Go Nna Gone ga ga Keresete—Go go Ama Jang?
Go Nna Gone ga ga Keresete—Go go Ama Jang?
“Sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?”—MATH. 24:3.
1. Baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba mmotsa potso efe e e kgatlhang?
DINGWAGA di ka nna dikete di le pedi tse di fetileng, baaposetoloi ba ga Jesu ba le banè ba ne ba botsa potso fa ba ne ba tlotla ba le kwa thoko le Mong wa bone mo Thabeng ya Lotlhware. Ba ne ba botsa ba re: “Dilo tseno di tla nna leng, mme sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?” (Math. 24:3) Mo potsong eo, baaposetoloi ba ne ba dirisa dipolelwana tse pedi tse di kgatlhang thata, “go nna gone ga gago” le “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.” Dipolelwana tseno di kaya eng?
2. Lefoko “bokhutlo” totatota le kaya eng?
2 Sa ntlha re tla tlotla ka lefoko le le mo polelwaneng ya bobedi le le reng “bokhutlo,” le e leng thanolo ya lefoko la Segerika e leng syn·teʹlei·a. Lefoko leno le kaya ‘bokhutlo,’ mme lefoko la Segerika le le tsamaisanang le lone, e leng te’los, le kaya ‘bofelo.’ Tsela e bokao jwa mafoko ano a mabedi bo farologanang ka yone e ka bontshiwa ka go tlhalosa puo e e newang mo Holong ya Bogosi. Bokhutlo jwa puo ke karolo ya yone ya bofelo, e mo go yone motho yo o e beileng a dirisang nako e khutshwane go gopotsa bareetsi gore o ntse a tlotla ka eng a bo a bontsha kafa tshedimosetso eo e ba amang ka teng. Bofelo jwa puo ke fa sebui se tswa mo seraleng. Ka tsela e e tshwanang, mo Baebeleng, polelwana e e reng “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo” e kaya nako ya pele ga bofelo mme e akaretsa le jone bofelo.
3. Dingwe tsa dilo tse di diragalang ka nako ya go nna gone ga ga Jesu ke dife?
3 Go tweng ka “go nna gone” mo baaposetoloi ba neng ba botsa ka gone? Eno ke thanolo ya lefoko la Segerika pa·rou·siʹa. * Pa·rou·siʹa ya ga Keresete, kgotsa go nna gone ga gagwe, e simolotse fa Jesu a ne a tlhomiwa gore a nne Kgosi kwa legodimong ka 1914 mme e tswelela pele go akaretsa “pitlagano e kgolo,” e ka yone a tla bong a tla go fedisa baikepi. (Math. 24:21) Mo nakong ya go nna gone ga ga Jesu, go diragala dilo tse dintsi tse di farologaneng, go akaretsa ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso eno e e boikepo ya dilo, go phuthiwa ga ba ba tlhophilweng, le go tsosediwa ga bone go ya go tshela kwa legodimong. (2 Tim. 3:1; 1 Bakor. 15:23; 1 Bathes. 4:15-17; 2 Bathes. 2:1) Go ka bolelwa gore nako ya “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo” (syn·teʹlei·a) e tsamaisana kgotsa e direga ka nako e e tlhalosiwang e le go nna gone ga ga Keresete (pa·rou·siʹa).
Lobaka lo Loleele Lwa Nako
4. Go nna gone ga ga Jesu go tshwana jang le ditiragalo tsa motlha wa ga Noa?
4 Lebaka la go bo lefoko pa·rou·siʹa le kaya lobaka lo loleele lwa nako le dumalana le se Jesu a neng a se bua malebana le go nna gone ga gagwe. (Bala Mathaio 24:37-39.) Ela tlhoko gore Jesu ga a ka a tshwantsha go nna gone ga gagwe le lobaka lo lokhutshwane lwa nako lo Morwalela o neng wa direga ka lone ka motlha wa ga Noa. Go na le moo, o ne a tshwantsha go nna gone ga gagwe le lobaka lo loleele go feta loo, lo lo neng lwa felela ka nako ya Morwalela. Mo lobakeng loo, Noa o ne a aga araka e bile a dira tiro ya go rera, go ya go fitlha ka nako ya fa Morwalela o simologa. Ditiragalo tseo di diragetse mo lobakeng lwa dingwaga tse dintsi. Ka tsela e e tshwanang, go nna gone ga ga Keresete go akaretsa ditiragalo tse di diragalang pele ga pitlagano e kgolo mme go akaretsa le yone.—2 Bathes. 1:6-9.
