Itumelele Lenyalo la Kwana!
“A re itumeleng re bo re ipeleng go feta selekanyo . . . ka gonne lenyalo la Kwana le gorogile.”—TSHEN. 19:7.
1, 2. (a) Ke lenyalo la ga mang le le tla dirang gore go nne le boitumelo kwa legodimong? (b) Go tsoga dipotso dife?
KA METLHA go tsaya nako go baakanyetsa lenyalo. Le fa go ntse jalo, re tla tlhoma mogopolo mo lenyalong le le kgethegileng thata—lenyalo la segosi. Akanya fela! Go tsere dingwaga di ka nna 2 000 le ntse le baakanyediwa. Jaanong nako ya gore monyadi a kopanngwe le monyadiwa wa gagwe e atamela ka bofefo. Go ise go ye kae, go tla opelwa mmino o o itumedisang mo ntlong ya Kgosi, mme boidiidi jwa dibopiwa tse di kwa legodimong bo tla opela jaana: “Bakang Jah, lona batho, ka gonne Jehofa Modimo wa rona, Mothatayotlhe, o simolotse go busa e le kgosi. A re itumeleng re bo re ipeleng go feta selekanyo, mme a re mo neyeng kgalalelo, ka gonne lenyalo la Kwana le gorogile le mosadi wa gagwe o ipaakantse.”—Tshen. 19:6, 7.
2 “Kwana” yo lenyalo la gagwe le tla dirang gore go nne le boitumelo kwa legodimong, ke Jesu Keresete. (Joh. 1:29) O apere eng? Monyadiwa wa gagwe ke mang? Monyadiwa yono o ipaakanyeditse lenyalo jang? Lenyalo la bone le tla nna leng? Lenyalo leno le tla dira gore go nne le boitumelo kwa legodimong, mme gone a batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng le bone ba tla itumela? Re tla sekaseka dipotso tseno ka tlhoafalo e kgolo fa re ntse re tlotla ka Pesalema ya 45.
DIAPARO TSA GAGWE DI NKGA MONATE
3, 4. (a) Mopesalema a reng ka diaparo tsa Monyadi tsa lenyalo, mme ke eng se se oketsang boitumelo jwa gagwe? (b) “Bomorwadia dikgosi” le ‘balekane ba kgosi’ ba ba itumetseng le Monyadi ke bomang?
3 Bala Pesalema 45:8, 9. Monyadi, e bong Jesu Keresete, o apara diaparo tsa gagwe tsa lenyalo tsa segosi tse di galalelang. Diaparo tsa gagwe di nkga monate jaaka “dinkgisamonate tsa boleng jo bo kwa godimo,” tse di jaaka mera le kasia, tse e neng e le dingwe tsa dinkgisamonate tse di neng di dirisiwa mo lookwaneng le le boitshepo la go tlotsa kwa Iseraele.—Ekes. 30:23-25.
4 Mmino wa kwa legodimong o o utlwalang mo ntlong ya segosi, o oketsa boitumelo jo Monyadi a nang le jone fa lenyalo la gagwe le ntse le atamela. ‘Balekane ba kgosi’ ba e leng karolo e e kwa legodimong ya phuthego ya Modimo e e akaretsang “bomorwadia dikgosi” e bong baengele ba ba boitshepo, le bone ba itumetse. A bo go itumedisa jang ne go utlwa mantswe a dibopiwa tsa kwa legodimong di bua jaana: “A re itumeleng re bo re ipeleng go feta selekanyo . . . ka gonne lenyalo la Kwana le gorogile”!
MONYADIWA O IPAAKANYEDITSE LENYALO
5. “Mosadi wa ga Kwana” ke mang?
