Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipapiso Tse di mo Baebeleng—A o A di Tlhaloganya?

Dipapiso Tse di mo Baebeleng—A o A di Tlhaloganya?

Dipapiso Tse di mo Baebeleng—A o A di Tlhaloganya?

DIPAPISO di na le tshedimosetso e ntsi, mme ka dinako tse dingwe lefoko le le lengwe kgotsa a le mabedi a ka dira gore o kgone go tlhaloganya se go buiwang ka sone. Baebele e dirisa dipapiso di le dintsi kgotsa dipolelo tse di dirang gore mmadi a akanye ka setshwantsho se go buiwang ka sone. * Ka sekai, Jesu o ne a dirisa dipapiso di feta 50 mo therong e le nngwe fela e a neng a e neela—Thero ya kwa Thabeng.

Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go kgatlhegela dipapiso tseno? Fa o di tlhaloganya, seo se tla dira gore mmalo wa gago wa Baebele o kgatlhe e bile se tla dira gore o kgone go tlhaloganya Lefoko la Modimo. Mo godimo ga moo, fa o lemoga gore se o se balang ke papiso e bile o tlhaloganya bokao jwa sone, o tla tlhaloganya molaetsa wa Baebele botoka. Tota e bile, fa o palelwa ke go lemoga gore se o se balang mo Baebeleng ke papiso, ga o kitla o tlhakana tlhogo fela mme gape o tla tlhaloganya papiso eo ka tsela e e seng yone.

Go Tlhaloganya Dipapiso

Papiso e bapisa se go buiwang ka sone le se sengwe. Selo se go buiwang ka sone se bidiwa kgangkgolo, mme se se bapisiwang le sone ke setshwantsho. Papiso fa gare ga dilo tse pedi ke tsela e di tshwanang ka yone. Ka jalo, go botlhokwa fela thata gore o tlhaloganye dilo tseno tse tharo gore o tlhaloganye bokao jwa mmatota jwa papiso.

Ka dinako dingwe, go ka nna motlhofo fela thata go bona kgangkgolo le setshwantsho. Mme go ka nna le ditsela di le mmalwa malebana le kafa dilo tse go buiwang ka tsone di tshwanang ka gone. Ke eng se se tla go thusang go tlhaloganya sentle kafa dilo tse go buiwang ka tsone di tshwanang ka gone? Gantsi o tla bona karabo mo go se go buiwang ka sone, kgotsa dintlha tse di dikologileng kgang. *

Ka sekai, Jesu o ne a raya phuthego ya Saredise a re: “Eleruri fa o sa tsoge, ke tla tla jaaka legodu.” Jesu fano o ne a bapisa go tla ga gagwe (kgangkgolo) le go tla ga legodu (setshwantsho). Mme dilo tseno di tshwana ka eng? Se go buiwang ka sone se re thusa go tlhaloganya kgang eno. Jesu o ne a tswelela ka go re: “Ga o na go itse ka gope gore ke tla tla mo go wena ka nako efe.” (Tshenolo 3:3) Ka jalo papiso ga e bontshe boikaelelo jwa go tla ga gagwe. O ne a sa reye gore o tla tla go utswa sengwe. Go na le moo, o ne a bua ka go tla ga gagwe go go neng go sa lebelelwa.

Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe, papiso e e mo karolong nngwe ya Baebele e ka go thusa go tlhaloganya papiso e e tshwanang e e leng mo karolong e nngwe ya Baebele. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a dirisa papiso e e tshwanang le e Jesu a neng a e dirisa, o ne a kwala jaana: “Lona ka bolona lo itse sentle tota gore letsatsi la ga Jehofa le a tla fela jaaka legodu bosigo.” (1 Bathesalonika 5:2) Mafoko a ga Paulo ga a bontshe sentle kafa dilo tse a buang ka tsone di tshwanang ka gone. Le fa go ntse jalo, go bapisa papiso eno le e e dirisitsweng ke Jesu mo go Tshenolo 3:3 go ka go thusa go tlhaloganya kafa dilo tse go buiwang ka tsone di tshwanang ka gone. Eleruri papiso eno ke kgakololo e e maatla ya gore Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba tshwanetse go nna ba tsogile semoyeng!

