Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go a Kgonega go Nna le Boitumelo mo Lelapeng le le Aroganeng

Go a Kgonega go Nna le Boitumelo mo Lelapeng le le Aroganeng

Go a Kgonega go Nna le Boitumelo mo Lelapeng le le Aroganeng

“O itse jang gore o tla boloka [molekane] wa gago?”—1 BAKOR. 7:16.

A O KA BONA DIKARABO?

Ke eng se badumedi ba ka se dirang go lwela gore go nne le kagiso mo lelapeng le le aroganeng ka bodumedi?

Mokeresete a ka thusa jang ba lelapa ba ba sa dumeleng gore ba amogele kobamelo ya boammaaruri?

Ke eng se ba bangwe ba ka se dirang go thusa badumedimmogo ba ba nnang mo lelapeng le le aroganeng ka bodumedi?

1. Go amogela molaetsa wa Bogosi go ka ama jang lelapa?

LEKGETLHO lengwe fa Jesu a roma baaposetoloi ba gagwe, o ne a re: “Fa lo ntse lo tsamaya, lo rere, lo re, ‘Bogosi jwa magodimo bo atametse.’” (Math. 10:1, 7) Dikgang tseno tse di molemo di ne di tla tlisa kagiso le boitumelo mo bathong ba ba di amogelang ka kanaanelo ya mmatota. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tlhagisa baaposetoloi ba gagwe gore batho ba le bantsi ba tla nna kgatlhanong le tiro ya bone ya go rera ka Bogosi. (Math. 10:16-23) Kganetso e e botlhoko thata e nna gone fa bangwe mo lelapeng ba gana molaetsa wa Bogosi.—Bala Mathaio 10:34-36.

2. Ke eng fa go sa reye gore Bakeresete ba ba nnang mo lelapeng le le aroganeng ka bodumedi ba ka se kgone go itumela?

2 A seno se kaya gore balatedi ba ga Keresete ba ba nnang mo lelapeng le le aroganeng ka bodumedi ba ka se kgone go itumela? Legoka! Le fa bangwe ba ka ganediwa ka tsela e e botlhoko ke ba lelapa, ga se botlhe ba ba ganediwang jalo. Mme gape ga se gore go ganediwa ke ba lelapa ke selo se se nnelang ruri. Go ikaegile thata ka gore badumedi ba itshwara jang fa ba lelapa ba ba ganetsa kgotsa ba sa kgatlhege. Mo godimo ga moo, Jehofa o segofatsa ba ba ikanyegang mo go ene, a dira gore ba itumele le fa ba le mo maemong a a thata. Badumedi ba ka oketsa boitumelo jwa bone (1) ka go leka go lwela gore go nne le kagiso mo lelapeng le (2) ka go leka ka natla go thusa ba lelapa ba ba sa dumeleng go amogela kobamelo ya boammaaruri.

LWELA GORE GO NNE LE KAGISO MO LELAPENG

3. Ke eng fa Mokeresete mo lelapeng le le aroganeng a tshwanetse go leka ka natla go dira gore go nne le kagiso?

3 Gore peo ya tshiamo e ungwe mo lelapeng, go botlhokwa gore go nne le kagiso mo lelapeng. (Bala Jakobe 3:18.) Tota le fa lelapa la Mokeresete le ise le nne seoposengwe mo kobamelong ya boammaaruri, Mokeresete yoo o tshwanetse go leka ka natla go dira gore go nne le kagiso mo lelapeng. Seno se ka dirwa jang?

4. Bakeresete ba ka dira jang gore ba tswelele ba na le kagiso ya mogopolo?

4 Bakeresete ba tshwanetse go tswelela ba na le kagiso ya mogopolo. Seno se tlhoka thapelo e e tswang pelong e e ka dirang gore re nne le “kagiso ya Modimo,” e e ka se bapisiweng le sepe. (Bafil. 4:6, 7) Fa re ithuta kitso ya ga Jehofa re bo re dirisa melaometheo ya Dikwalo mo matshelong a rona, re tla nna le boitumelo le kagiso. (Isa. 54:13) Go nna le seabe mo dipokanong tsa phuthego le go tlhagafala mo tirelong ya tshimo le gone go botlhokwa gore re nne le kagiso le boitumelo. Gantsi badumedi ba ba nnang mo malapeng a a aroganeng ba kgona go nna le seabe mo ditirong tsa Bokeresete ka tsela nngwe. Ka sekai, akanya ka Enza, * yo monna wa gagwe a mo ganetsang thata. O nna le seabe mo tirong ya go dira barutwa fa a sena go dira ditiro tsa gagwe tsa fa gae. Enza a re: “Jehofa o ntshegofatsa thata ka go dira gore ke nne le diphelelo tse di molemo nako le nako fa ke dira maiteko a go rerela ba bangwe dikgang tse di molemo.” Ditshegofatso tse di ntseng jalo di felela ka kagiso, kgotsofalo le boitumelo.

