Ithute mo ‘Sebopegong sa Boammaaruri’
“O na le sebopego sa kitso le sa boammaaruri mo Molaong.”—BAR. 2:20.
1. Ke eng fa re tshwanetse go kgatlhegela go tlhaloganya botlhokwa jwa Molao wa ga Moshe?
FA E ka bo e se ka mekwalo e e tlhotlheleditsweng ya ga moaposetoloi Paulo, go ka bo go se motlhofo gore re tlhaloganye botlhokwa jwa dikarolo tse dintsi tsa Molao wa ga Moshe. Ka sekai, mo lekwalong le a le kwaletseng Bahebera, o tlhalosa kafa Jesu yo e leng “moperesiti yo mogolo . . . yo o ikanyegang” a neng a ka ntsha “setlhabelo sa thuanyo” gangwe felafela ka gone, a dira gore ba ba nang le tumelo mo go sone ba kgone go bona “kgololo ya bosakhutleng.” (Baheb. 2:17; 9:11, 12) Paulo o ne a tlhalosa gore motlaagana e ne e le fela “moriti wa dilo tsa selegodimo” le gore Jesu o ne a nna Motsereganyi wa “kgolagano e e botoka” go gaisa e e neng ya tsereganngwa ke Moshe. (Baheb. 7:22; 8:1-5) Mo motlheng wa ga Paulo, ditlhaloso tse di ntseng jalo tsa Molao di ne di se botlhokwa mo Bakereseteng, le gompieno go sa ntse go le jalo. Di re thusa gore re tlhaloganye botoka botlhokwa jwa dilo tse Modimo a re baakanyeditseng tsone.
2. Bakeresete ba Bajuda ba ne ba na le eng e Baditšhaba ba neng ba se na yone?
2 Fa Paulo a kwalela Bakeresete ba kwa Roma, o ne a lebisa ditlhaloso dingwe tsa gagwe kwa malokong mangwe a phuthego a e neng e le ba losika lwa Bajuda e bile ba rutilwe ka Molao wa ga Moshe. O ne a lemoga gore e re ka batho bano ba ne ba itse Molao wa Modimo, ba ne ba na le “sebopego sa kitso le sa boammaaruri” malebana le Jehofa le melaometheo ya gagwe e e siameng. Go tlhaloganya ‘sebopego sa boammaaruri’ le go se tlotla go tswa pelong go ne ga thusa Bakeresete ba Bajuda, fela jaaka Bajuda ba ba ikanyegang ba ba tshetseng pele ga bone, go kaela, go ruta le go bonesetsa batho ba ba neng ba sa itse Molao o Jehofa a neng a o neile batho ba gagwe.—Bala Baroma 2:17-20.
MORITI WA SETLHABELO SA GA JESU
3. Re solegelwa molemo jang ke go ithuta ka ditlhabelo tsa bogologolo tsa Bajuda?
3 Sebopego sa boammaaruri se Paulo a neng a bua ka sone, se sa ntse se le botlhokwa mo go rona gore re tlhaloganye boikaelelo jwa ga Jehofa. Melaometheo e e leng mo Molaong wa ga Moshe e sa ntse e le botlhokwa le gompieno. Re sa ntse re akantse ka seno, mma re sekasekeng karolo e le nngwe ya Molao—kafa ditlhabelo tse di farologaneng le ditshupelo di neng tsa isa Bajuda ba ba boikokobetso kwa go Keresete mme tsa ba thusa go tlhaloganya se Modimo a neng a batla gore ba se dire. Mme e re ka se Jehofa a batlang batlhanka ba gagwe ba se dira se sa fetoge, re tla bona gape kafa melao e Modimo a neng a e naya Baiseraele malebana le ditlhabelo le ditshupelo e ka re thusang ka gone go sekaseka boleng jwa tirelo ya rona e e boitshepo.—Mal. 3:6.
4, 5. (a) Molao wa ga Moshe o ne o gakolola batho ba Modimo eng? (b) Molao wa Modimo o o malebana le ditlhabelo e ne e le “moriti” wa eng?
