‘Eno ke Tsela E o E Amogelang’
“O fitlhetse ba ba botlhale le ba ba bonokopela dilo tseno ka kelotlhoko, mme o di senoletse masea.”—LUKE 10:21.
1. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a “ipela thata mo moyeng o o boitshepo”? (Bona setshwantsho se se fa godimo.)
AKANYA gore go ne go ntse jang go bona Jesu a “ipela thata mo moyeng o o boitshepo.” Gongwe o ne a nyenya e bile a itumetse thata. Ka ntlha yang? O ne a sa tswa go roma barutwa ba gagwe ba le 70 gore ba ye go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. E re ka go ne go na le baba ba le bantsi ba ba maatla ba ba neng ba le kgatlhanong le dikgang tseno tse di molemo, o ne a swegaswega pelo go bona gore barutwa ba gagwe ba ne ba tla kgona jang go dira kabelo ya bone. Baba bano ba ne ba akaretsa bakwadi le Bafarasai ba ba neng ba rutegile thata e bile ba le botlhale. Ba ne ba batla gore batho ba tseye Jesu e le mmetli fela yo o sa reng sepe mme ba bolelela batho gore barutwa ba gagwe e ne e le “banna ba ba sa rutegang e bile e le batho fela.” (Ditiro 4:13; Mareko 6:3) Mme fa barutwa ba gagwe ba tswa kwa kabelong ya bone, ba ne ba phophoma ka boitumelo. Ba ne ba kgona go rera le fa ba ne ba ganediwa ke batho le e leng madimona tota! Ba kgonne jang go nna ba itumetse e bile ba le pelokgale?—Bala Luke 10:1, 17-21.
Batho ba Modimo ba tokafaditse tsela e ba rutang ka yone ka go dira gore e tlhaloganyesege motlhofo
2. (a) Ke ka tsela efe barutwa ba ga Jesu ba neng ba tshwana le masea? (b) Ke eng se se thusitseng barutwa ba ga Jesu gore ba tlhaloganye dithuto tse di kwa teng tsa Baebele?
2 Jesu o ne a raya Jehofa a re: “Ke go baka phatlalatsa, Rara, Mathaio 11:25, 26) Ke eng fa Jesu a ne a bitsa barutwa ba gagwe a re ke masea? Ka gonne go farologana le bakwadi le Bafarasai ba ba neng ba rutegile thata e bile ba akanya gore ba botlhale, barutwa ba ga Jesu bone ba ne ba tshwana le masea ka gore ba ne ba ikemiseditse go rutiwa. Ba ne ba ithutile go nna boikokobetso mme e seng go ikgogomosa. (Mathaio 18:1-4) E re ka ba ne ba ikokobeditse, Jehofa o ne a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go ba thusa gore ba tlhaloganye dithuto tse di kwa teng tsa Baebele. Mme baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba nna ba sa itse sepe ka gonne ba ne ba foufaditswe ke Satane le ke boikgogomoso jwa bone.
Morena wa legodimo le lefatshe, ka gonne o fitlhetse ba ba botlhale le ba ba bonokopela dilo tseno mme o di senoletse masea. Ee, Wena Rara, ka gonne go dira jalo e ne ya nna tsela e e amogelwang ke wena.” (3. Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?
3 Ga go gakgamatse go bo Jesu a ile a ipela thata jaana! O ne a itumeletse go bona kafa Jehofa a senolelang ka gone batho ba ba boikokobetso dithuto tse di kwa teng tsa Baebele, go sa kgathalesege thutego ya bone. Modimo ga a ise a fetoge, o sa ntse a dira dilo ka yone tsela eo. Jehofa o bontsha jang gore o amogela tsela eo ya go ruta? Mo setlhogong seno, re tla ithuta kafa mo motlheng wa rona Jehofa a senolelang ka gone batho ba ba ikokobeditseng dithuto tse di kwa teng tsa Baebele.
