Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

E re Ka o “Simolotse go Itse Modimo”—O Tla Dira Eng Jaanong?

E re Ka o “Simolotse go Itse Modimo”—O Tla Dira Eng Jaanong?

“Lo simolotse go itse Modimo.”—BAGAL. 4:9.

1. Ke ka ntlha yang fa mokgweetsi wa sefofane a tshwanetse go se tlhatlhoba pele ga a tsaya loeto?

BAKGWEETSI ba difofane ba na le lenaane la dilo tse di fetang 30 tse ba tshwanetseng go di tlhatlhoba ka metlha pele ga ba kgweetsa sefofane. Fa bakgweetsi bano ba sa tlhatlhobe lenaane leno nako le nako pele ga ba kgweetsa, gantsi seno se ka baka kotsi e kgolo. A o itse gore ke mokgweetsi ofe yo segolobogolo a kgothalediwang go tlatsa lenaane leno? Ke mokgweetsi yo o nang le maitemogelo thata! Ene mokgweetsi yoo yo o nang le maitemogelo, a ka nna a tsaya dilo motlhofo a bo a sa tlhatlhobe sefofane ka botlalo pele ga a simolola go se kgweetsa.

2. Bakeresete ba tshwanetse go itlhatlhoba ka tsela efe?

2 Fela jaaka mokgweetsi wa sefofane yo o amegileng ka pabalesego, le wena o tshwanetse go itlhatlhoba go tlhomamisa gore tumelo ya gago ga e kitla e reketla ka nako e o e tlhokang thata. Le fa o ka tswa o kolobeditswe bosheng jaana kgotsa o na le dingwaga di le dintsi o ntse o direla Modimo, go botlhokwa thata gore ka metlha o nne o tlhatlhoba boleng jwa tumelo ya gago le boineelo jwa gago mo go Jehofa Modimo. Fa motho a sa itlhatlhobe ka tlhoafalo ka metlha, a ka swa semoyeng. Baebele ya re: “A yo o akanyang gore o eme a tlhokomele gore a se ka a wa.”—1 Bakor. 10:12.

3. Bakeresete ba kwa Galatia ba ne ba tshwanetse go dira eng?

3 Bakeresete ba kwa Galatia ba ne ba tlhoka go itlhatlhoba go bona gore tumelo ya bone e ne e nonofile go le kana kang, gape ba ne ba tshwanetse go anaanela kgololesego ya bone ya semoya. Jesu o ne a dirisa setlhabelo sa gagwe go dira gore batho ba ba nang le tumelo mo go ene ba kgone go itse Modimo ka tsela e e kgethegileng—ba ne ba ka kgona go nna barwa ba Modimo! (Bagal. 4:9) Gore Bagalatia ba kgone go tswelela ba na le kamano eo e e molemo, ba ne ba tshwanetse go gana dithuto tsa babueledi ba tsamaiso ya tumelo ya Sejuda ba ba neng ba pateletsa batho go boloka Molao wa ga Moshe. Tota e bile, Baditšhaba ba ba sa rupang ba mo phuthegong ba ne ba ise ba ko ba tshwanelwe ke go boloka Molao! Bajuda le Baditšhaba ba ne ba tshwanetse go gatela  pele semoyeng. Seno se ne se akaretsa gore ba lemoge gore ba ne ba ka se kgone go gatela pele fa ba sa ntse ba boloka Molao wa ga Moshe.

DIKGATO TSA NTLHA TSE O KA DI TSAYANG GORE O ITSE MODIMO

4, 5. Paulo o ne a naya Bagalatia kgakololo efe, mme rona e re ama jang?

4 Kgakololo e moaposetoloi Paulo a neng a e naya Bagalatia e na le lebaka la go bo e kwadilwe: e ne e le go thibela Bakeresete ba boammaaruri ba motlha ope fela gore ba se ka ba itlhokomolosa letlotlo la kitso ya boammaaruri e e mo Baebeleng mme ba boela kwa dilong tse di kwa morago. Jehofa o ne a tlhotlheletsa moaposetoloi yono gore a kgothatse batho ba kwa diphuthegong tse di kwa Galatia mmogo le baobamedi botlhe ba gagwe gore ba nne ba nitame.