5 Bala Pesalema 45:10, 11. Re setse re bone gore monyadi ke mang, mme gone monyadiwa ene ke mang? Ga se motho wa mmatota, go na le moo, o emela phuthego ya batlodiwa ba ba eteletsweng pele ke Jesu Keresete. (Bala Baefeso 5:23, 24.) Ba tla nna karolo ya Bogosi jwa ga Keresete jwa Bomesia. (Luke 12:32) Bakeresete bano ba ba 144 000 ba ba tloditsweng ka moya, “ba nna ba sala Kwana morago go sa kgathalesege gore o ya kae.” (Tshen. 14:1-4) Ba tla nna “mosadi wa ga Kwana,” mme ba tla nna le ene kwa legaeng la gagwe kwa legodimong.—Tshen. 21:9; Joh. 14:2, 3.
6. Ke eng fa batlodiwa ba bidiwa “morwadia kgosi,” mme ke ka ntlha yang fa ba bolelelwa gore ba ‘lebale batho ba gaabo bone’?
6 Monyadiwa ga a bidiwe “morwadi” fela, gape o bidiwa “morwadia kgosi.” (Pes. 45:13) “Kgosi” eno ke mang? Bakeresete ba ba tloditsweng ba a tsewa gore e nne “bana” ba ga Jehofa. (Bar. 8:15-17) E re ka batlodiwa e tla nna monyadiwa wa kwa legodimong, ba bolelelwa jaana: “O lebale batho ba gaeno le ntlo ya ga rrago.” Ba tshwanetse go nna ba akantse ka ‘dilo tse di kwa godimo e seng ka dilo tse di mo lefatsheng.’—Bakol. 3:1-4.
7. (a) Keresete o ntse a baakanyetsa jang monyadiwa wa gagwe wa mo isagweng? (b) Monyadiwa o leba jang Monyadi wa gagwe wa mo isagweng?
7 Go ralala makgolokgolo a dingwaga, Keresete o ntse a baakanyetsa monyadiwa wa gagwe lenyalo kwa legodimong. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore Keresete o ne a “rata phuthego a ba a ineela ka ntlha ya yone, gore a tle a e itshepise, a e ntlafatsa ka metsi a a tlhatswang, ka lefoko, gore a tle a tlhagise phuthego kwa go ene ka boene e le mo bontlentleng jwa yone, e se na selabe kgotsa letsutsuba kgotsa sepe sa dilo tse di ntseng jalo, fa e se gore e tle e nne boitshepo e bile e se na molato.” (Baef. 5:25-27) Paulo o ne a bolelela Bakeresete ba ba tloditsweng ba kwa Korintha wa bogologolo jaana: “Ke fufega ka lona ka lefufa la bomodimo, gonne nna ka namana ke ne ka lo solofetsa go nyalwa ke monna a le mongwe gore ke tle ke lo ise lo le kgarebane e e itshekileng kwa go Keresete.” (2 Bakor. 11:2) Monyadi e bong Kgosi Jesu Keresete, o anaanela “bontle” jwa semoya jwa monyadiwa wa gagwe wa mo isagweng. Mme monyadiwa o mo tsaya e le “morena” wa gagwe, e bile o a mo ‘ikobela’ e re ka e le monna wa gagwe wa mo isagweng.
MONYADIWA O “TLISIWA KWA KGOSING”
8. Ke eng fa go tshwanela go bo monyadiwa a tlhalosiwa a “galalela”?
8 Bala Pesalema 45:13, 14a. Monyadiwa o tlhalosiwa a apere diaparo tse dintle tsa lenyalo la segosi. Mo go Tshenolo 21:2, monyadiwa o tshwantshanngwa le motse, e leng Jerusalema o Mosha, e bile o “kgabiseditswe monna wa gagwe.” Motse ono wa selegodimo o na le “kgalalelo ya Modimo” mme o phatsima go “tshwana le leje le le tlhokegang thata go a gaisa otlhe, jaaka leje la jasepere le phatsima mo le galalelang jaaka legweka.” (Tshen. 21:10, 11) Kgalalelo ya Jerusalema yo Mosha e tlhalosiwa bontle mo bukeng ya Tshenolo. (Tshen. 21:18-21) Ga go gakgamatse go bo mopesalema a tlhalosa monyadiwa a “galalela”! Kana e bile, lenyalo la segosi le kwa legodimong.
