Kutlwano e Tlhaola Kobamelo ya Boammaaruri
Kutlwano e Tlhaola Kobamelo ya Boammaaruri
“Ke tla ba baya mo kutlwanong, jaaka letsomane mo lesakeng.”—MIK. 2:12.
1. Popo e bontsha jang botlhale jwa Modimo?
MOPESALEMA o ne a re: “A bo ditiro tsa gago di le dintsi jang ne, Jehofa! O di dirile tsotlhe ka botlhale. Lefatshe le tletse ditiro tsa gago.” (Pes. 104:24) Botlhale jwa Modimo bo bonala mo tseleng e mefuta e mentsintsi ya dimela, ditshenekegi, diphologolo le baketeria di dirisanang ka yone le kafa di ikaegang ka tse dingwe ka teng mo thulaganyong ya lefatshe e e raraaneng ya botshelo. Gape mo mmeleng wa gago go direga dilo di le dintsintsi tse di farologaneng, go simolola mo dirweng tse dikgolo go ya go dimolekhule tse dinnye tse di raraaneng tse di mo diseleng tsa gago, mme tsotlhe di dirisana sentle go dira gore o nne motho yo o itekanetseng.
2. Jaaka go bontshitswe mo go tsebe 13, ke eng fa kutlwano ya Bakeresete e ne e lebega e gakgamatsa?
2 Jehofa o bopile batho gore ba ikaege ka ba bangwe. Batho ba farologana thata mo tseleng e ba lebegang ka yone, e bile ba na le botho le bokgoni jo bo sa tshwaneng. Gape Jehofa o ne a dira gore batho ba ntlha ba nne le dinonofo tsa bomodimo tse di neng di tla dira gore ba kgone go dirisana sentle mmogo le go thusana. (Gen. 1:27; 2:18) Mme le fa go ntse jalo, batho ka kakaretso ba kgaogane le Modimo mme ga ba ise ba tsamaye ba nne mmogo ka kutlwano. (1 Joh. 5:19) Ka jalo, e re ka phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya Bokeresete e ne e na le batho ba mefuta e e farologaneng ba ba jaaka batlhanka ba Baefeso, basadi ba ba tlhageletseng ba Bagerika, banna ba ba rutegileng ba Bajuda le batho ba pele ba neng ba obamela medingwana, kutlwano ya bone e tshwanetse ya bo e ne e lebega e gakgamatsa.—Dit. 13:1; 17:4; 1 Bathes. 1:9; 1 Tim. 6:1.
3. Baebele e tlhalosa jang kutlwano ya Bokeresete, mme re tla sekaseka dintlha dife mo setlhogong seno?
3 Kobamelo ya boammaaruri e thusa batho gore ba kgone go dirisana sentle ka kutlwano jaaka ditokololo tsa mmele. (Bala 1 Bakorintha 12:12, 13.) Dingwe tsa dintlha tse re tla di sekasekang mo setlhogong seno ke: Kobamelo ya boammaaruri e dira batho seoposengwe jang? Ke eng fa Jehofa e le ene fela a ka kgonang go dira gore dimilione tsa batho ba ditšhaba tsotlhe ba nne seoposengwe? Jehofa o re thusa go fenya dilo dife tse di ka kgoreletsang kutlwano? Fa go tliwa mo kgannyeng ya kutlwano, Bokeresete jwa boammaaruri bo farologana jang le madumedi a a ipitsang a Bokeresete?
Kobamelo ya Boammaaruri e Dira Jang Gore Batho ba Nne Seoposengwe?
4. Kobamelo ya boammaaruri e dira jang gore batho ba nne seoposengwe?
4 Batho ba ba mo kobamelong ya boammaaruri ba tlhaloganya gore, e re ka Jehofa e le ene a bopileng dilo tsotlhe, o tshwanelwa ke go nna Molaodimogolo wa lobopo lotlhe. (Tshen. 4:11) Ka jalo, le fa Bakeresete ba boammaaruri ba nna mo mafelong a a farologaneng le mo maemong a a farologaneng, botlhe ba ikobela melao e e tshwanang ya Modimo e bile ba tshela go ya ka melaometheo e e tshwanang ya Baebele. Baobamedi botlhe ba boammaaruri ba bitsa Jehofa jaaka go tshwanela, ba re “Rraarona.” (Isa. 64:8; Math. 6:9) Ka jalo, botlhe ke bakaulengwe mme ba itumelela go nna le kutlwano e e molemo e e tlhalosiwang jaana ke mopesalema: “Bona! Abo go le molemo jang e bile go itumedisa jang ne fa barwarramotho ba nna mmogo ka kutlwano!”—Pes. 133:1.