4 Dikarolo di le dintsi tsa Molao wa ga Moshe di ne di gopotsa Bajuda gore ke baleofi. Ka sekai, mongwe le mongwe yo o neng a ama setopo o ne a tshwanetse go itshekisiwa. Gore seno se kgone go dirwa, go ne go tshwanetse ga bolawa kgomo e khunou e e itekanetseng sentle e bo e fisiwa. Melora ya yone e ne e bolokiwa gore go dirwe “metsi a go phepafatsa,” a a neng a kgatshiwa mo mothong yo o itshekisiwang mo letsatsing la boraro le la bosupa morago ga gore a itshekologe. (Dipa. 19:1-13) Mme e le go ba gakolola gore motho o tsholwa a na le bosaitekanelang le boleo, mosadi yo o neng a tshola ngwana o ne a tshwanetse go nna lobaka lo lo rileng a itshekologile mme morago ga foo o ne a tshwanetse go dira setlhabelo sa tetlanyo.—Lefi. 12:1-8.
5 Go ne go tlhokega ditlhabelo tsa diphologolo mo maemong a mangwe a mantsi a botshelo jwa letsatsi le letsatsi go direla maleo tetlanyo. Go sa kgathalesege gore moobamedi o ne a lemoga seo kgotsa nnyaa, ditlhabelo tseno—le tse moragonyana di neng di ntshiwa kwa tempeleng ya ga Jehofa—e ne e le “moriti” wa setlhabelo se se itekanetseng sa ga Jesu.—Baheb. 10:1-10.
GO LEBA DITLHABELO KA TSELA E E SIAMENG
6, 7. (a) Ke dilo dife tse Baiseraele ba neng ba tshwanetse go di ela tlhoko fa ba ne ba tlhopha dilo tse ba neng ba dira ditlhabelo tsa tshupelo ka tsone, mme seo se ne se tshwantshetsa eng? (b) Re ka ipotsa dipotso dife?
6 Molao wa konokono malebana le phologolo nngwe le nngwe e e neng e tla ntshediwa Jehofa setlhabelo e ne e le gore e nne e e “itekanetseng” ka botlalo—e sa foufala, e sa gobala, e sa golafala e bile e sa lwale. (Lefi. 22:20-22) Fa Baiseraele ba ne ba ntshetsa Jehofa maungo kgotsa dijo tsa ditlhaka, ba ne ba tshwanetse go ntsha “mabutswapele” le ‘tse di di gaisang tsotlhe’ tsa thobo ya bone. (Dipa. 18:12, 29) Jehofa o ne a sa amogele tshupelo ya boleng jo bo kwa tlase. Go ne go le botlhokwa gore Baiseraele ba ntshe ditlhabelo ka diphologolo tse di di gaisang tsotlhe, ka gonne seo se ne se bontsha gore setlhabelo sa ga Jesu se tla nna phepaphepa e bile se se na selabe. Jehofa o ne a tla ntsha setlhabelo ka sengwe se se molemolemo le se a se ratang thata gore batho ba gololwe mo boleong le mo losong.—1 Pet. 1:18, 19.
7 Fa e le gore motho yo o dirang setlhabelo ruri o ne a leboga Jehofa ka ntlha ya bomolemo jotlhe jwa Gagwe, a o ne a ka se itumelele go tlhopha se se molemolemo se a nang le sone go se ntshetsa Jehofa? Motho o ne a ka itlhophela gore a o ntsha tshupelo e e molemolemo kgotsa nnyaa. Le fa go ntse jalo, o ne Malaki 1:6-8, 13.) Seno se tshwanetse sa dira gore re akanye ka tirelo e re e direlang Modimo mme re ipotse jaana: ‘Ke eng fa ke direla Jehofa? A go tla bo go tshwanela gore ke sekaseke boleng jwa tirelo ya me le maitlhomo a go mo direla?’
a itse gore Modimo a ka se itumelele tshupelo e e nang le bogole ka gonne seo se ne se tla bontsha gore motho yoo o tsaya go ntsha setlhabelo e le seomodiro fela kgotsa tota e bile e le mokgweleo. (Bala8, 9. Ke eng fa re tshwanetse go sekaseka tsela e Baiseraele ba neng ba ikutlwa ka yone fa ba ntsha ditlhabelo?