5 Go tla bo go le molemo gore rotlhe re gopole kafa re neng ra gololesega ka gone mo bokgobeng jwa semoya, gore re nne Basupi ba ga Jehofa. Gore o kgone go dira seno, akanya ka dipotso tseno tse pedi: A o gopola dikgato tse o ileng wa di tsaya gore o tshwanelegele go kolobediwa? A o sa ntse o gakologelwa kafa o ileng wa simolola go itse Modimo ka gone, le kafa o ileng wa itsewe ke Modimo ka gone mme wa nna le kgololesego ya mmatota ya semoya?

6. Re tlile go sekaseka tsela efe ya go itlhatlhoba?

6 Rotlhe re ne ra tsaya dikgato di le robonngwe. Dikgato tseo di tlhalositswe mo lebokoseng le le reng:  “Dikgato Tse di Tlhokegang Gore re Kolobediwe le Gore re Tswelele re Gola Semoyeng.” Go nna re ikgopotsa dikgato tseno tse robonngwe ka metlha, go tla re nonotsha gore re se ka ra boela morago kwa dilong tsa lefatshe. Fela jaaka mokgweetsi wa sefofane yo o nang le maitemogelo mme gone a le kelotlhoko a tlhatlhoba sefofane pele ga a se kgweetsa, le wena o ka kgona go tswelela o ikanyega mo tirelong ya gago fa o nna o itlhatlhoba semoyeng.

BA BA ITSEWENG KE MODIMO BA NNA BA GATELA PELE SEMOYENG

7. Re tshwanetse go latela sekao sefe, mme ka ntlha yang?

7 Lenaane le mokgweetsi wa sefofane a le dirisang go tlhatlhoba sefofane le mo gopotsa gore go na le tsela nngwe ya go dira dilo e a tshwanetseng go e latela ka kelotlhoko nako le nako pele ga a se kgweetsa. Le rona re ka kgona go itlhatlhoba ka metlha le go tlhatlhoba tsela e re ntseng re dira dilo ka yone fa e sa le re kolobediwa. Paulo o ne a kwalela Timotheo jaana: “Nna o tshegeditse sekao sa mafoko a a itekanetseng a o neng wa a utlwa mo go nna ka tumelo le lorato tse di ka ga Keresete Jesu.” (2 Tim. 1:13) “Mafoko a a itekanetseng” a fitlhelwa mo Lefokong la Modimo. (1 Tim. 6:3) Fela jaaka setshwantsho se se toroilweng se re thusa go lemoga gore sengwe se tla nna jang fa se fedile, ‘sekao sa boammaaruri’ se re bontsha sentle se Jehofa a lebeletseng gore re se dire. Ka jalo, a jaanong re sekaseke dikgato tse re di tsereng gore re kolobediwe mme re bone gore re latela sekao sa boammaaruri gaufi go le kana kang.

8, 9. (a) Ke eng fa re tshwanetse go tswelela re gola mo kitsong le mo tumelong? (b) Dira setshwantsho go bontsha botlhokwa jwa go gola semoyeng le lebaka la go bo seno e tshwanetse go nna sengwe se se tswelelang.

8 Sa ntlha se re tshwanetseng go se tlhatlhoba ke botlhokwa jwa go nna le kitso. Go tswa foo re ka nna le tumelo. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go gatela pele mo dintlheng tseno tsoopedi. (2 Bathes. 1:3) Go gola semoyeng go akaretsa go dira diphetogo di le mmalwa kgato ka kgato. “Go gola” go kaya go oketsega ka palo kgotsa ka bogolo. Ka jalo, fa re sena go kolobediwa, re tshwanetse go tswelela re dira gore re gole semoyeng, e le gore re se ka ra ema felo go le gongwe.

