“Nna o Tlhokometse Bodiredi Jo o Bo Amogetseng mo Moreneng”
“Nna o Tlhokometse Bodiredi Jo o Bo Amogetseng mo Moreneng”
“Nna o tlhokometse bodiredi jo o bo amogetseng mo Moreneng, gore o bo diragatse.”—BAKOL. 4:17.
1, 2. Bakeresete ba na le boikarabelo bofe jo ba tshwanetseng go bo diragatsa mo bathong?
RE NA le boikarabelo jo bo masisi malebana le batho ba re tshelang le bone. Ditshwetso tse ba di dirang gone jaanong di ka kaya gore ba tla tshela kana ba tla swa ka nako ya ‘pitlagano e kgolo.’ (Tshen. 7:14) Mokwadi yo o tlhotlheleditsweng wa buka ya Diane o ne a re: “Golola ba ba isiwang losong; mme e kete o ka thibela ba ba kgokgweetsegelang kwa polaong.” A bo mafoko ano a na le bokao jo bogolo jang ne! Re ka felela re na le molato wa madi fa re sa tlhagise batho gore ke eng se ba ka se tlhophang. Tota e bile, temana eo e tswelela jaana: “Fa o ka re: ‘Bona! Re ne re sa itse seno,’ a ene yo o tlhatlhobang dipelo ga a na go go lemoga, le ene yo o tlhokometseng moya wa gago a ga a na go itse mme ruri a lefe motho wa mo lefatsheng go ya ka tiro ya gagwe?” Ruri batlhanka ba ga Jehofa ba ka se re ‘ga ba itse’ kotsi e batho ba lebaneng le yone.—Dia. 24:11, 12.
2 Jehofa o tseela botshelo kwa godimo thata. O kgothaletsa batlhanka ba gagwe go dira bojotlhe go thusa go boloka matshelo a batho ba bantsi kafa ba ka kgonang ka teng. Modiredi mongwe le mongwe wa Modimo o tshwanetse go itsise molaetsa o o bolokang matshelo o o mo Lefokong la Modimo. Tiro ya rona e tshwana le ya molebeledi yo o ntshang tlhagiso fa a bona go tla kotsi. Ga re batle gore madi a batho ba ba mo kotsing ya go senngwa a nne mo ditlhogong tsa rona. (Esek. 33:1-7) Ka jalo, go botlhokwa thata gore re tswelele re “rera lefoko”!—Bala 2 Timotheo 4:1, 2, 5.
3. Go tla ithutiwa ka eng mo setlhogong seno le mo go tse pedi tse di latelang?
3 Mo setlhogong seno o tla ithuta kafa o ka fenyang dikgoreletsi ka teng mo bodireding jwa gago jo bo bolokang matshelo le kafa o ka nnang wa kgona go thusa batho ba ba oketsegileng ka teng. Setlhogo se se latelang se tla sekaseka kafa o ka nnang le bokgoni jwa go ruta dithuto tse di botlhokwa tsa boammaaruri ka teng. Setlhogo sa boraro sa thuto se tla bega ka mangwe a matswela a a kgothatsang a bareri ba Bogosi ba nnang le one mo lefatsheng lotlhe. Le fa go ntse jalo, pele ga re ithuta ditlhogo tseno, go tla bo go le molemo gore re sekaseke gore tota ke ka ntlha yang fa motlha o re tshelang mo go one o le boima jaana.
Lebaka La go Bo Batho ba Bantsi Ba se Na Tsholofelo
4, 5. Ke eng se se diragalelang batho, mme bontsi jwa bone ba itshwara jang fa dilo tseno di ba diragalela?
4 Dilo tse di diragalang mo lefatsheng di bontsha gore re tshela mo ‘bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo’ le gore bofelo bo gaufi fela thata. Batho ba diragalelwa ke dilo tse Jesu le barutwa ba gagwe ba neng ba rile di tla diragala mo “metlheng ya bofelo.” Batho ba na le “ditlhabi tsa tlalelo” tse di akaretsang dintwa, ditlhaelo tsa dijo, dithoromo tsa lefatshe le mathata a mangwe. Batho ba bantsi ga ba na molao, ba ikakanyetsa ba le esi e bile ga ba na sepe le Modimo. Tseno ke “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone,” tota le mo bathong ba ba ikobelang melao ya Baebele.—Math. 24:3, 6-8, 12; 2 Tim. 3:1-5.