Dipapiso Tse di re Rutang ka Modimo

Ga go na motho ope yo o ka kgonang go tlhaloganya sengwe le sengwe malebana le gore Jehofa ke Modimo yo o ntseng jang le se a kgonang go se dira. Mo metlheng ya bogologolo, Kgosi Dafide o ne a kwala gore ‘bogolo jwa ga Jehofa ke jo bo sa ka keng jwa hukutsega.’ (Pesalema 145:3) Fa Jobe a sena go leba dilo tse Modimo a di bopileng, o ne a re: “Bona! Tseno ke dintlha fela tsa ditsela tsa gagwe, a bo go utlwilwe go le gonnye fela jang ne ka ga gagwe! Mme ke mang yo o ka bontshang go tlhaloganya tumo ya gagwe ya maru e e maatla?”—Jobe 26:14.

Tota le fa go ntse jalo, Baebele e dirisa dipapiso go go thusa gore o tlhaloganye ka selekanyo se se rileng dinonofo tse dintlentle tsa Modimo wa rona yo o kwa legodimong. Jehofa o tlhalosiwa e le Kgosi, Motlhomamolao, Moatlhodi le Motlhabani—eleruri ke mongwe yo o tshwanetseng go mo tlotla. Gape o tlhalosiwa e le Modisa, Mogakolodi, Morutisi, Rre, Mofodisi le Mmoloki—mongwe yo o ka mo ratang. (Pesalema 16:7; 23:1; 32:8; 71:17; 89:26; 103:3; 106:21; Isaia 33:22; 42:13; Johane 6:45) Nngwe le nngwe ya ditlhaloso tseno e go gopotsa ditshwantsho tsa kafa dilo tse go buiwang ka tsone di tshwanang ka gone. Dipapiso tseo di tlhalosa go feta kafa mafoko a mantsi a neng a ka tlhalosa ka gone.

Gape Baebele e tshwantshanya Jehofa le dilo tse di sa tsheleng. O tlhalosiwa e le “Lefika la Iseraele,” e le “lefika,” le “kago e e thata.” (2 Samuele 23:3; Pesalema 18:2; Duteronome 32:4) Dilo tseno di tshwana ka eng? Fela jaaka lefika le legolo le sa sute, ka jalo Jehofa Modimo ke ene a ka go bolokang.

Buka ya Dipesalema e na le dipapiso di le dintsi tse di tlhalosang dinonofo tse di farologaneng tsa ga Jehofa. Ka sekai, Pesalema 84:11 ya re Jehofa ke “letsatsi le thebe” ka gonne ke Motswedi wa lesedi, botshelo, maatla le tshireletsego. Ka fa letlhakoreng le lengwe, Pesalema 121:5 ya re “Jehofa ke moriti wa gago mo seatleng sa gago sa moja.” Fela jaaka moriti o ka go sireletsa mo letsatsing le le fisang, Jehofa a ka sireletsa batho ba ba mo direlang fa ba lebane le masetlapelo, jaaka e kete ke moriti kafa tlase ga “seatla” sa gagwe kgotsa “diphuka” tsa gagwe.—Isaia 51:16; Pesalema 17:8; 36:7.

Dipapiso Tse di Tlhalosang Jesu

Gangwe le gape Baebele ya re Jesu ke “Morwa Modimo.” (Johane 1:34; 3:16-18) Batho bangwe ba e seng Bakeresete ba fitlhela go le thata go dumela seno, e re ka Modimo a se na mosadi e bile e se motho. Ke boammaaruri gore Modimo ga a tshole morwa ka tsela e e tshwanang le e motho a mo tsholang ka yone. Ka jalo mafoko ano ke papiso. A diretswe go thusa mmadi gore a tlhaloganye gore kamano ya ga Jesu le Modimo e tshwana le ya morwa le rraagwe. Gape papiso eno e gatelela gore Jehofa o neile Jesu botshelo e bile ke ene a mmopileng. Ka tsela e e tshwanang, motho wa ntlha e bong Adame, o bidiwa gape gore ke “morwa Modimo.”—Luke 3:38.

Jesu o ne a dirisa dipapiso go tlhalosa dilo tse di farologaneng tse a di dirang go diragatsa boikaelelo jwa Modimo. Ka sekai, o ne a re: “Ke nna mofine wa boammaaruri, mme Rre ke modiri wa mo tshimong.” Go tswa foo Jesu o ne a bapisa barutwa ba gagwe le dikala tsa mofine. (Johane 15:1, 4) Ke dintlha dife tse di botlhokwa tse papiso eno e di rutang? Gore dikala tsa mofine di se ka tsa swa le gore di nne di ungwa, di tshwanetse go nna mo kutung ya setlhare. Ka tsela e e tshwanang, barutwa ba ga Keresete ba tshwanetse go nna seoposengwe le ene. Jesu o ne a re: “Kwantle ga me ga lo ka ke lwa dira sepe ka gope.” (Johane 15:5) Mme fela jaaka modiri wa kwa tshimong a lebeletse gore mofine o nne le maungo, Jehofa o lebeletse gore ba ba leng seoposengwe le Keresete ba ungwe semoyeng.—Johane 15:8.

