Dintlhakgolo go Tswa mo Lekwalong le le Yang go Baroma
Lefoko la ga Jehofa le a Tshela
Dintlhakgolo go Tswa mo Lekwalong le le Yang go Baroma
MO E ka nnang ka 56 C.E., fa moaposetoloi Paulo a le mo loetong lwa gagwe lwa boraro lwa borongwa, o fitlha mo motseng wa Korintha. O utlwile gore Bakeresete ba Bajuda le ba Baditšhaba ba kwa Roma ba leba dilo ka tsela e e sa tshwaneng. Paulo o ba kwalela lekwalo gore a ba thuse go baakanya tsela e ba lebang dilo ka yone mme ba nne seoposengwe mo go Keresete.
Mo lekwalong leo le Paulo a le kwalelang Baroma, o tlhalosa kafa batho ba ka bolelwang ba siame ka teng le kafa batho bao ba tshwanetseng go tshela ka teng. Lekwalo leno le oketsa kitso e re nang le yone ka Modimo le ka Lefoko la gagwe, le gatelela bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo, mme le tlotlomatsa seabe se Keresete a nang le sone mo go bolokweng ga rona.—Baheb. 4:12.
BA BOLELWA E LE BA BA SIAMENG—JANG?
Paulo o kwala jaana: “Botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo, mme go ntse jaaka e kete ke mpho ya mahala go bo ba bolelwa e le ba ba siameng ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa [Modimo] ka go gololwa ka thekololo e e neng ya duelwa ke Keresete Jesu.” Gape Paulo a re: “Motho o bolelwa e le yo o siameng ka tumelo kwantle ga ditiro tsa molao.” (Bar. 3:23, 24, 28) Ka ntlha ya tumelo mo ‘tirong e le nngwe ya tshiamiso,’ Bakeresete ba ba tloditsweng mmogo le maloko a “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku tse dingwe” ba ka “bolelwa e le ba ba siameng”—batlodiwa ba siametse go tshela kwa legodimong e le baruaboswa mmogo le Keresete mme ba boidiidi jo bogolo bone ba siametse go nna ditsala tsa Modimo, ka tsholofelo ya gore ba tla falola “pitlagano e kgolo.”—Bar. 5:18; Tshen. 7:9, 14; Joh. 10:16; Jak. 2:21-24; Math. 25:46.
Paulo o botsa jaana: “A re tla leofa ka gonne re se tlase ga molao mme re le tlase ga bopelonomi jo bo sa re tshwanelang?” O araba a re: “Le ka motlha e kete seo se ka se diragale!” Go tswa foo o tlhalosa jaana: “Lo batlhanka . . . , e ka tswa lo le ba boleo ka tebelelo ya loso kgotsa ba kutlo ka tebelelo ya tshiamo.” (Bar. 6:15, 16) A re: “Fa lo bolaya ditlwaelo tsa mmele ka moya, lo tla tshela.”—Bar. 8:13.
Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:
1:24-32—A boitsholo jo bo sa siamang jo bo tlhalosiwang fano bo ne bo dirwa ke Bajuda kana ke Baditšhaba? Le fa tlhaloso eno e ne e ka tshwanela sengwe le sengwe sa ditlhopha tseno, tota Paulo o ne a bua ka Baiseraele ba ba neng ba sa bolo go nna batlhanogi. Le fa ba ne ba itse molao o o siameng wa Modimo, “ba ne ba se ka ba amogela go tsaya Modimo ka kitso ya boammaaruri.” Ka jalo, ba ne ba le bosula.
3:24, 25—“Thekololo e e neng ya duelwa ke Keresete Jesu” e ne e ka bipa jang “maleo a a neng a dirwa mo nakong e e fetileng” pele e duelwa? Boporofeti jwa ntlha jo bo ka ga Mesia, jo bo kwadilweng mo go Genesise 3:15, bo ne jwa diragadiwa ka 33 C.E. fa Jesu a ne a bolawa mo koteng ya tlhokofatso. (Bagal. 3:13, 16) Le fa go ntse jalo, fa Jehofa a ne a bua boporofeti jono, mo go ene go ne go ntse jaaka e kete thekololo e setse e duetswe, ka gonne ga go sepe se se ka thibelang Modimo go diragatsa maikaelelo a gagwe. Ka jalo, ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu Keresete se se neng se sa ntse se tla, Jehofa o ne a ka itshwarela maleo a ditlogolwana tsa ga Adame tse di neng di na le tumelo mo tsholofetsong eo. Gape thekololo e dira gore batho ba ba tshedileng mo motlheng wa pele ga Bokeresete ba kgone go tsoga mo baswing.—Dit. 24:15.
