Lorato Lwa ga Keresete lo re Tlhotlheletsa go Rata ba Bangwe
Lorato Lwa ga Keresete lo re Tlhotlheletsa go Rata ba Bangwe
“Jesu, ka a ne a ratile ba gagwe ba ba neng ba le mo lefatsheng, a ba rata go ya bokhutlong.”—JOH. 13:1.
1, 2. (a) Ke eng se se tlhomologileng ka lorato lwa ga Jesu? (b) Re tlile go tlotla ka ditsela dife tsa go bontsha lorato mo setlhogong seno?
JESU o ne a tlhoma sekao se se molemolemo sa lorato. Sengwe le sengwe se a neng a se dira—tsela e a neng a bua ka yone, a itshwara ka yone, a ruta ka yone le loso lwa gagwe lwa go intsha setlhabelo—di ne di bontsha lorato lwa gagwe. Go fitlha fela kwa bokhutlong jwa botshelo jwa gagwe mo lefatsheng, Jesu o ne a bontsha batho ba a kopanang le bone lorato mme segolobogolo barutwa ba gagwe.
2 Sekao sa ga Jesu se se tlhomologileng sa lorato se tlhomela balatedi ba gagwe ditekanyetso tse di kwa godimo tse ba tshwanetseng go tshela ka tsone. Gape sekao sa gagwe se re kgothaletsa gore le rona re rate bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mmogo le batho ba bangwe botlhe. Mo setlhogong seno, re tla sekaseka se bagolwane ba phuthego ba ka se ithutang mo go Jesu malebana le go bontsha batho ba ba dirileng diphoso lorato, le e leng ba ba dirileng diphoso tse di masisi tota. Gape re tla tlotla kafa lorato lwa ga Jesu lo tlhotlheletsang Bakeresete ka teng go thusa bakaulengwe mmogo le batho ba bangwe fa botshelo bo le thata, fa ba wetswe ke masetlapelo le fa ba lwala.
3. Jesu o ne a tshwara Petere jang le fa a ne a dirile diphoso tse di masisi?
3 Mo bosigong jwa pele ga loso lwa ga Jesu, moaposetoloi wa gagwe e bong Petere o ne a mo itatola makgetlo a le mararo. (Mar. 14:66-72) Le fa go ntse jalo, fa Petere a ikwatlhaya, jaaka Jesu a ne a boleletse pele gore o tla dira jalo, Jesu o ne a mo itshwarela. Jesu o ne a naya Petere maikarabelo a magolo. (Luke 22:32; Dit. 2:14; 8:14-17; 10:44, 45) Re ithuta eng ka boikutlo jo Jesu a neng a na le jone ka batho ba ba dirileng diphoso tse di masisi?
Bontsha Lorato lo lo Tshwanang le Lwa ga Keresete mo Bathong ba ba Dirileng Diphoso
4. Ke boemo bofe jo segolobogolo bo tlhokang gore go bontshiwe lorato lo lo tshwanang le lwa ga Keresete mo go jone?
4 Mo maemong a mantsi a go tlhokegang gore go bontshiwe lorato lo lo tshwanang le lwa ga Keresete mo go one, boemo jo bo ngomolang pelo thata ke fa go sekasekwa phoso e e masisi e e dirilweng ke leloko la lelapa kgotsa la phuthego. Ka maswabi, fa metlha ya bofelo ya tsamaiso ya ga Satane ya dilo e ntse e ya kwa bokhutlong, moya wa lefatshe o dira gore boitsholo jwa batho bo senyegele pele. Maikutlo a lefatshe a a sa siamang kgotsa a go sa kgathale malebana le boitsholo a ka tshwaetsa mongwe le mongwe wa rona, mme a koafatsa maikemisetso a rona a go dira se se siameng. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, bangwe ba ne ba tshwanelwa ke go kgaolwa mo phuthegong ya Bokeresete, mme ba bangwe ba ne ba kgalemelwa. Le gompieno go ntse fela jalo. (1 Bakor. 5:11-13; 1 Tim. 5:20) Le fa go ntse jalo, fa bagolwane ba ba sekasekang dikgang tseno ba bontsha lorato lo lo tshwanang le lwa ga Keresete, seno se ka ama modiraphoso fela thata.
