A “Tesetamente e Kgologolo” e sa Ntse e le Mosola?
A “Tesetamente e Kgologolo” e sa Ntse e le Mosola?
KA 1786 ngaka ya Mofora e ne ya gatisa buka e e bidiwang Traité d’anatomie et de physiologie (Tlhaloso Kaga Mmele wa Motho le Thutotshelo). E tsewa e le yone buka e e buang boammaaruri ka boboko le mmele wa motho go di gaisa tsotlhe tsa motlha wa yone mme khopi ya yone e e neng e setse, e sa tswa go rekisiwa bosheng jaana ka madi a a fetang dikete di le 195 tsa diranta! Le fa go ntse jalo, balwetse ba le bantsi gompieno ga ba ka ke ba ikanya ngaka ya moari e e ikaegileng ka buka eno e e nang le dipatlisiso tse di sa leng di dirwa makgolokgolo a dingwaga a a fetileng. Botlhokwa jo buka eo e nang le jone mo hisitoring le mo go dirweng ga dibuka ga bo mosola mo mothong yo o lwalang mo motlheng wa gompieno.
Batho ba le bantsi ba ikutlwa fela jalo ka se go tweng ke Tesetamente e Kgologolo. Ba bona botlhokwa jwa dipego tsa yone tsa hisitori ya Baiseraele mme ba rata le mafoko a yone a a monate a poko. Le fa go ntse jalo, ba akanya gore ga go utlwale go latela kaelo ya dingwaga di le 2 400 tse di fetileng. Gompieno kitso mo go tsa saense, tsa kgwebo tota le mo botshelong jwa lelapa e farologane thata le ka tsela e go neng go le ka yone fa Baebele e ne e kwalwa. Mokwadi wa pele wa Christianity Today e bong Philip Yancey, o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe e e bidiwang The Bible Jesus Read: “Gantsi [Tesetamente e Kgologolo] ga e tlhaloganyesege, mme dikarolo tse yone tse di kgonang go tlhaloganngwa, di kgopisa batho ba motlha wa gompieno. Ka ntlha ya mabaka ano le a mangwe, gantsi Tesetamente e Kgologolo e e leng tharonnèng ya Baebele ga e balwe.” Ga se ene wa ntlha go akanya jalo.
Dingwaga tse di kwa tlase ga di le 50 morago ga loso lwa moaposetoloi Johane mo e ka nnang ka 100 C.E., lekawana lengwe la mohumi le le bidiwang Marcion le ne le ruta phatlalatsa gore Bakeresete ba tshwanetse go tlogela Tesetamente e Kgologolo. Go ya ka rahisitori wa Moesemane e bong Robin Lane Fox, Marcion o ne a tataletse mo kgannyeng ya gore, “‘Modimo’ wa Tesetamente e Kgologolo e ne e le ‘selalome se se setlhogo’ se se neng se rata dinokwane le dirukhutlhi tse di jaaka Kgosi Dafide wa Iseraele. Kafa letlhakoreng le lengwe, Keresete ene o ne a senola Modimo mongwe yo mogolo, yo mosha le yo o farologaneng gotlhelele le yo go buiwang ka ene mo Tesetamenteng e Kgologolo.” Fox o ne a kwala gore ditumelo tseno “di ne tsa fetoga ‘thuto ya ga Marcion’ mme tsa nna tsa amogelwa ke batho ba ba oketsegileng go fitlha mo lekgolong la bonè la dingwaga bogolosegolo ba ba buang Sesiria sa kwa Botlhaba.” Batho bangwe ba sa ntse ba dumela dilo tseno. Mme ka ntlha ya seno, dingwaga tse di fetang 1 600 moragonyana, Philip Yancey o ne a kwala jaana: “Kitso e batho ba nang le yone ka Tesetamente e Kgologolo e ntse e nyelela ka bonako mo Bakereseteng mme go lebega e batla e nyeletse le mo bathong ba ba tshelang gompieno.”
A Tesetamente e Kgologolo e tseetswe sebaka ke e nngwe? Re ka dirang gore re kgone go tlhaloganya “Jehofa wa masomosomo” yo o mo Tesetamenteng e Kgologolo le “Modimo wa lorato le wa kagiso” yo o mo Tesetamenteng e Ntšha? (Isaia 13:13; 2 Bakorintha 13:11) A Tesetamente e Ntšha e ka go solegela molemo gompieno?