6:3-5—Go kolobediwa mo go Keresete Jesu le go kolobediwa mo losong lwa gagwe go kayang? Fa Jehofa a tlotsa balatedi ba ga Keresete ka moya o o boitshepo, ba nna seoposengwe le Jesu e bile ba nna karolo ya phuthego e e leng mmele wa ga Keresete, mme ene e le Tlhogo ya mmele oo. (1 Bakor. 12:12, 13, 27; Bakol. 1:18) Seno ke sone se go kolobediwa mo go Keresete Jesu go se kayang. Gape Bakeresete ba ba tloditsweng ba “kolobediwa mo losong lwa [ga Keresete]” ka tsela ya gore ba tshela botshelo jwa go intsha setlhabelo mme ba tlogela tsholofelo epe fela ya go tshela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng. Ka gone, loso lwa bone ke lwa go intsha setlhabelo, fela jaaka lwa ga Jesu, le fa lwa bone lo sa rekolole. Go kolobediwa jalo mo losong lwa ga Keresete go wediwa fa ba swa ba bo ba tsosediwa go ya go tshela kwa legodimong.
7:8-11—‘Boleo bo ne jwa amogela tlhotlheletso ka taelo’ jang? Molao o ne wa thusa batho gore ba tlhaloganye ka botlalo se boleo e leng sone, mme seo se ne se dira gore ba kgone go ipona e le baleofi go feta pele. Ka ntlha ya moo, ba ne ba lemoga ditiro tse dintsi tse ba di dirileng tsa boleo, mme batho ba le bantsi ba ne ba lemoga go feta kafa ba neng ba lemoga ka gone pele gore ke baleofi. Ka jalo go ka bolelwa gore boleo bo ne jwa amogela tlhotlheletso ka Molao.
Se re Ithutang Sone:
1:14, 15. Re na le mabaka a mantsi a gore re bolele dikgang tse di molemo ka tlhoafalo. Lebaka le lengwe ke gore re na le boikarabelo jwa go thusa batho ba ba rekilweng ka madi a ga Jesu gore ba nne le kamano e e molemo le Modimo.
1:18-20. Batho ba ba boikepo le ba ba sa siamang “ga ba na seipato,” gonne dinonofo tsa Modimo tse di sa bonaleng di bonwa mo popong.
2:28; 3:1, 2; 7:6, 7. Fa Paulo a sena go bua mafoko a Bajuda ba ka utlwang a tlhaba, o bua mafoko a a nolofatsang se a se buileng. Seno ke sekai mo go rona gore re tshwanetse go tshwara dikgang tse di masisi ka kelotlhoko le ka botswerere.
3:4. Fa mafoko a batho a sa dumalane le se Modimo a se buang mo Lefokong la gagwe, re dira gore “Modimo a fitlhelwe a le boammaaruri” ka go ikanya molaetsa wa Baebele le go dira dilo go dumalana le thato ya Modimo. Re ka kgona go thusa batho ba bangwe gore ba fitlhele Modimo a le boammaaruri ka go nna le seabe ka tlhagafalo mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa.
4:9-12. Tumelo ya ga Aborahame e ne ya kaiwa e le tshiamo mo go ene lobaka lo loleele pele a rupisiwa a le dingwaga di le 99. (Gen. 12:4; 15:6; 16:3; 17:1, 9, 10) Ka jalo, Modimo o ne a bontsha ka tsela e e bonalang sentle gore ke eng se se dirang gore a lebe batho e le ba ba siameng.
4:18. Tsholofelo ke karolo ya botlhokwa thata ya tumelo. Tumelo ya rona e thailwe mo tsholofelong.—Baheb. 11:1.
5:18, 19. Paulo o baya mabaka ka tsela e e utlwalang sentle go bontsha gore Jesu o tshwana jang le Adame, ka go rialo a tlhalosa ka mafoko a makhutshwane a a sa raraanang gore motho a le mongwe a ka “ntsha moya wa gagwe gore a bone ba le bantsi.” (Math. 20:28) Re tshwanetse go etsa sekao seno sa go ruta ka go baya mabaka ka tsela e e utlwalang sentle le go bua ka bokhutshwane.—1 Bakor. 4:17.
7:23. Ditokololo tsa rona tsa mmele tse di jaaka diatla, maoto le loleme di ka re ‘dira batshwarwa ba molao wa boleo,’ ka jalo re tshwanetse go itlhokomela gore re se ke ra di dirisa ka tsela e e sa tshwanelang.
8:26, 27. Fa re lebana le maemo a a re akabatsang mo re sa itseng gore re rapelele eng, “moya ka boone o a re rapelela.” Ka nako eo, Jehofa, yo e leng “Moutlwi wa thapelo,” o amogela dithapelo tsa rona tse di tsamaisanang le seemo tse re di tsereng mo Lefokong la gagwe, a di amogela e le tse di tswang mo go rona.—Pes. 65:2.
8:38, 39. Masetlapelo, dibopiwa tse di boikepo tsa semoya le dipuso tsa batho ga di ka ke tsa dira gore Jehofa a tlogele go re rata; e bile ga di a tshwanela go dira gore re tlogele go mo rata.