5. Bagolwane ba ka etsa boikutlo jwa ga Keresete jang mo bathong ba ba dirileng diphoso?
5 Fela jaaka Jesu, bagolwane ba tshwanetse go latela melao e e siameng ya ga Jehofa ka dinako tsotlhe. Fa ba dira jalo, ba bontsha bonolo, bopelonomi le lorato jaaka Jehofa. Fa motho a ikwatlhaya tota, a le “pelo e phatlogileng” e bile a ‘pitlagane mo moyeng’ ka ntlha ya phoso ya gagwe, go ka nna motlhofo gore bagolwane ba “[lolamise] motho yo o ntseng jalo ka moya o o bonolo.” (Pes. 34:18; Bagal. 6:1) Mme ba tshwanetse go tshwara jang motho yo o tlhogoethata e bile a sa ikwatlhaye?
6. Ke eng se bagolwane ba tshwanetseng go se tila fa ba dirisana le batho ba ba dirileng diphoso, mme ka ntlha yang?
1 Bakor. 2:16; bala Jakobe 1:19, 20) Jesu o ne a tlhagisa bangwe ba motlha wa gagwe a sa potapote, mme le fa go ntse jalo, ga a ise a ko a bue sepe se se bontshang letlhoo kgotsa a bue sepe ka maikaelelo a go ba utlwisa botlhoko. (1 Pet. 2:23) Go na le moo, o ne a dira gore go nne motlhofo gore badiraphoso ba ikwatlhaye mme ba boe ba amogelwe ke Jehofa. Eleruri, lengwe la mabaka a konokono a go bo Jesu a ne a tla mo lefatsheng e ne e le “go boloka baleofi.”—1 Tim. 1:15.
6 Fa motho yo o dirileng phoso a sa amogele kgakololo ya Dikwalo kgotsa a leka go pega ba bangwe molato ka ntlha ya phoso e a e dirileng, bagolwane le ba bangwe ba ka nna ba galefa. E re ka ba itse ditlamorago tsa se motho yono a se dirileng, ba ka nna ba raelesega go bua kafa ba ikutlwang ka teng ka se motho yono a se dirileng le ka tsela e a itshwarang ka yone. Mme gone, bogale ga bo a siama e bile ga bo bontshe gore motho o na le “mogopolo wa ga Keresete.” (7, 8. Bagolwane ba tshwanetse go kaelwa ke eng fa ba sekaseka dikgang tsa boatlhodi?
7 Sekao sa ga Jesu mo kgannyeng eno se tshwanetse go ama jang tsela e re lebang ka yone batho ba ba tshwanetseng go otlhaiwa ke phuthego? Gakologelwa gore kaelo ya Baebele ya go tseelwa dikgato tsa boatlhodi ke phuthego e sireletsa letsomane e bile e ka nna ya tlhotlheletsa modiraphoso yo o otlhailweng gore a ikwatlhaye. (2 Bakor. 2:6-8) Go utlwisa botlhoko gore ba bangwe ga ba ikwatlhaye mme ba tshwanelwa ke go kgaolwa, le fa go ntse jalo go a kgothatsa go itse gore palo e kgolo ya batho bano moragonyana e boela kwa go Jehofa le phuthego ya gagwe. Fa bagolwane ba bontsha boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga Keresete, ba dira gore go nne motlhofo gore motho a ikwatlhaye mme kgabagare a boe. Mo isagweng, bangwe ba batho bao ba ba kileng ba dira diphoso ba ka nna ba se ka ba gakologelwa kgakololo yotlhe ya Dikwalo e bagolwane ba ileng ba ba e naya, mme gone ba tla gakologelwa gore bagolwane ba ile ba ba tshwara ka tsela e e nang le seriti le ka lorato.
8 Ka jalo, bagolwane ba tshwanetse go bontsha “maungo a moya,” segolobogolo lorato lo lo tshwanang le lwa ga Keresete, le fa ba lebane le maemo a a thata. (Bagal. 5:22, 23) Le ka motlha ga ba a tshwanela go itlhaganelela go leleka motho yo o dirileng phoso mo phuthegong. Ba tshwanetse go bontsha gore ba batla gore batho ba ba dirileng diphoso ba boele kwa go Jehofa. Ka jalo, fa moleofi a ikwatlhaya moragonyana, jaaka bontsi jwa bone ba dira, a ka nna a leboga Jehofa fela thata le “dimpho [tse e leng] banna” bao ba ileng ba dira gore go nne motlhofo mo go ene gore a boele mo phuthegong.—Baef. 4:8, 11, 12.