9. ‘Kgosi’ e monyadiwa a tlisiwang kwa go yone ke mang, mme monyadiwa o apere jang?
9 Monyadiwa o tlisiwa kwa go Monyadi wa gagwe—Kgosi ya Bomesia. O ntse a mmaakanya ‘a mo ntlafatsa ka metsi a a tlhatswang ka lefoko.’ O “boitshepo e bile ga a na molato.” (Baef. 5:26, 27) Monyadiwa wa gagwe le ene o tshwanetse go apara ka tsela e e tshwanelang tiragalo eno. Mme ruri o apere ka tsela eo! “Diaparo tsa gagwe di kgabisitswe ka gouta,” mme “o tla tlisiwa kwa kgosing a apere diaparo tse di logilweng.” Kwa lenyalong la Kwana, “o neilwe gore a apare leloba le le phatsimang, le le phepa, le le boleta, gonne leloba le le boleta le emela ditiro tse di siameng tsa baitshepi.”—Tshen. 19:8.
NAKO YA ‘LENYALO E GOROGILE’
10. Lenyalo la Kwana le tla nna leng?
10 Bala Tshenolo 19:7. Lenyalo la Kwana le tla nna leng? Le fa ‘mosadi wa gagwe a ipaakanyeditse’ lenyalo, se se umakiwang morago ga foo ga se tlhalose lenyalo la mmatota. Go na le moo, se tlhalosa se se tla diragalang mo karolong ya bofelo ya pitlagano e kgolo. (Tshen. 19:11-21) A seno se raya gore lenyalo le direga pele ga gore Monyadi e leng Kgosi, a wetse phenyo ya gagwe? Nnyaa. Diponatshegelo tse di mo bukeng ya Tshenolo ga di a kwadiwa ka tatelano ya tsone. Mo Pesalemeng ya bo45, lenyalo la segosi le nna gone morago ga gore Kgosi, Jesu Keresete a gatlhe tšhaka ya gagwe mme a ‘tswelele a atlega’ go fenya baba ba gagwe.—Pes. 45:3, 4.
11. Ditiragalo tsa fa Keresete a tla bo a wetsa phenyo ya gagwe di tla latelana jang?
11 Ka jalo, re ka swetsa ka gore ditiragalo di tla latelana jaana: Ya ntlha, “seaka se segolo” se se emelang Babelona yo Mogolo, e leng mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka, se tla atlholwa. (Tshen. 17:1, 5, 16, 17; 19:1, 2) Go tswa foo, Keresete o tla diragatsa katlholo ya Modimo ka go senya tsamaiso yotlhe e e boikepo ya ga Satane e e mo lefatsheng ka Haramagedona, ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.’ (Tshen. 16:14-16; 19:19-21) Kgabagare, Kgosi ya Motlhabani e tla wetsa phenyo ya yone ka go latlhela Satane le madimona a gagwe mo moleteng o o se nang bolekanngo, a dira gore ba nne mo boemong jwa go sa dire sepe jo bo tshwanang le loso.—Tshen. 20:1-3.
12, 13. (a) Lenyalo la Kwana le tla nna leng? (b) Ke bomang ba ba tla itumelelang lenyalo la Kwana kwa legodimong?