5. Ke nonofo efe e e dirang gore baobamedi ba boammaaruri ba utlwane?
5 Le fa Bakeresete ba boammaaruri ba sa itekanela, ba obamela mmogo ka kutlwano ka gonne ba ithutile go ratana. Jehofa o ba ruta go ratana ka tsela e go se nang motho ope yo o ka ba rutang go ratana ka yone. (Bala 1 Johane 4:7, 8.) Lefoko la gagwe la re: “Aparang lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele. Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo. Mme, mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, aparang lorato, gonne ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.” (Bakol. 3:12-14) Sebofo seno se se itekanetseng sa kutlwano—lorato—ke nonofo ya konokono e e tlhaolang Bakeresete ba boammaaruri. Go ya ka se wena o se iponetseng, a o lemogile gore kutlwano eno ke letshwao le le tlhaolang kobamelo ya boammaaruri?—Joh. 13:35.
6. Tsholofelo ya Bogosi e re thusa jang go nna seoposengwe?
6 Gape baobamedi ba boammaaruri ba seoposengwe ka gonne ba beile tsholofelo ya bone mo Bogosing jwa Modimo gore ke jone fela bo tla rarabololang mathata a batho. Ba itse gore go ise go ye kae Bogosi jwa Modimo bo tla emisetsa dipuso tsa batho mme bo neye batho ba ba kutlo kagiso ya mmatota e e nnelang ruri. (Isa. 11:4-9; Dan. 2:44) Ka jalo, Bakeresete ba tsaya tsia se Jesu a neng a se bua ka balatedi ba gagwe, fa a ne a re: “Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.” (Joh. 17:16) Bakeresete ba boammaaruri ga ba tseye letlhakore mo dintweng tsa lefatshe; ka jalo, ba kgona go nna seoposengwe le fa batho ba ba ba dikologileng bone ba lwa.
Tsela e le Yosi ya go Bona Thuto ya Bomodimo
7, 8. Thuto ya Baebele e re thusa jang go nna seoposengwe?
7 Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba le seoposengwe ka gonne botlhe ba ne ba newa kgothatso e e tswang mo motsweding o o tshwanang. Ba ne ba tlhaloganya gore Jesu o ne a ruta e bile a kaela phuthego a dirisa setlhopha se se laolang, se se neng se dirilwe ka baaposetoloi le banna ba bagolwane kwa Jerusalema. Banna bano ba ba ineetseng ba ne ba thaya ditshwetso tse ba di dirang mo Lefokong la Modimo mme ba ne ba naya balebedi ba ba etang ditaelo gore ba di fetisetse kwa diphuthegong mo dinageng tse dintsi. Baebele e bua jaana ka bangwe ba balebedi bao: “Ya re ba tswelela pele ka loeto ba raletse metse, ba naya ba ba leng koo ditaelo gore ba di boloke tse baaposetoloi le banna ba bagolwane ba ba neng ba le kwa Jerusalema ba neng ba dirile tshwetso ka tsone.”—Dit. 15:6, 19-22; 16:4.
8 Ka tsela e e tshwanang le gompieno, Setlhopha se se Laolang se se dirilweng ka Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya se dira gore phuthego ya lefatshe lotlhe e nne seoposengwe. Setlhopha se se Laolang se gatisa dikgatiso tse di kgothatsang semoyeng ka dipuo tse dintsi. Dijo tseno tsa semoya di theilwe mo Lefokong la Modimo. Ka jalo, se se rutiwang ga se tswe mo bathong, mme se tswa kwa go Jehofa.—Isa. 54:13.