Go Bontsha Lorato Jaaka Keresete mo Metlheng ya Bofelo
9. Naya sekai se se bontshang kafa Jesu a neng a bontsha barutwa ba gagwe lorato ka teng.
9 Luke o bega ka tiragalo nngwe e e tlhomologileng e mo go yone Jesu a neng a dira sengwe se se bontshang lorato. E re ka Jesu a ne a itse gore fa nako e ntse e ya masole a Baroma a ne a tlile go dikaganyetsa motse wa Jerusalema o o neng o tlile go senngwa, a thibela gore batho ba se ka ba tshaba, o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe jaana ka lorato: “Fa lo bona Jerusalema a dikologilwe ke masole a a thibeletseng, itseng gore go kgakgabadiwa ga gagwe go atametse.” Ke eng se ba neng ba tshwanetse go se dira? Jesu o ne a ba neile ditaelo tse di utlwalang sentle le tse di tlhamaletseng. “A ba ba kwa Judea ba simolole go tshabela kwa dithabeng, mme a ba ba mo gare ga gagwe ba tloge, le ba ba mo mafelong a selegae a ba se ka ba tsena mo go ene; ka gonne ano ke malatsi a go diragatsa tshiamiso, gore dilo tsotlhe tse di kwadilweng di tle di diragadiwe.” (Luke 21:20-22) Fa masole a Roma a sena go dikaganyetsa Jerusalema ka 66 C.E., batho ba ba kutlo ba ne ba latela ditaelo tseno.
10, 11. Go sekaseka se se ileng sa direga fa Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tshaba kwa Jerusalema go tla re thusa jang go ipaakanyetsa “pitlagano e kgolo”?
10 Fa Bakeresete ba ntse ba tshaba go tswa kwa Jerusalema, ba ne ba tshwanetse go bontshana lorato lo lo tshwanang le lwa ga Keresete, fela jaaka Keresete le ene a ne a ba bontshitse lorato. Ba ne ba tshwanetse go abelana sepe fela se ba neng ba na le sone. Mme tiragatso ya boporofeti jwa ga Jesu ga e a ka ya felela ka go senngwa ga motse oo wa bogologolo fela. O ne a bolelela pele jaana: “Go tla nna le pitlagano e kgolo e e jaaka e e iseng e ko e nne fa e sale ka tshimologo ya lefatshe go fitlha jaanong, nnyaa, le gone e se kitla e nna gone gape.” (Math. 24:17, 18, 21) Pele ga “pitlagano e kgolo” e e larileng kwa pele e simolola, le fa e ntse e tsweletse, le rona re ka nna ra lebana le mathata mme ra tlhoka dilo dingwe. Go nna le boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jwa ga Keresete go tla re thusa go itshokela mathata ao.
11 Ka nako eo, re tla tshwanelwa ke go latela sekao sa ga Jesu, re bontsha lorato lo e seng lwa bopelotshetlha. Paulo o ne a gakolola jaana malebana le kgang eno: “A mongwe le mongwe wa rona a itumedise moagelani wa gagwe ka se se molemo go mo aga. Gonne le Keresete tota o ne a se ka a iitumedisa . . . Jaanong e kete Modimo yo o fang boitshoko le kgomotso a ka dira gore mo gare ga lona lo nne le boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jo Keresete Jesu a neng a na le jone.”—Bar. 15:2, 3, 5.
12. Re tshwanetse go nna le mofuta ofe wa lorato gone jaanong, mme ka ntlha yang?
12 Petere, yo Jesu a neng a mmontshitse lorato, le ene o ne a rotloetsa Bakeresete go bontsha “lorato 1 Pet. 1:22) Gompieno, go feta le fa e le leng pele, re tshwanetse go nna le dinonofo tse di tshwanang le tsa ga Keresete. Batho ba Modimo botlhe ba setse ba ntse ba lebane le kgatelelo e kgolo le gone jaanong. Ga go ope yo o tshwanetseng go ikanya karolo epe ya tsamaiso ya lefatshe leno, jaaka re ile ra bona tsamaiso ya lefatshe leno ya tsa madi e phutlhama bosheng jaana. (Bala 1 Johane 2:15-17.) Go na le moo, e re ka bokhutlo jwa tsamaiso eno bo ntse bo atamela go gaisa le fa e le leng pele, re tshwanetse go atamalana thata le Jehofa le bakaulengwe ba rona, re nne le ditsala tsa mmatota mo phuthegong. Paulo o ne a gakolola jaana: “Mo loratong lwa bokaulengwe bontshanang lorato lwa bopelonomi. Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.” (Bar. 12:10) Mme Petere o ne a gatelela ntlha eno go ya pele, fa a re: “Mo godimo ga dilo tsotlhe, ratanang ka lorato lo logolo, ka gonne lorato lo bipa maleo a le mantsi.”—1 Pet. 4:8.
lwa bokaulengwe lo lo se nang boitimokanyo” le gore ba “utlwe boammaaruri.” Ba tshwanetse go ‘ratana ka lorato lo logolo lo lo tswang pelong.’ (13-15. Bakaulengwe bangwe ba ile ba bontsha jang lorato lo lo tshwanang le lwa ga Keresete morago ga kotsi ya masetlapelo?
