O Tshwanetse Wa bo O le Kae fa Bokhutlo bo Tla?
O Tshwanetse Wa bo O le Kae fa Bokhutlo bo Tla?
GO TLA diragalang ka batho ba ba thokgameng, fa Jehofa a fedisa tsamaiso ya gone jaanong e e boikepo ya dilo ka Haramagedona? Diane 2:21, 22 e araba jaana: “Bathokgami ke bone ba ba tla agang mo lefatsheng, mme ba ba se nang molato ke bone ba ba tla salang mo go lone. Fa e le baikepi bone, ba tla kgaolwa mo lefatsheng; mme maferefere one, a tla kumolwa mo go lone.”
Le fa go ntse jalo, ba ba se nang molato ba tla sala ka tsela efe mo lefatsheng? A go tla bo go na le lefelo la botshabelo? Bathokgami ba tshwanetse ba bo ba le kae fa bokhutlo bo tla? Dipego di le nnè tsa phalolo tse di mo Baebeleng di tla re thusa ka dikgang tseno.
Nako ya fa Lefelo Le ne Le le Botlhokwa
Lekwalo la 2 Petere 2:5-7 le bua jaana malebana le go gololwa ga ga Noa le Lote ba bogologolo: “[Modimo] o ne a se ka a ithiba go otlhaya lefatshe la bogologolo, mme a boloka Noa, moreri wa tshiamo, a babalesegile le ba bangwe ba le supa fa a ne a tlisa morwalela mo lefatsheng la baikepi; mme ka go dira metse ya Sodoma le Gomora melora fela o ne a ba bona molato, a tlhomela baikepi sekao sa dilo tse di tla tlang; mme o ne a golola Lote yo o siameng, yo o neng a tshwenyegile thata ka go itlhapedisa mo boitshwarong jo bo repileng ga batho ba ba tlhokomologang molao.”
Noa o ile a falola morwalela jang? Modimo o ne a raya Noa a re: “Bokhutlo jwa nama yotlhe bo tlile fa pele ga me, ka gonne lefatshe le tletse thubakanyo ka ntlha ya bone; mme bona, ke a ba senya mmogo le lefatshe. Itirele araka ka dikgong tsa setlhare sa boroku.” (Gen. 6:13, 14) Noa o ne a aga araka fela jaaka Jehofa a ne a mo laetse. Malatsi a le supa pele morwalela o simolola, Jehofa o ne a mo laela gore a phuthele diphologolo mo arakeng mme a tsene mo go yone le botlhe ba lelapa la gagwe. Ka letsatsi la bosupa, fa a sena go tsena, kgoro e ne ya tswalwa, “mme pula e kgolo mo lefatsheng ya tswelela malatsi a le masome a manè le masigo a le masome a manè.” (Gen. 7:1-4, 11, 12, 16) Noa le lelapa la gagwe ‘ba ne ba rwalwa ka pabalesego go ralala metsi.’ (1 Pet. 3:20) Ba ne ba tshwanetse go nna mo arakeng fa ba ne ba batla go falola. Go ne go se na lefelo lepe le lengwe mo lefatsheng le ba neng ba ka babalesega mo go lone.—Gen. 7:19, 20.
Ditaelo di ne di farologane ka tsela nngwe fa go tliwa mo kgannyeng ya ga Lote. Baengele ba babedi ba ne ba mmolelela lefelo le a neng a sa tshwanela gore a bo a le kwa go lone. Ba ne ba raya Lote ba re: “Botlhe ba e leng ba gago mo motseng [wa Sodoma], ba ntshe mo lefelong leno! Gonne re senya lefelo leno.” Ba ne ba tshwanetse go “falolela kwa kgaolong e e dithaba.”—Gen. 19:12, 13, 17.
Se se diragaletseng Noa le Lote se re tlhomamisetsa gore “Jehofa o itse kafa a ka gololang batho ba boineelo jwa bomodimo mo tekong ka gone, mme a beele batho ba ba sa siamang letsatsi la katlholo.” (2 Pet. 2:9) Mo dipegong tseno tse pedi tsa poloko, batho ba ne ba tshwanetse go nna mo lefelong le le rileng gore ba falole. Noa o ne a tshwanetse go tsena mo arakeng; Lote o ne a tshwanetse go tswa kwa Sodoma. A mme go nna jalo ka metlha? A Jehofa a ka boloka batho ba ba siameng le fa ba ka tswa ba le kae, kwantle ga gore ba fudugele go sele? Go araba potso eo, sekaseka dipego tse dingwe tse pedi tsa poloko.
