Batsadi—Thapisang Bana ba Lona ka Lorato
Batsadi—Thapisang Bana ba Lona ka Lorato
“A merero ya lona yotlhe e diragale ka lorato.”—1 BAKORINTHA 16:14.
1. Batsadi ba ikutlwa jang fa ngwana a tsholwa?
BATSADI ba bantsi ba tla dumela gore fa ngwana a tsholwa, eo e ka nna nngwe ya ditiragalo tse di itumedisang go gaisa tsotlhe mo botshelong. Mmè mongwe yo o bidiwang Aleah a re: “Lekgetlho la ntlha fa ke ne ke bona morwadiake yo o neng a sa tswa go tsholwa, ke ne ke itumetse tota. Ke ne ke dumela gore e ne e le ngwana yo montle go gaisa botlhe ba nkileng ka ba bona.” Le fa go ntse jalo, tiragalo e e itumedisang jalo, gape e ka dira gore batsadi ba tlhobaele. Monna wa ga Aleah a re: “Ke ne ke tshwenyegile ka gore a ke ne ke tla kgona go thusa ngwanake sentle go ipaakanyetsa diteko tsa botshelo.” Batsadi ba le bantsi ba tshwenyegile ka sone seo mme ba bona go tlhokega go thapisa bana ba bone ka lorato. Le fa go ntse jalo, batsadi ba Bakeresete ba ba batlang go naya thapiso e e lorato jalo ba lebane le dikgwetlho. Dingwe tsa tsone ke dife?
2. Batsadi ba lebana le dikgwetlho dife?
2 Jaanong re tshela kwa bofelong jwa metlha ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo. Jaaka go boleletswe pele, lefatshe gompieno le tletse ka batho ba ba se nang lorato. Tota le batho ba lelapa le le lengwe e nna “ba ba se nang lorato lwa tlholego,” le “ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, . . . ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang.” (2 Timotheo 3:1-5) Fa maloko a malapa a Bakeresete a ntse a kopana le batho ba ba ntseng jalo letsatsi le letsatsi, seo se ka ama tsela e a dirisanang ka yone. Mo godimo ga moo, batsadi ba lwantshana le bokoa jwa bone jo ba bo ruileng jwa gore ba galefe, ba bue dilo tse di utlwisang botlhoko ba sa ikaelela, le gore ba se ka ba bona dilo sentle ka dinako tse dingwe.—Baroma 3:23; Jakobe 3:2, 8, 9.
3. Batsadi ba ka godisa jang bana ba ba itumetseng?
3 Le fa go na le dikgwetlho tseno, batsadi ba ka kgona go godisa bana ba ba itumetseng, ba ba ratang Modimo. Jang? Ka go latela kgakololo eno ya Baebele: “A merero ya lona yotlhe e diragale ka lorato.” (1 Bakorintha 16:14) Ee ruri, lorato ke “sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.” (Bakolosa 3:14) A re sekasekeng dikarolo tse tharo tsa lorato tse di tlhalosiwang ke moaposetoloi Paulo mo lekwalong la ntlha le a le kwaletseng Bakorintha mme re tlhalose ditsela dingwe tse di tlhomameng tse batsadi ba ka dirisang nonofo eno ka tsone fa ba ntse ba thapisa bana ba bone.—1 Bakorintha 13:4-8.
Lebaka La go Bo go Tlhokega go Nna Pelotelele
4. Ke ka ntlha yang fa batsadi ba tshwanetse go nna pelotelele?
4 Paulo o ne a kwala a re: “Lorato lo pelotelele.” (1 Bakorintha 13:4) Lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe “pelotelele” le kaya go nna bonya go galefa. Ke ka ntlha yang fa batsadi ba tlhoka go nna pelotelele? Kwantle ga pelaelo, batsadi ba le bantsi ba ka akanya ka mabaka a mantsi. Akanya ka a sekae fela. Fa bana ba batla sengwe, ga se gantsi ba se kopa gangwe fela ba bo ba tlogela. Tota le fa motsadi a ka araba ka nnyaa a tiisitse, ngwana a ka kopa gantsintsi, a solofetse gore motsadi o tla ba a dumela. Bana ba dingwaga tsa bolesome ba ka rata go tatalala gore ba letlelelwe go dira sengwe se motsadi a itseng gore ke sa boeleele. (Diane 22:15) Mme jaaka rona rotlhe, bana ba na le go boeletsa dingwe tsa diphoso tsa bone.—Pesalema 130:3.