5. Badumedi ba ba nnang mo lelapeng le le aroganeng gantsi ba lebana le kgwetlho efe, mme ba ka bona thuso kae?

5 Re tshwanetse go dira ka natla gore re nne le kagiso le ba malapa a rona ba ba sa dumeleng. Seno e ka nna kgwetlho ka gonne se ba batlang gore re se dire, ka dinako dingwe se ka thulana le melaometheo ya Baebele. Go kgomarela melaometheo e e siameng go ka galefisa ba malapa a rona ba ba sa dumeleng, mme go dira jalo go rotloetsa kagiso fa nako e ntse e ya. Gone ke boammaaruri gore go gana go dira sengwe se se sa thulaneng le melaometheo ya Dikwalo go ka baka dikgogakgogano tse di sa tlhokegeng. (Bala Diane 16:7.) Fa re lebane le kgwetlho, go botlhokwa go batla kgakololo ya Dikwalo mo dikgatisong tsa setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale le mo bagolwaneng.—Dia. 11:14.

6, 7. (a) Ke eng fa bangwe ba ganetsa ba malapa a bone go ithuta le Basupi ba ga Jehofa? (b) Moithuti wa Baebele kgotsa modumedi o tshwanetse go itshwara jang fa a ganediwa ke ba lelapa?

6 Go lwela gore go nne le kagiso mo lelapeng go tlhoka gore re ikanye Jehofa mme re lemoge maikutlo a ba malapa a rona ba ba sa dumeleng. (Dia. 16:20) Tota le baithuti ba Baebele ba basha ba ka bontsha temogo mo ntlheng eno. Banna le basadi bangwe ba ba sa dumeleng ba ka nna ba se ka ba nna kgatlhanong le gore balekane ba bone ba ithute Baebele. Ba ka nna ba bo ba dumela gore seno se ka solegela lelapa molemo. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba ka nna ba sotla balekane ba bone. Esther, yo jaanong e leng Mosupi, o a dumela gore o ne a galefa thata fa monna wa gagwe a ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. A re: “Ke ne ke latlha dikgatiso tsa gagwe kgotsa ke di fisa.” Howard, yo pele a neng a ganetsa mosadi wa gagwe go ithuta Baebele o akgela jaana: “Banna ba le bantsi ba boifa gore basadi ba bone ba tsiediwa gore ba nne maloko a lekoko lengwe la bodumedi. Monna a ka tswa a sa itse gore a itshware jang mo go se a akanyang gore ke matshosetsi mme a ka simolola go nna kgatlhanong le ene.”

7 Moithuti yo molekane wa gagwe a mo ganetsang, o tshwanetse go thusiwa go lemoga gore ga a tshwanela go kgaotsa thuto ya gagwe ya Baebele. Gantsi o tla kgona go rarabolola dikgang ka go nna pelonolo le ka go tlotla molekane wa gagwe yo o sa dumeleng. (1 Pet. 3:15) Howard a re: “Ke leboga gore mosadi wa me o ne a nna a ritibetse e bile o ne a sa galefe thata!” Mosadi wa gagwe o tlhalosa jaana: “Howard o ne a batla gore ke tlogele go ithuta Baebele. O ne a re ke a akediwa. Go na le go ngangisana le ene, ke ne ka mo raya ka re a ka tswa a nepile, gape ke ne ka mmolelela gore ga ke lemoge gore nka tswa ke akediwa jang. Ka jalo, ke ne ka mo kopa gore a bale buka e ke neng ke ithuta yone. O ne a dira jalo mme ga a ka a ganetsa se e se buang. Seno se ne sa mo ama thata.” Go molemo go gakologelwa gore balekane ba ba sa dumeleng ba ka ikutlwa ba latlhilwe kgotsa ba boifa fa balekane ba bone ba ya go dira ditiro tsa Bokeresete, mme go ba tlhomamisetsa ka lorato go ka thusa go okobatsa maikutlo ao.