13 Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba itsege ka go dira ditiro tse di bontshang lorato lo lo tshwanang le lwa ga Keresete. Akanya ka Basupi ba ba neng ba ithaopela go ya go thusa morago ga gore ditsuatsue le dikgwanyape di senye dikarolo tse dikgolo tsa naga kwa borwa jwa United States ka 2005. Batho ba ba fetang 20 000 ba ne ba ithaopa, ba tlhotlhelediwa ke sekao sa ga Jesu sa go bontsha lorato, ba le bantsi ba bone ba tlogetse magae a bone le ditiro tsa bone go ya go thusa bakaulengwe ba bone ba ba neng ba wetswe ke masetlapelo.
14 Mo lefelong le lengwe, matsubutsubu a ne a kgoromeletsa metsi a lewatle mo lefatsheng le le omileng sekgala sa dikilometara di le 80, a bo a dira gore go nne le lekhubu le legolo la metsi le le fitlhang go dimetara di le 10. Fa metsi a kokobela, nngwetharong ya magae le dikago tse dingwe tse a neng a fetile mo go tsone di ne di senyegile gotlhelele. Basupi ba ba tswang kwa dinageng tse di farologaneng ba ne ba ithaopa go tla go thusa mo kgaolong eo, ba dirisa bokgoni jwa bone le didirisiwa tsa bone le dilwana tsa go aga mme ba ne ba iketleeditse go dira tiro epe fela e e neng e tlhoka go dirwa. Bokgaitsadi ba babedi ba batlholagadi ba e leng bana ba motho ba ne ba paka dilo tsa bone mo loring e nnye mme ba kgweetsa dikilometara di feta 3 000 go ya go thusa. Mongwe wa bokgaitsadi bao o ne a sala koo mme o sa ntse a thusa komiti ya namolo ya mo lefelong leo e bile o direla e le mmulatsela wa ka metlha.
15 Magae a Basupi a feta 5 600 le a ba bangwe mo lefelong leo a ile a agiwa sesha kgotsa a baakanngwa. Basupi ba koo ba ile ba ikutlwa jang fa ba bontshiwa lorato ka tsela eno e e tlhomologileng? Kgaitsadi mongwe yo legae la gagwe le neng le senyegile o ne a fudugetse mo kharabaneng e nnye e e nelang e setofo sa yone se neng se senyegile. Bakaulengwe ba ne ba mo agela ntlo e e phuthologileng e e seng ya manobonobo. O ne a tsholola dikeledi a eme fa pele ga ntlo ya gagwe e ntšha e e agilweng ka matsetseleko, a leboga Jehofa le bakaulengwe ba gagwe. Mo maemong a mangwe a le mmalwa, Basupi ba mo lefelong leo ba ba neng ba senyegetswe ke matlo ba ne ba tswelela ba nna mo bonnong jwa nakwana ngwaga kgotsa go feta foo fa matlo a bone a sena go agiwa sesha. Ka ntlha yang? Gore badiri ba namolo ba nne mo magaeng a bone a masha. A sekao se se molemo
sa go bontsha boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jwa ga Keresete!Go Nna le Boikutlo jo bo Tshwanang le Jwa ga Keresete ka Balwetse
16, 17. Re ka bontsha ka ditsela dife gore re na le boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jwa ga Keresete ka balwetse?
16 Ke batho ba se kae fela mo go rona ba ba kileng ba welwa ke kotsi e kgolo ya masetlapelo a tlholego. Mme mo e ka nnang mongwe le mongwe o lebana le mathata a botsogo, go ka tswa go lwala ene kgotsa maloko a lelapa la gagwe. Boikutlo jwa mogopolo jo Jesu a neng a na le jone mo go ba ba lwalang ke sekao mo go rona. Lorato lwa gagwe lo ne lo mo tlhotlheletsa gore a tlhomogele batho bao pelo. Fa boidiidi bo ne bo tlisa balwetse ba bone kwa go ene, o ne “a alafa botlhe ba ba neng ba le mo seemong se se maswe.”—Math. 8:16; 14:14.
17 Gompieno, Bakeresete ga ba na maatla a Jesu a neng a na le one a go fodisa ka kgakgamatso, mme jaaka Jesu ba tlhomogela batho ba ba lwalang pelo. Bosupi jwa seo ke eng? Bagolwane ba bontsha gore ba na le boikutlo jo Keresete a neng a na le jone jwa mogopolo ka go dira dithulaganyo tsa go thusa ba ba lwalang mo phuthegong le go tlhomamisa gore ba a thusiwa, ba dira se se tlhalosiwang mo go Mathaio 25:39, 40. * (E bale.)