Tlhomamisa Gore o Tlhaloganya Dilo Tse go Buiwang ka Tsone

Re ka nna ra se ka ra tlhaloganya papiso fa re sa tlhaloganye kafa dilo tse go buiwang ka tsone di tshwanang ka gone. Ka sekai, akanya ka mafoko a a mo go Baroma 12:20: “Fa mmaba wa gago a tshwerwe ke tlala, mo fepe; fa a nyorilwe, mo neye sengwe gore a nwe; gonne ka go dira seno o tla bo o koelela magala a a tukang mo tlhogong ya gagwe.” A go koelela magala a a tukang mo tlhogong ya motho go bontsha go ipusolosetsa? Nnyaa, e seng fa re tlhaloganya kafa dilo tse go buiwang ka tsone di tshwanang ka gone. Papiso eno e tserwe mo mokgweng wa bogologolo wa go nyerolosa tshipi. Lenyatshipi le ne le bewa mo godimo ga magala a a fisang mme go bo go koelwa magala a mangwe mo godimo ga lone. Mokgwa ono o ne o gakolosa lenyatshipi mme o dira gore tshipi e tswe mo go se e seng tshipi. Ka tsela e e tshwanang, fa re nna pelonomi re ka dira gore motho a fetole tsela e a itshwarang ka yone mme a bontshe dinonofo tse di molemo.

Go tlhaloganya dipapiso sentle ga go dire fela gore re tlhaloganye kgopolo nngwe mme gape go ama dipelo tsa rona. Re kgona go bona kafa boleo bo leng masisi ka gone fa Baebele e bo tshwantsha le molato. (Luke 11:4) Mme fa Jehofa a re itshwarela a bo a phimola molato wa rona, re ikutlwa re imologile! Fa re bolelelwa gore o ‘bipa’ le go ‘phimola’ maleo a rona—jaaka e kete o phimola seleite—re tlhomamisega gore ga a kitla a boa a re atlholela maleo ao mo nakong e e tlang. (Pesalema 32:1, 2; Ditiro 3:19) Mme a bo go gomotsa jang ne go itse gore Jehofa a ka phimola maleo a a bohibidu jo bo letlhololo mme a bo a a dira masweu fela jaaka kapoko!—Isaia 1:18.

Tseno ke dingwe tsa dipapiso di le dintsi tse di leng mo Lefokong la Modimo e leng Baebele. Ka jalo fa o bala Baebele, ela tlhoko dipapiso. Iphe nako ya go bona gore dilo tse go buiwang ka tsone di tshwana jang o bo o tlhatlhanya ka tsone. Go dira jalo go tla dira gore o tlhaloganye Dikwalo le go di anaanela.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Jaaka fa le dirisitswe mo setlhogong seno, lefoko “papiso” le kaya dikapuo tsotlhe—tshwantshiso, tshwantshanyo kgotsa dipolelo dingwe tse di akaretsang puo ya tshwantshetso.

^ ser. 6 Dibolumo tse pedi tsa Baebele tsa Insight on the Scriptures tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, di na le tshedimosetso e ntsi e gantsi e thusang go tlhalosa kafa dilo tse go buiwang ka tsone di tshwanang ka gone.

[Lebokoso mo go tsebe 13]

Kafa Dipapiso di Thusang ka Teng

Dipapiso di re thusa ka ditsela di le dintsi. Selo se go leng thata go se tlhaloganya se ka bapisiwa le sengwe se se leng motlhofo go se tlhaloganya. Go ka dirisiwa dipapiso di le mmalwa go tlhalosa dintlha tse di farologaneng tsa kgang e e rileng. Go ka dirisiwa dipapiso go gatelela dintlha tsa botlhokwa kgotsa gore e nne tse di kgatlhang.

[Lebokoso mo go tsebe 14]

Lemoga Dintlha Tse di Farologaneng

PAPISO: “Lona lo letswai la lefatshe.” (Mathaio 5:13)

KGANGKGOLO: Lona (barutwa ba ga Jesu)

SETSHWANTSHO: Letswai

TSELA E KGANGKGOLO E TSHWANANG KA YONE LE SETSHWANTSHO: Go boloka sengwe

SE RE SE ITHUTANG: Barutwa ba ne ba bolela molaetsa o o neng o ka boloka batho ba le bantsi

[Mafoko a a mo go tsebe 15]

“Jehofa ke Modisa wa me. Ga ke na go tlhoka sepe.”—PESALEMA 23:1