9:22-28; 11:1, 5, 17-26. Bontsi jwa boporofeti jo bo amanang le go tsosolosiwa ga Iseraele bo diragadiwa ke phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng, ba ba ‘bidiwang, e seng fela mo Bajudeng mme gape mo ditšhabeng.’
10:10, 13, 14. Tumelo e e nonofileng mo go Jehofa le mo ditsholofetsong tsa gagwe, mmogo le go rata Modimo le mongwe ka rona go ka re tlhotlheletsa gore re nne le seabe ka tlhagafalo mo bodireding jwa Bokeresete.
11:16-24, 33. A bo “bopelonomi le bopeloethata jwa Modimo” di dira ka tekatekano ka tsela e e gakgamatsang jang ne! Ee, “Lefika, tiro ya gagwe e itekanetse, gonne ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamiso.”—Dute. 32:4.
GO TSHELA GO DUMALANA LE GO BOLELWA RE LE BA BA SIAMENG
Paulo a re: “Ka gone ke a lo rapela ka mapelotlhomogi a Modimo, bakaulengwe, gore lo ise mebele Bar. 12:1) “Ka gone,” ke gore, ka gonne Bakeresete ba bolelwa e le ba ba siameng ka ntlha ya tumelo ya bone, mafoko a a latelang a ga Paulo a tshwanetse go ama tsela e ba itebang ka yone, e ba lebang ba bangwe ka yone le e ba lebang balaodi ba dipuso ka yone.
ya lona setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se amogelesegang mo Modimong.” (Paulo o kwala a re: “Ke bolelela mongwe le mongwe mo go lona gore a se ka a ikgopola thata go feta kafa go tlhokegang go ikgopola ka gone.” O gakolola jaana: “A lorato lwa lona lo nne lo lo se nang boitimokanyo.” (Bar. 12:3, 9) “A moya mongwe le mongwe o nne mo taolong ya balaodi ba bagolo.” (Bar. 13:1) Paulo o rotloetsa Bakeresete gore ‘ba se atlholane’ fa go tliwa mo dikgannyeng tse di amanang le segakolodi.—Bar. 14:13.
Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:
12:20—Re “koelela magala a a tukang” mo tlhogong ya mmaba jang? Mo metlheng ya Baebele, lenyatshipi le ne le tsenngwa mo leubelong go bo go koelelwa magala mo godimo ga lone le kafa tlase ga lone. Seno se ne se oketsa mogote mme se dira gore tshipi e bo e nyerologe mme e lomologe mo go se e seng tshipi tota. Ka tsela e e tshwanang, fa re direla mmaba ditiro tse di molemo, re koelela magala a a tukang mo tlhogong ya gagwe gore go nna thata ga gagwe go nyerologe mme a feleletse a bontsha dinonofo tse di molemo.
12:21—Re ‘nna re fenya bosula ka molemo’ jang? Tsela e nngwe e re dirang jalo ka yone ke ka go ikemisetsa ka bopelokgale go dira tiro ya rona e re e abetsweng ke Modimo ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi go fitlha e setse e dirilwe ka selekanyo se Jehofa a se kgotsofalelang.—Mar. 13:10.
13:1—Balaodi ba bagolo “ba tlhomilwe ke Modimo mo maemong a bone a a lekanyeditsweng” ka tsela efe? Balaodi ba dipuso ba “eme ba tlhomilwe ke Modimo mo maemong a bone a a lekanyeditsweng” ka tsela ya gore Modimo ke ene a ba letlang go busa, e bile ka dinako dingwe o ne a bonela pele gore ba ne ba tla busa. Seno se bonala sentle mo go se Baebele e se boleletseng pele ka babusi bangwe.
Se re Ithutang Sone:
12:17, 19. Go ipusolosetsa fa batho ba re diretse bosula ke go dira tiro e tota e leng ya ga Jehofa. Ruri go ‘busetsa bosula ka bosula’ e tla bo e le go ipagololela mogodu!
14:14, 15. Ga re a tshwanela go hutsafatsa kana go kgopisa mokaulengwe wa rona ka dijo kana dino tse re di mo nayang.
14:17. Gore motho a nne le kamano e e siameng le Modimo, ga go a ikaega thata ka se a tlhophang go se ja kgotsa go se nwa, kgotsa ka se a tlhophang gore a se ka a se ja kgotsa a se nwa. Go na le moo, go amana le tshiamo, kagiso le boipelo.
15:7. Re tshwanetse go amogela batho botlhe ba ba batlang boammaaruri ka bopeloephepa mo phuthegong re sa ba tlhaole mme re bolelele mongwe le mongwe yo re kopanang le ene molaetsa wa Bogosi.
[Ditshwantsho mo go tsebe 31]
A thekololo e ka dira mo maleong a a dirilweng pele e duelwa?