5. Ke eng se se ka thusang batsadi gore ba nne pelotelele?
5 Ke eng se se ka thusang batsadi gore ba nne pelotelele le bana ba bone? Kgosi Solomone o ne a kwala jaana: “Temogo ya motho ruri e fokotsa bogale jwa gagwe.” (Diane 19:11) Batsadi ba ka tlhaloganya boitshwaro jwa bana ba bone fa ba gopola gore le bone ba kile ba bo ba ‘bua jaaka losea, ba akanya jaaka losea, ba tlhalosa dilo jaaka losea.’ (1 Bakorintha 13:11) Batsadi, a lo gopola lo tshwenya mmaalona kgotsa rraalona gore a dumele kopo nngwe ya bongwana? Fa o ne o le mo dingwageng tsa bolesome, a o kile wa akanya gore tota batsadi ba gago ga ba tlhaloganye maikutlo a gago kgotsa mathata a gago? Fa go le jalo, o ka tswa o tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa bana ba gago ba itshwara ka tsela e ba itshwarang ka yone le gore ke ka ntlha yang fa ba tlhoka go gakololwa ditshwetso tsa gago ka metlha le ka bopelotelele. (Bakolosa 4:6) Ke ga botlhokwa gore Jehofa o ne a bolelela batsadi ba Baiseraele gore ba “jalele kwa teng” melao ya gagwe mo baneng ba bone. (Duteronome 6:6, 7) Lefoko la Sehebera le le ranotsweng go twe ‘ba jalele kwa teng’ le kaya “go boeletsa,” “go bua sengwe makgetlhokgetlho,” “go gatelela mo mogopolong.” Seno se kaya gore batsadi ba ka nna ba tshwanelwa ke go ipoeletsa gantsintsi pele ngwana a ka ithuta go dirisa melao ya Modimo. Gantsi motsadi o tlhoka go boeletsa dilo jalo le fa a ruta dithuto tse dingwe mo botshelong.
6. Ke ka ntlha yang fa go nna motsadi yo o pelotelele go sa kaye go leseletsa dilo fela?
6 Le fa go ntse jalo, motsadi yo o pelotelele ga a leseletse dilo fela. Lefoko la Modimo le tlhagisa jaana: “Mosimane yo o tlogelelwang fela o tla tlhabisa mmaagwe ditlhong.” Go thibela ditlamorago tse di ntseng jalo, sone seane seo sa re: “Thupa le kgalemelo di naya botlhale.” (Diane 29:15) Ka dinako tse dingwe, bana ba ka bona batsadi ba bone ba sena tshwanelo ya go ba kgalemela. Mme malapa a Bakeresete ga a tshwanela go tsamaisiwa jaaka puso ya batho ka batho, e mo go yone batho ba itlhophelang gore ba tla busiwa jang. Tshwanelo ya batsadi ya go baya melao ga e laolwe ke gore a bana ba a dumela. Go na le moo, e re ka Jehofa e le ene Tlhogo e e kwa godimo ya lelapa, o naya batsadi dithata tsa go thapisa le go otlhaya bana ba bone ka tsela e e lorato. (1 Bakorintha 11:3; Baefeso 3:15; 6:1-4) Tota e bile, kotlhao e amana thata le se Paulo a se buang morago ga moo malebana le lorato.
