O se Ka wa Ya le Mogoro
O se Ka wa Ya le Mogoro
DIKGOPOLO tse di malebana le gore ke eng se se amogelesegang kgotsa se se sa amogelesegeng le se se siameng kgotsa se se sa siamang di farologana go ya ka mafelo. Mme gape di a fetoga mo tsamaong ya nako. Ka jalo fa re bala dipego tsa Dikwalo ka ditiragalo tse di diregileng bogologolo, re tshwanetse go ela tlhoko kafa batho ba bantsi mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele ba neng ba leba dilo ka teng, mmogo le maitsholo a bone go na le gore fa re bala sengwe re batle gore dilo di nne ka tsela e rona re di lebang ka yone.
Ka sekai, akanya ka dilo tseno tse pedi tse di umakiwang gangwe le gape mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika—go tlotlega le go tlhabiwa ke ditlhong. E le gore re tlhaloganye ditemana tse di buang ka go tlotlega le go tlhabiwa ke ditlhong botoka, re tshwanetse go itse gore batho ba ba neng ba tshela bogologolo ba ne ba leba dilo tseo jang.
Mekgwa ya Batho ba Lekgolo la Ntlha la Dingwaga
Mokanoki mongwe a re: “Bagerika, Baroma le Bajuda, botlhe ba ne ba tsaya go tlotlega le go tlhabiwa ke ditlhong go le botlhokwa thata mo setsong sa bone. Batho ba ne ba tshelela le go swela gore ba bone tlotlo, ba nne le seriti, ba itsege, ba amogelwe ke batho ba bangwe mme ba tlotlege.” Ka ntlha ya seno, go ne go le motlhofo gore ba tshwenyege thata ka gore ba bangwe ba akanyang ka bone.
Batho ba ba tlotlegang thata mmogo le makgoba ba ne ba tsaya go nna le maemo a a kwa godimo le go tlotliwa go le botlhokwa. Motho o ne a sa tsewe a tlotlega ka gonne ene a itsaya a tlotlega, mme gape seo se ne se ikaegile ka gore ba bangwe ba mo leba jang. Go bontsha gore o tlotla motho, o ne o tshwanetse go bolela phatlalatsa gore motho yoo o itshwara ka tsela e go lebeletsweng gore a itshware ka yone. Gape go tlotla motho go ne go kaya go bontsha gore o kgatlhiwa ke khumo le maemo a gagwe mme o bo o mo naya tlotlo e e mo tshwanelang. Motho o ne a ka tlotliwa ka gonne a dira ditiro tse di molemo kgotsa a gaisa ba bangwe. Kafa letlhakoreng le lengwe motho o ne a tlhabiwa ke ditlhong fa a tlontlololwa kgotsa a sotliwa phatlalatsa. E ne e se fela kgang ya gore motho o ikutlwa jang kgotsa gore segakolodi sa gagwe sa reng, mme e ne e le kgang ya gore setšhaba se akanyang ka ene.
Fa Jesu a ne a bua ka go abelwa go nna “mo lefelong le le tlhomologileng thata” kgotsa “mo lefelong le le kwa tlase thata” kwa moletlong, e ne e le kgang ya go tlotliwa kgotsa go tlhabisiwa ditlhong go ya ka setso sa mo metlheng eo. (Luke 14:8-10) Ka makgetlo a ka nna mabedi, barutwa ba ga Jesu ba ne ba ganetsana ka “gore ke mang wa bone yo o ka tswang e le yo mogolo.” (Luke 9:46; 22:24) Ba ne ba bontsha maikutlo a a neng a tlhora batho ba bantsi ba ba neng ba tshela le bone boroko. Mme baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ba neng ba ikgogomosa e bile ba na le moya wa go gaisana, le bone ba ne ba tsaya go rera ga ga Jesu e le go nyatsa seriti le taolo ya bone. Le fa go ntse jalo, maiteko a bone a go bontsha batho gore ba ne ba gaisa Jesu ka go ganetsana le ene phatlalatsa fa pele ga boidiidi jwa batho, a ne a itaya sefololetse ka metlha.—Luke 13:11-17.