5. Mafoko a a kwadilweng mo go Tshenolo kgaolo 6 a bontsha jang gore go nna gone ga ga Jesu go tsaya lobaka lo loleele?
5 Boporofeti jo bongwe jwa Baebele bo bontsha sentle gore go nna gone ga ga Keresete go kaya lobaka lo loleele lwa nako, e seng fela nako ya fa a tla go senya baikepi. Mo bukeng ya Tshenolo go tlhalosiwa Jesu a palame pitse e tshweu a bo a newa serwalo sa bogosi. (Bala Tshenolo 6:1-8.) Fa Jesu a sena go tlhomiwa go nna Kgosi ka 1914, go tlhalosiwa gore o “tsamaya a fenya a ba a digela phenyo ya gagwe.” Go tswa foo go tlhalosiwa gore o setswe morago ke bapalami ba dipitse ba ba palameng dipitse tsa mebala e e farologaneng. Ka tsela ya boporofeti, dipitse tseno di tshwantshetsa dintwa, ditlhaelo tsa dijo le maroborobo a malwetse, mme tseno tsotlhe di diragala mo lobakeng lo loleele lo lo bidiwang ‘metlha ya bofelo.’ Re bona boporofeti jono bo diragadiwa mo nakong e re tshelang mo go yone.
6. Tshenolo kgaolo 12 e re thusa go tlhaloganya eng ka ga go nna gone ga ga Keresete?
6 Tshenolo kgaolo 12 e naya tshedimosetso e nngwe gape malebana le go tlhomiwa ga Bogosi jwa Modimo kwa legodimong. Mo kgaolong eo re bala ka ntwa e e diragetseng kwa legodimong. Mikaele, e bong Jesu Keresete a le mo maemong a gagwe kwa legodimong, a na le baengele ba gagwe ba lwa le Diabolo le madimona a gagwe. Ntwa eo e felela ka gore Satane Diabolo le masomo a gagwe ba latlhelwe mo lefatsheng. Pego e re bolelela gore, ka nako eo, Diabolo o galefile thata “ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” (Bala Tshenolo 12:7-12.) Ka jalo, go bonala sentle gore fa Bogosi jwa ga Keresete bo sena go tlhomiwa kwa legodimong, go latela nako e e kayang ‘tatlhego’ e kgolo mo lefatsheng le mo banning ba lone.
7. Pesalema ya bobedi e bua ka eng, mme e tlhalosa sebaka sefe se se bulegang?
7 Pesalema ya bobedi le yone e bua ka tsela ya boporofeti ka nako ya fa Jesu a tlhomiwa go nna Kgosi mo Thabeng ya Siona ya selegodimo. (Bala Pesalema 2:5-9; 110:1, 2.) Le fa go ntse jalo, pesalema eno gape e bontsha gore go na le lobaka lwa nako lo ka lone babusi ba lefatshe, mmogo le babusiwa ba bone, ba newang sebaka sa gore ba ineele mo pusong ya ga Keresete. Ba gakololwa gore ba ‘dirise temogo’ mme ba itetle gore ba ‘siamisiwe.’ Ee, ka nako eo, “go itumela botlhe ba ba tshabelang mo go ene [Modimo]” ka go direla Jehofa le Kgosi ya gagwe e e tlhomilweng. Ka jalo, ka nako ya go nna gone ga ga Jesu e le kgosi, babusi le babusiwa ba fiwa sebaka sa gore ba ka fetoga.—Pes. 2:10-12.
Go Lemoga Sesupo
8, 9. Ke bomang ba ba neng ba tla lemoga sesupo sa go nna gone ga ga Keresete ba bo ba tlhaloganya bokao jwa sone?