GO TLHALOSETSA BATHO BOTLHE DITHUTO TSE DI KWA TENG TSA BAEBELE
4. Makasine wa Tora ya Tebelo o o tlhofofaditsweng o nnile mpho ka ditsela dife?
4 Bosheng jaana, phuthego ya Modimo e ile ya gatelela ntlha ya gore go botlhokwa gore batho ba rutiwe ka tsela e ba tla e tlhaloganyang motlhofo. A re sekasekeng dikai di le tharo. Sa ntlha, re na le makasine wa Tora ya Tebelo o o dirisang Seesemane se se tlhofofaditsweng. * (Bona ntlha e e kwa tlase.) Makasine ono ke mpho e e thusitseng batho ba le bantsi, go akaretsa le ba ba nang le mathata a go bala kgotsa ba ba sa tlhaloganyeng puo eno sentle. Batsadi ba lemogile gore makasine ono o thusa bana ba bone gore ba tlhaloganye Tora ya Tebelo botoka. Ba le bantsi ba bone ba ile ba kwala makwalo, ba leboga go bo makasine ono o ile wa diriwa. Kgaitsadi mongwe a re o ne a tshaba go araba ka nako ya Thuto ya Tora ya Tebelo. Mme dilo di fetogile! Fa a sena go dirisa makasine ono, o ne a kwalela lekala a re: “Gone jaanong ke kgona go araba kwa dipokanong e bile ga ke tlhole ke tshoga jaaka pele! Ke leboga Jehofa e bile ke leboga le lona bakaulengwe ba me.”
5. Ke diphetogo dife tse di leng gone mo Baebeleng e e tokafaditsweng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo?
5 Sa bobedi, re na le Baebele e e tokafaditsweng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo, e e neng ya gololwa ka Seesemane kwa pokanong ya ngwaga le ngwaga ka Diphalane 5, 2013. * (Bona ntlha e e kwa tlase.) Gone jaanong ditemana ga di na mafoko a mantsi mme bokao jwa tsone ga bo a fetoga e bile di tlhaloganyesega motlhofo. Ka sekai, mafoko a a mo go Jobe 10:1 a ne a le 27, jaanong a 19 mme a a mo go Diane 8:6 a ne a le 20, jaanong a 13. Ditemana tseno di tlhaloganyesega sentle mo Baebeleng eno. Mokaulengwe mongwe wa motlodiwa yo o nang le dingwaga di le dintsi a direla Jehofa, o ne a re: “Ke feditse go bala buka ya Jobe mo Baebeleng eno e ntšha mme e kete ke gone ke e tlhaloganyang sentle!” Batho ba le bantsi ba ile ba bua ka tsela e e tshwanang.
6. O ikutlwa jang go bo o tlhaloganya Mathaio 24:45-47 ka tsela e e utlwalang sentle?
6 Sa boraro, akanya ka diphetogo dingwe tse di ileng tsa dirwa bosheng jaana malebana le tsela e re tlhaloganyang ditemana dingwe tsa Baebele ka yone. Ka sekai, makasine wa Tora ya Tebelo wa July 15, 2013 o ile wa re thusa go tlhaloganya sentle gore “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” ke mang. (Mathaio 24:45-47) Makasine oo o ne wa tlhalosa gore Setlhopha se se Laolang ke sone motlhanka yo o boikanyego. Le gore “ba ntlo” ke batlodiwa ba bangwe mmogo le “dinku tse dingwe” tse di fepiwang ke motlhanka yo o boikanyego. (Johane 10:16) Re itumelela go ithuta dithuto tseno e bile re itumelela le go di bolelela ba bangwe! Jehofa o ile a bontsha ka ditsela dife tse dingwe gore o batla gore batho ba rutiwe ka tsela e ba tla e tlhaloganyang motlhofo?
TSELA E E MOTLHOFO E DIPEGO DINGWE TSA BAEBELE DI TLHALOSIWANG KA YONE
7, 8. Ke dikai dife tsa dipego tsa Baebele tse di tshwantshetsang sengwe sa botlhokwa se se tla diregang mo isagweng?
7 Fa e le gore o na le dingwaga di le dintsi o ntse o direla Jehofa, gongwe o lemogile gore tsela e dikgatiso tsa rona di tlhalosang dipego dingwe tsa Baebele ka yone e fetotswe. Mo nakong e e fetileng, re ne re dumela gore dipego, batho kgotsa ditiragalo dingwe di ne di tshwantshetsa sengwe, mongwe kgotsa tiragalo nngwe ya botlhokwa e e tla diregang mo isagweng. A mme go na le mabaka a a utlwalang sentle a gore re tlhalose dipego tsa Baebele ka tsela eno? Ee. Ka sekai, Jesu o ne a bua ka “sesupo sa ga Jona moporofeti.” (Bala Mathaio 12:39, 40.) Jesu o ne a tlhalosa gore nako e Jona a e feditseng a le mo mpeng ya leruarua e ne e tshwantshetsa nako e Jesu a neng a tla e fetsa a le mo lebitleng.