5 Le fa go ntse jalo, bontsi jwa batho ga ba itse gore tota ditiragalo tsa lefatshe di kaya eng. Ka ntlha ya seo, batho ba bantsi ba tshwenyegile ka pabalesego ya bone le ya ba malapa a bone. Ba Baef. 2:12.
ngomolwa pelo ke go swelwa ke batho ba ba ba ratang kana ke mathata a mangwe fela a a ba welang mo botshelong. Batho bano ga ba na tsholofelo ka gonne ga ba itse gore ke ka ntlha yang fa dilo tseno di direga le gore tharabololo ke eng.—6. Ke ka ntlha yang fa “Babelona o Mogolo” a paletswe ke go thusa balatedi ba gagwe?
6 “Babelona o Mogolo,” e leng mmusomogolo wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, ga a thusa batho go le kalo. Go na le gore a thuse batho, o dirile gore batho ba bantsintsi ba etsaetsege ka tsela ya semoya, a dirisa “beine ya kgokafalo ya [gagwe].” Gape, ka gonne bodumedi jwa maaka bo itshwara jaaka seaka, bo ile jwa raela le go laola “dikgosi tsa lefatshe,” bo dirisa dithuto tsa maaka le mekgwa ya tirisabadimo go dira gore batho ba bantsi ba ineele fela mo baeteledipeleng ba bone ba dipolotiki. Ka go dira jalo, bodumedi jwa maaka bo ile jwa nna le taolo le tlhotlheletso mme gape bo ganne go amogela dithuto tsa boammaaruri.—Tshen. 17:1, 2, 5; 18:23.
7. Bontsi jwa batho ba lebanwe ke eng, mme bangwe ba bone ba ka thusiwa jang?
7 Jesu o ne a ruta gore batho ba bantsi ba tsamaya mo tseleng e e atlhameng e e isang tshenyegong. (Math. 7:13, 14) Batho bangwe ba mo tseleng e e atlhameng eo ka gonne ba tlhophile ka boomo gore ba se ka ba amogela se Baebele e se rutang, mme ba bangwe ba bantsi ba mo go yone ka gonne ba timeditswe kana ba sa tlhalosediwa se totatota Jehofa a batlang gore ba se dire. Gongwe bangwe ba bone ba ne ba ka fetola tsela e ba tshelang ka yone fa ba ne ba ka newa mabaka a a utlwalang go tswa mo Dikwalong a gore ba dire jalo. Ba ba sa tsweng mo Babelona o Mogolo mme ba tswelela ba gana go dirisa melao ya Baebele ga ba na go bolokwa ka nako ya ‘pitlagano e kgolo.’—Tshen. 7:14.
Tswelela o Rera o “sa Kgaotse”
8, 9. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba itshwara jang fa ba ne ba lebane le kganetso, mme ka ntlha yang?
8 Jesu o ne a re barutwa ba gagwe ba ne ba tla rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi mme ba dire barutwa. (Math. 28:19, 20) Ka jalo, Bakeresete ba boammaaruri ga ba bolo go tsaya gore fa ba dira tiro ya go rera ba bontsha gore ba ikanyega mo Modimong e bile go rera ke selo sa konokono se se bontshang gore ba na le tumelo. Mme balatedi ba bogologolo ba ga Jesu ba ne ba tswelela ba rera le fa ba ne ba ganediwa. Ba ne ba ikaegile ka Jehofa gore a ba neye nonofo, ba rapelela gore a ba thuse gore ba kgone go tswelela ba ‘bua lefoko la gagwe ka bopelokgale jotlhe.’ Jehofa o ne a arabela ka go ba tlatsa ka moya o o boitshepo mme ba ne ba bua lefoko la gagwe ka bopelokgale.—Dit. 4:18, 29, 31.