8 Fa Bafarasai ba ne ba botsa Jesu gore Bogosi bo ne bo tla tla leng, o ne a araba ka gore bo ne bo Luke 17:20, 21) Batho ba e seng badumedi ba ne ba ka se tlhaloganye. Tota ba ne ba ka tlhaloganya jang? Ba ne ba sa lemoge le gore Jesu e ne e tlile go nna Kgosi ya bone. Ka jalo, ke bomang ba ba neng ba tla lemoga sesupo sa go nna gone ga ga Jesu ba bo ba tlhaloganya bokao jwa sone?
ka se tle “bo lemotshega pepenene” mo go bone. (9 Go tswa foo Jesu o ne a bolela gore barutwa ba gagwe ba ne ba tla bona sesupo sentle fela jaaka ba ne ba ka bona “logadima, ka go benya ga lone, lo phatsima go tswa karolong e nngwe kafa tlase ga legodimo go ya karolong e nngwe.” (Bala Luke 17:24-29.) Ela tlhoko gore Mathaio 24:23-27 e amanya ntlha eo ka tlhamalalo le sesupo sa go nna gone ga ga Keresete.
Kokomana e e Bonang Sesupo
10, 11. (a) “Kokomana” e e umakiwang mo go Mathaio 24:34 e ne e tlhalosiwa jang pele? (b) Barutwa ba ga Jesu ba ne ba tla tlhaloganya gore kwantle ga pelaelo go akarediwa bomang mo ‘kokomaneng’ eo?
10 Mo nakong e e fetileng, makasine ono o ne wa tlhalosa gore mo lekgolong la ntlha la dingwaga, “kokomana eno” e e umakwang mo go Mathaio 24:34 e ne e kaya “kokomana e e neng e tshela ka nako e le nngwe ya Bajuda ba ba sa dumeleng.” * Tlhaloso eo e ne e lebega e utlwala ka gonne makgetlho a mangwe otlhe a a mo Baebeleng fa Jesu a dirisa lefoko “kokomana” o ne a le dirisa go kgala, mme gantsi Jesu o ne a tlhalosa kokomana eo a dirisa letlhalosi le le kgalang, le le jaaka “boikepo.” (Math. 12:39; 17:17; Mar. 8:38) Ka jalo, go ne go dumelwa gore mo tiragatsong ya motlha wa gompieno, Jesu o ne a bua ka “kokomana” e e boikepo ya batho ba e seng badumedi, ba ba neng ba tla bona dilo tse di bontshang gore ke nako ya “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo” (syn·teʹlei·a) mme ba bone le bofelo jwa tsamaiso eno (teʹlos).
11 Ke boammaaruri gore fa Jesu a ne a dirisa lefoko “kokomana” ka tsela ya go kgala, o ne a bua ka batho ba ba boikepo ba motlha wa gagwe kgotsa a bua le bone. A mme tota mo go Mathaio 24:34 o ne a bua ka batho ba ba boikepo ba motlha wa gagwe? Ela tlhoko gore barutwa ba gagwe ba le banè ba ne ba mo atametse “kwa thoko.” (Math. 24:3) E re ka Jesu a sa dirisa matlhalosi a a kgalang fa a bua le bone ka “kokomana eno,” kwantle ga pelaelo baaposetoloi ba ne ba tla tlhaloganya gore bone le barutwa ba bangwe ba ne ba tla nna mo ‘kokomaneng’ e e neng e ka se ka ya feta “go fitlha dilo tseno tsotlhe di diragala.”
12. Ditemana tse di dikologileng kgang eno di bontsha eng malebana le batho ba Jesu a neng a bua ka bone fa a dirisa lefoko “kokomana”?
12 Re ka dira tshwetso eo ka mabaka afe? Ka go sekaseka ka kelotlhoko ditemana tse di dikologileng kgang eno. Jaaka go kwadilwe mo go Mathaio 24:32, 33, Jesu o ne a re: “Jaanong ithuteng ntlha eno ka setlhare sa mofeige e le setshwantsho: Ka bonako fela fa kalana ya sone e nna nana mme e ntsha matlhare, lo a itse gore selemo se gaufi. Ka tsela e e tshwanang le lona, fa lo bona dilo tseno tsotlhe, itseng gore o gaufi fa dikgorong.” (Bapisa Mareko 13:28-30; Luke 21:30-32.) Go tswa foo go kwadilwe jaana mo go Mathaio : “Ammaaruri ke a lo raya ka re kokomana eno ga e na go feta ka gope go fitlha dilo tseno tsotlhe di diragala.” 24:34
13, 14. Ke ka ntlha yang fa re ka re Jesu o tshwanetse a bo a ne a bua ka barutwa ba gagwe fa a ne a bua ka “kokomana”?
