Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nna le Tumelo E e Sa Reketleng mo Bogosing

Nna le Tumelo E e Sa Reketleng mo Bogosing

“Tumelo ke go lebelela ka tlhomamisego dilo tse di solofetsweng.”—BAHEB. 11:1.

1, 2. Ke eng se se tla re tlhatswang pelo le go feta gore Bogosi bo tla diragatsa boikaelelo jwa Modimo ka batho, mme ka ntlha yang? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

GANTSI rona Basupi ba ga Jehofa re bolelela batho gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela bo tla rarabololang mathata otlhe a rona, mme re ba itsise boammaaruri jono jwa botlhokwa jwa Dikwalo ka tlhoafalo. Gape re gomodiwa thata ke tsholofelo e Bogosi jono bo re nayang yone. Mme gone, re tlhatswegile pelo go le kana kang gore Bogosi jono ke jwa mmatota e bile bo tla diragatsa se bo se ikaeletseng? Re na le mabaka afe a go nna le tumelo e e sa reketleng mo Bogosing jono?—Baheb. 11:1.

2 Bogosi jwa ga Mesia ke thulaganyo e e dirilweng ke Mothatayotlhe ka boene go diragatsa se a neng a se ikaeletse malebana le popo ya gagwe. Bogosi jono bo theilwe mo motheong o o sa reketleng—tshwanelo e e feletseng ya ga Jehofa ya go busa. Dikarolo tsa botlhokwa tsa Bogosi—kgosi ya jone, babusimmogo le ene, babusiwa ba puso ya bone—tsotlhe di tlhomilwe go ya kafa molaong ka ditumalano kgotsa dithulaganyo tsa semolao tse di dirilweng ke Modimo kgotsa Morwawe e bong Jesu Keresete. Go sekaseka dikgolagano tseno go tla re thusa go tlhaloganya botoka kafa boikaelelo jwa Modimo bo tla diragadiwang ka gone e bile go tla re  thusa go bona kafa thulaganyo eno e tlhomameng ka gone.—Bala Baefeso 2:12.

3. Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno le se se latelang?

3 Baebele e umaka dikgolagano tsa botlhokwa di le thataro tse di tsamaisanang le Bogosi jo bo eteletsweng pele ke Keresete Jesu Mesia. Tsone ke (1) kgolagano ya ga Aborahame, (2) kgolagano ya Molao, (3) kgolagano ya ga Dafide, (4) kgolagano ya moperesiti yo o tshwanang le Melekisedeke, (5) kgolagano e ntšha le (6) kgolagano ya Bogosi. A re sekasekeng kafa kgolagano nngwe le nngwe e amanang ka teng le Bogosi le kafa e thusang ka teng go diragatsa boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe le batho.—Bona tšhate e e reng “ Kafa Modimo a Tla Diragatsang Boikaelelo Jwa Gagwe ka Gone.”

TSHOLOFETSO E SENOLA KAFA BOIKAELELO JWA MODIMO BO TLA DIRAGADIWANG KA GONE

4. Jaaka go boletswe mo go Genesise, Jehofa o ne a ntsha melawana efe e e amang batho?

4 Fa Jehofa a sena go baakanyetsa batho polanete e ntle gore ba nne mo go yone, o ne a ntsha melawana e meraro e e amang batho: Modimo wa rona o ne a tla bopa batho mo setshwanong sa gagwe, batho ba ne ba tla dira gore lefatshe lotlhe e nne Paradaise le gore le tlale ka batho ba ba siameng mme batho ba ne ba thibetswe go ja mo setlhareng sa kitso ya molemo le bosula. (Gen. 1:26, 28; 2:16, 17) Go ne go sa tlhokege sepe se sengwe. Fa motho a sena go bopiwa, go ne go tlhokega fela gore a ikobele melawana e mengwe e mebedi gore boikaelelo jwa Modimo bo diragadiwe. Mme go tlile jang gore go tlhokege gore go dirwe dikgolagano?

