Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nonotsha Lenyalo la Gago ka Puisano e e Molemo

Nonotsha Lenyalo la Gago ka Puisano e e Molemo

“Lefoko le le builweng ka nako e e le tshwanetseng le tshwana le diapole tsa gouta mo dilong tse di setilweng tsa selefera.”—DIA. 25:11.

1. Puisano e e molemo e thusitse banyalani jang?

MOKAULENGWE mongwe wa kwa Canada o ne a re: “Ke itumelela go fetsa nako le mosadi wa me go na le go e fetsa le motho ope o sele. Fa ke na le ene, boitumelo jwa me bo a oketsega mme kutlobotlhoko ya me e a fokotsega.” Monna mongwe wa kwa Australia o ne a re: “Mo dingwageng di le 11 tse re di feditseng re le mmogo, ga go letsatsi lepe le le ileng la feta ke sa bua le mosadi wa me. Nna le ene ga re tshwenyege ka gore lenyalo la rona le ka nna la koafala. Lebaka la konokono la go bo go ntse jalo ke ka gonne re buisana ka metlha e bile re bulelana mafatlha.” Kgaitsadi mongwe wa kwa Costa Rica o ne a re: “Puisano e e molemo e nonotshitse lenyalo la rona; e dirile gore re atamalane le Jehofa, e re sireleditse mo dithaelong, e dirile gore re nne seoposengwe ya bo ya dira gore lorato lwa rona lo gole.”

2. Ke dilo dife tse di ka dirang gore go se ka ga nna le puisano e e molemo mo lenyalong?

2 A wena le molekane wa gago lo nna le motlotlo o o itumedisang kgotsa go thata gore lo bulelane mafatlha? Go a utlwala gore ka dinako dingwe go ka tsoga dikgotlhang, ka gonne lenyalo le kopanya batho ba babedi ba ba sa itekanelang ba ba nang le botho jo bo sa tshwaneng, go akaretsa le mekgwa e e bontshang tsela e motho a godisitsweng ka yone kgotsa gore ke wa setso sefe. (Bar. 3:23) Mo godimo ga moo, banyalani ba ka tswa ba na le mekgwa e e farologaneng ya go buisana. Ke gone ka moo batho bangwe ba ba batlisisang ka dikgang tsa lenyalo e bong John M. Gottman le Nan Silver ba neng ba re: “Go tlhokega gore motho a bo a le pelokgale, a ititeile sehuba e bile a na le boitshoko gore a nne le kamano e e nnelang ruri.”

3. Ke eng se se thusitseng banyalani bangwe gore ba nonotshe lenyalo la bone?

3 Eleruri go tlhokega gore batho ba dire ka natla gore ba nne le lenyalo le le atlegileng. Mme gone, go dira jalo go nna le diphelelo tse di itumedisang thata. Banyalani ba ba ratanang  ba ka kgona go tshela mmogo ba itumetse tota. (Mor. 9:9) Akanya ka lenyalo la ga Isake le Rebeka le le neng le na le lorato. (Gen. 24:67) Tota le morago ga go fetsa nako e ntsi e le monna le mosadi, ga go bonale lorato lwa bone lo ile lwa koafala. Go ntse fela jalo le ka banyalani ba le bantsi gompieno. Sephiri sa bone ke eng? Ba ithutile go bulelana mafatlha ka boikanyegi, mme gone ba dira jalo ka bopelonomi, ba leka ka natla go bontsha temogo, lorato, tlotlo e e boteng le boikokobetso. Fela jaaka re tla bona, fa go na le dinonofo tseno tsa botlhokwa mo lenyalong, go tla nna motlhofo gore banyalani ba buisane.

BONTSHA TEMOGO

4, 5. Temogo e ka thusa jang banyalani gore ba tlhaloganyane botoka? Naya dikai.