8 Fa e le gore Moiseraele o ne a ntsha setlhabelo ka go rata, a leboga Jehofa go tswa pelong, kgotsa a dira tshupelo e e fisiwang a kopa kamogelo ya Modimo, gongwe go ne go ka se nne thata go tlhopha phologolo e e tshwanetseng. Moobamedi yoo o ne a tla itumelela go ntshetsa Jehofa se se molemolemo se a nang le sone. Gompieno Bakeresete ga ba dire ditlhabelo tsa mmatota tse di tlhalositsweng mo Molaong wa ga Moshe; le fa go ntse jalo ba ntsha ditlhabelo ka tsela ya gore ba dirisa nako ya bone, maatla le dilwana tsa bone go direla Jehofa. Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka ‘go bolelwa phatlalatsa’ ga tsholofelo ya Bakeresete le “go dira molemo le go abalana dilo le ba bangwe,” e le ditlhabelo tse di itumedisang Modimo. (Baheb. 13:15, 16) Tsela e batho ba ga Jehofa ba ikutlwang ka yone fa ba mo direla, e supa kafa ba anaanelang ka gone sotlhe se Modimo a ba neileng sone. Ka jalo, fela jaaka Baiseraele, re tshwanetse go sekaseka tsela e re ikutlwang ka yone ka go direla Modimo le lebaka la go bo re mo direla.
9 Le fa go ntse jalo, go ka tweng ka boemo jo mo go jone Molao wa ga Moshe o neng o tlhoka gore go dirwe tshupelo ya boleo kgotsa tshupelo ya molato ka gonne mongwe a dirile molato mongwe? A o akanya gore go bo Moiseraele a ne a patelesega go dira setlhabelo go ka bo go dirile gore go nne thata gore a se ntshe ka go rata? Kgotsa a ditlhabelo tse di ntseng jalo di ka bo di ne di ntshiwa ka go ikgolola fela? (Lefi. 4:27, 28) Go ka bo go ne go sa nna jalo fa e le gore motho yo o di ntshang o ne a dira jalo ka pelo e e phepa, a batla go tswelela a na le kamano e e molemo le Jehofa.
10. Bakeresete ba ka tshwanelwa ke go dira “ditlhabelo” dife fa ba dirile sengwe se se phoso?
10 Gompieno le wena o ka tswa o ile wa bua sengwe se se neng sa kgopisa mokaulengwe gongwe o sa lemoge kgotsa ka gonne o sa akanya ka kelotlhoko pele o bua. Segakolodi sa gago se ka nna sa go bolelela gore o dirile sengwe se se phoso. Mongwe le mongwe yo tota a batlang go direla Jehofa o tla dira bojotlhe go baakanya phoso ya gagwe. Seo se ka raya gore o tshwanetse go kopa tshwarelo go tswa pelong mo mothong yo o mo diretseng phoso, kgotsa fa e le boleo jo bo masisi o batle thuso ya semoya mo balebeding ba ba lorato ba Bakeresete. (Math. 5:23, 24; Jak. 5:14, 15) Ka jalo, re tshwanetse go dira sengwe go baakanya boleo jo re bo diretseng mongwe kgotsa Modimo. Le fa go ntse jalo, fa re dira “ditlhabelo” tse di ntseng jalo, re siamisa kamano e re nang le yone le Jehofa le e re nang le yone le mokaulengwe wa rona e bile re nna le segakolodi se se phepa. Mme seno se re tlhomamisetsa gore Jehofa o a itse gore ke eng se se re siametseng.
11, 12. (a) Ditlhabelo tsa kabalano di ne di dirwa jang? (b) Ditlhabelo tsa kabalano di tshwana jang le kobamelo e e itshekileng ya gompieno?