5, 6. (a) Satane o ne a leka jang go kgoreletsa boikaelelo jwa Modimo? (b) Jehofa o ne a tsibogela jang kgwetlho e Satane a e simolotseng kwa Edene?

5 Satane Diabolo o ne a leka go kgoreletsa boikaelelo jwa Modimo ka go simolola botsuolodi. O ne a dira seo ka go raela mosadi wa ntlha e bong Efa gore a se ka a ikobela thibelo e e malebana le go ja mo setlhareng sa kitso ya molemo le bosula. (Gen. 3:1-5; Tshen. 12:9) Ka go dira jalo, Satane o ne a ganetsa tshwanelo ya Modimo ya go busa dibopiwa tsa Gagwe. Moragonyana Satane o ne a re batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba mo direla ka ntlha ya bopelotshetlha.—Jobe 1:9-11; 2:4, 5.

6 Jehofa o ne a tla tsibogela jang kgwetlho e Satane a e simolotseng kwa Edene? Ruri go fedisa batsuolodi bano go ne go tla fedisa botsuolodi jwa bone. Mme gape go ne go tla kaya gore boikaelelo jo Modimo a neng a bo buile jwa gore lefatshe le tlale ka ditlogolwana tse di kutlo tsa ga Adame le Efa, bo ne bo ka se diragadiwe. Mo boemong jwa go fedisa batsuolodi bano gone fela foo, Mmopi yo o botlhale o ne a tsibogela seo ka go bua boporofeti jwa botlhokwa—tsholofetso ya kwa Edene—go tlhomamisa gore lefoko lengwe le lengwe la gagwe le ne le tla diragadiwa.—Bala Genesise 3:15.

7. Tsholofetso ya kwa Edene e re tlhomamisetsa eng ka ga noga le losika lwa yone?

7 Jehofa o ne a dirisa tsholofetso ya kwa Edene go atlhola noga le losika lwa yone, ke gore, Satane Diabolo le botlhe ba ba neng ba tla mo ema nokeng mo kgannyeng ya tshwanelo ya Modimo ya go busa. Modimo wa boammaaruri o ne a naya losika lwa mosadi wa gagwe yo o kwa legodimong maatla a go senya Satane. Ka jalo, tsholofetso ya kwa Edene e ne e sa gatelele fela gore mosimolodi wa botsuolodi jwa kwa tshimong ya kwa Edene o ne a tla fedisiwa mmogo le diphelelo tsotlhe tse di bosula tsa se a se dirileng mme gape e bontsha gore go ne go tla dirisiwa eng go diragatsa seo.

8. Re ithuta eng ka kgang ya gore mosadi le losika lwa gagwe ke bomang?

8 Losika lwa mosadi e ne e tla nna mang? E re ka losika lo tla gataka tlhogo ya noga,  ke go re, ‘lo tla nyeletsa’ sebopiwa sa semoya e bong Satane Diabolo, losika loo e tshwanetse ya bo e le sebopiwa sa semoya. (Baheb. 2:14) Ka jalo, mosadi yo o tsholang losika, le ene e tshwanetse ya bo e le wa semoya. Fa losika lwa noga lo ntse lo ata ka bonako, kgang ya gore losika le mosadi ke bomang e ile ya nna e le masaitseweng ka dingwaga di ka nna 4 000 morago ga gore Jehofa a dire tsholofetso ya kwa Edene. Mo nakong eo, Jehofa o ne a dira dikgolagano di le mmalwa tse di bontshang gore losika ke mang e bile di tlhomamisetsa batlhanka ba Gagwe gore o tla dirisa losika go dirolola masetlapelo a Satane a neng a a tliseditse batho.

