Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Goreng Modimo a sa Arabe Dithapelo Tsotlhe?

Goreng Modimo a sa Arabe Dithapelo Tsotlhe?

Raarona yo o kwa magodimong Jehofa, o iketleeleditse go reetsa dithapelo tsa rona. Mme gone, Modimo ga a arabe dithapelo tsotlhe. Goreng Modimo a sa arabe dithapelo tsotlhe, mme re tshwanetse go nna re gopotse eng fa re rapela? Ela tlhoko se Baebele e se rutang.

“Fa o rapela, o se ka wa boaboeletsa dilo di le dingwe.”—Mathaio 6:7.

Jehofa ga a batle gore re boaboeletse dithapelo tse re di tshwareletseng ka tlhogo kgotsa re balele kwa godimo dithapelo tse di mo bukeng nngwe. Go na le moo, o batla gore re mmolelele gore re ikutlwa jang. O ne o ka ikutlwa jang fa tsala ya gago e go bolelela selo se le sengwe letsatsi le letsatsi? Ditsala di bua ka sengwe le sengwe e bile ga di fitlhelane sepe. Ka jalo, fa re rapela re dirisa mafoko a rona, seo se bontsha gore re tsaya Modimo e le tsala ya rona.

“Ruri lo a kopa, mme le fa go ntse jalo ga lo amogele, ka gonne lo kopa ka boikaelelo jo bo sa siamang.”—Jakobe 4:3.

Re ka se lebelele gore Modimo a arabe dithapelo tsa rona fa re mo kopa dilo tse a sa di rateng. Ka sekai, fa motho a betšha a bo a kopa Modimo gore a mo neye lesego, a thapelo ya gagwe e tla arabiwa? Modimo o re bolelela ka tlhamalalo gore ga a batle gore re nne batho ba ba bogagaru le gore ga a batle gore re dumele mo dilong tse di jaaka lesego. (Isaia 65:11; Luke 12:15) Ga re a tshwanela go akanya gore Jehofa a ka araba dithapelo tse di ntseng jalo! Modimo a ka araba dithapelo tsa rona fa fela di dumalana le se Baebele e se rutang.

“Yo o faposang tsebe ya gagwe mo go utlweng molao—le thapelo ya gagwe ke selo se se makgapha.”—Diane 28:9.

Bogologolo mo metlheng ya Baebele, Modimo o ne a sa arabe dithapelo tsa batho ba ba neng ba sa ikobele melao ya gagwe. (Isaia 1:15, 16) Modimo ga a ise a fetoge. (Malaki 3:6) Fa re batla gore Modimo a arabe dithapelo tsa rona, re tshwanetse go ikobela melao ya gagwe. Go tweng fa e le gore re kile ra dira diphoso? A seno se raya gore Jehofa ga a na go reetsa dithapelo tsa rona? Nnyaa! Modimo o tla re itshwarela fa re ikwatlhaya re bo re dira se re ka se kgonang go mo itumedisa.—Ditiro 3:19.