A ka Metlha Lefelo le Botlhokwa?
Pele Jehofa a itaya Egepeto ka go tlisa sebetso sa bolesome ka motlha wa ga Moshe, O ne a laela Baiseraele gore ba kgatshe madi a phologolo ya Tlolaganyo mo mephakwaneng le mo dikgorong Ekes. 12:22, 23, 29.
tsa matlo a bone. Ka ntlha yang? Gore ‘e tle e re fa Jehofa a feta a raletse gore a leretse Baegepeto sebetso mme a bona madi mo karolong e e fa godimo ya kgoro le mo mephakwaneng e mebedi, a fete fa godimo ga kgoro, mme a se ka a letla gore tshenyo e tsene mo matlong a bone go ba leretse sebetso.’ Mo go jone bosigo joo, ‘Jehofa o ne a itaya leitibolo lengwe le lengwe mo lefatsheng la Egepeto, go simolola ka leitibolo la ga Faro yo o ntseng mo setulong sa gagwe sa bogosi go fitlha ka leitibolo la motshwarwa yo o neng a le mo lehuting la kgolegelo, le leitibolo lengwe le lengwe la phologolo.’ Maitibolo a Baiseraele a ne a bolokwa kwantle ga gore ope a tshwanelwe ke go fuduga.—Gape akanya ka kgang ya ga Rahabe, seaka se se neng se nna kwa motseng wa Jeriko. Baiseraele ba ne ba tloga ba simolola go gapa Lefatshe le le Solofeditsweng. Fa Rahabe a lemoga gore Jeriko e ne e tlile go senngwa, o ne a bolelela ditlhola tse pedi tsa Baiseraele gore motse o ne o tletse poifo jaaka Baiseraele ba ntse ba atamela. O ne a fitlha ditlhola tseo a bo a di kopa gore di mo ikanele gore ene le botlhe ba lelapa la gagwe ba tla bolokwa fa Jeriko e senngwa. Ditlhola di ne tsa laela Rahabe gore a phuthele ba lelapa la gagwe mo ntlong ya gagwe, e e neng e le mo loboteng lwa motse. Fa ba ne ba ka tswa mo ntlong, ba ne ba tla senngwa le motse oo otlhe. (Josh. 2:8-13, 15, 18, 19) Le fa go ntse jalo, moragonyana Jehofa o ne a raya Joshua a re: “Lobota lwa motse lo tla salalagana.” (Josh. 6:5) Lefelo le ditlhola di neng di rile ke lefelo le le babalesegileng jaanong go ne go lebega le le mo kotsing. Rahabe le ba lelapa la gagwe ba ne ba tla bolokwa jang?
Fa nako ya go thopa Jeriko e goroga, Baiseraele ba ne ba goa ba bo ba letsa dinaka. Joshua 6:20 ya re: “Ga diragala gore fela fa batho [ba Iseraele] ba utlwa modumo wa lonaka e bile batho ba simolola go tlhaba mokgosi o mogolo wa ntwa, foo lobota lwa simolola go salalagana.” Go ne go se na motho ope yo o neng a ka kgona go emisa go gosomana ga lobota. Le fa go ntse jalo, ka kgakgamatso go gosomana ga lobota lwa motse go ne ga felela fa ntlong ya ga Rahabe. Joshua o ne a laela ditlhola tse pedi jaana: “Tsenang mo ntlong ya mosadi, yo e leng seaka, mme lo ntshe mosadi yoo koo le botlhe ba gagwe, fela jaaka lo mo ikanetse.” (Josh. 6:22) Botlhe ba ba neng ba le mo ntlong ya ga Rahabe ba ne ba bolokwa.
Ke Eng se se Neng se le Botlhokwa Thata?
Ke eng se re ka ithutang sone mo dipegong tsa go falola ga ga Noa, Lote, Baiseraele ba motlha wa ga Moshe le Rahabe? Dipego tseno di re thusa jang go bona gore re tshwanetse ra bo re le kae fa bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo bo tla?