Setlhare se tswelela se gola. Bakeresete le bone ba tshwanetse go dira jalo

9 Re ka tshwantshanya go gola semoyeng ga rona le go gola ga setlhare. Setlhare se ka gola thata, segolobogolo fa medi ya sone e le boteng. Ka sekai, setlhare se segolo thata sa mosedara sa kwa Lebanona, se ka nna boleele jwa dimetara di le 37, e bile se na le medi e e nonofileng e e boteng le kutu ya bokima jwa dimetara di le 12. (Sefela 5:15) Kwa tshimologong, setlhare seno se gola ka bonako thata mme moragonyana ga se tlhole se gola ka lobelo loo, le fa go ntse jalo, se tswelela se ntse se gola ka tsela e motho  a ka se e lemogeng. Ngwaga le ngwaga kutu ya setlhare seno e a gola le medi ya sone e tsenela kwa tengteng mme seno se dira gore se nonofe. Go ntse fela jalo le ka tsela e Mokeresete a golang semoyeng ka yone. Kwa tshimologong motho a ka gola semoyeng ka bonako fa a simolola go ithuta Baebele mme go tswa foo a bo a kolobediwa. Ba ba mo phuthegong ba lemoga kgatelopele eo mme ba itumelela yone. A ka nna a bo a tshwanelegela go nna mmulatsela kgotsa a nna le ditshiamelo tse dingwe. Fa dingwaga di ntse di ya, tsela e re golang semoyeng ka yone e ka nna ya se ka ya lemogiwa jaaka pele. Le fa go ntse jalo, re sa ntse re tlhoka go nonotsha tumelo ya rona le go oketsa kitso ya rona “go ya monneng yo o godileng ka botlalo, go ya selekanyong sa bogolo jo e leng jwa botlalo jwa ga Keresete.” (Baef. 4:13) Ka jalo, go ntse jaaka e kete re gola go tswa go letlhogela le lennye go nna setlhare se se nonofileng, kgotsa Mokeresete yo o godileng semoyeng.

10. Ke eng fa Bakeresete ba ba godileng semoyeng le bone ba tshwanetse go gatela pele?

10 Mme gone, ga re a tshwanela go felela foo. Kitso ya rona e tshwanetse go gola mme tumelo ya rona e tshwanetse go nonofa le go feta. Ka go dira jalo, medi ya rona e tla nwelelela mo Lefokong la Modimo. (Dia. 12:3) Go na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba ileng ba dira seno mo phuthegong ya Bokeresete. Ka sekai, mokaulengwe mongwe yo o nang le dingwaga di feta 30 e le mogolwane, o ne a lemoga gore o sa ntse a gola semoyeng. A re: “Tsela e ke anaanelang Baebele ka yone e oketsegile fela thata. Ke nna ke bona ditshono tse disha tsa go dirisa melao le melaometheo ya Baebele ka ditsela tse di farologaneng. Tsela e ke anaanelang bodiredi ka yone le yone e a gola.”

GODISA BOTSALA JWA GAGO LE MODIMO

11. Re ka kgona jang go itse Jehofa botoka fa nako e ntse e ya?

11 Go gola ga rona semoyeng gape go akaretsa go atamalana le Jehofa e le Tsala ya rona le Rraarona. O batla gore re ikutlwe re amogelesegile. O batla gore re itse gore o a re rata e bile o tla re sireletsa fela jaaka ngwana a ikutlwa a ratiwa e bile a sireletsegile fa a le mo diatleng tsa motsadi yo o lorato, kgotsa jaaka rona re ikutlwa fa re na le tsala e re e ikanyang. Re tshwanetse go tlhaloganya gore go nna tsala ya ga Jehofa ga se selo se se diregang ka bonako fela. Go tsaya nako gore re mo itse re bo re mo rate. Ka jalo, fa re batla go itse Jehofa botoka, re tshwanetse go ikemisetsa go beela nako kwa thoko gore re bale Lefoko la gagwe letsatsi le letsatsi. Gape re tshwanetse go bala kgatiso nngwe le nngwe ya Tora ya Tebelo le Tsogang! mmogo le dikgatiso tse dingwe tse di theilweng mo Baebeleng.

