Solegelwa Molemo ka Botlalo ke go Bala Baebele
“Tota ke itumedisiwa ke molao wa Modimo.”—BAR. 7:22.
1-3. Re ka solegelwa molemo jang ke go bala Baebele le go dirisa se re se ithutileng mo go yone?
“MOSO le moso ke leboga Jehofa go bo a nthusa go tlhaloganya Baebele.” Mafoko ano a builwe ke kgaitsadi mongwe yo o godileng wa Mokeresete yo o setseng a badile Baebele yotlhe makgetlo a a fetang 40, mme le gone jaanong o sa ntse a tsweletse a e bala. Kgaitsadi mongwe yo mosha ene o ne a re Baebele e mo thusitse gore a lebe Jehofa e le motho wa mmatota. Seno se ile sa dira gore a atamalane thata le Rraagwe yo o kwa legodimong. A re: “Ga ke ise ke ikutlwe ke itumetse jaana mo botshelong!”
2 Moaposetoloi Petere o ne a re kgothaletsa gore re ‘tlhologelelwe mashi a a sa tswakanngwang a e leng a lefoko.’ (1 Pet. 2:2) Ba ba kgotsofatsang tlhologelelo eo ka go ithuta Baebele le go dirisa se ba se ithutileng mo go yone ba nna le segakolodi se se phepa e bile ba nna le botshelo jo bo nang le boikaelelo. Ba nna le botsala jo bo nnelang ruri le batho ba bangwe ba le bone ba ratang Modimo wa boammaaruri e bile ba mo direla. Ano ke mabaka a a utlwalang a gore re ‘itumedisiwe ke molao wa Modimo.’ (Bar. 7:22) Mme gape fa re bala Baebele re ka bona melemo e mengwe e mentsi. Mengwe ya melemo eo ke efe?
3 Fa o ntse o ithuta mo go oketsegileng ka Jehofa le Morwawe, lorato lo o ba ratang ka lone le lo o ratang batho ba bangwe ka lone lo tla gola. Kitso ya boammaaruri ya Dikwalo e tla go thusa go bona gore go ise go ye kae, Modimo o tla boloka batho ba ba kutlo mo tsamaisong eno e e ntseng e felelwa ke nako. O na le molaetsa o o itumedisang wa dikgang tse di molemo o o tshwanetseng go o rerela batho. Jehofa o tla go segofatsa fa o ntse o ruta ba bangwe dilo tse o di ithutileng mo Lefokong la Gagwe.
BALA O BO O TLHATLHANYE
4. Go balela Baebele “kwa tlase” go kaya eng?
4 Jehofa o batla gore batlhanka ba gagwe ba iphe nako ya go bala Lefoko la gagwe, ba sa dire jalo ka lepotlapotla. O ne a bolelela Joshua jaana: “Buka eno ya molao e se ka ya tloga mo molomong wa gago, o e balele kwa tlase motshegare le bosigo.” (Josh. 1:8; Pes. 1:2) A taelo eno e raya gore fa o bala Baebele o tshwanetse go buela kwa tlase mafoko otlhe a o a balang go simolola ka Genesise go fitlha ka Tshenolo? Nnyaa. E kaya gore o tshwanetse go e bala ka tsela e e tla dirang gore o kgone go tlhatlhanya. Fa o balela Baebele “kwa tlase,” e leng go tlhatlhanya ka se o se balang, seno se tla go thusa gore o tlhome mogopolo mo dikarolong tse di tla go solegelang molemo thata le go go kgothatsa. Fa o bona dintlha, ditemana le dipego tse di ka go solegelang molemo, di bale o iketlile gongwe o buela mafoko mangwe kwa godimo. Ntlha nngwe e e botlhokwa thata e e mo temaneng e o e balang e ka go ama ka tsela e e tseneletseng. Ke ka ntlha yang fa seno se le botlhokwa? Ka gonne go tlhaloganya bokao jwa kgakololo ya Modimo go go tlhotlheletsa gore o e dirise mo botshelong jwa gago.
5-7. Bontsha kafa go bala Lefoko la Modimo le go tlhatlhanya ka lone go ka go thusang ka gone gore o (a) ipoloke o le phepa mo boitsholong; (b) dirisane le ba bangwe ka bopelotelele le bopelonomi; (c) ikanye Jehofa tota le ka dinako tsa mathata.