Selo se sengwe se Bajuda, Bagerika le Baroma ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba nna ba tshwenyegile ka sone, e ne e le ditlhong tsa go “tshwarwa le go atlholelwa phoso fa pele ga batho.” Go golegwa kgotsa go tlhatlhelwa ga motho go ne go tsewa e le matlhabisa ditlhong. Go tshwarwa ka tsela e e ntseng jalo, e ne e le go nyatsa motho fa pele ga ditsala tsa gagwe, ba lelapa le setšhaba ka kakaretso—a ka tswa a bonwe molato kana nnyaa. Selo seno se se tlhabisang ditlhong se ne se ka dira gore a se ka a itlotla e bile a se ka a nna le
kamano e e molemo le batho ba bangwe. Se se neng se tlhabisa ditlhong go feta go golegwa e ne e le go apolwa diaparo kgotsa go kgwathisiwa. Seno se ne se dira gore motho a nyadiwe a bo a sotliwe mme se ne se mo diga seriti.Go bolaelwa mo koteng ya tlhokofatso go ne go diga motho seriti ka tsela e e feteletseng. Mokanoki mongwe e bong Martin Hengel o ne a re go bolawa ka tsela e e ntseng jalo e ne e le “kotlhao ya makgoba. Ka jalo go ne go tshwantshetsa go sotliwa mo go feteletseng, go tlhabisiwa ditlhong le go tlhokofadiwa.” Setšhaba se ne se pateletsa ba lelapa le ditsala tsa motho yo o tlontlolotsweng jalo gore ba mo itatole. E re ka Keresete a bolailwe ka one mokgwa ono, botlhe ba ba neng ba batla go nna Bakeresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. ba ne ba tla sotliwa phatlalatsa. Gongwe batho ba le bantsi ba ne ba tsaya e le boeleele gore motho a ipitse molatedi wa motho yo o neng a bapotswe. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Rona re rera Keresete yo o bapotsweng, mo Bajudeng ke selo se se kgopang mme mo ditšhabeng ke boeleele.” (1 Bakor. 1:23) Bakeresete ba bogologolo ba ne ba lebana jang le kgwetlho eno?
Mekgwa e e Farologaneng
Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba ikobela molao mme ba leka gore ba itshware sentle gore ba se ka ba tlhabiwa ke ditlhong ka ntlha ya boitshwaro jwa bone jo bo sa siamang. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “A ope wa lona a se ka a boga ka go bo e le mmolai kgotsa legodu kgotsa modirabosula kgotsa e le yo o itshunyang nko mo dikgannyeng tsa batho ba bangwe.” (1 Pet. 4:15) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a bolelela pele gore balatedi ba gagwe ba ne ba tla bogisiwa ka ntlha ya leina la gagwe. (Joh. 15:20) Petere o ne a re: “Fa [motho] a boga e le Mokeresete, a a se ka a ikutlwa a tlhabiwa ke ditlhong, mme a a nne a galaletse Modimo.” (1 Pet. 4:16) Gore motho a se ka a tlhabiwa ke ditlhong fa a ntse a bogisediwa go nna molatedi wa ga Keresete, go ne go raya gore a se ka a tshela ka tsela e batho ba neng ba tshela ka yone ka nako eo.
Bakeresete ba ne ba sa letle tsela e batho ba neng ba tshela ka yone gore e laole boitshwaro jwa bone. Batho ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tsaya go bitsa motho yo o kileng a bapolwa ba re Mesia, e le boeleele. Tsela eo ya go leba dilo e ka tswa e ile ya gatelela Bakeresete gore ba simolole go akanya ka tsela e batho ba bantsi ba motlha oo ba neng ba akanya ka yone. Le fa go ntse jalo, tumelo e ba neng ba na le yone ya gore Jesu e ne e le Mesia, e ne ya dira gore ba mo latele le fa ba ne ba sotliwa. Jesu o ne a re: “Le fa e le mang yo o ntlhabelwang ke ditlhong e bile a tlhabiwa ke ditlhong ka ntlha ya mafoko a me mo kokomaneng e e akafalang eno le e e nang le boleo, Morwa motho le ene o tla mo tlhabelwa ke ditlhong fa a goroga ka kgalalelo ya ga Rraagwe a na le baengele ba ba boitshepo.”—Mar. 8:38.
Gompieno re ka lebana le kgatelelo e maikaelelo a yone e leng go re tlogedisa tsela ya Bokeresete. Kgatelelo eno e ka tlisiwa ke ba re tsenang le bone sekolo, baagelani, kgotsa badirimmogo ba ba lekang go re raela gore re dire boitsholo jo bo sa siamang, re se ka ra ikanyega kgotsa re dire dilo tse di sa tshwaneleng Bakeresete. Batho ba ba ntseng jalo ba ka leka go dira gore re ikutlwe re tlhabiwa ke ditlhong ka gonne re tshela go ya ka melaometheo e e siameng. Re tshwanetse go itshwara jang fa seo se direga?