BA THUSE GO AMOGELA KOBAMELO YA BOAMMAARURI

8. Ke kgakololo efe e moaposetoloi Paulo a neng a e naya Bakeresete ba ba nang le balekane ba ba sa dumeleng?

8 Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete gore ba se ka ba tlogela balekane ba bone ba lenyalo, fela ka gonne e se badumedi. * (Bala 1 Bakorintha 7:12-16.) Fa modumedi a nna a gopotse gore molekane wa lenyalo yo o sa dumeleng a ka kgona go nna Mokeresete, seo se ka mo thusa gore a nne a itumetse le fa a nna mo lelapeng le le aroganeng. Le fa go ntse jalo, fa modumedi a leka go bolelela motho yo o sa dumeleng molaetsa wa boammaaruri, o tshwanetse go nna kelotlhoko, fela jaaka maitemogelo a a latelang a bontsha.

9. Fa o simolola go bolelela ba lelapa boammaaruri jwa Baebele, ke eng se o tshwanetseng go se ela tlhoko?

9 Fa Jason a gakologelwa kafa a neng a itshwara ka gone fa a sena go ithuta boammaaruri jwa Baebele, o ne a re: “Ke ne ke batla go bolelela mongwe le mongwe!” Fa moithuti wa Baebele a simolola go anaanela boammaaruri jwa se a se rutilweng mo Baebeleng, a ka nna a itumela thata jaana mo e leng gore ga a kgaotse go bua ka sone. A ka nna a lebelela gore ba lelapa ba ba sa dumeleng ba amogele molaetsa wa Bogosi ka yone nako eo, le fa go ntse jalo, ba ka nna ba nna kgatlhanong le dikgang tse di molemo tse a di buang. Matlhagatlhaga a Jason a neng a na le one kwa tshimologong a ne a ama mosadi wa gagwe jang? Mosadi wa gagwe o gakologelwa jaana: “Ke ne ke ikutlwa ke imetswe thata ke tshedimosetso.” Mosadi mongwe yo o neng a amogela boammaaruri dingwaga di le 18 morago ga gore monna wa gagwe a bo amogele, a re: “Ke ne ke tlhoka gore ke ithute jone ka bonya ka bonya.” Fa e le gore gone jaanong o ithuta Baebele le mongwe yo molekane wa gagwe a sa kgatlhegeleng kobamelo ya boammaaruri, ke eng fa o sa nne le thulaganyo ya ka metlha ya go mo thusa go tlotla le molekane wa gagwe ka dikgang tsa Baebele ka botlhale? Moshe o ne a re: “Thuto ya me e tla rotha jaaka pula, lefoko la me le tla rotha jaaka monyo, jaaka dipula tsa medupe mo bojannyeng.” (Dute. 32:2) Mafoko a le mmalwa a boammaaruri a a builweng sentle a a jaaka dipula tsa medupe, gantsi a molemo go gaisa mafoko a mantsi a a jaaka morwalela.

10-12. (a) Ke kgakololo efe e moaposetoloi Petere a neng a e naya Bakeresete ba ba nang le balekane ba ba sa dumeleng? (b) Moithuti mongwe wa Baebele o ne a ithuta jang go dirisa kgakololo e e mo go 1 Petere 3:1, 2?

10 Moaposetoloi Petere o ne a naya basadi ba Bakeresete ba ba nnang mo malapeng a a aroganeng ka bodumedi kgakololo e e tlhotlheleditsweng. O ne a kwala jaana: “Nnang mo taolong ya banna ba lona, e le gore, fa bangwe ba sa utlwe lefoko, ba gapiwe kwantle ga lefoko ka boitshwaro jwa basadi ba bone, ka ntlha ya go bo ba nnile basupi ba ba boneng ka matlho ba boitshwaro jwa lona jo bo itshekileng mmogo le tlotlo e e boteng.” (1 Pet. 3:1, 2) Mosadi a ka kgona go thusa monna wa gagwe go amogela kobamelo ya boammaaruri ka go mo ikobela le go mmontsha tlotlo e e boteng, tota le fa a mo tshwara makgwakgwa. Monna yo e leng modumedi, le ene o tshwanetse go itshwara ka tsela ya bomodimo mme e nne tlhogo e e lorato ya lelapa la gagwe le fa mosadi wa gagwe yo o sa dumeleng a ka mo ganetsa ka tsela epe fela.—1 Pet. 3:7-9.