Tumelo ya rona e a nonofa fa re ithuta dipego tsa Baebele le go tlhaloganya gore di tshwantshetsa eng
8 Go na le dipego dingwe tsa Baebele tse di tshwantshetsang sengwe sa botlhokwa se se tla diregang mo isagweng. Moaposetoloi Paulo o ne a umaka dingwe tsa tsone. Ka sekai, kamano e Aborahame a neng a na le yone le Hagare le Sara e ne e tshwantshetsa kamano e Jehofa a neng a na le yone le setšhaba sa Iseraele mmogo le karolo e e kwa legodimong ya phuthego ya Modimo. (Bagalatia 4:22-26) Ka tsela e e tshwanang, motlaagana, tempele, Letsatsi la Tetlanyo, moperesiti yo mogolo mmogo le dikarolo dingwe tsa Molao wa ga Moshe e ne e le “moriti wa dilo tse di molemo tse di tla tlang.” (Bahebera 9:23-25; 10:1) Tumelo ya rona e a nonofa fa re ithuta ka dipego tseno tsa Baebele le go tlhaloganya gore di di tshwantshetsa eng. A mme seo se raya gore motho mongwe le mongwe, tiragalo nngwe le nngwe kgotsa sengwe le sengwe fela se se mo Baebeleng se tshwantshetsa mongwe kgotsa sengwe se se rileng?
9. Mo nakong e e fetileng, pego ya Baebele e e buang ka Nabothe e ne ya tlhalosiwa jang?
1 Dikgosi 21:1-16) Ka 1932, Tora ya Tebelo e ne ya tlhalosa gore Ahabe le Jesebele ba ne ba tshwantshetsa Satane le batho ba gagwe, le gore Nabothe ene o ne a tshwantshetsa Jesu, mme go bolawa ga ga Nabothe go ne go tshwantshetsa go bolawa ga ga Jesu. Mme ka 1961, buka e e bidiwang “Let Your Name Be Sanctified,” e ne ya re Nabothe o tshwantshetsa batlodiwa le gore Jesebele o tshwantshetsa dikereke. Gape e ne ya re, go bogisiwa ga ga Nabothe ke Jesebele go ne go tshwantshetsa go bogisiwa ga batlodiwa mo metlheng ya bofelo. Mo dingwageng tse di fetileng, ditlhaloso tseno di ile tsa nonotsha tumelo ya batho ba Modimo. Ka jalo, ke eng fa gone jaanong re tlhalosa dilo ka tsela e e farologaneng?
9 Mo nakong e e fetileng, gantsi dikgatiso tsa rona di ne di tlhalosa gore motho, tiragalo kgotsa sengwe se go neng go buiwa ka sone mo pegong nngwe se ne se tshwantshetsa mongwe kgotsa sengwe se se rileng. Ka sekai, Kgosigadi Jesebele yo o boikepo o ne a dira gore Nabothe a bolawe e le gore monna wa gagwe e bong Ahabe a kgone go tsaya tshimo ya ga Nabothe ya mofine. (10. (a) Ke ka tsela efe motlhanka yo o boikanyego a leng kelotlhoko thata fa a tlhalosa dipego dingwe tsa Baebele? (b) Gone jaanong dikgatiso tsa rona di remeletse thata mo go eng?
10 Fa dingwaga di ntse di ya, Jehofa o ne a thusa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” gore a nne botlhale kgotsa a nne kelotlhoko le go feta. Ka tsela efe? Gone jaanong *—Bona ntlha e e kwa tlase.