5 Go tlhatlhanya ka se o se balang go ka go solegela molemo fa o bala dibuka tsa Baebele tse o sa di tlwaelang. Ka sekai, akanya ka maemo ano a mararo. Boemo jwa ntlha, akanya ka mokaulengwe yo mosha wa Mokeresete, yo o balang buka ya boporofeti ya ga Hosea ka nako ya gagwe ya go bala Baebele. Fa a le mo kgaolo 4, o ema go se kae morago ga go bala temana 11 go ya go 13. (Bala Hosea 4:11-13.) Ke ka ntlha yang fa a ema? Ditemana tseno di dira gore a akanye, ka gonne o ntse a leka go gana tlhotlheletso ya go dira boitsholo jo bo sa siamang kwa sekolong. O tlhatlhanya ka ditemana tseno mme a bo a akanya jaana: ‘Jehofa o bona dilo tse di maswe tse batho ba di dirang le e leng mo sephiring. Ga ke batle go mo kgopisa.’ Mokaulengwe yono o ikemisetsa go boloka boitsholo jwa gagwe bo le phepa mo matlhong a Modimo.
6 Boemo jwa bobedi, fa kgaitsadi mongwe a ntse a bala buka ya boporofeti ya ga Joele o fitlha mo kgaolo 2 temana 13. (Bala Joele 2:13.) Fa a ntse a balela temana eno kwa tlase, o tlhatlhanya ka gore a ka kgona jang go etsa Jehofa, yo ‘o pelontle le kutlwelobotlhoko, yo o bonya go galefa e bile a tletse bopelonomi jwa lorato.’ O swetsa ka gore ga a kitla a tlhola a dirisa mafoko a tshotlo le a a tlhabang a ka dinako dingwe a a dirisang fa a bua le monna wa gagwe le batho ba bangwe.
7 Boemo jwa boraro, akanya ka Rre mongwe wa Mokeresete yo o latlhegetsweng ke tiro mme a tshwenyegile ka gore o tla tlamela jang mosadi wa gagwe le bana. Fa a bala Nahume 1:7, o tlhatlhanya ka mafoko a a reng, Jehofa “o itse ba ba batlang botshabelo mo go ene” e bile o ba sireletsa jaaka “kago e e thata mo motlheng wa matshwenyego.” Ntlha eno e a mo gomotsa. O lemoga gore Jehofa o a mo rata e bile o amega ka ene, ka jalo, o tlogela go tlhobaela thata. Go tswa foo, o bala temana 15 a bo a tlhatlhanya ka yone. (Bala Nahume 1:15.) Mokaulengwe yono o lemoga gore go tswelela a rera dikgang tse di molemo le fa a na le mathata, go bontsha gore tota o tsaya Jehofa e le kago ya gagwe e e thata. O tlhotlheletsega gore a nne le seabe mo tirelong ya tshimo mo gare ga beke le fa a ntse a batla tiro ya boitshediso.
8. Tlhalosa ka bokhutshwane dithuto tse di tlhwatlhwakgolo tse o di fitlhetseng fa o ntse o bala Baebele.
8 Dintlha tseno tse di molemo tse re sa tswang go tlotla ka tsone, di mo dibukeng tsa Baebele tse bangwe ba tsayang gore go thata go di tlhaloganya. Fa o ntse o sekaseka buka ya Hosea, Joele le Nahume ka boikaelelo jwa go ithuta sengwe mo go tsone, o tla nna le keletso ya go bala ditemana tse dingwe tse di mo dibukeng tseno le go tlhatlhanya ka tsone. Akanya kafa o ka bonang ka gone botlhale le kgomotso mo mafokong a a kwadilweng ke baporofeti bao! Mme go tweng ka go bala Baebele yotlhe? Lefoko la Modimo le tshwana le moepo wa diteemane, o o nang le diteemane di le dintsi. Dira bojotlhe go batla diteemane tseno! Bala Baebele yotlhe ka boikaelelo jwa go batla maje a a tlhwatlhwakgolo a a tswang mo Lefokong la Modimo a a re kaelang le go re kgothatsa.