18. Bokgaitsadi ba babedi ba ne ba bontsha jang kgaitsadi yo mongwe lorato lwa mmatota, mme matswela e ne ya nna afe?
18 Gone ke boammaaruri gore ga o tlhoke go nna mogolwane gore o direle ba bangwe molemo. Akanya ka kgang ya ga Charlene wa dingwaga tse 44, yo o neng a tshwerwe ke kankere mme a boleletswe gore o saletswe ke malatsi a le lesome gore a swe. Bokgaitsadi ba babedi e bong Sharon le Nicolette, ba ba neng ba bona kafa monna yo o lorato wa ga Charlene yo o neng a mo tlhokometse e bile a tshwenyegile mo maikutlong a neng a tlhoka thuso ka teng, ba ne ba nna gone ka metlha go mo thusa mo malatsing a gagwe a bofelo. Malatsi ao a ne a felela e le dibeke di le thataro, mme bokgaitsadi bano ba babedi ba ne ba bontsha lorato lwa bone go ya bokhutlong. Sharon a re: “Go utlwisa botlhoko fa o itse gore motho ga a na go nna botoka. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a re nonotsha. Seno se ne sa dira gore re atamalane thata le Jehofa mme le rona re ne ra atamalana.” Monna wa ga Charlene a re: “Le ka motlha nka se lebale tsela e e molemo e bokgaitsadi bano ba babedi ba ba rategang ba neng ba re thusa ka yone. Ka ntlha ya maitlhomo a bone a mantle le tsela e e siameng e ba neng ba leba dilo ka yone, teko eno ya bofelo e ne ya nna motlhofo mo go Charlene wa me yo o ikanyegang, mme seo se ne sa nkimolola thata mo maikutlong sa bo sa nthusa gore ke lapologelwe. Ke tla anaanela se ba ntiretseng sone botshelo jwa me jotlhe. Go intsha setlhabelo ga bone go nonotshitse tumelo ya me mo go Jehofa le lorato lwa me mo bakaulengweng botlhe.”
19, 20. (a) Re sekasekile dintlha dife tse tlhano malebana le boikutlo jwa mogopolo jo Jesu a neng a na le jone? (b) O ikemiseditse go dira eng?
19 Mo motseletseleng ono wa ditlhogo tse tharo, re ile ra sekaseka dintlha tse tlhano malebana le boikutlo jo Jesu a neng a na le jone jwa mogopolo le kafa re ka akanyang ka teng le go dira jaaka ene. A re nneng ‘bonolo mme re nne boikokobetso mo pelong’ fela jaaka Jesu. (Math. 11:29) A re lekeng go tshwara ba bangwe ka bopelonomi, le fa bosaitekanelang jwa bone le makoa a bone a bonala. Mme ka bopelokgale re dire dilo tsotlhe tse Jehofa a batlang re di dira, tota le fa re lebane le diteko.
20 La bofelo, a re bontsheng bakaulengwe ba rona botlhe lorato lo lo tshwanang le lwa ga Keresete, fela jaaka Keresete ka boene a ne a dira, “go ya bokhutlong.” Lorato lo lo ntseng jalo lo re tlhaola re le balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu. (Joh. 13:1, 34, 35) Ee, “a lorato lwa lona lwa bokaulengwe lo tswelele.” (Baheb. 13:1) O se ka wa ikgogona! Dirisa botshelo jwa gago go baka Jehofa le go thusa ba bangwe! Jehofa o tla segofatsa maiteko a o a dirang ka bopeloephepa.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 17 Bona setlhogo se se reng “Dira se se Fetang Go Re: ‘O Thuthafale o bo o Kgore’” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa October 15, 1986.
A o ka Tlhalosa?
• Bagolwane ba ka bontsha jang boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jwa ga Keresete mo bathong ba ba dirileng diphoso?
• Ke ka ntlha yang fa go etsa lorato lwa ga Keresete go le botlhokwa segolobogolo mo metlheng eno ya bofelo?
• Re ka bontsha jang boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jwa ga Keresete mo balwetseng?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Bagolwane ba batla gore batho ba ba dirileng diphoso ba boele kwa go Jehofa
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Bakeresete ba ba neng ba tswa kwa Jerusalema ba ne ba bontsha jang boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jwa ga Keresete?
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Basupi ba ga Jehofa ba itsege ka ditiro tse di bontshang lorato lo lo tshwanang le lwa ga Keresete