11 Bontsi jwa dikao tsa motlha wa gompieno di bontsha botlhokwa jwa go dirisa kgakololo ya ga Petere. Akanya ka kgang ya ga Selma. Fa a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, monna wa gagwe e bong Steve o ne a sa itumelela seo. Steve a re: “Ke ne ke galefa, ke nna lefufa e bile ke sa batle sepe ka ene.” Selma a re: “Tota le pele ga ke amogela boammaaruri, ke ne ke tshwanetse go nna kelotlhoko gore ke bua jang le Steve. E ne e le rrapelwana. Fa ke simolola go ithuta Baebele, botho jono jwa gagwe bo ne jwa nna maswe le go feta.” Ke eng se se mo thusitseng?

12 Selma o gakologelwa thuto nngwe e a neng a ithuta yone mo Mosuping yo a neng a bala le ene. Selma a re: “Letsatsi lengwe, ke ne ke sa batle go tshwarelwa thuto ya Baebele. Bosigo jwa pele ga moo, Steve o ne a mpetsa fa ke ne ke leka go mmontsha ntlha nngwe, mme ke ne ke hutsafetse e bile ke ikutlwela botlhoko. Morago ga go bolelela kgaitsadi yo ke ithutang le ene se se neng se diragetse le kafa ke ikutlwang ka gone, o ne a nkopa gore ke bale 1 Bakorintha 13:4-7. Fa ke ntse ke bala, ke ne ka simolola go akanya jaana, ‘Steve ga a ke a ntirela sepe fela sa dilo tseno tse di supang lorato.’ Mme kgaitsadi yoo o ne a dira gore ke akanye ka tsela e e farologaneng fa a mpotsa jaana: ‘Wena o bontsha monna wa gago ditiro tseo tsa lorato di le kae?’ Ke ne ka araba ka go re, ‘Ga go epe e ke e bontshang, ka gonne go thata go tshela le monna yono.’ Kgaitsadi yoo o ne a bua jaana ka bonolo, ‘Selma, ke mang yo o lekang go nna Mokeresete? A ke wena kgotsa ke Steve?’ E re ka ke ne ke lemoga gore ke tlhoka go baakanya tsela e ke akanyang ka yone, ke ne ka rapela Jehofa gore a nthuse gore ke bontshe Steve lorato ka mo go oketsegileng. Dilo di ne tsa simolola go fetoga ka iketlo.” Morago ga dingwaga di le 17, Steve o ne a amogela boammaaruri.

KAFA BA BANGWE BA KA THUSANG KA GONE

13, 14. Ba bangwe mo phuthegong ba ka thusa jang batho ba ba nnang mo lelapeng le le aroganeng ka bodumedi?

13 Fela jaaka marothodi a pula ya medupe a a kolobetsang mmu e bile a thusa dijalo go gola, bontsi jwa batho mo phuthegong ba thusa gore go nne le boitumelo mo Bakereseteng ba ba nnang mo malapeng a a aroganeng. Elvina wa kwa Brazil a re: “Lorato lo bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete ba le mpontshitseng lo ne lwa nthusa go nna ke nitame mo boammaaruring.”

14 Fa bangwe mo phuthegong ba bontsha bopelonomi le go kgatlhegela mongwe mo lelapeng yo o sa dumeleng, seo se ka ama pelo ya gagwe thata. Monna mongwe yo o nyetseng wa kwa Nigeria yo o neng a amogela boammaaruri dingwaga di le 13 morago ga gore mosadi wa gagwe a bo amogele, a re: “Fa ke ne ke tsamaya le Mosupi mongwe, koloi ya gagwe e ne ya senyega. O ne a batla thuso mo Basuping mmogo le ene mo motseng o o gaufi, mme ba ne ba re naya lefelo la bonno bosigo joo. Ba ne ba re tlhokomela e kete ke batho ba re sa bolong go ba itse. Gone fela foo, ke ne ka utlwa lorato lwa Bokeresete le mosadi wa me a agang a bua ka lone.” Kwa Engelane, mosadi mongwe yo o neng a amogela boammaaruri dingwaga di le 18 morago ga gore monna wa gagwe a bo amogele, o gopola jaana: “Basupi ba ne ba laletsa nna le monna wa me dijong. Ka metlha ke ne ke ikutlwa ke amogelesegile.” * Monna mongwe yo o nnang mo lefelong leo yo kgabagare a ileng a nna Mosupi a re: “Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba re etela kgotsa ba re laletsa kwa magaeng a bone, mme ke ne ka lemoga gore ba pelontle. Ke ne ka lemoga seo thata fa ke ne ke le kwa bookelong mme bontsi bo ne jwa tla go ntekola.” A o ka bona ditsela tse o ka bontshang ka tsone gore o kgatlhegela ba lelapa ba ba sa dumeleng?