LEKA KA NATLA GO TLHALOGANYA
9. Re ka tokafatsa jang tsela e re tlhaloganyang ka yone se thato ya Modimo e leng sone?
9 Le fa go le botlhokwa go bala karolo nngwe ya Baebele letsatsi le letsatsi, gape go molemo gore o leke go tlhaloganya se o se balang. Ka jalo, dirisa dikgatiso tse phuthego ya ga Jehofa e re neileng tsone go dira dipatlisiso ka batho, mafelo le ditiragalo tse o balang ka tsone. Kgotsa fa e le gore o ipotsa gore o ka dirisa jang thuto nngwe ya Baebele mo botshelong jwa gago, o ka kopa mogolwane mongwe mo phuthegong kgotsa Mokeresete mongwe yo o godileng semoyeng go go thusa. E le gore re bone botlhokwa jwa go tokafatsa tsela e re tlhaloganyang Baebele ka yone, mma re sekasekeng sekao sa Mokeresete mongwe wa lekgolo la ntlha la dingwaga yo o neng a leka go dira jalo. Leina la gagwe e ne e le Apolose.
10, 11. (a) Apolose o ne a thusiwa jang gore a tokafatse tsela e a neng a rera dikgang tse di molemo ka yone? (b) Re ka ithuta eng mo pegong ya ga Apolose? (Bona lebokose le le reng, “A o Ruta se se Tshwanetseng?”)
10 Apolose e ne e le Mokeresete wa Mojuda yo o neng “a itse Dikwalo sentle” e bile “a tuka mo moyeng.” Buka ya Ditiro e bua jaana ka ene: O ne “a bua le go ruta sentle dilo tse di leng kaga Jesu, mme a tlwaelane le kolobetso ya ga Johane fela.” Apolose o ne a sa lemoge gore o ne a ruta thuto ya bogologolo ya kolobetso. Fa banyalani bangwe ba Bakeresete e bong Perisila le Akhwila ba sena go mo utlwa a ruta kwa Efeso, ba ne “ba mo tlhalosetsa tsela ya Modimo sentle ka botlalo.” (Dit. 18:24-26) Seno se ne sa solegela Apolose molemo jang?
11 Fa Apolose a sena go rera mo Efeso, o ne a ya kwa Akaia. “Jalo e rile a fitlha koo, a thusa thata ba ba neng ba dumetse ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo; gonne ka nonofo e kgolo thata o ne a supa ka botlalo phatlalatsa gore Bajuda ba ne ba le phoso, fa a ntse a bontsha ka Dikwalo gore Jesu e ne e le Keresete.” (Dit. 18:27, 28) Ka nako eo, Apolose o ne a kgona go tlhalosa ka nepo se kolobetso ya Bokeresete e se kayang. E re ka a ne a tlhaloganya botoka se a neng a se ruta, o ne “a thusa thata” ba basha gore ba gatele pele mo kobamelong ya boammaaruri. Re ka ithuta eng mo pegong eno? Fela jaaka Apolose, le rona re batla go tlhaloganya se re se balang mo Baebeleng. Ka jalo, fa modumedimmogo le rona yo o nang le maitemogelo a re bontsha kafa re ka tokafatsang ka teng tsela e re rutang ka yone gore bodiredi jwa rona bo nne le diphelelo tse di molemo, re tshwanetse go amogela kgakololo eo ka boikokobetso. Fa re dira jalo, boleng jwa tirelo ya rona e e boitshepo bo tla tokafala.
DIRISA SE O SE ITHUTANG GO THUSA BA BANGWE
12, 13. Bontsha kafa go dirisa Dikwalo ka tsela e e molemo go ka thusang baithuti ba Baebele ka gone gore ba gatele pele.
12 Fela jaaka Akhwila, Perisila le Apolose, le rona re ka kgona go thusa ba bangwe. O ikutlwa jang fa mafoko a gago a a kgothatsang a thusa mongwe yo o kgatlhegelang boammaaruri go fenya sekgoreletsi sengwe se se mo thibelang go gatela pele semoyeng? Kgotsa fa e le gore o mogolwane, o ikutlwa jang fa modumedimmogo le wena a go lebogela kgakololo nngwe ya Dikwalo e o mo fileng yone e e neng ya mo thusa fa a ne a na le mathata? Ga go pelaelo gore fa motho a thusa ba bangwe go tokafatsa matshelo a bone a dirisa Lefoko la Modimo, o tla kgotsofala e bile o tla itumela. * Bona gore o ka kgona go fitlhelela mokgele oo jang.