KGOLAGANO E SENOLA LOSIKA

9. Kgolagano ya ga Aborahame ke eng, mme e ne ya simolola go dira leng?

9 Dingwaga di ka nna 2 000 morago ga gore Jehofa a atlhole Satane, Modimo o ne a laela tlhogo ya lotso e bong Aborahame gore a tloge kwa legaeng la gagwe kwa Ure kwa Mesopotamia mme a ye kwa lefatsheng la Kanana. (Dit. 7:2, 3) Jehofa o ne a mo raya a re: “Tswa mo nageng ya gaeno le mo go ba losika lwa gago le mo ntlong ya ga rraago o ye kwa nageng e ke tla e go bontshang; mme ke tla dira setšhaba se segolo ka wena e bile ke tla go segofatsa mme ke tla dira gore leina la gago le nne legolo; ke bo ke go supa o le tshegofatso. Ke tla segofatsa ba ba go segofatsang, mme yo o go hutsang ke tla mo hutsa, mme malapa otlhe a lefatshe ruri a tla itshegofatsa ka wena.” (Gen. 12:1-3) Eno ke yone pego ya ntlhantlha e e kwadilweng ka kgolagano ya ga Aborahame—kgolagano e Jehofa Modimo a neng a e dira le Aborahame. Ga go itsiwe gore tota ke leng Jehofa a neng a dira kgolagano le Aborahame lekgetlo la ntlha. Le fa go ntse jalo, e ne ya simolola go dira ka 1943 B.C.E., fa Aborahame wa dingwaga di le 75 a ne a tswa kwa Harana a bo a kgabaganya Noka ya Euferatese.

10. (a) Aborahame o ne a bontsha jang gore tumelo ya gagwe ga e reketle mo ditsholofetsong tsa Modimo? (b) Ke dintlha dife tse Jehofa a ileng a di senola ka iketlo malebana le losika lwa mosadi?

 10 Jehofa o ne a boeletsa ka makgetlo a le mmalwa tsholofetso e a neng a e solofeditse Aborahame, nako le nako a tsenya dintlha tse di oketsegileng mo go yone. (Gen. 13:15-17; 17:1-8, 16) Mme fa Aborahame a ne a bontsha gore tumelo ya gagwe mo ditsholofetsong tsa Modimo ga e reketle ka go iketleeletsa go ntsha morwawe yo o esi setlhabelo, Jehofa o ne a nonotsha kgolagano eo ka tsholofetso e e ka se fetogeng. (Bala Genesise 22:15-18; Bahebera 11:17, 18.) Fa kgolagano ya ga Aborahame e sena go simolola go dira, Jehofa o ne a senola ka iketlo dintlha tsa botlhokwa tse di malebana le losika lwa mosadi. Losika lo ne lo tla tswa mo go Aborahame, lo ne lo tla nna lontsi ka palo, lo ne lo tla busa, lo ne lo tla fedisa baba botlhe e bile lo ne lo tla leretse batho ba bangwe ba le bantsi masego.

Aborahame o ne a bontsha gore tumelo ya gagwe e ne e sa reketle mo ditsholofetsong tsa Modimo (Bona serapa 10)

11, 12. Dikwalo di bontsha jang gore kgolagano ya ga Aborahame e tla diragadiwa ka tsela e kgolwane, mme seo se re ama jang?

11 Le fa kgolagano ya ga Aborahame e ne ya diragadiwa ka tsela ya mmatota mo ditlogolwaneng tsa ga Aborahame fa di ne di newa boswa jwa Lefatshe le le Solofeditsweng, Dikwalo di bontsha gore dintlha tsa kgolagano eo di diragadiwa le ka tsela ya semoya. (Bagal. 4:22-25) Mo tiragatsong eno e kgolwane, fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a tlhotlhelediwa gore a tlhalose, karolo ya konokono ya losika lwa ga Aborahame ke Keresete mme karolo ya bobedi ke Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya ba ba 144 000. (Bagal. 3:16, 29; Tshen. 5:9, 10; 14:1, 4) Mosadi yo o tsholang losika ke “Jerusalema o o kwa godimo”—karolo e e kwa legodimong ya phuthego ya Modimo, e leng dibopiwa tse di ikanyegang tsa semoya. (Bagal. 4:26, 31) Fela jaaka kgolagano ya ga Aborahame e solofeditse, losika lwa mosadi lo ne lo tla leretse batho masego.