4 Diane 16:20 ya re: “Yo o bontshang temogo mo kgannyeng o tla bona molemo.” Ruri polelo eo e boammaaruri mo kgannyeng ya lenyalo le botshelo jwa lelapa. (Bala Diane 24:3.) Lefoko la Modimo ke lone le ka re nayang temogo le botlhale. Genesise 2:18, e re bolelela gore Modimo o ne a dira mosadi gore e nne mothusi wa monna e seng gore a tshwane le ene. Seabe sa gagwe se bonala mo tseleng e a buisanang le monna wa gagwe ka yone. Gone ke boammaaruri gore batho ga ba tshwane, mme basadi ba le bantsi ba rata go bua ka maikutlo a bone, ka batho le ka dikamano tsa bone. Ba itumelela puisano e e lorato e e ba letlang gore ba ntshe se se mo mafatlheng, ka gonne seno se ba tlhomamisetsa gore ba a ratiwa. Banna ba le bantsi bone ga ba rate go tlhalosa maikutlo a bone mme gantsi ba bua ka dilo tse ba di dirang, mathata le kafa ba ka a rarabololang ka gone. E bile banna ba rata go tlotliwa.

5 Kgaitsadi mongwe wa kwa Boritane a re: “Monna wa me o rata go itlhaganelela go rarabolola mathata a ke mmolelelang one, go na le gore a ntheetse. Seno se mpetisa pelo fela thata fa se ke se tlhokang e le fela gore mongwe a nkutlwele botlhoko.” Monna mongwe o ne a re: “Fa nna le mosadi wa me e ne e le gone re nyalanang, ke ne ke le bonako go mo naya tharabololo ya bothata bongwe le bongwe jo a mpolelelang jone. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae ke ne ka ithuta gore se tota a se tlhokang ke mongwe yo o ka mo reetsang.” (Dia. 18:13; Jak. 1:19) Monna yo o nang le temogo o akanyetsa maikutlo a mosadi wa gagwe mme o leka go dira dilo ka tsela e e tshwanetseng. Mme gape o tlhomamisetsa mosadi wa gagwe gore o amega ka maikutlo a gagwe le dikakanyo tsa gagwe. (1 Pet. 3:7) Mme mosadi ene o leka go tlhaloganya tsela e monna wa gagwe a lebang dilo ka yone. Fa monna le mosadi ba tlhaloganya seabe sa bone se se tlhalositsweng mo Dikwalong mme ba se anaanela e bile ba se diragatsa, kamano ya bone e nna sengwe se se itumedisang. Mo godimo ga moo, ba kgona go dira mmogo le go dira ditshwetso ka tsela e e botlhale le e e tekatekano.

6, 7. (a) Molaomotheo o o mo go Moreri 3:7 o ka thusa banyalani jang go bontsha temogo? (b) Mosadi a ka bontsha jang temogo, mme monna ene o tshwanetse go leka go dira eng?

6 Banyalani ba ba nang le temogo ba a itse gore go na le “nako ya go didimala le nako ya go bua.” (Mor. 3:1, 7) Kgaitsadi mongwe yo o nang le dingwaga di le lesome a nyetswe a re: “Gone jaanong ke a lemoga gore go na le dinako dingwe tse go sa tshwanelang gore ke tsose kgang nngwe. Fa monna wa me a na le tiro e ntsi kgotsa a na le maikarabelo mangwe, ke fetisa nako go se kae pele ga ke bua dilo dingwe. Seno se felela ka gore re nne le puisano e e molemo.” Basadi ba ba nang le temogo ba bua ka tsela e e molemo, ba lemoga gore lefoko “le le builweng ka nako e e tshwanetseng” le a itumedisa e bile le a anaanelwa.—Bala Diane 25:11.

Go direlana dilo tse dinnye go ka dira gore lenyalo le atlege

7 Monna wa Mokeresete o tshwanetse go diragatsa seabe sa gagwe, e seng fela ka go reetsa se mosadi wa gagwe a se buang mme gape o tshwanetse go leka go ntsha maikutlo a gagwe ka tsela e e utlwalang. Mogolwane yo o nang le dingwaga di le 27 a nyetse a re: “Ke tshwanetse go leka ka natla gore ke bolelele mosadi wa me se se mo pelong ya me.” Mokaulengwe yo o nang le dingwaga di le 24 a nyetse a re: “Ka dinako dingwe ga ke ntshe maikutlo a me, ke akanya gore, ‘Fa ke sa bue ka kgang eno, e tla feta.’ Le fa go ntse jalo, ke lemogile gore go ntsha maikutlo a me ga go kaye gore ke motho yo o bokoa. Fa go le thata gore ke ntshe  maikutlo, ke a rapela gore ke kgone go bua mafoko a a siameng, ka tsela e e siameng. Go tswa foo, ke goga moya ke bo ke simolola go bua.” Sengwe gape se se ka thusang ke nako e e siameng, gongwe ka nako ya fa banyalani ba le bosi ba bala temana ya letsatsi kgotsa ba bala Baebele mmogo.