11 Ditlhabelo dingwe tse di tlhalositsweng mo Molaong wa ga Moshe di ne di tsewa e le ditshupelo tsa kabalano. Ditlhabelo tseno di ne di bontsha gore motho o na le kagiso le Jehofa. Motho yo o neng a dira tshupelo eo, mmogo le lelapa la gagwe, ba ne ba ja nama ya phologolo e e ntshitsweng setlhabelo, gongwe ba le mo go nngwe ya diphaposi tsa bojelo tsa tempele. Moperesiti yo o neng a dira setlhabelo mmogo le baperesiti ba bangwe ba ba neng ba direla kwa tempeleng, ba ne ba amogela karolo ya nama eo. (Lefi. 3:1; 7:31-33) Moobamedi yoo o ne a dira setlhabelo seo ka gonne a ne a batla go nna le kamano e e molemo le Modimo. Go ne go ntse jaaka e kete moobamedi yoo, lelapa la gagwe, baperesiti le Jehofa ba ne ba itumelela dijo mmogo ka kagiso.
12 Ga go tshiamelo epe e e gaisang go laletsa Jehofa ka tsela ya tshwantshetso gore a tle go ja mmogo le lona le gore Jehofa a amogele taletso eo. Ka tlwaelo fela, fa motho a laleditse motho wa botlhokwa go tla go ja le ene, o ntsha ga tshwene. Ditlhabelo tsa kabalano e ne e le karolo ya sebopego sa boammaaruri se se mo Molaong, mme di ne di bontsha gore botlhe ba ba batlang go nna le kamano ya kagiso le Mmopi wa bone ba ka dira jalo ba dirisa setlhabelo sa ga Keresete. Gompieno, re ka itumelela botsala le Jehofa fa re dirisa dilo tse re nang le tsone le maatla a rona mo tirelong ya gagwe e le go mo ntshetsa setlhabelo ka go rata.
DITLHAGISO MALEBANA LE DITLHABELO
13, 14. Ke eng fa Jehofa a sa amogela setlhabelo se Kgosi Saulo a neng a ikaeletse go mo ntshetsa sone?
13 Ditlhabelo tse di tlhalositsweng mo Molaong wa ga Moshe, di ne di tshwanetse go ntshiwa ka maikutlo a a siameng le boemo jo bo siameng jwa pelo, gore Jehofa a di amogele. Le fa go ntse jalo, Baebele e na le dikao tse di re tlhagisang tsa ditlhabelo tse Modimo a neng a sa di amogele. Ke eng se se neng se dira gore a se ka a di amogela? Mma re sekasekeng maemo a mabedi.
14 Moporofeti Samuele o ne a bolelela Kgosi Saulo gore nako e ne e gorogile ya gore Jehofa a tlisetse Baamaleke katlholo. Ka jalo, Saulo o ne a tshwanetse go fedisa setšhaba seno sa mmaba mmogo le leruo la sone. Le fa go ntse jalo, fa Saulo a sena go fenya, o ne a letla masole a gagwe gore a tlogele Agage kgosi ya Baamaleke a tshela. Gape o ne a se ka a bolaya tse di nonneng tsa leruo la bone gore di ntshediwe Jehofa setlhabelo. (1 Sam. 15:2, 3, 21) Jehofa o ne a dira eng? O ne a latlha Saulo ka ntlha ya go tlhoka kutlo ga gagwe. (Bala 1 Samuele 15:22, 23.) Re ithuta eng mo go seno? Re ithuta gore, e le gore Modimo a amogele ditlhabelo tsa rona, re tshwanetse go ikobela ditaelo tsa gagwe.
15. Boitshwaro jo bo sa siamang jwa Baiseraele bangwe ba ba neng ba ntsha ditlhabelo mo motlheng wa ga Isaia bo ne bo bontsha eng?
15 Re fitlhela sekao se se tshwanang le seo mo bukeng ya Isaia. Mo motlheng wa ga Isaia, Baiseraele ba ne ba ntshetsa Jehofa ditlhabelo gore a ba itshwarele maleo. Le fa go ntse jalo, boitsholo jwa bone jo bo sa siamang bo ne bo dira gore ditlhabelo tsa bone di se ka tsa amogelesega. Jehofa o ne a ba botsa jaana: “Ditlhabelo tsa lona tse dintsintsi di na le mosola wa eng mo go nna? Ke lapisitswe ke ditshupelo tse di fisiwang di feletse tsa diphelefu le mafura a diphologolo tse di fepilweng sentle; mme ga ke a itumedisiwa ke madi a dipowana le dikwanyana tse ditonanyana le diphoko. . . . Tlogelang go tlisa ditshupelo tse di oketsegileng tse di se nang mosola tsa dijo tsa ditlhaka. Maswalo—ke sengwe se se makgapha mo go nna.” Bothata e ne e le eng? Modimo o ne a ba raya a re: “Le fa lo dira dithapelo tse dintsi, ga ke a reetsa; diatla tsa lona di tletse tshololo ya madi. Itlhapiseng; iphepafatseng; tlosang bosula jwa ditiro tsa lona fa pele ga matlho a me; kgaotsang go dira bosula.”—16. Ke eng se se dirang gore Modimo a amogele setlhabelo sa rona kgotsa a se ka a se amogela?