12 Kgolagano ya ga Aborahame e tlhomamisa gore Bogosi jwa kwa legodimong bo tla nna gone e bile e dira gore Kgosi le babusimmogo le yone ba rue Bogosi joo. (Baheb. 6:13-18) Kgolagano eno e tla tswelela e dira ka lobaka lo lo kana kang? Genesise 17:7 ya re ke “kgolagano ka bosakhutleng.” E tla tswelela e dira go fitlha Bogosi jwa ga Mesia bo fedisa baba ba Modimo mme malapa otlhe mo lefatsheng a segofaditswe. (1 Bakor. 15:23-26) Tota e bile, ba ba tla tshelang mo lefatsheng ba tla solegelwa molemo ka bosakhutleng. Kgolagano e Modimo a e dirileng le Aborahame e bontsha gore Jehofa o ikemiseditse go diragatsa boikaelelo jwa gagwe jwa gore batho ba ba siameng ba “tlatse lefatshe”!—Gen. 1:28.

KGOLAGANO E E TLHOMAMISANG GORE BOGOSI BO TLA NNELA RURI

13, 14. Kgolagano ya ga Dafide e re tlhomamisetsa eng malebana le puso ya ga Mesia?

13 Tsholofetso ya kwa Edene le kgolagano ya ga Aborahame di tlhomamisa ntlha ya botlhokwa ya gore bolaodi jwa ga Jehofa jo bo emelwang ke Bogosi jwa ga Mesia, bo ikaegile thata ka melao e e siameng ya Modimo. (Pes. 89:14) A puso ya ga Mesia e tla tsamaya e nna bosula e bo e tshwanelwa ke go fedisiwa? Kgolagano e nngwe ya semolao e tlhomamisa gore le ka motlha seo se ka se direge.

14 Jehofa o ne a solofetsa Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo sengwe. Tsholofetso eo e bidiwa kgolagano ya ga Dafide. (Bala 2 Samuele 7:12, 16.) Jehofa o ne a dira kgolagano eno le Dafide ka nako ya fa Dafide a ne a busa kwa Jerusalema, a mo solofetsa gore Mesia e ne e tla nna setlogolwana sa gagwe. (Luke 1:30-33) Ka jalo, Jehofa o ne a ntsha tshedimosetso e nngwe e e maleba ka ga losika lo Mesia a neng a tla tswa mo go lone mme a tlhomamisa gore mojaboswa wa ga Dafide o ne a tla nna le “tshwanelo e e kafa molaong” ya go nna Kgosi ya Bogosi jwa ga  Mesia. (Esek. 21:25-27) Jesu o tla dira gore puso ya ga Dafide e ‘tlhomamisiwe ka thata ka bosakhutleng.’ Eleruri losika lwa ga Dafide “lo tla itshupa e le lwa bosakhutleng, le setulo sa gagwe sa bogosi se tla nna jaaka letsatsi.” (Pes. 89:34-37) Ee, le ka motlha puso ya ga Mesia e ka se nne bosula, mme dilo tse e tla di fitlhelelang di tla nna ka bosakhutleng!

KGOLAGANO E DIRA GORE GO NNE LE MOPERESITI

15-17. Go ya ka kgolagano ya moperesiti yo o tshwanang le Melekisedeke, losika lo ne lo tla nna le maemo afe a mangwe, mme ka ntlha yang?

