TORA YA TEBELO—MAKASINE O O ITHUTIWANG November 2013

Re ka bontsha jang gore re anaanela bopelotelele jwa Modimo fa re ntse re letetse gore Jehofa a tseye kgato kgatlhanong le tsamaiso eno e e boikepo? Gompieno Jehofa le Jesu ba disa jang letsomane la bone la mo lefatsheng?

“Lo Nne lo Thantse Malebana le Dithapelo”

Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go rapela ka metlha? Ke mang yo o solegelwang molemo fa o rapelela ba bangwe?

Kafa re ka Thusang ba Bangwe ka Gone ka Dilo Tse ba di Tlhokang

Ithute kafa meneelo ya tiro ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa, e thusang ka gone batho ba bangwe ka se ba se tlhokang le ka dilo tsa semoya.

Re ka Tswelela Jang Re na Le “Boikutlo Jwa go Leta”?

Ke ditiragalo dife tse di tla bontshang bokhutlo jwa go letela gore Jehofa a tseye kgato kgatlhanong le tsamaiso eno e e boikepo? Re ka bontsha jang gore re anaanela bopelotelele jwa Modimo?

PEGO YA BOTSHELO

Go Direla Modimo ke Molemo wa Gagwe!

Onesmus o ne a tsholwa a na le osteogenesis imperfecta kgotsa bolwetse jwa marapo a a bokoa. Ditsholofetso tsa Modimo tse di mo Baebeleng di mo kgothaditse jang?

Badisa ba le Supa, Dikgosana di le Robedi—Se di Se Kayang mo go Rona Gompieno

Hesekia, Isaia, Mika le dikgosana tsa Jerusalema ba ne ba nna badisa ba ba molemo jang? Ke bomang ba ba emelang badisa ba le supa le dikgosana di le robedi gompieno?

Ikobele Badisa ba ga Jehofa

Bagolwane ba Bakeresete ba tlhomilwe ka moya o o boitshepo gore ba dise dinku tsa Modimo. Ke eng fa dinku di tshwanetse go ba reetsa?

Badisa, Etsang Badisa ba Bagolo

Fa mongwe mo phuthegong a tlhoka thuso ya semoya, bagolwane ba ka mo thusa jang? Bagolwane ba ka etsa jang “modisa yo mogolo” e bong Jesu Keresete?

GO TSWA MO MABOLOKELONG A RONA

“Ke ne Ke Tshwana le Khudu E e Mo Logapeng”

Go ela kwa bokhutlong jwa 1929, go phutlhama ga ditlhwatlhwa mo lefatsheng lotlhe go ne ga baka Kwelotlase e Kgolo ya Ikonomi. Bareri ba nako e e tletseng ba ne ba kgona jang go itlamela mo maemong ao a a thata?