12 Fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba wetsa botshelo jwa bone mo lefatsheng ka nako ya go nna gone ga ga Keresete, ba tsosediwa go tshela kwa legodimong. Nako nngwe morago ga go senngwa ga Babelona yo Mogolo, Jesu o tla phuthela maloko a a setseng a setlhopha sa monyadiwa kwa go ene. (1 Bathes. 4:16, 17) Ka jalo, pele ga ntwa ya Haramagedona e simolola, maloko otlhe a “monyadiwa” a tla bo a le kwa legodimong. Morago ga ntwa eo, go tla nna le lenyalo la Kwana. Ruri lenyalo leo e tla nna tiragalo e e itumedisang tota! Tshenolo 19:9 ya re: “Go itumela ba ba laleditsweng kwa dijong tsa maitseboa tsa lenyalo la Kwana.” Ga go pelaelo gore ba ba 144 000 ba setlhopha sa monyadiwa ba tla itumela. Mme Monyadi e leng Kgosi o tla itumela thata go nna le palo e e feletseng ya babusimmogo le ene, ba ‘ja le go nwa fa tafoleng ya gagwe mo Bogosing jwa gagwe’ ka tsela ya tshwantshetso. (Luke 22:18, 28-30) Le fa go ntse jalo, Monyadi le monyadiwa ga se bone fela ba ba tla itumelelang lenyalo la Kwana.
13 Jaaka re bone pelenyana, boidiidi jwa dibopiwa tse di kwa legodimong di tla opela jaana di le seoposengwe: “A re itumeleng re bo re ipeleng go feta selekanyo, mme a re . . . neyeng [Jehofa] kgalalelo, ka gonne lenyalo la Kwana le gorogile le mosadi wa gagwe o ipaakantse.” (Tshen. 19:6, 7) Ka jalo, go tweng ka batlhanka ba ga Jehofa ba mo lefatsheng? A le bone ba tla ipela jalo?
“BA TLA TLISIWA KA GO IPELA”
14. Jaaka go tlhalositswe mo go Pesalema 45, balekane ba monyadi ba “makgarebane” ke bomang?
14 Bala Pesalema 45:12, 14b, 15. Moporofeti Sekaria o ne a bolelela pele gore mo motlheng wa bofelo, batho ba ditšhaba ba tla itumelela go ikamanya le masalela a Iseraele wa semoya. O ne a kwala jaana: “Mo metlheng eo . . . batho ba le lesome ba ba tswang mo dipuong tsotlhe tsa ditšhaba ba tla tshwara, ee, ba tla tshwara ntlha ya seaparo sa monna yo e leng Mojuda, ba re: ‘Re tla tsamaya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.’” (Seka. 8:23) Mo go Pesalema 45:12 “batho [bano] ba ba lesome” ba tshwantshetso, ba tlhalosiwa e le “morwadia Ture” le “bahumi mo bathong.” Ba tlisetsa masalela a batlodiwa dimpho, ba batla gore ba ba direle molemo le go ba thusa ka dilo tsa semoya. Fa e sa le ka 1935, dimilionemilione tsa batho di ile tsa letla gore masalela a ba ‘tlise kwa tshiamong.’ (Dan. 12:3) Ditsala tseno tse di ikanyegang tsa Bakeresete ba batlodiwa di ile tsa tshela matshelo a a phepa, tsa nna makgarebane a semoya. Balekane ba monyadi ba “makgarebane” ba ineetse mo go Jehofa mme ba itshupile e le babusiwa ba ba ikanyegang ba Monyadi e leng Kgosi.
15. “Makgarebane” a ile a dira mmogo le ba setlhopha sa monyadiwa ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng jang?
15 Masalela a setlhopha sa monyadiwa a itumelela thata go bo “makgarebane” ano a ile a ba thusa ka tlhagafalo mo tirong ya go rera “dikgang tse di molemo tseno tsa Bogosi” mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni. (Math. 24:14) Ga se fela gore “moya le monyadiwa ba nna ba re: ‘Tla!’” mme le ba ba utlwang ba re, “Tla!” (Tshen. 22:17) Eleruri, ba “dinku tse dingwe” ba ne ba utlwa maloko a a tloditsweng a setlhopha sa monyadiwa a re “Tla!” mme le bone ba kopanela le monyadiwa go bolelela baagi ba lefatshe ba re “Tla!”—Joh. 10:16.
