Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Aga mo Motlhabeng Kgotsa mo Lefikeng?

A o Aga mo Motlhabeng Kgotsa mo Lefikeng?

A o Aga mo Motlhabeng Kgotsa mo Lefikeng?

A O ITUMELELA go bala Baebele? A e bile o beetse nako kwa thoko go ithuta Baebele ka metlha le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa? Fa go ntse jalo, ga go pelaelo gore kitso e o e bapetseng e go thusitse go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa lefatshe le na le mathata a mantsi jaana. (Tshenolo 12:9, 12) Mo godimo ga moo, ditemana di le dintsi tsa Baebele di go gomoditse fa o ne o lebane le dinako tse di boima mo botshelong le go go naya tsholofelo ka isagwe.—Pesalema 145:14; 147:3; 2 Petere 3:13.

Go bapala kitso ya boammaaruri ya Baebele ke kgato ya botlhokwa mo go ba ba batlang go nna balatedi ba ga Keresete. A mme ke yone fela kgato e motho a tshwanetseng go e tsaya? Nnyaa. Gore moithuti wa Baebele a tswelele e le Mokeresete wa boammaaruri—segolobogolo fa tumelo ya gagwe e lekwa—o tshwanetse go tsaya kgato e nngwe ya botlhokwa. Kgato eo ke efe? Go bona karabo, mma re sekaseke ka bokhutshwane Thero ya kwa Thabeng, puo e Jesu a neng a e neela kwa thabeng ya Galalea.—Mathaio 5:1, 2.

Matlo a le Mabedi a a Lekwa

A o tlwaelane le diteng tsa Thero ya kwa Thabeng? O ka bona puo eno e e itsegeng thata mo Efangeleng ya ga Mathaio le Luke. (Mathaio 5:1–7:29; Luke 6:20-49) Go ka go tsaya metsotso e le 20 fela go bala thero eno yotlhe. Le fa go ntse jalo, e na le dipolelo di feta 20 tse di nopotsweng mo Dikwalong tsa Sehebera le dikapuo di feta 50. Sengwe sa dikapuo—se se akaretsang go agiwa ga matlo a le mabedi—se tlhomologile ka gonne Jesu o ne a se dirisa fa a ne a konela puo ya gagwe. Fa o tlhaloganya botlhokwa jwa setshwantsho seno se Jesu a neng a konela ka sone, o tla thusiwa go bona kafa o ka kgonang go tswelela o nitame o le molatedi wa ga Keresete go sa kgathalesege diteko tse o ka lebanang le tsone.

Jesu o ne a re: “Mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko ano a me a ba a a dira o tla tshwantshanngwa le monna yo o botlhale, yo o neng a aga ntlo ya gagwe mo lefikeng. Mme pula ya tshologa le merwalela ya tla le diphefo tsa foka tsa itaaka ntlo eo, mme ya se ka ya wela, gonne e ne e thailwe mo lefikeng. Go feta moo, mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko ano a me mme a sa a dire o tla tshwantshanngwa le monna yo o seeleele, yo o neng a aga ntlo ya gagwe mo motlhabeng. Mme pula ya tshologa le merwalela ya tla le diphefo tsa foka tsa itaaka ntlo eo mme ya wela, mme go gosomana ga yone go ne go le go golo.”—Mathaio 7:24-27.

Monna “yo o Neng a Epa A ba A ya Kwa Tlase Kwa Tengteng”

Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe boammaaruri bofe jwa botlhokwa ka setshwantsho seno sa baagi ba le babedi? Go bona karabo, ela tlhoko mafoko a ga Jesu. Ke eng se o se lemogang ka matlo ano a mabedi? Otlhe a ne a lebane le maemo a a tshwanang. Gongwe matlo ano a ne a tshwana. Gape a ka tswa a ne a le mo lefelong le le lengwe—e bile a bapile. Le fa go ntse jalo, e nngwe e ne e agilwe mo motlhabeng, e nngwe mo lefikeng. Seo se ka kgonega jang? Ka gonne, jaaka Efangele ya ga Luke e bontsha, monna yo o botlhale o ne a “epa a ba a ya kwa tlase kwa tengteng” gore a bo a fitlhe kwa boalong jwa lefika. (Luke 6:48) Ka jalo, ntlo ya monna yo o botlhale e ne ya ema e nitame.

Ke eng se tota Jesu a neng a batla go se gatelela? Jesu o ne a sa dirise setshwantsho seno go gatelela tsela e matlo ano a neng a lebega ka yone kgotsa lefelo le a neng a agilwe mo go lone le fa e le didirisiwa tsa kago gore di ne di nonofile go le kana kang, mme o ne a se dirisa go gatelela se se neng se dirwa ke baagi. Monna yo mongwe o ne a epa a bo a ya kwa tengteng, fa yo mongwe ene a ne a sa dira jalo. O ka tshwana jang le monna yo o botlhale mme wa epa gore o bo o ye kwa tengteng? Jesu o ne a sobokanya ntlhakgolo ya setshwantsho ka gore: “Jaanong ke ka ntlha yang lo mpitsa ‘Morena! Morena!’ mme lo sa dire dilo tse ke di buang? Mongwe le mongwe yo o tlang mo go nna a ba a utlwa mafoko a me a ba a a dira, ke tla lo bontsha gore o tshwana le mang: O tshwana le monna . . . yo o neng a epa a ba a ya kwa tlase kwa tengteng mme a thaya motheo mo lefikeng.”—Luke 6:46-48.