9. Tiro e re e neilweng ke Modimo e re thusa jang go nna seoposengwe?
9 Balebedi ba Bakeresete gape ba dira gore phuthego e nne seoposengwe ka go di goga kwa pele mo tirong ya go rera. Kamano e e nonofileng e batho ba ba direlang Modimo mmogo ba nang le yone, e gaisa kgakala e batho ba bangwe mo lefatsheng ba nang le yone ka gonne fela ba a tle ba itise mmogo. Phuthego ya Bokeresete ga e a thaelwa gore e nne lefelo le go kopanelwang kwa go lone Bar. 1:11, 12; 1 Bathes. 5:11; Baheb. 10:24, 25) Ka jalo, moaposetoloi Paulo o ne a ka bua jaana ka Bakeresete: “Lo eme lo nitame mo maikutlong a le mangwe, ka moya o le mongwe lo wa lo tsoga mmogo ka ntlha ya tumelo ya dikgang tse di molemo.”—Bafil. 1:27.
go dira ditsala, mme e thaetswe go tlotla Jehofa le go dira tiro nngwe—tiro ya go rera dikgang tse di molemo, go dira barutwa, le go aga phuthego. (10. Dingwe tsa ditsela tse rona batho ba Modimo re leng seoposengwe ka tsone ke dife?
10 Gape, e re ka re le batho ba ga Jehofa, re seoposengwe ka gonne re ikobela bolaodi jwa gagwe, re rata bakaulengwe ba rona, re beile tsholofelo ya rona mo Bogosing jwa Modimo, e bile re tlotla batho ba Modimo a ba dirisang go re etelela pele. Jehofa o re thusa go fenya mekgwa mengwe e e ka senyang kutlwano ya rona ka gonne re sa itekanela.—Bar. 12:2.
Go Fenya Boikgogomoso le Lefufa
11. Ke eng fa boikgogomoso bo kgaoganya batho, mme Jehofa o re thusa jang go bo fenya?
11 Boikgogomoso bo kgaoganya batho. Motho yo o ikgogomosang o rata go itseela kwa godimo e bile o itumedisiwa ke go ikgantshetsa ba bangwe. Mme gantsi go dira jalo go senya kutlwano ka gonne ba ba utlwang maikgantsho ao ba ka nna lefufa. Morutwa Jakobe o bua jaana a sa potapote: “Go ikgogomosa gotlhe mo go ntseng jalo go boikepo.” (Jak. 4:16) Go tseela ba bangwe kwa tlase ga go bontshe lorato. Jehofa ke sekao se se tlhomologileng sa boikokobetso ka gonne o dirisana le rona, re le batho ba ba dirang diphoso. Dafide o ne a kwala jaana: “Boikokobetso jwa gago [Modimo] ke jone bo ntirang mogolo.” (2 Sam. 22:36) Lefoko la Modimo le re thusa go fenya boikgogomoso ka gonne le re ruta go akanya sentle. Paulo o ne a tlhotlhelediwa go botsa jaana: “Ke mang yo o go dirang gore o farologane le yo mongwe? Eleruri, ke eng se o nang le sone se o neng wa se ka wa se amogela? Jaanong, fa e le gore eleruri o ne wa se amogela, ke ka ntlha yang fa o ipelafatsa jaaka e kete o ne wa se ka wa se amogela?”—1 Bakor. 4:7.
12, 13. (a) Ke eng fa go nna lefufa go le motlhofo? (b) Go nna le diphelelo dife fa re leba ba bangwe jaaka Jehofa a ba leba?
12 Lefufa ke selo se sengwe se se tlwaelegileng se se dirang gore go se ka ga nna le kutlwano. Ka gonne re ruile boleo, rotlhe re na le “tshekamelo ya go fufega,” e bile ka dinako tse dingwe le batho ba ba sa bolong go nna Bakeresete ba fufegela boemo, dithoto, ditshiamelo le bokgoni jwa ba bangwe. (Jak. 4:5) Ka sekai, mokaulengwe yo o nyetseng yo o nang le bana a ka nna a fufegela ditshiamelo tse modiredi wa nako e e tletseng a nang le tsone, a sa lemoge gore modiredi yoo wa nako e e tletseng ene o a mo fufegela ka gonne a nyetse e bile a na le bana. Re ka dira jang gore lefufa le le ntseng jalo le se ka la senya kutlwano ya rona?