8. Ke eng gape se se thusitseng banyalani ba Bakeresete gore manyalo a bone a atlege?

8 Sengwe gape sa botlhokwa se monna le mosadi ba tshwanetseng go se dira ke go rapela le go leka ka natla go tokafatsa tsela e ba buisanang ka yone. Boammaaruri ke gore go thata go fetola tsela e motho a tlwaetseng go dira dilo ka yone. Mme fa banyalani ba rata Jehofa, ba kopa moya wa gagwe, e bile ba leba lenyalo la bone le le boitshepo, ba tla nna le sengwe se se ba tlhotlheletsang se batho ba le bantsi ba se nang sone. Mosadi yo o nang le dingwaga di le 26 a nyetswe a re: “Nna le monna wa me re tsaya tsela e Jehofa a lebang lenyalo ka yone masisi, ka jalo ga re ke re akanya ka go kgaogana. Seno se dira gore re dire ka natla gore re rarabolole mathata a rona ka go buisana ka one.” Boikanyegi jo bo ntseng jalo le boineelo jwa bomodimo bo itumedisa Modimo mme bo felela ka masego a mantsi.—Pes. 127:1.

NONOTSHANG LORATO LWA LONA

9, 10. Banyalani ba ka nonotsha lorato lwa bone ka ditsela dife?

9 Lorato, e leng “sebofo se se itekanetseng sa kutlwano,” ke nonofo e e botlhokwa thata mo lenyalong. (Bakol. 3:14) Lorato lwa mmatota lo a gola fa nako e ntse e feta le fa monna le mosadi ba lebana le dinako tse di itumedisang le tse di sa itumediseng ba le mmogo. E nna ditsala tse di atamalaneng thata e bile ba itumelela go nna mmogo. Manyalo a a ntseng jalo ga a nonotshiwe fela ke go direlana dilo dingwe tse dikgolo jaaka go bontshiwa mo metsweding ya tshedimosetso, mme a nonotshiwa ke dilo tse dinnye—go tlamparelana, mafoko a a bontshang bopelonomi, go dira sengwe se se bontshang go akanyetsa yo mongwe, monyenyo o o amang pelo kgotsa go botsa mongwe o re, “letsatsi la gago le ne le ntse jang?” Dilo tseno tse dinnye di ka thusa thata mo lenyalong. Banyalani bangwe ba ba nang le dingwaga di le 19 ba nyalane ba re ba buisana ka mogala mo tsamaong ya letsatsi kgotsa ba romelelana melaetsa “e le fela go bona gore yo mongwe o tlhotse jang.”

10 Lorato le lone lo tlhotlheletsa banyalani gore ba tswelele ba ithutana. (Bafil. 2:4) Fa ba itsane, lorato lwa bone lo tla nonofa le go feta le fa gone ba sa itekanela. Lenyalo le le atlegileng ga le a ema felo go le gongwe mme le a nonofa fa nako e ntse e ya. Ka jalo, fa e le gore o mo lenyalong, ipotse jaana: ‘Ke itse molekane wa me go le kana kang? A ke tlhaloganya tsela e a ikutlwang ka yone ka dilo dingwe le kafa a akanyang ka gone? Ke ga kae ke akanyang ka molekane wa me, gongwe ke akanya ka dinonofo  tsa gagwe tse di dirileng gore ke mo kgatlhegele?’

BONTSHANANG TLOTLO

11. Ke eng fa go le botlhokwa thata gore banyalani ba tlotlane gore lenyalo la bone le atlege? Bontsha.

11 Tota le manyalo a a itumetseng ga se gore ga a na mathata e bile ga se ka metlha banyalani ba ba ratanang ba bonang dilo ka tsela e e tshwanang. Ga se ka metlha Aborahame le Sara ba neng ba dumalana ka sengwe le sengwe. (Gen. 21:9-11) Le fa go ntse jalo, dikgotlhang ga di a ka tsa dira gore ba arogane. Ka ntlha yang? Ba ne ba tshwarana ka seriti e bile ba tlotlana. Ka sekai, Aborahame o ne a raya Sara a re, “tsweetswee.” (Gen. 12:11, 13) Mme Sara ene o ne a ikobela Aborahame a mo tsaya e le “morena” wa gagwe. (Gen. 18:12) Fa banyalani ba sa tlotlane, gantsi seno se bonala mo tseleng e ba buisanang ka yone le segalo sa lentswe. (Dia. 12:18) Fa ba sa rarabolole bothata jwa bone, lenyalo la bone le ka thubega.—Bala Jakobe 3:7-10, 17, 18.