Tsela ya go Otlhaya ka Lorato
7. Ke ka ntlha yang fa batsadi ba ba pelonomi ba otlhaya bana ba bone, mme kotlhao e e ntseng jalo e akaretsa eng?
7 Paulo o ne a kwala a re “lorato lo . . . pelonomi.” (1 Bakorintha 13:4) Batsadi ba tota ba leng pelonomi ba tla otlhaya bana ba bone ba sa tle ba fetogela melao ya bone. Fa ba dira jalo, ba etsa Jehofa. Paulo o ne a kwala a re: “Yo Jehofa a mo ratang o a mo otlhaya.” Tsweetswee ela tlhoko gore go otlhaya mo go umakwang mo Baebeleng ga go kaye go itaya fela. Go kaya go thapisa le go ruta. Boikaelelo jwa kotlhao e e ntseng jalo ke bofe? Paulo a re: “Ba ba thapisitsweng ka yone e ba ungwela leungo la kagiso, e leng tshiamo.” (Bahebera 12:6, 11) Fa batsadi ba ruta bana ba bone ka bopelonomi go ya ka thato ya Modimo, ba ba thusa gore ba gole e nne batsadi ba ba ratang kagiso le ba ba siameng. Fa bana ba amogela “kotlhao ya ga Jehofa,” ba bona botlhale, kitso le temogo—dilo tse di botlhokwa go feta selefera kgotsa gouta.—Diane 3:11-18.
8. Gantsi go felela ka eng fa batsadi ba sa otlhaye bana ba bone?
8 Kafa letlhakoreng le lengwe, ga se bopelonomi fa batsadi ba sa otlhaye bana ba bone. Jehofa o ne a tlhotlheletsa Solomone go kwala a re: “Yo o ganang ka thupa o tlhoile morwawe, mme yo o mo ratang ke yo o mmatlang ka kotlhao.” (Diane 13:24) Gantsi bana ba ba godisiwang ba sa otlhaiwe ka metlha, ba nna bogagapa e bile ga ba itumele. Go fapaana le seo, go fitlhetswe gore bana ba batsadi ba ba pelotlhomogi mme gone ba gagamaditse letsogo gantsi ba dira sentle kwa sekolong, ba dirisana botoka le ba bangwe mme ba nna ba itumetse. Ka jalo, ruri batsadi ba ba otlhayang bana ba bone ba pelonomi mo go bone.
9. Batsadi ba Bakeresete ba ruta bana ba bone dilo dife, mme di tshwanetse go lejwa jang?
9 Go otlhaya bana ka bopelonomi le lorato go akaretsa eng? Batsadi ba tshwanetse go tlhalosetsa bana ba bone se tota ba tshwanetseng go se dira. Ka sekai, bana ba batsadi ba Bakeresete ba rutiwa go tswa boseeng melaometheo ya Baebele ya konokono mmogo le kafa go tlhokegang ka teng gore ba nne le seabe mo dikarolong tse di farologaneng tsa kobamelo ya boammaaruri. (Ekesodo 20:12-17; Mathaio 22:37-40; 28:19; Bahebera 10:24, 25) Bana ba tshwanetse go itse gore dilo tseno ga di fetoge.
10, 11. Ke ka ntlha yang fa batsadi ba ka akanyetsa dilo tse bana ba ka di ratang fa ba baya melao mo lapeng?
10 Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, batsadi ba ka rata go tsenya bana ba bone mo motlotlong fa ba dira melao ya mo lelapeng. Fa basha ba letlwa go nna le seabe mo metlotlong eno ka melao eo, ba ka nna ba rata go e ikobela. Ka sekai, fa batsadi ba batla go baya nako e bana ba tshwanetseng ba bo ba le mo gae ka yone, ba ka ba beela nako. Kgotsa tsela e nngwe e ka nna gore ba letle bana ba bone gore ba akantshe nako e e rileng ba bo ba baya mabaka a go bo ba rata nako eo. Go tswa foo batsadi ba ka bolela nako e bone ba ka e ratang, ba bo ba tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa ba bona e tshwanela. Go tweng fa ba sa dumalane, jaaka go direga gantsi? Fa gongwe, batsadi ba ka swetsa ka gore go ka kgonega go letla bana ba bone ba dira kafa keletsong ya bone fa seo se sa thulane le melaometheo ya Baebele. A seo se kaya gore batsadi ba tlogela go laola?