13 Se se ka re thusang go tila go nna lefufa ke go gakologelwa gore Baebele e tshwantsha maloko a a tloditsweng a phuthego ya Bokeresete le ditokololo tsa mmele wa motho. (Bala 1 Bakorintha 12:14-18.) Ka sekai, le fa leitlho la gago le bonala mme pelo ya gago yone e sa bonale, a tsoopedi ga di botlhokwa mo go wena? Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o anaanela maloko otlhe a phuthego le fa ka dinako tse dingwe ba bangwe ba tlhageletse go feta ba bangwe. Ka jalo, a re lebeng bakaulengwe ba rona jaaka Jehofa a ba leba. Go na le gore re fufegele ba bangwe, re ka amega ka bone mme ra kgatlhegela mongwe le mongwe wa bone. Fa re dira jalo, re bontsha pharologanyo e e leng teng fa gare ga Bakeresete ba boammaaruri le batho ba ba tsenang dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete.
Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete—A Tletse Dikgaogano
14, 15. Ke eng se se dirileng gore Bokeresete jwa botlhanogi bo se ka jwa nna seoposengwe?
14 Kutlwano e Bakeresete ba boammaaruri ba nang le yone e farologana le dikgotlhang tse di leng teng mo dikerekeng tse di ipitsang tsa Bokeresete.
Mo lekgolong la bonè la dingwaga, Bokeresete jwa botlhanogi bo ne bo aname thata mo e leng gore bo ne jwa simolola go nna mo taolong ya mmusimogolo mongwe wa moheitane wa kwa Roma, mme seo se ne sa dira gore madumedi a a ipitsang a Bokeresete a ate. E re ka seo se ile sa baka makoko a mantsi, magosi a mantsi a ne a kgaogana le Roma mme a itlhamela dikereke tsa one tse di laolwang ke Puso.15 Bontsi jwa magosi ao a ne a lwantshana ka makgolokgolo a dingwaga. Mo lekgolong la bo17 le la bo18 la dingwaga, batho kwa Boritane, Fora, le United States ba ne ba rotloetsa batho gore ba ineele mo Pusong, ka jalo, bosetšhaba bo ne jwa nna jaaka bodumedi. Mo lekgolong la bo19 le la bo20 la dingwaga, bosetšhaba bo ne jwa simolola go laola megopolo ya batho ba bantsi. Kgabagare, dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete di ne tsa kgaogana tsa nna makoko a mantsi, a bontsi jwa one a letlelelang bosetšhaba. Batho ba ba tsenang kereke ba ile ba bo ba ya ntweng mme ba tlhabana le badumedimmogo le bone ba setšhaba se sengwe. Gompieno madumedi a a ipitsang a Bokeresete a kgaogantswe ke ditumelo tsa makoko le bosetšhaba.
16. Batho ba ba mo madumeding a a ipitsang a Bokeresete ba kgaoganngwa ke dilo dife?
16 Mo lekgolong la bo20 la dingwaga, mangwe a makgolokgolo a makoko a madumedi a a ipitsang a Bokeresete a ne a tsaya kgato go leka go dira gore dikereke di nne seoposengwe ka go buelela kutlwano. Mme morago ga go dira maiteko ka masomesome a dingwaga, dikereke di le mmalwa di ile tsa kopana tsa nna kereke e le nngwe, mme batho ba ba tsenang dikereke tseo bone ba sa ntse ba sa dumalane mo dikgannyeng tse di tshwanang le go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe, go senya mpa, bosodoma, le go tlhomiwa ga basadi go nna baruti. Mo madumeding a mangwe a a ipitsang a Bokeresete, baeteledipele ba dikereke ba leka go dira gore batho ba makoko a a farologaneng ba nne seoposengwe ka gore ba se ka ba bua thata ka dithuto tse pele di neng di kgaoganya batho. Le fa go ntse jalo, go se bue thata ka dithuto tseo go koafatsa tumelo ya batho mme ruri ga go dire gore madumedi a a ipitsang a Bokeresete a a kgaoganeng a nne seoposengwe.