12. Ke ka ntlha yang fa batho ba ba sa tswang go nyalana ba tshwanetse go dira ka natla gore ba buisane ka tlotlo?

12 Batho ba ba sa tswang go nyalana ba tshwanetse go dira ka natla gore ba buisane ka bopelonomi le ka tlotlo, fa ba dira jalo, ba tla buisana ba gololesegile e bile ba sa fitlhe sepe. Monna mongwe o ne a re: “Le fa dingwaga tsa ntlha tsa lenyalo di itumedisa, gape di ka dira gore o ikutlwe o tlhakane tlhogo. Go ithuta tsela e mosadi wa gago a ikutlwang ka yone, tsela e a dirang dilo ka yone le se a se tlhokang—le ene a dira jalo ka wena—go ka nna ga se ka ga nna motlhofo! Le fa go ntse jalo, go ka nna molemo gore lo rarabolole dilo ka tsela e e siameng, lo se ka lwa tsaya sengwe le sengwe masisi mme lo nne le dinonofo tse di nonotshang lenyalo tse di jaaka, boikokobetso, bopelotelele le go ikaega ka Jehofa.” Ruri seno se boammaaruri!

BONTSHA BOIKOKOBETSO JWA MMATOTA

13. Ke eng fa boikokobetso bo le botlhokwa thata gore lenyalo e nne le le itumetseng?

13 Puisano e e molemo mo lenyalong e tshwana le molatswana o o elelang ka iketlo mo tshingwaneng. Go nna “boikokobetso mo mogopolong” go botlhokwa thata gore go nne go na le puisano. (1 Pet. 3:8) Mokaulengwe mongwe yo o nang le dingwaga di le 11 a nyetse a re: “Boikokobetso ke tsela e e bonako ya go rarabolola dikgotlhang ka gonne bo go tlhotlheletsa gore o re, ‘Intshwarele.’” Mogolwane mongwe yo o nang le dingwaga di le 20 a le mo lenyalong le le itumetseng a re: “Ka dinako dingwe mafoko a a reng ‘Intshwarele’ a botlhokwa go feta a a reng ‘Ke a go rata.’” Gape o ne  a re: “Sengwe se se ka go thusang ka bonako gore o nne le boikokobetso ke thapelo. Fa nna le mosadi wa me re rapela Jehofa mmogo, seno se re gopotsa gore re batho ba ba sa itekanelang le gore re tlhoka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo. Seo se nthusa gore ke lebe dilo ka tsela e e tshwanetseng.”

Tswelelang lo buisana sentle mo lenyalong la lona

14. Boikgogomoso bo ka ama lenyalo jang?

14 Boikgogomoso jone bo dira gore go se ka ga nna le kutlwano. Bo kgoreletsa puisano ka gonne bo dira gore batho ba se ka ba batla go kopa maitshwarelo. Motho yo o ikgogomosang o dira diipato go na le gore a bue ka boikokobetso a re, “Ke maswabi; tsweetswee intshwarele.” Go na le gore a amogele phoso ya gagwe, o tshwaya motho yo mongwe phoso. Fa a utlwile botlhoko, go na le gore a batle go dira kagiso, o a kgopisega gongwe e bile a ipusolosetsa ka go bua mafoko a a botlhoko kgotsa o a ngala. (Mor. 7:9) Boikgogomoso bo ka senya lenyalo. Go molemo go gopola gore “Modimo o ganetsa ba ba mabela, mme o naya ba ba boikokobetso bopelonomi jo bo sa ba tshwanelang.”—Jak. 4:6.

15. Tlhalosa kafa molaomotheo o o mo go Baefeso 4:26, 27 o ka thusang banyalani ka gone go lepalepana le mathata a a ka tlhagang mo lenyalong.