12. Re tshwanetse go dira eng gore re itsewe ke Modimo?

12 Ditsala tsa Modimo di gola semoyeng fa di rapela ka tlhoafalo le fa di itumelela botsala jo bo molemo. (Bala Malaki 3:16.) ‘Ditsebe tsa  ga Jehofa di ntlheng ya mekokotlelo ya bone.’ (1 Pet. 3:12) Fela jaaka motsadi yo o lorato, Jehofa o reetsa ka kelotlhoko fa re mo rapela re kopa gore a re thuse. Ka jalo, re tshwanetse go ‘nnela ruri mo thapelong.’ (Bar. 12:12) Re ka se nne Bakeresete ba ba godileng sentle kwantle ga thuso ya Modimo. Kgatelelo ya tsamaiso eno e kgolo thata mo re ka se kgoneng go e fenya ka borona fela. Fa re sa rapele ka metlha, ga re kitla re tlhola re bona maatla a a sa feleng a Modimo a kgonang go re naya one, e bile a iketleeleditse go re a naya. A o kgotsofalela tsela e o rapelang ka yone kgotsa o lemoga gore o tlhoka go tokafatsa mo kgannyeng eno?—Jer. 16:19.

13. Ke eng fa go kopanela le Bakeresete mmogo le rona go le botlhokwa gore re kgone go gola semoyeng?

13 Jehofa o itumelela ba ba batlang “botshabelo mo go ene”; ka jalo, tota le fa re setse re itse Modimo, go ka nna molemo gore ka metlha re kopanele le phuthego ya batho ba ba mo itseng. (Nah. 1:7) Mo lefatsheng leno le le nang le dilo tse dintsi tse di kgobang marapo, go tla bo go le molemo gore re nne mo gare ga bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba ka re kgothatsang. Seo se tla re solegela molemo jang? Mo phuthegong, o tla fitlhela batho ba ba tla go tlhotlheletsang mo “loratong le mo ditirong tse di molemo.” (Baheb. 10:24, 25) Re ka kgona go bontsha lorato lo Paulo a neng a kwalela Bahebera ka lone fa fela re fetsa nako le bakaulengwe ba rona, baobamedi ba ba akanyang ka tsela e e tshwanang le ya rona ba e leng karolo ya phuthego. Go bontsha lorato lo lo ntseng jalo go akaretsa go kopanela mmogo le Bakeresete ba bangwe. Tlhomamisa gore ka metlha o nna gone kwa dipokanong e bile o nna le seabe mo go tsone.

14. Ke jang boikwatlhao le go sokologa e leng dilo tse re tshwanetseng go di dira ka metlha?

14 Fa re ne re simolola go nna Bakeresete, go ne ga tlhokega gore re ikwatlhaye re bo re sokologe kgotsa re tlogele maleo a rona. Le fa go ntse jalo, le jaanong re tshwanetse go tswelela re ntse re ikwatlhaya. E re ka re le batho ba ba sa itekanelang, go ka nna motlhofo gore re wele mo boleong. Boleo bo tshwana le noga e e emetseng fela go re loma, fa e bona tshono ya go dira jalo. (Bar. 3:9, 10; 6:12-14) Ka jalo, a re nneng re ntshitse matlho dinameng, re se ka ra itlhokomolosa diphoso tsa rona. Se se itumedisang ke gore, Jehofa ga a re felele pelo fa re ntse re leka ka natla go lwa le bokoa jwa rona e bile re leka go dira diphetogo. (Bafil. 2:12; 2 Pet. 3:9) Sengwe se se ka re thusang thata ke go ela tlhoko tsela e re dirisang nako ya rona le dithoto tsa rona ka yone, ga re a tshwanela go nna le moya wa bopelotshetlha. Kgaitsadi mongwe o ne a re: “Ke goletse mo boammaaruring, le fa go ntse jalo, fa ke gola ke ne ke sa lebe Jehofa ka tsela e batho ba le bantsi ba mo lebang ka yone. Ke ne ke akanya gore ke tshwanetse go mmoifa thata e bile nka se kgone go mo itumedisa.” Fa nako e ntse e ya, kgaitsadi yono o ne a koafala semoyeng ka ntlha ya mathata a a neng a na le one. Gape o ne a re: “Seno ga se a direga ka gonne ke ne ke sa rate Jehofa, mme e ne e le ka gonne ke ne ke sa mo itse. Le fa go ntse jalo, fa ke sena go rapela ka tlhoafalo makgetlo a le mantsi, ke ne ka simolola go fetola tsela e ke neng ke leba dilo ka yone. Jehofa o ile a tsamaya le nna jaaka e kete ke ngwana, a nthusa ka lorato gore ke fenye dikgoreletsi, a mpontsha se ke tshwanetseng go se dira.”