11 Go araba potso eo, akanya kafa Jehofa a dirisitseng taolo ya gagwe ka lorato ka teng fa a Genesise 19:17-22) A Jehofa o ne a tlogela go laola? Nnyaa le e seng! Le fa go ntse jalo, o ne a akanyetsa kopo ya ga Lote mme a tlhopha go mo direla bopelonomi jo bo oketsegileng mo kgannyeng eno. Fa o le motsadi, a o a tle o akanyetse dilo tse ngwana wa gago a di ratang fa o baya melao mo lapeng?
dirisana le Lote le lelapa la gagwe. Fa baengele ba sena go ntsha Lote, mosadi wa gagwe le bomorwadie mo Sodoma, ba ne ba re: “Falolela kwa kgaolong e e dithaba e se re kgotsa wa gogolwa!” Le fa go ntse jalo, Lote o ne a araba a re: “E seng jalo, tsweetswee, Jehofa!” Go tswa foo Lote o ne a akantsha lefelo le lengwe: “Jaanong tsweetswee, motse ono o gaufi go ka tshabela kwa go one mme ke selo se se nnye. Tsweetswee, mma ke falolele gone.” Jehofa o ne a araba jang? O ne a re: “Bona, ke go bontsha bopelotlhomogi go tla go fitlha fano.” (12. Ke eng se se tla thusang ngwana gore a ikutlwe a sireletsegile?
12 Gone ke boammaaruri gore bana ba tshwanetse go itse melao mmogo le kotlhao ya go roba melao eo. Fa kotlhao e tlhalositswe e bile e tlhalogantswe, melao e tshwanetse go diragadiwa. Batsadi ba tla bo ba se pelonomi fa ba nnela go tlhagisa bana ba bone ka kotlhao e ba tshwanetseng go e fiwa mme ba sa ba e fe. Baebele ya re: “Ka gonne katlholo kgatlhanong le tiro e e bosula ga e a diragadiwa ka bofefo, ke sone se pelo ya bomorwa batho e ikemiseditseng go dira bosula ka tsela e e feletseng.” (Moreri 8:11) Ke boammaaruri, motsadi a ka dira gore a se ka a otlhaya ngwana phatlalatsa kgotsa fa pele ga bankana ba gagwe, ka jalo a thusa ngwana gore a se ka a tlhabiwa ke ditlhong. Mme bana ba ikutlwa ba sireletsegile e bile ba tlotla le go rata batsadi ba bone thata fa ba itse gore fa batsadi ba bone ba re “Ee,” ba raya ee, mme fa ba re “Nnyaa,” ba raya nnyaa—tota le fa seo se akaretsa kotlhao.—Mathaio 5:37.
13, 14. Batsadi ba ka etsa Jehofa jang fa ba thapisa bana ba bone?
13 E le gore kotlhao e nne e e lorato, yone le tsela e e newang ka yone e tshwanetse ya tshwanela ngwana yo o e newang. Pam o gakologelwa jaana: “Bana ba rona ba babedi ba ne ba tlhoka kotlhao e e sa tshwaneng. Kotlhao e e neng e bereka mo ngwaneng yo mongwe e ne e sa dire mo go yo mongwe.” Monna wa gagwe e bong Larry, o tlhalosa jaana: “Morwadiarona yo mogolwane o ne a le tlhogoethata mme go lebega a utlwa fela fa a newa kotlhao e e gagametseng. Mme morwadiarona yo mmotlana ene o ne a utlwa fa a kgalemelwa fela kgotsa a lejwa ka leitlho le le kgalemang.” Ee ruri, batsadi ba ba pelonomi ba leka go senka le go lemoga gore ke kotlhao efe e e dirang botoka mo ngwaneng mongwe le mongwe wa bone.
14 Jehofa o tlhomela batsadi sekao ka gonne o itse bokgoni le makoa a mongwe le mongwe wa batlhanka ba gagwe. (Bahebera 4:13) Mo godimo ga moo, fa Jehofa a otlhaya, ga a gagamatse letsogo mo go feteletseng, e bile ga a leseletse dilo fela. Go na le moo, ka dinako tsotlhe o otlhaya batho ba gagwe “ka selekanyo se se tshwanetseng.” (Jeremia 30:11) Batsadi, a lo itse bokgoni le makoa a bana ba lona? A lo kgona go dirisa kitso eo ka tsela e e siameng le e e pelonomi go ba thapisa? Fa go le jalo, lo supa gore lo rata bana ba lona.
Ba Kgothaletse go go Bulela Mafatlha
15, 16. Batsadi ba ka kgothaletsa bana ba bone jang gore ba ba bulele mafatlha, mme batsadi ba Bakeresete ba ile ba bona e le eng se se thusang mo ntlheng eno?
