go nne le kagiso mo phuthegong. Bakeresete botlhe, e ka tswa e le batlodiwa kgotsa e le ba dinku tse dingwe, ba dira ka natla mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo le go dira barutwa ba kaelwa ke Setlhopha se se Laolang. Bakeresete ba ba tloditsweng ba kgotsofalela go dira seno fa fela e sa ntse e le thato ya Modimo gore ba tswelele ba le mo lefatsheng e le batlhanka ba ga Jehofa.