15, 16. Ke eng se se ka thusang modumedi go nna a itumetse fa ba bangwe mo lelapeng ba nna ba sa dumele?

15 Gone ke boammaaruri gore ga se balekane botlhe, bana, batsadi kgotsa bangwe ba losika ba ba sa dumeleng ba ba amogelang kobamelo ya boammaaruri, tota le morago ga gore yo o dumelang a itshware sentle ka dingwaga di le dintsi le gore a ba rerele ka botlhale. Bangwe ba nna ba sa kgatlhege kgotsa ba nna ba ganetsa. (Math. 10:35-37) Le fa go ntse jalo, fa Bakeresete ba bontsha dinonofo tsa bomodimo, seno se ka nna le diphelelo tse di molemo. Monna mongwe yo o neng a sa dumele a re: “Fa molekane yo o dumelang a simolola go dira gore dinonofo tseo di tlhagelele, ga o itse gore seo se ama jang mogopolo le pelo ya molekane yo o sa dumeleng. Ka jalo, le ka motlha o se ka wa tlhoboga molekane wa gago yo o sa dumeleng.”

16 Tota le fa mongwe mo lelapeng a sa nne Mokeresete, go a kgonega gore yo o dumelang a itumele. Le fa monna wa kgaitsadi mongwe a ise a amogele molaetsa wa Bogosi, morago ga gore a leke go mo rerela dingwaga di le 21, kgaitsadi yoo a re: “Ke kgona go nna ke itumetse ka go leka go itumedisa Jehofa, ka go nna ke ikanyega mo go ene le ka go dira ka natla gore ke inonotshe semoyeng. Go nna ke tshwaregile ka ditiro tsa semoya—go ithuta ke le esi, go nna gone kwa dipokanong, go ya bodireding jwa tshimo le go thusa ba bangwe mo phuthegong—go dirile gore ke atamalane thata le Jehofa ga bo ga dibela pelo ya me.”—Dia. 4:23.

O SE KA WA LATLHELA SEDITSE!

17, 18. Mokeresete a ka tswelela jang a na le tsholofelo tota le mo lelapeng le le aroganeng ka bodumedi?

17 Fa e le gore o Mokeresete yo o ikanyegang yo o nnang mo lelapeng le le aroganeng ka bodumedi, o se ka wa latlhela seditse. Gakologelwa gore “Jehofa ga a kitla a tlogela batho ba gagwe ka ntlha ya leina la gagwe le legolo.” (1 Sam. 12:22) O tla nna le wena fa fela o mo ngaparela. (Bala 2 Ditiragalo 15:2.) Ka jalo, “itumelele Jehofa thata.” Eleruri, “pitikela tsela ya gago mo go Jehofa, o mo ikanye.” (Pes. 37:4, 5) ‘Nnela ruri mo thapelong,’ mme o nne le tumelo ya gore Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong a ka go thusa gore o itshokele mathata a mefuta yotlhe.—Bar. 12:12.

18 Kopa Jehofa moya wa gagwe o o boitshepo gore o go thuse go dira gore go nne le kagiso mo lelapeng. (Baheb. 12:14) Ee, go a kgonega gore o lwele gore go nne le kagiso e kgabagare e tla amang dipelo tsa ba lelapa la gago ba ba sa dumeleng. O tla nna le boitumelo le kagiso ya pelo le mogopolo fa o ntse o ‘dira dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.’ (1 Bakor. 10:31) Fa o ntse o dira maiteko ano, ruri go nametsa pelo go itse gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago mo phuthegong ya Bokeresete ba tla go ema nokeng ka lorato!

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Maina a fetotswe.

^ ser. 8 Kgakololo ya ga Paulo ga e kgaphele kwa thoko go kgaogana kafa molaong mo maemong a a ka se keng a itshokelwa. Eo ke tshwetso e e masisi e motho a itirelang yone. Bona buka ya “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo,” tsebe 220-221.

^ ser. 14 Dikwalo ga di ganetse go ja le batho ba ba sa dumeleng.—1 Bakor. 10:27.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Tlhopha nako e e siameng go tlhalosa se o se dumelang

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Bontsha gore o kgatlhegela balekane ba ba sa dumeleng