Etsa ba ba Neng ba Nyatsa Ditlhong
E le gore Jesu a nne a ikanyega mo go Jehofa, o ne a bolawa ka tsela e e tlontlololang gotlhelele. “O ne a itshokela kota ya tlhokofatso, a nyatsa ditlhong.” (Baheb. 12:2) Baba ba ga Jesu ba ne ba mo faphola, ba mo kgwela mathe, ba mo apola diaparo, ba mo kgwathisa, ba mmapola ba bo ba mo gobolola. (Mar. 14:65; 15:29-32) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a nyatsa ditlhong tse ba neng ba leka go mo tlhabisa tsone. Jang? Le fa a ne a tshwarwa jalo, ga a ka a ineela. Jesu o ne a itse gore o ne a sa ntse a tlotlega mo go Jehofa, e bile o ne a sa ipatlele kgalalelo mo bathong. Le fa Jesu a bolailwe jaaka lekgoba, Jehofa o ne a mo tlotlomatsa ka go mo tsosa le go mo naya maemo a a tlotlegang thata gaufi le Ene. Bafilipi 2:8-11 ya re: “[Keresete Jesu o ne] a ikokobetsa mme a nna kutlo go fitlha losong, ee, loso mo koteng ya tlhokofatso. Ka lone lebaka leno gape Modimo o ne a mo godisetsa kwa boemong jo bo kwa godimo mme ka bopelonomi a mo naya leina le le kwa godimo ga leina lengwe le lengwe le sele, gore ka leina la ga Jesu lengole lengwe le lengwe le tle le obame la ba ba kwa legodimong le ba ba mo lefatsheng le ba ba kafa tlase ga lefatshe, le loleme longwe le longwe lo tle lo bolele ka phuthologo fa lo dumela gore Jesu Keresete ke Morena kgalalelong ya Modimo Rara.”
Ga se gore Jesu o ne a sa tlhabiwe ke ditlhong ka ntlha ya tsela e e tlontlololang e a bolailweng ka yone. Morwa Modimo o ne a utlwisiwa botlhoko ke gore Rraagwe o ne a ka tlontlololwa ka ntlha ya go bo ene a ne a atlholetswe gore o a tlhapatsa. Jesu o ne a kopa Jehofa gore a se ka a letlelela gore a tlontlololwe jalo. O ne a rapela jaana: “Tlosa senwelo seno mo go nna.” Mme Jesu o ne a ikobela thato ya Modimo. (Mar. 14:36) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a emelana le kgatelelo e e neng e lebisitswe mo go ene ka katlego mme a nyatsa ditlhong. Batho ba ba neng ba tla tlhabiwa ke ditlhong jalo ke ba ba neng ba tshela ka tsela e batho ba bantsi ba motlha wa gagwe ba neng ba tshela ka yone. Kwantle ga pelaelo Jesu ene o ne a sa tshele jalo.
Barutwa ba ga Jesu le bone ba ne ba tshwarwa le go kgwathisiwa. Seo se ne sa ba tlontlolola fa pele ga batho ba bantsi. Ba ne ba tseelwa kwa tlase e bile ba nyadiwa. Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba kgobega marapo. Barutwa ba boammaaruri ga ba a ka ba ya le mogoro mme ba ne ba nyatsa ditlhong. (Math. 10:17; Dit. 5:40; 2 Bakor. 11:23-25) Ba ne ba itse gore ba tshwanetse go ‘tsaya dikota tsa bone tsa tlhokofatso mme ba sale Jesu morago ka metlha.’—Luke 9:23, 26.
Go tweng ka rona gompieno? Dilo tse lefatshe le di tsayang e le tsa boeleele, di le bokoa, di tlhabisa ditlhong, Modimo ene o di tsaya di le botlhale, di le maatla e bile di tlotlega. (1 Bakor. 1:25-28) Ruri fa re ka ya le mogoro re tla bo re dira ka boeleele e bile re sa lebe dilo sentle.
Mongwe le mongwe yo o ratang go tlotliwa o tshwenyega ka gore lefatshe le mo leba jang. Kafa letlhakoreng le lengwe, jaaka Jesu le balatedi ba gagwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga, re rata gore Jehofa e nne Tsala ya rona. Ka jalo, re tla tlotla se a se tlotlang, mme re lebe se a tsayang se tlhabisang ditlhong e le sone se se tlhabisang ditlhong.
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
Jesu o ne a sa tlhotlhelediwe ke pono ya lefatshe ya se se tlhabisang ditlhong