Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Leloko le Lesha la Setlhopha se se Laolang

Leloko le Lesha la Setlhopha se se Laolang

Ka Laboraro mo mosong, Lwetse 5, 2012 maloko a lelapa la Bethele ya kwa United States le ya kwa Canada a ne a itsisiwe gore go na le leloko le lesha la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Go simolola ka Lwetse 1, 2012, Mark Sanderson o ne a nna leloko la Setlhopha se se Laolang.

Mokaulengwe Sanderson o goletse kwa San Diego, California kwa U.S.A., a godisiwa ke batsadi ba Bakeresete, mme o ne a kolobediwa ka Tlhakole 9, 1975. O ne a simolola go nna mmulatsela kwa Saskatchewan, kwa Canada, ka Lwetse 1, 1983. Ka Sedimonthole 1990, o ne a aloga mo tlelaseng ya bosupa ya Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi (se gone jaanong se bidiwang Sekolo sa Baebele sa Bakaulengwe Ba ba Sa Nyalang) kwa United States. Mokaulengwe Sanderson o ne a tlhomiwa go direla e le mmulatsela yo o kgethegileng kwa setlhaketlhakeng sa Newfoundland, kwa Canada, ka Moranang 1991. Fa a sena go direla e le mothusi wa molebedi wa potologo, o ne a kopiwa go ya go direla kwa Bethele ya kwa Canada ka Tlhakole 1997. Ka Ngwanatsele 2000, o ne a isiwa kwa lekaleng la kwa United States, kwa a neng a direla gone mo Lefapheng la Tirelo ya Tshedimosetso ka ga Dikokelo mme moragonyana a direla mo Lefapheng la Tirelo.

Ka Lwetse 2008, Mokaulengwe Sanderson o ne a nna gone mo Sekolong sa Maloko a Komiti ya Lekala mme morago ga foo o ne a tlhomiwa go nna leloko la Komiti ya Lekala kwa Philippines. Ka Lwetse 2010, o ne a kopiwa go boela kwa United States, kwa a neng a direla gone e le mothusi mo Komiting ya Tirelo ya Setlhopha se se Laolang.