15 Boammaaruri ke gore go tla bo go se botlhale gore banyalani ba akanye gore ba ka fitlha boikgogomoso jwa bone. Ba tshwanetse go bo lemoga mme ba baakanye dilo ka bonako. Paulo o ne a raya Bakeresetemmogo le ene a re: “A letsatsi le se ka la phirima lo sa ntse lo galefile, le gone lo se ka lwa naya Diabolo sebaka.” (Baef. 4:26, 27) Fa re sa reetse Lefoko la Modimo, seo se ka felela ka go ngomoga pelo mo go sa tlhokegeng. Kgaitsadi mongwe o ne a bua jaana a utlwile botlhoko: “Ka dinako dingwe nna le monna wa me ga re a ka ra dirisa kgakololo e e mo go Baefeso 4:26, 27. Seo se ne sa felela ka gore go nne le dinako tse ka tsone re neng re sa robale sentle!” Ruri go tla bo go le botoka go ipeela mokgele wa go tlotla ka dilo ka bonako ka boikaelelo jwa go itshwarelana! Boammaaruri ke gore banyalani ba ka nna ba tlhoka nako ya gore ba ritibale maikutlo. Gape go tla bo go le molemo go rapela ba kopa Jehofa gore a ba thuse go nna le mogopolo o o siameng. Seno se akaretsa go nna boikokobetso e leng se se tla go thusang go tlhoma mogopolo mo go se e leng bothata, e seng mo go wena, e se re gongwe wa dira gore maemo a nne maswe le go feta.—Bala Bakolosa 3:12, 13.

16. Boikokobetso bo ka thusa jang banyalani gore ba lebe bokgoni jo ba nang le jone ka tsela e e siameng?

16 Boikokobetso le bonolo bo ka thusa motho yo o leng mo lenyalong gore a tlhome mogopolo mo dilong tse di molemo tse molekane wa gagwe a kgonang go di dira. Ka sekai: Mosadi a ka tswa a na le bokgoni bongwe jo bo ka thusang lelapa. Fa e le gore monna wa gagwe o ikokobeditse e bile o boingotlo, a ka se akanye gore o tshwanetse go gaisa mosadi wa gagwe ka sengwe le sengwe, go na le moo, o tla mo kgothaletsa gore a dirise bokgoni jwa gagwe, mme ka go dira jalo o tla bo a bontsha gore o a mo anaanela e bile o a mo rata. (Dia. 31:10, 28; Baef. 5:28, 29) Mme mosadi yo o boikokobetso le yo o boingotlo ene ga a kitla a ikgantsha ka bokgoni jwa gagwe kgotsa a nyatsa monna wa gagwe. Kana e bile, bobedi jono ke “nama e le nngwe” mme fa yo mongwe a utlwa botlhoko, yo mongwe le ene o utlwa botlhoko.—Math. 19:4, 5.

17. Ke eng se se ka thusang gore manyalo a gompieno e nne a a itumetseng mme a leretse Modimo pako?

17 Ga go pelaelo gore o batla gore lenyalo la gago le tshwane le la ga Aborahame le Sara kgotsa la ga Isake le Rebeka—le le itumetseng, le le nnelang ruri le le le tla leretseng Jehofa pako. Fa o batla gore go nne jalo, tswelela o leba lenyalo ka tsela e Modimo a le lebang ka yone. Batla temogo le botlhale mo Lefokong la gagwe. Lwela go nna le lorato lwa mmatota—“kgabo ya ga Jah”—ka go akanya ka tsela e e bontshang gore o anaanela molekane wa gago. (Sefela 8:6) Dira ka natla gore o nne le boikokobetso. Tlotla molekane wa gago. Fa o dira jalo, lenyalo la gago le tla dira gore o itumele wena mmogo le Rraago yo o kwa legodimong. (Dia. 27:11) Eleruri maikutlo a gago a ka tshwana le a monna mongwe yo o nang le dingwaga tse 27 a nyetse, yo o neng a re: “Ga ke kgone go akanya ke tshela kwantle ga mosadi wa me. Lenyalo la rona le nna le nonofa letsatsi le letsatsi. Seno ke ka gonne re rata Jehofa e bile re buisana ka metlha.”