13 Jesu o ne a bolela gore barutwa ba gagwe, ba ba neng ba tla tloga ba tlodiwa ka moya o o boitshepo, ke bone ba neng ba ka kgona go dira ditshwetso dingwe ka kgang eno fa ba bona “dilo tseno tsotlhe” di diragala. Ka jalo, Jesu o tshwanetse a bo a ne a bua ka barutwa ba gagwe fa a ne re: “Kokomana eno ga e na go feta ka gope go fitlha dilo tseno tsotlhe di diragala.”
14 Go farologana le batho ba ba sa dumeleng, barutwa ba ga Jesu ba ne ba se kitla ba bona sesupo fela, mme gape ba ne ba tla tlhaloganya bokao jwa sone. Ba ne ba tla ‘ithuta’ mo dikarolong tsa sesupo seo mme ba “itse” gore tota di kaya eng. Ba ne ba tla tlhaloganya ka botlalo gore “o gaufi fa dikgorong.” Le fa gone Bajuda ba ba sa dumeleng mmogo le Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng ba ne ba bona bontlhanngwe jwa tiragatso ya mafoko a ga Jesu mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ke balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng fela ba ka nako eo ba neng ba ka kgona go ithuta sengwe mo ditiragalong tseo. Ke bone fela ba ba neng ba ka tlhaloganya bokao jwa mmatota jwa se ba neng ba se bona.
15. (a) Ke bomang ba e leng “kokomana” ya motlha wa gompieno e Jesu a neng a bua ka yone? (b) Ke ka ntlha yang fa re sa kgone go bala lobaka lo lo tlhomameng lwa nako ya “kokomana eno”? (Bona lebokoso le le mo tsebe 25.)
15 Ba ba sa tlhaloganyeng dithuto tsa Modimo gompieno ba dumela gore ga go na sepe se se ileng sa “lemotshega pepenene” malebana le sesupo sa go nna gone ga ga Jesu. Ba re sengwe le sengwe se sa ntse se ntse fela jaaka mo nakong e e fetileng. (2 Pet. 3:4) Kafa letlhakoreng le lengwe, bomorwarraagwe Keresete ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng, ba e leng setlhopha sa motlha wa gompieno sa Johane, ba ile ba lemoga sesupo seno fela jaaka e kete ke go phatsima ga logadima, mme ba tlhalogantse bokao jwa sone jwa boammaaruri. Batlodiwa bano, e le setlhopha, ke bone “kokomana” ya motlha wa gompieno ya batho ba ba tshelang ka nako e le nngwe ba ba se kitlang ba feta “go fitlha dilo tseno tsotlhe di diragala.” * Seno se ka tswa se kaya gore bangwe ba bomorwarraagwe Keresete ba ba tloditsweng ba tla bo ba sa ntse ba tshela mo lefatsheng fa pitlagano e kgolo e e boleletsweng pele e simologa.
“Nnang lo Disitse”
16. Barutwa botlhe ba ga Keresete ba tshwanetse go dira eng?
16 Le fa go ntse jalo, go tlhokega se se fetang go lemoga sesupo fela. Gape Jesu o ne a re: “Se ke se lo rayang ke se raya botlhe, Nnang lo disitse.” (Mar. 13:37) Seno se botlhokwa thata mo go rona rotlhe gompieno, re le batlodiwa kgotsa re le ba boidiidi jo bogolo. Go fetile dingwaga di feta 90 fa e sale Jesu a tlhomiwa go nna Kgosi kwa legodimong ka 1914. Le fa go ka tswa go le thata jang, re tshwanetse go nna re ipaakantse re bo re nne re disitse. Fa re tlhaloganya gore Keresete o teng a sa bonale e bile o setse a busa e le Kgosi, re tla kgona go dira jalo. Gape seo se re lemotsha gore go ise go ye kae o tla tla go senya baba ba gagwe “ka nako e [re] sa akanyeng gore e ka nna yone.”—Luke 12:40.
17. Go tlhaloganya dilo ka tsela eno go tshwanetse ga dira gore re ikutlwe jang, mme re tshwanetse ra ititaya sehuba go dira eng?