Eleruri go reetsa fela dithuto tsa Baebele kgotsa go e bala kwa lapeng go tshwana le go aga ntlo mo motlhabeng—mme go sa epiwa. Mme go dirisa dithuto tsa ga Keresete go tlhoka maiteko a magolo le go ikemisetsa. Go akaretsa go epa o bo o ya kwa tengteng o bo o fitlha kwa lefikeng le le thata.

Ka jalo, gore a o tla nna o nitame o le molatedi wa ga Keresete kgotsa nnyaa go ikaegile ka gore a o tla dirisa se o se utlwang kgotsa nnyaa. Fa o ithuta Baebele o bo o dirisa se o se ithutang mo botshelong jwa gago, o tshwana le monna yo o botlhale yo o epang gore a bo a ye kwa tengteng. Ka jalo moithuti mongwe le mongwe wa Baebele o tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A ke moutlwi, kgotsa ke modiri? A ke bala le go ithuta Baebele fela kgotsa ke latela ditaelo tsa Baebele fa ke dira ditshwetso?’

Melemo ya go Epela Kwa Teng

Akanya ka se se neng sa diragalela José. Batsadi ba gagwe ba ne ba mo ruta go tlotla melao ya Baebele ya boitsholo, mme ga a ka a ithuta Lefoko la Modimo ka boene. José a re: “Fa ke sena go fuduga kwa lapeng ke ne ka leka go nna motho yo o siameng mme ke ne ka itsalanya le batho ba ba bosula. Ke ne ka simolola go dirisa diokobatsi, ka dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo e bile ke ne ke lwa le batho ba bangwe ka dinako tsotlhe.”

Kgabagare, José o ne a fetola tsela e a neng a tshela ka yone mme a ithuta Baebele ka tlhoafalo. José a re: “Selo se tota se neng sa dira gore ke fetoge ke go bala le go tlhaloganya Thero ya ga Jesu ya kwa Thabeng. Le fa go ntse jalo, go ne ga tsaya nako gore ke fetole botho jwa me le tsela e ke neng ke tshela ka yone. Kwa tshimologong ke ne ke ipotsa gore ditsala tsa me di ne di tla akanya eng ka nna, mme ke ne ka kgona go fenya poifo eo. Ke ne ka tlogela go bua maaka le puo e e leswe mme ka simolola go ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka lemoga gore fela jaaka Jesu a solofeditse, go tshela botshelo jo bo sa raraanang le go dirisa kgakololo ya Baebele go lere boitumelo jwa mmatota.”—Mathaio 5:3-12.

Go tla felela ka eng fa o epela kwa teng gore o age mo lefikeng—ke gore, fa o dirisa ka botlalo se o se ithutang mo Lefokong la Modimo? Jesu o ne a re: “E rile morwalela o tsoga, noka ya itaagana le ntlo eo, mme ya bo e sa nonofa mo go lekaneng go e reketlisa, ka go bo e agilwe sentle.” (Luke 6:48) Ke boammaaruri gore, fa o aga sentle ka go dirisa se o se ithutang, diteko tse di jaaka diphefo di ka se ka tsa senya tumelo ya gago e bile di ka se ka tsa e reketlisa. Ruri seno se a gomotsa!

Morutwa Jakobe, morwarraagwe Jesu ka mmaagwe, o ne a bua ka masego a mangwe a baithuti ba Baebele ba e seng bautlwi fela mme e le badiri ba mmatota ba Lefoko la Modimo ba nnang le one. Jakobe o ne a kwala jaana: “Nnang badiri ba lefoko, mme e seng bautlwi fela . . . Yo o tlhodumelang mo molaong o o itekanetseng wa kgololesego le yo o nnelang ruri mo go one, motho yono, ka gonne a sa nna moutlwi yo o lebalang bobe, mme a nnile modiri wa tiro, o tla itumela mo go o direng ga gagwe.”—Jakobe 1:22-25.

Eleruri ba ba dirisang kgakololo ya Baebele ba itumetse. Boitumelo jo bo ntseng jalo bo naya balatedi ba ga Keresete nonofo ya go ema ba nitame fa ba lebana le diteko tse di jaaka phefo tse di lekang tumelo le tse di bontshang gore ba ineetse go le kana kang mo Modimong.

O Tla Dira Eng?

Fa Jesu a ne a neela Thero ya gagwe ya kwa Thabeng, o ne a gatelela gore fa re direla Jehofa Modimo re tshwanetse go dira ditshwetso. Ka sekai, Jesu o ne a ruta gore motho o na le leitlho le le sa raraanang kgotsa le le boikepo, ke motlhanka wa Modimo kgotsa wa dikhumo, o tsamaya mo tseleng e e pitlaganeng kgotsa e e atlhameng. (Mathaio 6:22-24; 7:13, 14) Ka jalo, fa Jesu a ne a konela setshwantsho sa gagwe sa baagi ba babedi, o ne a bontsha balatedi ba gagwe gore ba tshwanetse go dira tshwetso e nngwe: Go dira dilo jaaka monna yo o botlhale kgotsa yo o seeleele.

Fa o tswelela o dirisa ka botlalo se o se ithutileng mo Baebeleng, o dira dilo ka botlhale. Ee, fa o epela kwa teng go fitlha kwa lefikeng, o tla bona masego gone jaanong le mo isagweng.—Diane 10:25.

[Ditshwantsho mo go tsebe 30]

Go ema re nitame go ikaegile ka gore re dirise se re se ithutang