16 Jehofa o ne a sa itumelele ditlhabelo tse di neng di ntshiwa ke baleofi ba ba sa ikwatlhaeng. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a amogela dithapelo le ditshupelo tsa batho ba ka bopelonomi ba neng ba leka ka natla go tshela go dumalana le melao ya gagwe. Sebopego sa Molao se ne se ruta batho bao gore e ne e le baleofi e bile ba tlhoka go itshwarelwa. (Bagal. 3:19) Go lemoga seo go ne go dira gore ba nne le dipelo tse di bontshang boikwatlhao. Gompieno le gone, re tshwanetse go lemoga gore re tlhoka setlhabelo sa ga Keresete gore Jehofa a re itshwarele maleo. Fa re tlhaloganya seno e bile re se anaanela, Jehofa o tla “itumedisiwa” ke sotlhe se re se mo direlang mo tirelong ya rona.—Bala Pesalema 51:17, 19.
BONTSHA TUMELO MO SETLHABELONG SA GA JESU!
17-19. (a) Re ka bontsha jang Jehofa gore re a mo leboga ka ntlha ya setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?
17 Baiseraele ba ne ba bona “moriti” fela wa boikaelelo jwa Modimo, mme rona re bona se tota boikaelelo joo e leng sone. (Baheb. 10:1) Melao e e malebana le ditlhabelo e ne e tlhotlheletsa Bajuda go nna le boikutlo jo bo tshwanetseng gore ba nne le kamano e e molemo le Modimo—go mo leboga go tswa pelong, go nna le keletso ya go mo naya se se molemolemo sa se motho a nang le sone le go lemoga gore o tlhoka thekololo. Gompieno Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di re thusa go tlhaloganya gore Jehofa o tla dirisa setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu go tlosa boleo le loso ka bosakhutleng, mme tota le jaanong o re letla gore re nne le segakolodi se se molemo fa pele ga gagwe. Ruri setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu ke mpho e e molemolemo e e tswang kwa go Jehofa!—Bagal. 3:13; Baheb. 9:9, 14.
18 Ke boammaaruri gore ga re a tshwanela go tlhaloganya fela bokao jwa setlhabelo sa thekololo gore se re solegele molemo. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Molao o fetogile mogogi wa rona yo o isang kwa go Keresete gore re tle re bolelwe re le ba ba siameng ka ntlha ya tumelo.” (Bagal. 3:24) Re tshwanetse go bontsha tumelo eo ka ditiro. (Jak. 2:26) Ke gone moo, Paulo a ileng a kgothaletsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga gore e re ka ba na le sebopego sa kitso se se neng se tlhalosiwa ke Molao wa ga Moshe, ba dirise kitso eo. Ka go dira jalo, boitshwaro jwa bone bo tla dumalana le melaometheo ya Modimo e ba e rutang ba bangwe.—Bala Baroma 2:21-23.
19 Le fa gompieno Bakeresete ba sa tlhoke go latela Molao wa ga Moshe, ba sa ntse ba tshwanetse go ntsha ditlhabelo tse di amogelwang ke Jehofa. Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka gore re ka dira seo jang.
[Dipotso Tsa Thuto]
[Mafoko a a mo go tsebe 17]
Dilo tse Jehofa a batlang gore batlhanka ba gagwe ba di dire ga di nke di fetoga
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Wena o ka bo o ntsheditse Jehofa setlhabelo ka phologolo efe?
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Jehofa o amogela batho ba ba mo ntshetsang ditlhabelo tse di amogelesegang