15 Sengwe gape ka lorato ke gore “ga lo ipelele tshiamololo, mme lo ipela le boammaaruri.” (1 Bakorintha 13:6) Batsadi ba ka thapisa bana ba bone jang gore ba rate se se siameng le se se boammaaruri? Kgato ya botlhokwa ke go kgothaletsa bana gore ba ba tshololele mafatlha, tota le fa bana ba bua dilo tse batsadi ba sa kgoneng go di metsa sentle. Mme go a utlwala go bo batsadi ba itumela fa bana ba bolela dikakanyo le maikutlo tse di tsamaisanang le melao e e siameng ya boitsholo. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe fa ngwana a ntsha maikutlo a gagwe a a tswang pelong a ka bontsha gore o sekametse mo bosuleng. (Genesise 8:21) Batsadi ba tshwanetse ba itshwara jang? Gantsi sa ntlha se batsadi ba ka se dirang e ka nna go kgalema bana ba bone gone fela foo ka gonne ba buile dilo tse di ntseng jalo. Mme fa batsadi ba arabela jalo, bana ba ka tloga ba ithuta go nna ba bua fela se ba akanyang gore batsadi ba bone ba batla go se utlwa. Gone ke boammaaruri gore fa ngwana a sa bue ka maitseo, o tshwanetse a kgalemelwa ka bonako, mme go na le pharologanyo fa gare ga go ruta bana gore ba bue jang ka maitseo le go ba laolela gore ba bue eng.
16 Batsadi ba ka kgothaletsa bana jang gore ba ba bulele mafatlha? Aleah yo o umakilweng pelenyana a re: “Re dirile gore bana ba ikutlwe ba gololesegile go ntsha maikutlo a bone ka go leka gore re se ka ra galefa fa ba re bolelela dilo tse re bonang di kgopisa.” Rre mongwe yo o bidiwang Tom a re: “Re ne ra kgothaletsa morwadiarona gore a re bulele mafatlha, tota le fa a ne a sa dumalane le tsela e re akanyang ka yone. Re ne re tsaya gore fa re nnela go mo kgaupetsa fa a bua mme re gatelela thato ya rona, o ne a tla utlwa botlhoko mme a bo a sa re bolelele se tota se leng mo pelong ya gagwe. Mme go mo reetsa ga rona go ne go mo kgothatsa gore le ene a re reetse.” Ee ruri, bana ba tshwanetse go ikobela batsadi ba bone. (Diane 6:20) Mme go buisana le bana ka kgololesego go naya batsadi sebaka sa gore ba thuse bana ba bone go ithuta go akanya. Vincent, rre wa bana ba banè, a re: “Gantsi re ne re tlotla ka melemo le mathata a seemo sengwe gore bana ba rona ba kgone go iponela ka bobone tsela e e botoka. Seno se ne sa ba thusa go ithuta go ikakanyetsa.”—Diane 1:1-4.
17. Batsadi ba ka tlhomamisega ka eng?
17 Gone ke boammaaruri gore ga go motsadi ope yo o tla kgonang go diragatsa sengwe le sengwe se se gakololwang ke Baebele ka ga go godisa bana jaaka se ntse. Le fa go ntse jalo, o ka tlhomamisega gore bana ba gago ba tla anaanela thata maiteko a gago a go ba thapisa ka bopelotelele, bopelonomi le lorato. Ruri Jehofa o tla segofatsa maiteko a gago a go dira jalo. (Diane 3:33) Kgabagare, batsadi botlhe ba Bakeresete ba batla gore bana ba bone ba ithute go rata Jehofa fela jaaka bone ba mo rata. Batsadi ba ka fitlhelela mokgele ono o o molemo jang? Setlhogo se se latelang se tla
A o A Gakologelwa?
• Go leba dilo sentle go ka thusa motsadi jang gore a nne pelotelele?
• Bopelonomi bo amana jang le go otlhaya?
• Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore batsadi le bana ba buisane ka kgololesego?
tlhalosa mekgwa mengwe e e maleba.
[Dipotso Tsa Thuto]
[Ditshwantsho mo go tsebe 23]
Batsadi, a lo kgona go gopola gore go ne go ntse jang fa lo ne lo le bana?
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
A lo kgothaletsa bana ba lona gore ba lo tshololele mafatlha?