13 Baiseraele ba le bantsi ba motlha wa ga Elija ba ne ba bontsha go nna pelopedi ka go kopanya kobamelo ya boammaaruri le ya maaka. Kgakololo e Elija a neng a e naya batho bao e ka thusa moithuti wa Baebele yo o ikgogonang go gatela pele semoyeng. (Bala 1 Dikgosi 18:21.) Akanya ka boemo jono jo bo latelang: Fa e le gore motho yo o kgatlhegelang go ithuta Baebele o tshaba gore ba losika le ditsala tsa gagwe ba tla reng, o ka kgona go mo nonotsha gore a ikemisetse go obamela Jehofa ka go sekaseka le ene dintlha tse di mo go Isaia 51:12, 13.—E bale.
14. O ka thusiwa ke eng gore o gakologelwe ditemana dingwe fa o di tlhoka go thusa ba bangwe?
14 Ga go pelaelo gore Baebele e na le dintlha di le dintsi tse di ka kgothatsang, tse di ka kgalemelang le tse di ka nonotshang ba ba e balang. Gongwe o ka ipotsa jaana, ‘Nka kgona jang go gakologelwa ditemana ka bonako fela fa ke di tlhoka?’ Bala Baebele o bo o tlhatlhanye ka dikakanyo tsa Modimo letsatsi le letsatsi. Fa o dira jalo, o tla itse se Baebele e se rutang mme moya wa ga Jehofa o tla go thusa gore o se gakologelwe ka nako e o se tlhokang ka yone.—Mar. 13:11; bala Johane 14:26. *
15. Ke eng se se tla go thusang gore o tlhaloganye Lefoko la Modimo ka botlalo?
15 Fela jaaka Kgosi Solomone, rapela Jehofa o kope botlhale gore o kgone go diragatsa maikarabelo a gago a semoya. (2 Ditir. 1:7-10) Jaaka baporofeti ba bogologolo ba ile ba dira, ‘tlhotlhomisa ka manontlhotlho o bo o batlisise ka kelotlhoko’ mo Lefokong la Modimo gore o bone kitso ya boammaaruri ka Jehofa le ka thato ya gagwe. (1 Pet. 1:10-12) Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa Timotheo gore a ikotle “ka mafoko a tumelo le a thuto e e molemo.” (1 Tim. 4:6) Fa le wena o ka dira jalo, o tla bo o siametse go thusa ba bangwe gore ba gatele pele semoyeng. Mme gape o tla bo o nonotsha tumelo ya gago.
TSHIRELETSEGO YA MMATOTA E E THEILWENG MO LEFOKONG LA MODIMO
16. (a) Go “tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi” go ne ga solegela Baberea molemo jang? (b) Ke ka ntlha yang fa go bala Baebele letsatsi le letsatsi go le botlhokwa mo go rona gompieno?
16 Bajuda ba ba neng ba nna kwa Berea e e kwa Makedonia ba ne ba tlwaetse go “tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi.” Fa Paulo a ne a rerela Bajuda bao dikgang tse di molemo, ba ne ba bapisa mafoko a gagwe le kitso ya bone ya Dikwalo. Seo se ne sa felela ka eng? Ba le bantsi ba ne ba tlhatswega pelo gore o ne a ruta boammaaruri, mme “ba ne ba nna badumedi.” (Dit. 17:10-12) Seno se bontsha gore fa re bala Baebele letsatsi le letsatsi, tumelo ya rona mo go Jehofa e tla nonofa. Re tlhoka tumelo e e ntseng jalo, e leng “go lebelela ka tlhomamisego dilo tse di solofetsweng” fa e le gore re batla go tshela mo lefatsheng le lesha la Modimo.—Baheb. 11:1.
17, 18. (a) Tumelo e e nonofileng le lorato di ka sireletsa jang pelo ya tshwantshetso ya Mokeresete? (b) Tsholofelo e re sireletsa jang mo dikotsing?