9 Fa kganetso e ne e gakala, a balatedi ba ga Jesu ba ne ba reketla mo maikemisetsong a bone a go rera dikgang tse di molemo? Le e seng. E re ka baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba tennwe ke go rera ga baaposetoloi, ba ne ba ba tshwara, ba ba tshosetsa mme ba ba kgwathisa. Le fa go ntse jalo, baaposetoloi ba ne ba “tswelela ba sa kgaotse ba ruta e bile ba bolela dikgang tse di molemo kaga Keresete, e bong Jesu.” Ba Dit. 5:28, 29, 40-42.
ne ba tlhaloganya sentle gore ba tshwanetse go “utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.”—10. Bakeresete ba lebane le mathata afe gompieno, mme boitshwaro jwa bone jo bo molemo bo ka felela ka eng?
10 Bontsi jwa batlhanka ba Modimo gompieno ga ba a ka ba itewa kana ba tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya tiro ya bone ya go rera. Le fa go ntse jalo, Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba lebana le diteko le mathata a a farologaneng. Ka sekai, segakolodi sa gago se se thapisitsweng ka Baebele se ka nna sa go tlhotlheletsa gore o dire sengwe se se sa dirweng ke batho ba bantsi kgotsa se se dirang gore o lebege o sa tshwane le batho ba bangwe. Batho ba o berekang le bone, ba o tsenang sekolo le bone, kana baagelani ba gago ba ka nna ba akanya gore o learogi ka gonne o dirisa melaometheo ya Baebele fa o dira ditshwetso. Le fa go ntse jalo, o se ka wa letla tsela e e sa siamang e ba itshwarang ka yone gore e go kgobe marapo. Lefatshe le mo lefifing la semoya, mme Bakeresete ba tshwanetse go ‘phatsima jaaka masedi mo lefatsheng.’ (Bafil. 2:15) Gongwe bangwe ba ba peloephepa ba ba etseng tlhoko ba tla bona e bile ba tla kgatlhwa ke ditiro tsa gago tse di molemo mme ba neye Jehofa kgalalelo ka ntlha ya tsone.—Bala Mathaio 5:16.
11. (a) Batho bangwe ba ka nna ba itshwara jang fa o dira tiro ya go rera? (b) Moaposetoloi Paulo o ne a lebana le kganetso ya mofuta ofe, mme o ne a itshwara jang?
11 Re tlhoka bopelokgale gore re tswelele re rera molaetsa wa Bogosi. Batho bangwe, le e leng ba losika tota, ba ka nna ba go sotla kana ba leka go go kgoba marapo ka tsela nngwe. (Math. 10:36) Moaposetoloi Paulo o ne a itewa makgetlhonyana ka gonne a ne a dira bodiredi jwa gagwe ka boikanyegi. Ela tlhoko gore o ne a itshwara jang fa a ne a ganediwa. O ne a kwala jaana: “Kafa e rileng re sena go boga pele le go tshwarwa ka go tlhoka maitseo . . . re neng ra nna pelokgale ka Modimo wa rona ka gone gore re bue le lona dikgang tse di molemo tsa Modimo ka go kgaratlha mo gogolo thata.” (1 Bathes. 2:2) Ruri Paulo o ne a tlhoka bopelokgale gore a tswelele a rera dikgang tse di molemo fa a sena go tshwarwa, go apolwa diaparo, go itewa ka dithobane le go latlhelwa mo kgolegelong. (Dit. 16:19-24) Ke eng se se neng sa mo naya bopelokgale gore a tswelele a rera? Ke keletso e kgolo e a neng a na le yone ya go diragatsa thomo ya gagwe e a neng a e neilwe ke Modimo ya go rera.—1 Bakor. 9:16.
12, 13. Bangwe ba lebana le mathata afe, mme ba lekile jang go a fenya?
12 Gape go ka nna thata gore re nne re le matlhagatlhaga fa re bereka tshimo e gantsi re sa fitlheleng batho mo magaeng a bone kana e batho ba bantsi mo go yone ba sa amogeleng molaetsa wa Bogosi. Ke eng se re ka se dirang mo maemong ao? Re ka nna ra bona go tlhokega gore re ipete sebete go bua le batho gongwe le gongwe fela le fa re se mo tshimong ka tsela e e tlwaelegileng. Gape re ka nna ra tshwanelwa ke go fetola dinako tse re rerang ka tsone kana go rera thata mo mafelong a re ka kgonang go bua le batho ba bantsi mo go one.—Bapisa Johane 4:7-15; Ditiro 16:13; 17:17.
