A o Na le Moya O o Sa Sweng?
A o Na le Moya O o Sa Sweng?
A re dirilwe fela ka nama le madi? Kana re na le sengwe se sele kwa ntle ga dilo tseo tse re dirilweng ka tsone? A botshelo jwa rona e tlile go nna jo bokhutshwane fela? Kana a go na le karolo nngwe ya rona e e sa bonaleng e e tswelelang e tshela morago ga loso?
LE FA madumedi a lefatshe a na le ditumelo tse dintsi tse di tlhakanyang tlhogo tsa Botshelo Morago ga Loso, bontsi jwa one a na le tumelo eno: Go na le sengwe mo teng ga motho se se tswelelang se tshela morago ga loso. Batho ba bantsi ba dumela gore “sengwe” seno ke moya. Wena o dumela eng? A karolo nngwe ya rona ke nama mme karolo e nngwe ke moya? Moya ke eng? A batho ba na le moya o o sa sweng? Go botlhokwa thata gore re itse boammaaruri ka seo re leng sone!
“Motho a Nna Moya o o Tshelang”
A “moya” ke karolo ya motho e e kgaoganang le mmele fa a swa mme one o bo o tswelela o tshela? Go ya ka Holman Illustrated Bible Dictionary, “gantsi go tsewa gore motho a feletse ke moya.” Ka sekai, Genesise 2:7 ya re: “Jehofa Modimo a bopa motho ka lorole lo lo tswang mo mmung a ba a budulela moya wa botshelo mo teng ga maroba a dinko tsa gagwe, mme motho a nna moya o o tshelang.” Motho wa ntlha, Adame, e ne e le moya.
Ntlha ya gore lefoko “moya” le ka raya motho yo o feletseng e tlhomamisiwa ke ditemana tse dingwe. Ka sekai, Baebele ya re moya o dira tiro. (Lefitiko 23:30) Gatwe moya o fela pelo, o a serega, o tlhorega boroko, o a boifa, e bile o hutsafetse. (Baatlhodi 16:16; Jobe 19:2; Pesalema 119:28; Ditiro 2:43; 1 Bathesalonika 5:14) Baroma 13:1 fa e bua ka motho e re ke moya, ya re: “A moya mongwe le mongwe o nne mo taolong ya balaodi ba bagolo.” Mme 1 Petere 3:20 ya re: ‘Mo malatsing a ga Noa, . . . batho ba le mmalwa, e leng, meya e le robedi, ba ne ba rwalwa ka pabalesego go ralala metsi.’ Ga go na sepe mo ditemaneng tseno se se kayang gore moya ke sengwe se se tswelelang se tshela morago ga loso.
Go tweng ka diphologolo le dimela? A ke meya? Bona kafa Baebele e tlhalosang ka teng go bopiwa ga diphologolo. Modimo o ne a laela Genesise 1:20, 24) Ka jalo, dibopiwa tsotlhe tse di tshelang—batho kana diphologolo—ke meya. Mo Baebeleng, dimela ga di bidiwe meya.
jaana: “A metsi a nyeule bontsintsi jwa meya e e tshelang.” Mo letsatsing le le latelang la popo, Modimo o ne a re: “A lefatshe le ntshe meya e e tshelang kafa mefuteng ya yone, seruiwa le phologolo e e tsamayang le sebatana sa naga sa lefatshe kafa mofuteng wa sone.” (Lefoko “moya” le dirisiwa ka tsela e nngwe. Jobe 33:22 ya re: “Moya wa gagwe o atamela kgatampi, le botshelo jwa gagwe kwa go ba ba bakang loso.” Fano, mafoko “moya” le “botshelo” a dirisiwa ka tsela e e tshwanang, le lengwe le gatelela bokao jwa le lengwe. Ka jalo, “moya” o ka raya botshelo jo bo motho a bo tshelang e le moya o o tshelang, kana motho. Ke sone se Baebele e reng baba ba ga Moshe, ba ba neng ba batla go mmolaya ke “batho botlhe ba ba neng ba tsoma moya wa [gagwe].” (Ekesodo 4:19) Mme Baebele e bua jaana ka Jesu Keresete: “Morwa motho [o] ne a tla, . . . go ntsha moya [botshelo] wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.”—Mathaio 20:28.