Go Fenya Bosetšhaba
17. Go ne ga bolelelwa pele jang gore kobamelo ya boammaaruri e tla kopanya batho “go ela kwa bokhutlong jwa metlha”?
17 Le fa jaanong batho ka kakaretso ba kgaogane thata go feta le fa e leng le pele, baobamedi ba boammaaruri bone ba ntse ba tlhaolwa ke kutlwano. Moporofeti wa Modimo, e bong Mika o ne a bolelela pele a re: “Ke tla ba baya mo kutlwanong, jaaka letsomane mo lesakeng.” (Mik. 2:12) Mika o ne a bolelela pele gore kobamelo ya boammaaruri e ne e tla nna kwa godimo ga mefuta e mengwe yotlhe ya kobamelo, e ka tswa e le kobamelo ya medimo ya maaka kana go obamela Puso jaaka modimo. O ne a re: “Go tla diragala go ela kwa bokhutlong jwa metlha gore thaba ya ntlo ya ga Jehofa e tla tlhomamisiwa thata kwa godimo ga ditlhoa tsa dithaba, mme eleruri e tla tsholelediwa kwa godimo ga dithota; mme ditšhaba di tla ologela kwa go yone. Gonne ditšhaba tsotlhe, di tla tsamaya sengwe le sengwe mo leineng la modimo wa sone; mme fa e le rona, re tla tsamaya mo leineng la ga Jehofa Modimo wa rona.”—Mik. 4:1, 5.
18. Kobamelo ya boammaaruri e re thusitse go dira diphetogo dife?
Mik. 4:2, 3) Batho ba ba tlogelang go obamela medimo e e itiretsweng kana go obamela ditšhaba mme ba simolola go obamela Jehofa, ba ipelela kutlwano mo lefatsheng lotlhe. Modimo o ba ruta ditsela tsa go ratana.
18 Gape Mika o ne a tlhalosa kafa kobamelo ya boammaaruri e neng e tla kopanya batho ba pele e neng e le baba ka teng. “[Batho ba] ditšhaba di le dintsi [ba] tla ya mme [ba] re: ‘Tlang, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa le kwa ntlong ya Modimo wa ga Jakobe; mme o tla re ruta ditsela tsa gagwe, mme re tla tsamaya mo ditselaneng tsa gagwe.‘ . . . Mme ba tla thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang. Setšhaba ga se kitla se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka, le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.” (19. Go dirwa seoposengwe ga batho ba le dimilionemilione mo kobamelong ya boammaaruri ke bosupi jo bo bonalang sentle jwa eng?
19 Kutlwano ya Bakeresete ba boammaaruri mo lefatsheng lotlhe e tlhomologile e bile ke bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore Jehofa o ntse a kaela batho ba gagwe ka moya wa gagwe. Batho ba ditšhaba tsotlhe ba dirwa seoposengwe ka tsela e go iseng go tsamaye go direge ka yone. Seno se bontsha go diragadiwa mo go tlhomologileng ga se go buiwang ka sone mo go Tshenolo 7:9, 14, mme se bontsha gore baengele ba Modimo ba tloga ba golola “diphefo” tse di tla senyang tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. (Bala Tshenolo 7:1-4, 9, 10, 14.) Ruri ke tshiamelo e kgolo tota go nna karolo ya bakaulengwe ba ba utlwanang mo lefatsheng lotlhe! Mongwe le mongwe wa rona a ka dira eng gore kutlwano eo e nne teng? Go tla arabiwa potso eo mo setlhogong se se latelang.
O ka Araba Jang?
• Kobamelo ya boammaaruri e dira batho seoposengwe jang?
• Re ka dirang gore lefufa le se ka la senya kutlwano ya rona?
• Ke eng fa bosetšhaba bo sa kgaoganye badumedi ba boammaaruri?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e le batho ba mefuta e e farologaneng
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Fa o thusa kwa Holong ya Bogosi o dira jang gore go nne le kutlwano?