13 Mathata a mangwe a batho ba bantsi ba lebanang le one ke botsofe le bolwetse mme a ka fokotsa se ba kgonang go se dira mo tirong ya go rera. Fa e le gore o mo boemong joo, o se ka wa kgobega marapo. Jehofa o itse sentle gore o tlhaela go le kana kang mme o anaanela se o kgonang go se dira. (Bala 2 Bakorintha 8:12.) Go sa kgathalesege gore o ka tswa o lebane le mathata afe—kganetso, batho ba ba sa amogeleng molaetsa kana bolwetse—dira sotlhe se o ka kgonang go se dira go rerela ba bangwe dikgang tse di molemo.—Dia. 3:27; bapisa Mareko 12:41-44.
‘Nna o Tlhokometse Bodiredi Jwa Gago’
14. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhomela Bakeresete mmogo le ene sekao sefe, mme o ne a naya kgakololo efe?
14 Moaposetoloi Paulo o ne a dira bodiredi jwa gagwe ka matsetseleko a magolo mme o ne a kgothaletsa badumedimmogo le ene go dira se se tshwanang. (Dit. 20:20, 21; 1 Bakor. 11:1) Mongwe yo Paulo a neng a mo tlhopha gore a mo kgothatse ka tsela e e kgethegileng e ne e le Mokeresete wa lekgolo la ntlha la dingwaga yo o neng a bidiwa Arekipo. Paulo o ne a kwalela Bakolosa jaana: “Rayang Arekipo lo re: ‘Nna o tlhokometse bodiredi jo o bo amogetseng mo Moreneng, gore o bo diragatse.’” (Bakol. 4:17) Ga re itse gore Arekipo e ne e le mang le gore o ne a le mo maemong a mofuta mang, mme go lebega a ile a amogela kabelo ya go rera. Fa e le gore o Mokeresete yo o ineetseng, le wena o amogetse kabelo ya go rera. A o ntse o tlhokometse bodiredi jwa gago gore o bo diragatse?
15. Boineelo jwa Bokeresete bo akaretsa eng, mme go tsoga dipotso dife?
15 Pele ga re kolobediwa, re ne ra ineela mo go Jehofa ka thapelo e e tswang pelong. Seno se ne se raya gore re ikemiseditse go dira thato ya gagwe. Ka jalo, gone jaanong re tshwanetse go ipotsa jaana, ‘A ruri go dira thato ya Modimo ke sone selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa me?’ Re ka tswa re na le maikarabelo a a farologaneng a Jehofa a lebeletseng gore re a diragatse—jaaka go tlamela ba malapa a rona. (1 Tim. 5:8) Mme re dirisa jang nako e nngwe ya rona le nonofo? Ke eng se re se bayang kwa pele thata mo botshelong?—Bala 2 Bakorintha 5:14, 15.
16, 17. Basha ba Bakeresete kana ba ba se nang maikarabelo a mantsi ba ka akanyetsa go dira eng?
16 A o Mokeresete yo mmotlana yo o ineetseng yo o feditseng sekolo kana yo o tlogang a se fetsa? O tshwanetse wa bo o se na maikarabelo a go tlhokomela lelapa. Ka jalo, o ikaeletse go dirang ka botshelo jwa gago? O tla dira ditshwetso dife tse di tla go thusang gore o diragatse tsholofetso ya gago ya go dira thato ya ga Jehofa? Batho ba bantsi ba rulagantse maemo a bone gore ba kgone go nna babulatsela, mme seo se dirile gore ba ipele thata ba bo ba kgotsofale.—Pes. 110:3; Mor.12:1.