17 Fa re tlhaloganya bokao jwa go nna gone ga ga Keresete, seo se re thusa gore re nne le boikutlo jo bo tseneletseng jwa go potlaka. Re itse gore Keresete o setse a le gone le gore o ntse a busa a sa bonale e le Kgosi kwa legodimong fa e sale ka 1914. Go ise go ye kae o tla tla go senya baikepi a bo a tlisa diphetogo tse dikgolo mo lefatsheng leno lotlhe. Ka jalo re tshwanetse go ititaya sehuba go feta le fa e le leng pele gore re nne le seabe ka tlhoafalo mo tirong e Jesu a boleletseng pele ka yone fa a ne a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bofelo [teʹlos] bo tla tla.”—Math. 24:14, NW.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 3 Bokao jwa lefoko pa·rou·siʹa bo bonala mo go 2 Bakorintha 10:10, 11 le mo go Bafilipi 2:12 fa go dirwa pharologanyo fa gare ga nako ya fa moaposetoloi Paulo a le “gone” le fa a “seyo.” Go bona tlhaloso e e feletseng ya kgang eno, bona Insight on the Scriptures, Bolumo 2, tsebe 676-9.
^ ser. 10 Bona Tora ya Tebelo, November 1, 1995, tsebe 11-15, 19, 30, 31.
^ ser. 15 Go lebega lobaka lwa nako lo “kokomana eno” e tshelang ka lone lo tsamaisana le lobaka lo lo tsewang ke ponatshegelo ya ntlha e e mo bukeng ya Tshenolo. (Tshen. 1:10–3:22) Karolo eno ya letsatsi la Morena e simolola ka 1914 go fitlha fa motlodiwa wa bofelo yo o ikanyegang a a swa a bo a tsosiwa.—Bona Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse! tsebe 24, serapa 4.
O ka Araba Jang?
• Re itse jang gore go nna gone ga ga Jesu ke lobaka lo loleele lwa nako?
• Ke bomang ba ba lemogang sesupo sa go nna gone ga ga Keresete e bile ba tlhaloganya bokao jwa sone?
• Kokomana ya motlha wa gompieno e e umakwang mo go Mathaio 24:34 ke bomang?
• Ke ka ntlha yang fa re sa kgone go bala lobaka lo lo tlhomameng lwa nako ya “kokomana eno”?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Lebokoso mo go tsebe 25]
A re Ka Kgona go Bala Lobaka Lwa Nako ya “Kokomana Eno”?
Gantsi lefoko “kokomana” le kaya batho ba dingwaga tse di sa tshwaneng ba ba a bong ba tshela mo lobakeng longwe lwa nako kgotsa mo nakong ya tiragalo nngwe. Ka sekai, re bala jaana mo go Ekesodo 1:6: “Labofelo Josefa a swa, le bomorwarraagwe botlhe le kokomana eo yotlhe.” Josefa le bomorwarraagwe ba ne ba sa lekane ka dingwaga, mme ba ne ba bona tiragalo e e tshwanang ka lobaka lo lo tshwanang lwa nako. Bangwe ba ba neng ba le mo ‘kokomaneng eo’ e ne e le bomorwarraagwe Josefa bangwe ba ba neng ba tshotswe pele ga gagwe. Bangwe ba bone ba ne ba tswelela pele ba tshela le fa Josefa a sena go swa. (Gen. 50:24) Ba bangwe ba “kokomana eo,” ba ba jaaka Benjamine, ba tshotswe morago ga ga Josefa mme ba ka tswa ba ile ba tswelela ba tshela morago ga loso lwa gagwe.
Ka jalo fa lefoko “kokomana” le dirisiwa go kaya batho ba ba tshelang ka nako e e rileng, go ka se bolelwe lobaka lo lo tlhomameng lwa nako eo fa e se fela gore e tla fela e bile e ka se tseye lobaka lo loleele mo go feteletseng. Ka jalo, fa Jesu a ne a dirisa mafoko a a reng “kokomana eno,” jaaka go kwadilwe mo go Mathaio 24:34, o ne a sa neye barutwa ba gagwe tsela e ba neng ba ka e dirisa go bala gore ‘metlha ya bofelo’ e ne e tla fela leng. Go na le moo, Jesu o ne a tswelela a gatelela gore ga go ope yo o neng a ka itse “letsatsi leo le ura eo.”—2 Tim. 3:1; Math. 24:36.
[Setshwantsho mo go tsebe 22, 23]
Fa Jesu a sena go tlhomiwa gore a nne Kgosi ka 1914, go tlhalosiwa gore o a “fenya”
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
“Kokomana eno ga e na go feta ka gope go fitlha dilo tseno tsotlhe di diragala”