15. Ke eng se Jesu le Rraagwe ba se elang tlhoko?

15 ‘Nnang lo bue le batho’ ka dikgang tse di molemo. Moengele wa Modimo o ne a bolelela Petere le baaposetoloi ba bangwe mafoko ano fa ba sena go gololwa ka kgakgamatso kwa kgolegelong. (Dit. 5:19-21) Sengwe gape se re tshwanetseng go itlhatlhoba mo go sone ke gore, a re nna gone kwa tirelong ya tshimo beke le beke. Jesu le Rraagwe ba ela tlhoko tumelo ya rona le bodiredi jwa rona. (Tshen. 2:19) Fela jaaka mogolwane yo re tlotlileng ka ene pelenyana a ile a bontsha, “Re tshelela tirelo ya tshimo.”

16. Ke eng fa go le molemo gore re gopole boineelo jwa rona mo go Jehofa?

16 Akanya ka boineelo jwa gago. Letlotlo le  legolo le re nang le lone ke kamano ya rona le Jehofa. O itse ba e leng ba gagwe. (Bala Isaia 44:5.) Rapela mme o tlhatlhobe boleng jwa kamano e o nang le yone le Jehofa. Mo godimo ga moo, gopola letsatsi la gago la kolobetso, e leng letlha le le botlhokwa thata. Seno le sone se tla go gakolola gore kolobetso ya gago e tshwantshetsa tshwetso e e botlhokwatlhokwa e o kileng wa e dira.

NNA O ATAMALANE LE JEHOFA KA GO BONTSHA BOITSHOKO

17. Ke eng fa re tlhoka go itshoka gore re tswelele re atamalane le Jehofa?

17 Fa Paulo a ne a kwalela Bagalatia, o ne a gatelela botlhokwa jwa go itshoka. (Bagal. 6:9) Seno se sa ntse se le botlhokwa mo Bakereseteng le gompieno. O tla lebana le diteko, le fa go ntse jalo, Jehofa o tla go thusa. Nna o kope moya o o boitshepo. O tla ikutlwa o imologile fa Jehofa a tlosa kutlobotlhoko mme a go naya boitumelo, a tlosa tlalelo mme a go naya kagiso. (Math. 7:7-11) Akanya ka seno: Fa Jehofa a tlhokomela dinonyane, ga go pelaelo gore o amega thata ka wena motho yo o mo ratang le yo o ineetseng mo go ene! (Math. 10:29-31) Le fa o ka lebana le mathata a magolo go le kana kang, o se ka wa boela morago, o se ka wa ineela. Ruri re na le letlotlo le legolo ka gonne re itsewe ke Jehofa!

18. E re ka ‘o itse Modimo,’ o batla go dira eng jaanong?

18 Ka jalo, fa e le gore o sa tswa go itse Modimo e bile ke gone o kolobediwang, o tla dira eng jaanong? Tswelela o oketsa kitso ya gago ka Jehofa mme o gole semoyeng. Mme fa e le gore o na le dingwaga tse dintsi o kolobeditswe, o tla dira eng jaanong? Le wena o tshwanetse go tswelela o oketsa le go nonotsha kitso e o nang le yone ka Jehofa. A re eleng tlhoko gore re se ka ra akanya gore kamano e re setseng re na le yone le Jehofa e lekane. Go na le moo, rotlhe re tshwanetse go nna re itlhatlhoba ka metlha go tlhomamisa gore re godisa kamano e re nang le yone le Rraarona, Tsala ya rona le Modimo wa rona yo o lorato e bong Jehofa.—Bala 2 Bakorintha 13:5, 6.