17 Gongwe o mosha. O a bereka mme ga o na maikarabelo a mantsi fa e se go itlamela fela. Kwantle ga pelaelo o itumelela go dira ditiro dingwe tsa phuthego go ya kafa nako e go letlang ka teng. A gongwe o ka dira sengwe se se ka dirang gore o itumele le go feta? A o kile wa akanya ka go oketsa seabe se o nnang le sone mo bodireding? (Pes. 34:8; Dia.10:22) Mo ditshimong dingwe, go sa ntse go tlhokega gore go dirwe tiro e ntsi go fitlhelela mongwe le mongwe ka molaetsa wa boammaaruri o o nayang botshelo. A o ka dira diphetogo dingwe mo botshelong jwa gago, gongwe ka go ya go direla kwa lefelong le go tlhokegang baboledi ba Bogosi thata kwa go lone?—Bala 1 Timotheo 6:6-8.
18. Banyalani bangwe ba basha ba ne ba dira diphetogo dife, mme matswela e ne ya nna afe?
18 Akanya ka sekai sa ga Kevin le Elena ba kwa United States. * Ba ne ba batla go reka ntlo fela jaaka banyalani ba bantsi ba basha ba mo lefelong la bone ba dira. Boobabedi ba ne ba bereka mme ba ne ba ka kgona go tswelela ba tshela botshelo jwa manobonobo. Le fa go ntse jalo, ditiro tsa bone tsa boitshediso le tsa mo gae di ne di ba tlogelela nako e nnye fela ya go ya tshimong. Ba ne ba lemoga gore ba ne ba dirisa nako ya bone e ntsi thata le nonofo mo dithotong tsa bone. Le fa go ntse jalo, fa Kevin le Elena ba ne ba lemoga kafa banyalani bangwe ba ba itumetseng ba babulatsela ba neng ba tshela botshelo jo bo motlhofo ka teng, ba ne ba dira tshwetso ya gore ba fetole dilo tse ba di tsayang di le botlhokwa mo botshelong jwa bone. Fa ba sena go rapela Jehofa gore a ba kaele, ba ne ba rekisa ntlo ya bone mme ba fudugela mo foleteng. Elena o ne a fokotsa nako e a neng a e dirisa a le kwa tirong mme a nna mmulatsela. Ka gonne Kevin a ne a kgothadiwa ke maitemogelo a mosadi wa gagwe a neng a nna le one mo tshimong, o ne a tlogela tiro ya gagwe mme a simolola go bula tsela. Morago ga nakonyana, ba ne ba fudugela kwa nageng nngwe ya Amerika Borwa go ya go direla kwa go tlhokegang bareri ba Bogosi teng. Kevin a re: “Re ne re ntse re na le lenyalo le le itumetseng, mme fa re ne re berekela go fitlhelela mekgele ya rona ya semoya re ne ra itumela le go feta.”—Bala Mathaio 6:19-22.
19, 20. Ke ka ntlha yang fa go rera dikgang tse di molemo e le tiro ya botlhokwa thata gompieno?
19 Tiro ya go rera dikgang tse di molemo ke tiro ya botlhokwa thata e e dirwang mo lefatsheng gompieno. (Tshen.14:6, 7) E thusa go itshepisa leina la ga Jehofa. (Math. 6:9) Molaetsa wa Baebele o tokafatsa matshelo a batho ba bantsintsi ba ba o amogelang ngwaga le ngwaga, mme seno se ka felela ka gore ba bolokwe. Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o ne a botsa jaana: “Ba tla utlwa jang fa go se na ope yo o rerang?” (Bar. 10:14, 15) Ee, tota ba tla utlwa jang? Ke eng fa o sa ititeye sehuba go dira sotlhe se o ka se kgonang go diragatsa bodiredi jwa gago?
20 Tsela e nngwe e o ka thusang batho ka yone go tlhaloganya botlhokwa jwa metlha eno e e thata le diphelelo tsa ditshwetso tse ba di dirang, ke ka go tokafatsa tsela e o rutang ka yone. Go tla tlotlwa ka gore o ka dira seno jang mo setlhogong se se latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 18 Maina a fetotswe.
O ka Araba Jang?
• Bakeresete ba na le maikarabelo afe mo bathong?
• Re tshwanetse go lebana jang le dikgoreletsi mo tirong ya rona ya go rera?
• Re ka diragatsa jang bodiredi jo re bo amogetseng?
[Dipotso tsa thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Go tlhokega bopelokgale go rera fa o lebane le kganetso
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
O ka dira eng fa e le gore o rera mo tshimong ya batho ba gantsi ba seyong mo gae?