15 Le fa kgolagano ya ga Aborahame le kgolagano ya ga Dafide di tlhomamisa gore losika lwa mosadi lo ne lo tla busa e le kgosi, go nna kgosi ka bogone go ne go ka se lekane go tlisetsa batho ba ditšhaba tsotlhe masego. Gore ba segofadiwe ka botlalo, ba ne ba tla tshwanelwa ke go gololwa mo boleong mme ba nne karolo ya lelapa la lefatshe lotlhe la ga Jehofa. E le gore seo se direge, gape losika lo ne lo tla tshwanelwa ke go nna moperesiti. Mmopi yo o botlhale o ne a rulaganya seno ka thulaganyo e nngwe ya semolao, kgolagano ya moperesiti yo o tshwanang le Melekisedeke.

16 Jehofa o ne a dirisa Kgosi Dafide go senola gore Jehofa o ne a tla dira kgolagano le Jesu ka maikaelelo a mabedi: go dira gore a ‘nne kafa seatleng sa Modimo sa moja’ go fitlha a fenya baba ba gagwe le gore a nne “moperesiti ka bosakhutleng kafa mokgweng wa ga Melekisedeke.” (Bala Pesalema 110:1, 2, 4.) Ke ka ntlha yang fa e ne e le “kafa mokgweng wa ga Melekisedeke”? Ka gonne lobaka lo loleele pele ditlogolwana dipe fela tsa ga Aborahame di rua Lefatshe le le Solofeditsweng, Melekisedeke, kgosi ya Salema, e ne e le “moperesiti wa Modimo Mogodimodimo.” (Baheb. 7:1-3) Jehofa ke ene a neng a mo tlhomile go nna moperesiti. Ke ene fela yo o umakilweng mo Dikwalong Tsa Sehebera yo e neng e le kgosi e bile e le moperesiti. Mo godimo ga moo, e re ka go se na pego epe e e bontshang gore go ile ga tla mongwe pele ga gagwe kgotsa morago ga gagwe yo o neng a tsaya maemo ao, a ka bidiwa “moperesiti ruriruri,” kgotsa wa bosakhutleng.

17 Jesu o ne a tlhomiwa go nna moperesiti ka kgolagano eno e Jehofa a e dirileng le ene, mme o tla nna e ntse e le “moperesiti ka bosakhutleng kafa mokgweng wa ga Melekisedeke.” (Baheb. 5:4-6) Seno se bontsha sentle gore Jehofa o itlamile semolao gore o tla dirisa Bogosi jwa ga Mesia go diragatsa boikaelelo jwa gagwe jwa ntlhantlha ka batho ba ba mo lefatsheng.

DIKGOLAGANO DI DIRA GORE BOGOSI BO TLHOMIWE SEMOLAO

18, 19. (a) Dikgolagano tse re tlotlileng ka tsone di bontsha eng ka Bogosi? (b) Go setse potso efe?

18 Fa re akanya ka dikgolagano tse re di sekasekileng, re kgona go bona kafa di amanang ka gone le Bogosi jwa ga Mesia le kafa thulaganyo ya Bogosi e theilweng ka gone mo ditumalanong tsa semolao. Tsholofetso ya kwa Edene e tlama Jehofa gore a diragatse boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe le batho a dirisa losika lwa mosadi. Losika e ne e tla nna mang, mme lo ne lo tla nna le seabe sefe? Kgolagano ya ga Aborahame ke motheo wa dilo tseno tsotlhe.

19 Kgolagano ya ga Dafide e re naya tshedimosetso e e oketsegileng malebana le gore karolo ya konokono ya losika e ne e tla tswa mo lelapeng lefe mme e mo naya tshwanelo ya go busa lefatshe gore dilo tse di tla fitlhelelwang ke Bogosi di nnele ruri. Kgolagano ya moperesiti yo o tshwanang le Melekisedeke e nna motheo wa gore losika lo nne moperesiti. Le fa go ntse jalo, Jesu ga se ene fela a tla dirang gore batho ba itekanele. Ba bangwe le bone ba ne ba tla tlodiwa go nna dikgosi le baperesiti. Ba ne ba tla tswa kae? Seo se tla tlhalosiwa mo setlhogong se se latelang.