motlhanka yo o boikanyego o kelotlhoko gore a se ka a re dipego tsa Baebele di tshwantshetsa sengwe sa botlhokwa go na le moo o dira jalo fela fa go na le mabaka a a utlwalang a Dikwalo. Ditlhaloso dingwe tsa nako e e fetileng di ne di sa tlhaloganyesege motlhofo, go le thata go di gopola e bile re ne re sa itse gore di re ama jang. Sa botlhokwa le go feta ke gore, fa motlhanka yo o boikanyego a ne a remelela thata mo go batleng sengwe le sengwe se dipego tsa Baebele di neng di se tshwantshetsa, seo se ne se sira dithuto tse di amanang le boitshwaro le tse dingwe tse batho ba neng ba ka di ithuta. Ka jalo, gone jaanong dikgatiso tsa rona di remeletse thata mo go tlhaloseng dithuto tsa botlhokwa tse di malebana le tumelo, boitshoko, go ineela mo Modimong le dinonofo tse dingwe tse re ka ithutang tsone mo dipegong tsa Baebele.11. (a) Gone jaanong re tlhaloganya jang pego e e buang ka ga Nabothe mme sekao sa gagwe se re thusa jang? (b) Bosheng jaana, ke eng fa dikgatiso tsa rona di umaka ka sewelo kgang ya gore dipego dingwe di tshwantshetsa sengwe sa botlhokwa se se tla diregang mo isagweng? (Bona setlhogo se se reng, “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading,” se se mo makasineng ono.)
11 Gone jaanong pego e e buang ka ga Nabothe e tlhaloganyesega motlhofo thata. Nabothe ga a bolawa ka gonne a ne a tshwantshetsa Jesu kgotsa batlodiwa. Go na le moo, o ile a bolawa ka gonne a ne a ikemiseditse go nna a ikanyega mo Modimong. O ne a nna a ikobela Molao wa ga Jehofa le fa a ne a bogisiwa setlhogo ke mmusi yo o maatla. (Dipalo 36:7; 1 Dikgosi 21:3) Seo ke sekao se se molemo se gompieno batlhanka botlhe ba Modimo ba ba bogisiwang ba ka se latelang. (Bala 2 Timotheo 3:12.) Bakeresete botlhe ba kgona go tlhaloganya, go gopola le go dirisa se ba ithutang sone mo pegong eno gore ba nonotshe tumelo ya bone.
12. (a) Ga re a tshwanela go swetsa ka go reng malebana le dipego tsa Baebele? (b) Ke ka ntlha yang fa re kgona go tlhaloganya sentle dithuto tse di kwa teng tsa Baebele? (Bona ntlha e e kwa tlase.)
12 A mme jaanong go raya gore dipego tsa Baebele di re ruta dithuto dingwe tsa botlhokwa fela mme ga di na bokao bongwe jo bo rileng? Nnyaa. Go na le gore dikgatiso tsa rona di tlhalose gore dipego dingwe tsa Baebele di tshwantshetsa mongwe, sengwe kgotsa tiragalo nngwe ya botlhokwa e e tla diregang mo isagweng, gone jaanong di remeletse thata mo go tlhaloseng kafa pego nngwe ya Baebele e amanang ka gone le e nngwe. Ka sekai, go ikanyega ga ga Nabothe le fa a ne a bogisiwa le go bolawa go re gopotsa go ikanyega ga ga Keresete le batlodiwa. E bile gape re gopodiwa ka go ikanyega ga “dinku tse dingwe” tse dintsintsi. Re kgona go bona sentle gore Jehofa o ruta ka tsela e e motlhofo e re ka e tlhaloganyang. *—Bona ntlha e e kwa tlase.
TSELA E E MOTLHOFO YA GO TLHALOGANYA DITSHWANTSHO TSA GA JESU
13. Ke dikai dife tse di bontshang gore gone jaanong re tlhalosa ditshwantsho tsa ga Jesu ka tsela e e motlhofo le e e tlhaloganyesegang sentle?
13 Jesu Keresete e ne e le Morutisi yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela. O ne a rata go dirisa ditshwantsho kgotsa dikai fa a ruta. (Mathaio 13:34) Ditshwantsho di botlhokwa ka gonne di dira gore go nne motlhofo go tlhaloganya dilo tse di thata e bile di kgona go re ama dipelo. Mo dingwageng tse di fetileng, dikgatiso tsa rona di ile tsa tlhalosa ditshwantsho tsa ga Jesu ka tsela e e motlhofo le e e tlhaloganyesegang sentle. Ka sekai, Tora ya Tebelo ya July 15, 2008, e re thusa go tlhaloganya sentle setshwantsho sa ga Jesu sa sebediso, sa tlhaka ya mosedara le sa letlowa. Gone jaanong re kgona go lemoga gore ditshwantsho tseno di bua ka Bogosi Jwa Modimo, jo bo ntseng bo thusa batho ba le bantsi gore ba se ka ba nna karolo ya lefatshe leno le le boikepo mme ba nne balatedi ba ga Keresete.