17 Go na le lebaka le le utlwalang la go bo Paulo a ile a kwala jaana: “Rona ba re leng ba motshegare, a re nneng re thantse mo ditlhaloganyong mme re apareng seiphemelo sa sehuba sa tumelo le lorato le tsholofelo ya poloko jaaka tlhoro ya phemelo.” (1 Bathes. 5:8) Pelo ya lesole e tlhoka gore e sirelediwe mo mmabeng. Ka tsela e e tshwanang, pelo ya tshwantshetso ya Mokeresete e tlhoka go sirelediwa mo maatleng a boleo. Go diragala eng fa e le gore motlhanka wa ga Jehofa o na le tumelo e e nonofileng mo ditsholofetsong tsa Modimo, o rata Modimo e bile o rata batho ba bangwe? Ka tsela ya tshwantshetso motlhanka yono o tla bo a apara seiphemelo sa sehuba se se tlhwatlhwakgolo. Seno se tla dira gore a se ka a dira sepe se se ka dirang gore Modimo a se ka a tlhola a mo amogela.
18 Gape Paulo o ne a bua ka tlhoro ya phemelo, e leng “tsholofelo ya poloko.” Fa lesole la mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele le ne le sa sireletse tlhogo ya lone, le ne le ka swa motlhofo mo ntweng. Mme tlhoro ya phemelo e e nonofileng, e ne e ka dira gore le se ka la gobala mo tlhogong. Fa re ithuta Lefoko la ga Jehofa re nna le tsholofelo ya gore o na le maatla a go re boloka. Tsholofelo e e nonofileng e re thusa go emelana le batlhanogi le ‘dipuo tsa bone tse di se nang mosola’ tse di anamang ka bonako. (2 Tim. 2:16-19) Tsholofelo eno e tla re nonotsha gore re gane fa ba bangwe ba re kgothaletsa go nna le seabe mo boitshwarong jo Jehofa a sa bo amogeleng.
SE SE KA RE THUSANG GO FALOLA
19, 20. Ke ka ntlha yang fa re tseela Lefoko la Modimo kwa godimo, mme re bontsha jang gore re a le anaanela? (Bona lebokose le le reng, “Jehofa o Nnaya Sone Se ke Se Tlhokang.”)
19 Fa re ntse re tsenelela mo motlheng ono wa bokhutlo, re tlhoka go ikaega ka Lefoko la ga Jehofa go feta le fa e le leng pele. Kgakololo e re e bonang mo go lone e re thusa go baakanya mekgwa e e sa siamang le go laola tshekamelo ya rona ya go dira boleo. Kgothatso e re e bonang mo go lone le kgomotso, di tla re thusa gore re fenye diteko tse Satane le lefatshe la gagwe le re tlisetsang tsone. Kaelo e Jehofa a re nayang yone ka Lefoko la gagwe e tla dira gore re tswelele re le mo tseleng e e isang botshelong.
20 Se lebale gore thato ya Modimo ke gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe.” Batlhanka ba ga Jehofa le bone ba akarediwa mo ‘bathong ba mefuta yotlhe.’ Gape batho ba mefuta yotlhe ba akaretsa ba re ka ba thusang fa re ntse re dira tiro ya go rera le ya go dira barutwa. Mme gone botlhe ba ba batlang go bolokwa ba tshwanetse gore “ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Tim. 2:4) Ka jalo, go falola metlha eno ya bofelo go tsamaisana thata le go bala Baebele mmogo le go dirisa ditaelo tsa yone. Go bala Baebele ka metlha go bontsha kafa re tseelang Lefoko la ga Jehofa le le boammaaruri e bile le le botlhokwatlhokwa kwa godimo ka gone.—Joh. 17:17.
^ ser. 12 Mme gone ga re batle go dirisa kgakololo ya Baebele go gatelela ba bangwe kgotsa go ba kgala. Le rona, re tshwanetse go bontsha motho yo re ithutang Baebele le ene bopelotelele le bopelonomi, fela jaaka Jehofa le ene a ntse mo go rona.—Pes. 103:8.
^ ser. 14 Mme go tweng fa e le gore o gakologelwa dintlha dingwe tsa konokono, mme gone o sa gakologelwe gore di tswa mo bukeng efe, mo kgaolong efe kgotsa mo temaneng efe? Fa o leba mafoko a a tsamaisanang le dintlha tseo mo Watchtower Library kgotsa kwa morago mo Baebeleng ya gago ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha o dirisa kaedi ya mafoko, o ka kgona go bona temana e o e batlang.