16. Jehofa o neile ba dinku tse dingwe tshiamelo efe?
16 Masalela a batlodiwa a rata badirimmogo le bone mme a itumelela go itse gore Rraagwe Monyadi, e bong Jehofa o neile dinku tseno tse dingwe tse di mo lefatsheng tshiamelo ya gore le bone ba itumelele lenyalo la Kwana le le kwa legodimong. Go ne ga bolelelwa pele gore balekane bano ba “makgarebane” ba tla “tlisiwa ka go ipela le boipelo.” Ee ruri, dinku tse dingwe tse di nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng di tla nna le seabe mo boitumelong jwa lobopo lotlhe, fa Kwana e nyala kwa legodimong. Go a tshwanela go bo buka ya Tshenolo e tlhalosa maloko a “boidiidi jo bogolo” a “eme fa pele ga setulo sa bogosi le fa pele ga Kwana.” Ba direla Jehofa tirelo e e boitshepo, mo lolwapeng lwa mo lefatsheng lwa tempele ya gagwe ya semoya.—Tshen. 7:9, 15.
“MO BOEMONG JWA BORRAGOMOGOLOGOLWANE GO TLA NNA LE BOMORWAO”
17, 18. Lenyalo la Kwana le tlisa ditshegofatso ka tsela efe, mme Keresete o tla nna rre wa bomang mo Pusong ya gagwe ya Dingwaga di le Sekete?
17 Bala Pesalema 45:16. Balekane ba monyadiwa wa ga Keresete ba “makgarebane” ba tla nna le lebaka le lengwe la go itumela fa ba bona lenyalo le tlisa ditshegofatso mo lefatsheng le lesha. Monyadi e leng Kgosi, o tla tsosa ‘borragwemogologolwane’ ba mo lefatsheng ba e tla nnang ‘bomorwawe’ ba mo lefatsheng. (Joh. 5:25-29; Baheb. 11:35) Mo gare ga bone, o tla tlhopha “dikgosana mo lefatsheng lotlhe.” Ga go pelaelo gore Keresete o tla tlhopha ba bangwe mo gare ga bagolwane ba ba ikanyegang ba gompieno, gore ba etelele pele mo lefatsheng le lesha.—Isa. 32:1.
18 Ka nako ya Puso ya Dingwaga di le Sekete, Keresete o tla nna rre wa ba bangwe gape. Tota e bile, baagi botlhe ba lefatshe ba ba tla amogelang botshelo jo bo sa khutleng ba tla bo amogela fa ba bontsha tumelo mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu. (Joh. 3:16) Ka jalo, o tla nna “Rara [wa bone] wa Bosakhutleng.”—Isa. 9:6, 7.
O TLHOTLHELETSEGA GO ‘UMAKA LEINA LA GAGWE’
19, 20. Ditiragalo tse di kgatlhang tse di umakilweng mo go Pesalema 45 di ama jang Bakeresete botlhe ba boammaaruri gompieno?
19 Bala Pesalema 45:1, 17. Eleruri, ditiragalo tse di kwadilweng mo go Pesalema 45, di ama Bakeresete botlhe. Masalela a batlodiwa a mo lefatsheng a itumelela tsholofelo ya gore go ise go ye kae ba tla kopanngwa le bomorwarraabone le Monyadi wa bone kwa legodimong. Ba dinku tse dingwe le bone ba tlhotlheletsega thata go ikobela Kgosi ya bone e e galalelang mme ba itumelela tshiamelo ya go amana le ba ba setseng mo lefatsheng ba monyadiwa wa Kgosi. Morago ga lenyalo, Keresete le babusimmogo le ene ba Bogosi ba tla naya baagi ba mo lefatsheng masego a mantsi.—Tshen. 7:17; 21:1-4.
20 Fa re ntse re lebile pele go bona go diragadiwa ga “kgang e e monate” e e malebana le Kgosi ya Bomesia, a ga re tlhotlheletsege go ‘umaka leina la gagwe’? E kete re ka nna bangwe ba batho ba ba tla ‘bakang Kgosi ka bosakhutleng le ka bosaengkae.’