Ditshwantsho di a thusa ka gonne di dira gore dilo tse di thata di tlhaloganyesege motlhofo e bile di ama dipelo tsa rona
14. (a) Re ne re tlhalosa jang setshwantsho sa Mosamarea yo o molemo? (b) Gone jaanong re se tlhaloganya jang?
14 Re ka kgona jang go tlhaloganya ditshwantsho tse di raraaneng tse Jesu a neng a di dirisa? Dingwe tsa tsone di tshwantshetsa sengwe kgotsa di bolelela pele sengwe se se tla diregang mo isagweng. Mme tse dingwe di re ruta dithuto dingwe tsa botlhokwa. Ka jalo, re ka itse jang gore ke ditshwantsho dife tse di tshwantshetsang sengwe kgotsa gore ke dife tse di sa tshwantshetseng sepe? Fa dingwaga di ntse di feta, lefifi le ntse le a apoga. Ka sekai, a o sa ntse o gakologelwa tsela e setshwantsho sa ga Jesu sa Mosamarea yo o molemo se neng se tlhalosiwa ka yone? (Luke 10:30-37) Ka 1924, makasine wa The Watch Tower o ne wa tlhalosa gore Mosamarea o ne a tshwantshetsa Jesu le gore tsela e e neng e tswa kwa Jerusalema e ya kwa Jeriko e ne e tshwantshetsa maemo a a ntseng a nnela maswe go ya pele fa e sa le go tloga ka nako ya fa Adame le Efa ba ne ba tsuologela Modimo. Mme magodu a ne a tshwantshetsa dikhampani tse dikgolo le borrakgwebo ba ba pelotshetlha e bile moperesiti le Molefi bone ba ne ba tshwantshetsa dikereke. Gone jaanong dikgatiso tsa rona di dirisa setshwantsho seno go re gopotsa gore re tshwanetse go tila go tlhaola batho. Re tshwanetse go thusa mongwe le mongwe yo o tlhokang thuso mme segolobogolo re dira jalo ka go ba ruta boammaaruri ka Modimo. Re itumela tota fa re bona tsela e e motlhofo e Jehofa a re rutang boammaaruri ka yone.
15. Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?
15 Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka setshwantsho sa ga Jesu sa makgarebane a a lesome. (Mathaio 25:1-13) Jesu o ne a batla gore balatedi ba gagwe ba ba tshelang mo metlheng ya bofelo ba tlhaloganye jang setshwantsho seo se se maatla? A tiragalo nngwe le nngwe kgotsa sepe fela se se mo setshwantshong seo, se tshwantshetsa mongwe kgotsa sengwe sa botlhokwa se se tla diregang mo isagweng? Kgotsa a Jesu o ne a batla gore re ithute dithuto tsa botlhokwa tse di tla re thusang mo metlheng eno ya bofelo? Mma re bone.
^ ser. 4 Makasine wa ntlha wa Seesemane se se tlhofofaditsweng o ne wa simolola go dirisiwa ka Phukwi 2011. Fa e sa le ka nako eo, makasine ono o ne wa nna gone le ka dipuo tse dingwe.
^ ser. 5 Baebele eno e tla nna gone le ka dipuo tse dingwe.
^ ser. 10 Ka sekai, buka e e reng Etsa Tumelo ya Bone e tlotla ka batho ba le 14 ba go buiwang ka bone mo Baebeleng. Buka eno e remeletse thata mo dithutong tse re ka ithutang tsone go tswa mo dipegong tseo, e seng gore di tshwantshetsa sengwe se se tla diregang mo isagweng.
^ ser. 12 Gape Lefoko la Modimo le na le dilo tse go lebegang di le “thata go tlhaloganngwa,” go akaretsa makwalo mangwe a ga Paulo. Mme gone, bakwadi botlhe ba Baebele ba ne ba tlhotlheleditswe ke moya o o boitshepo. Gompieno moya wa Modimo o thusa Bakeresete ba boammaaruri gore ba tlhaloganye Baebele sentle, go akaretsa le “dilo tse di boteng tsa Modimo.”—2 Petere 3:16, 17; 1 Bakorintha 2:10.