Ke boammaaruri gore Noa o ne a bolokiwa a le mo arakeng. Mme ke ka ntlha yang fa a ne a le mo go yone? A ga se ka ntlha ya gore o ne a na le tumelo e bile a le kutlo? Baebele ya re: “Noa a Gen. 6:22; Baheb. 11:7) Go tweng ka rona? A re dira sotlhe se Modimo a re se laetseng? Gape Noa e ne e le “moreri wa tshiamo.” (2 Pet. 2:5) Fela jaaka Noa, a re tlhoafetse mo tirong ya go rera, le fa batho mo tshimong ya rona ba sa batle go re reetsa?
dira kafa go sotlhe se Modimo a neng a se mo laetse. A dira fela jalo.” (Lote o ne a falola tshenyego ka go tshaba kwa Sodoma. O ne a falola ka gonne o ne a siame mo matlhong a Modimo e bile o ne a tshwenngwa thata ke boitsholo jo bo repileng jwa batho ba ba neng ba sa ikobele Molao ba Sodoma le Gomora. A boitsholo jo bo repileng jo bo anameng gompieno tota bo a re tshwenya? Kgotsa re tlwaetse go bo bona mo e leng gore ga bo tlhole bo re tshwenya? A re dira bojotlhe jwa rona gore re fitlhelwe re ‘se na selabe, re se na molato e bile re le mo kagisong’?—2 Pet. 3:14.
Baiseraele kwa Egepeto le Rahabe kwa Jeriko ba ne ba tla bolokwa fela fa ba nna ba le mo matlong a bone. Seno se ne se tlhoka tumelo le go nna kutlo. (Baheb. 11:28, 30, 31) Akanya kafa ba lelapa lengwe le lengwe la Baiseraele ba tshwanetseng ba bo ba ile ba tlhoma matlho a bone mo maitibolong a bone ka teng fa go “tsoga selelo se segolo” mo malapeng a Baegepeto ka go tlhomagana. (Ekes. 12:30) Akanya kafa Rahabe le ba lelapa la gagwe ba tshwanetseng ba bo ba ile ba atamalana gaufiufi ka teng fa ba utlwa modumo wa go gosomana ga dipota tsa Jeriko o ntse o atamela. Rahabe o ne a tshwanetse gore a bo a na le tumelo ya mmatota gore a nne kutlo mme a nne mo ntlong eo.
Go ise go ye kae bokhutlo jwa lefatshe leno le le boikepo la ga Satane bo tla tla. Ga re ise re itse gore Jehofa o tla sireletsa jang batho ba gagwe ‘mo letsatsing la bogale jwa gagwe’ le le boitshegang. (Sefa. 2:3) Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega gore re tla falola fela fa re na le tumelo mo go Jehofa e bile re mo utlwa go sa kgathalesege gore re fa kae le gore re mo maemong afe ka nako eo. Gone jaanong re tshwanetse go tlhagolela boikutlo jo bo tshwanetseng malebana le se boporofeti jwa ga Isaia bo reng ke ‘diphaposi tsa rona tse di kwa teng.’
“Tsenang mo Diphaposing Tsa Lona Tse di Kwa Teng”
Isaia 26:20 ya re: “Tsamayang, batho ba me, tsenang mo diphaposing tsa lona tse di kwa teng, lo tswale dikgoro fa lo sena go tsena. Lo iphitlhe ka nakwana fela go fitlha katlholo e feta.” Boporofeti jono bo ka tswa bo diragaditswe la ntlha ka 539 B.C.E. fa Bameda le Baperesia ba ne ba gapa Babelona. Fa ba tsena ka Babelona, go lebega Kurose wa kwa Peresia a ne a laela mongwe le mongwe go nna mo ntlong ka gonne masole a gagwe a ne a laetswe go bolaya ope fela yo o neng a ka fitlhelwa kwa ntle.
Mo motlheng wa rona, ‘diphaposi tse di kwa teng’ tse go buiwang ka tsone mo boporofeting jono di ka amanngwa le diphuthego tse di fetang 100 000 tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe. Diphuthego tseno di re thusa thata mo botshelong. Di tla tswelela di re thusa le ka nako ya ‘pitlagano e kgolo.’ (Tshen. 7:14) Batho ba Modimo ba laelwa gore ba iphitlhe mo ‘diphaposing tsa bone tse di kwa teng’ le gore ba iphitlhe “go fitlha katlholo e feta.” Go botlhokwa gore re lebe phuthego sentle mme re tswelele re e leba sentle re bo re ikemisetse go tswelela re kopanela le yone. Re ka tsaya mafoko ano a a kgothatsang a ga Paulo tsia: “A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona, jaaka bangwe ba na le mokgwa oo, mme re kgothatsana, mme re dira jalo le go feta e re ka [re] bona letsatsi le atamela.”—Baheb. 10:24, 25.
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Re ka ithuta eng mo ditirong tsa Modimo tse di fetileng tsa poloko?
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
‘Diphaposi tse di kwa teng’ di ka amanngwa le eng mo motlheng wa gompieno?