Tlhaloso ya Baebele ya “moya” e motlhofo e bile e a utlwala. Lefoko leno le ka raya motho kana phologolo kana botshelo jo sebopiwa se bo tshelang e le moya o o tshelang. Jaaka re tla bona, tlhaloso eno e dumalana le se Baebele e reng se diragalela moya fa motho a swa.
‘Moya o o Leofang o Tla Swa’
Baebele ya re: “Moya o o leofang—go tla swa one.” (Esekiele 18:4) Moporofeti Elija yo o neng a tlaletswe o ne “a simolola go kopa gore moya wa gagwe o swe.” (1 Dikgosi 19:4) Ka tsela e e tshwanang, Jona o ne “a nna a kopa gore moya wa gagwe o swe.” (Jona 4:8) Ee, moya o a swa fa motho a swa; ga o tshelele ruri. Ka gonne motho ke moya, fa re re motho o sule re raya gore moya wa gagwe o sule.
Mme go tweng ka ditemana tsa Baebele tse di buang ka go tswa le go boa ga moya? Baebele e bolela jaana ka se se diragaletseng Ragele fa a ne a tshola ngwana wa gagwe wa mosimane: “Fa moya wa gagwe o ne o tswa (ka gonne o ne a swa) a mo raya leina a re Bene-oni; mme rraagwe a mmitsa Benjamine.” (Genesise 35:18) Mme 1 Dikgosi 17:22 e bua jaana ka go tsosiwa ga morwa wa motlholagadi: “Jehofa a reetsa lentswe la ga Elija, [mo thapelong] mme moya wa ngwana wa boela mo teng ga gagwe mme a tshela.” A ditemana tseno di bontsha gore moya ke karolo e e sa bonaleng, e nnye e e kgonang go tswa mo mmeleng kana go tsena mo go one?
Gakologelwa gore bokao jo bongwe jwa lefoko “moya” ke “botshelo.” Ka jalo, fa go twe moya wa ga Ragele o ne o tswa go raya gore botshelo jwa gagwe bo ne bo fela. Tota e bile, Dibaebele di ranola seele “moya wa gagwe o ne o tswa” di re “botshelo jwa gagwe bo ne bo fela” (Knox) le “o ne a hema la bofelo” (Jerusalem Bible). Ka tsela e e tshwanang, morwa wa motlholagadi ene botshelo bo ne jwa boela mo go ene.—1 Dikgosi 17:23.
Se Motho a Leng Sone
Baebele e bontsha sentle se motho a leng sone. Ga a na moya, ene ka boene ke moya. Ka ntlha ya se motho a leng sone—tsholofelo epe ya mo isagweng ya batho ba ba suleng e ikaegile ka go tsosiwa ga baswi. Baebele e solofetsa jaana: “Lo se gakgamalele seno, ka gonne nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe [Jesu] ka yone mme ba tla tswa, ba ba dirileng dilo tse di molemo ba tswela kwa tsogong ya botshelo, ba ba dirileng dilo tse di bosula ba tswela kwa tsogong ya katlholo.” (Johane 5:28, 29) Tsholofetso eo e e tlileng go diragadiwa ya tsogo—e seng thuto ya gore moya ga o swe—ke yone tsholofelo ya mmatota ka baswi.
Go botlhokwa tota go nna le kitso e e tlhomameng ya se tsogo e leng sone le se e se kayang mo bathong! Selo se sengwe sa botlhokwa ke go nna le kitso ka Modimo le ka Keresete, ka gonne fa Jesu a rapela o ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la gaeno ba tla itumelela go go thusa go ithuta Baebele gore o tle o oketse kitso ya gago ka Modimo, ka Morwawe le ka ditsholofetso tsa gagwe. Re go laletsa gore o ikgolaganye le Basupi kana o kwalele bagatisi ba makasine ono.
[Ditshwantsho mo go tsebe 4]
Tsotlhe ke meya
[Motswedi wa Setshwantsho]
Goat: CNPC—Centro Nacional de Pesquisa de Caprinos (Sobral, CE, Brasil)