“Re Tla ja Eng?”
“Re Tla ja Eng?”
DIJO le dino—ke dilo tse batho ba neng ba bua gangwe le gape ka tsone ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu. Kgakgamatso ya gagwe ya ntlha e ne e le go fetola metsi go nna beine, mme mo makgetlong a mabedi o ne a fepa boidiidi ka dinkgwe di le mmalwa le tlhapi. (Mathaio 16:7-10; Johane 2:3-11) Jesu o ne a sa itsege fela ka go ja le bahumanegi mme gape o ne a itsege ka go ja le bahumi. Tota e bile, baba ba ga Jesu ba ne ba mo latofatsa ka gore o ja bobe le gore ke letagwa. (Mathaio 11:18, 19) Jesu o ne a sa nna jalo. Le fa go ntse jalo, o ne a itse gore dijo le dino e ne e le dilo tse batho ba neng ba tshwenyegile thata ka tsone, mme o ne a di dirisa ka botswerere go dira dipapiso fa a ba ruta dilo tse di boteng ka Modimo.—Luke 22:14-20; Johane 6:35-40.
Ke dijo le dino dife tse di neng di itsege mo motlheng wa ga Jesu? Dijo di ne di apewa jang? Mme go ne go tsewa matsapa a kana kang fa di apewa? Dikarabo tsa dipotso tseno di tla go thusa go tlhaloganya botoka ditiragalo dingwe le dilo tse go buiwang ka tsone mo Diefangeleng.
Re fe “Senkgwe sa Rona sa Letsatsi Leno”
Fa Jesu a ne a ruta barutwa ba gagwe go rapela, o ne a ba bolelela gore go ne go siame gore ba kope Modimo gore a ba neye dilo tse ba di tlhokang mo botshelong—e leng “senkgwe sa letsatsi leno.” (Mathaio 6:11) Senkgwe se ne se jewa thata mo e leng gore mo Sehebereng le mo Segerikeng, mafoko a a reng “go ja dijo” a ne a kaya “go ja senkgwe.” Dijo tsa ditlhaka tse di neng di dirisiwa go dira senkgwe tse di jaaka korong le barele mmogo le tse dingwe tse di jaaka outshe le lebelebele e ne e le dingwe tsa dijo tse di jewang thata ke Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Babatlisisi ba fopholetsa gore motho o ne a ja dikilogerama di le 200 tsa dijo tsa ditlhaka ka ngwaga, tse di neng di mo naya halofo ya maatla a a neng a a tlhoka.
Senkgwe se ne se ka rekwa mo marekisetsong. Le fa go ntse jalo, malapa a mantsi a ne a itirela sone mme go ne go tsaya nako e ntsi go se dira. Buka ya Bread, Wine, Walls and Scrolls e tlhalosa jaana: “E re ka go ne go le thata go baya bupi sebaka se seleele bo sa senyege, basadi ba ne ba bo sila letsatsi le letsatsi.” Go ne go tsaya nako e kae go dira tiro eo? Mokwadi yono a re: “Le fa mosidi a ne a ka fetsa ura yotlhe a sila ka matsogo, korong ya kilogerama e le nngwe e ne e ntsha bupi jo bo kwa tlase ga dikilogerama di le 0.8.” E re ka selekanyo se motho a neng a tlhoka go se ja ka letsatsi e ne e ka nna halofo ya kilogerama, mosadi o ne a tshwanetse go sila ka diura tse tharo gore a fepe batho ba le batlhano kgotsa ba le barataro mo lelapeng la gagwe.”
Jaanong akanya ka Marea, mmaagwe Jesu. Mo godimo ga ditiro tse a neng a di dira mo lapeng, o ne a tshwanetse go dira senkgwe se se neng se Mathaio 13:55, 56) Ga go pelaelo gore fela jaaka basadi ba bangwe ba Bajuda, Marea le ene o ne a tshwanetse go dira ka natla gore a dire “senkgwe sa letsatsi.”
tla lekana monna wa gagwe, barwa ba batlhano le barwadie ba babedi. (“Tlang, Jang Sefitlholo sa Lona”
Morago ga gore Jesu a tsosiwe mo baswing, o ne a bonala mo go bangwe ba barutwa ba gagwe mo mosong mongwe. Barutwa ba ne ba feditse bosigo jotlhe ba leka go tshwara ditlhapi mme ba ne ba sa kgona go tshwara sepe. Jesu o ne a bitsa ditsala tsa gagwe tse di lapileng jaana: “Tlang, jang sefitlholo sa lona.” Mme o ne a ba naya tlhapi le senkgwe. (Johane 21:9-13) Le fa leno e le lekgetlo la ntlha go buiwa ka sefitlholo mo Diefangeleng, go ne go tlwaelegile gore batho ba simolole letsatsi ka go ja dijo tse di jaaka senkgwe, matonkomane, moretlwa o o omisitsweng kgotsa maungo a motlhware.
Go tweng ka dijo tsa motshegare? Batho ba ba neng ba bereka ba ne ba ja eng? Buka ya Life in Biblical Israel ya re: “Dijo tsa motshegare di ne di le motlhoswana, e ne e le senkgwe, dijo tsa ditlhaka, maungo a motlhware le difeige.” Tseno e ka tswa e le dijo tse barutwa ba ga Jesu ba neng ba tla ka tsone fa ba ne ba tswa kwa Sikara mme ba fitlhela Jesu a bua le mosadi wa Mosamarea kwa sedibeng. Ura “e ne e ka nna ya borataro,” kgotsa motshegare mme barutwa ba ne ba “ile kwa motseng go ya go reka dijo.”—Johane 4:5-8.
Mo maitseboeng, malapa a ne a kokoana go tla go ja dijo tse di neng di le botlhokwa mo letsatsing. Buka ya Poverty and Charity in Roman Palestine, First Three Centuries C.E. e tlhalosa dijo tseno jaana: “Bontsi jwa batho bo ne bo ja senkgwe kgotsa bogobe jo bo neng bo dirilwe ka barele, dijo tsa dithoro, dinawa kgotsa korong e nnye. Gantsi ba ne ba di tsenya letswai le leokwane kgotsa maungo a motlhware, mme nako nngwe ba ne ba tsenya souse, tswina ya dinotshe kgotsa jusi e e botshe.” Gape mo dijong tse di neng di jewa go ka tswa go ne go na le mashi, tšhisi, merogo le maungo a a foreshe kgotsa a a omisitsweng. Go ne go na le mefuta e le 30 ya merogo ka nako eo—dieiye, kaliki, diradisi, digwete le khabetšhe fa re umaka e le mmalwa—le mefuta e e fetang 25 ya maungo a a farologaneng a a jaaka (1) difeige, (2) maungo a mokolane le (3) digaranata tse di neng di lengwa mo kgaolong eo.
A o kgona go bona ka leitlho la mogopolo dingwe tsa dijo tseno di le mo tafoleng ka nako ya fa Jesu a ne a ja dijo tsa maitseboa le Lasaro le bokgaitsadie e bong Maratha le Marea? Jaanong akanya ka monkgo o o neng o tletse mo phaposing fa Marea a ne a tlotsa dinao tsa ga Jesu ka “naredo ya mmatota”—monkgo wa dijo o tlhakane le wa leokwane le le nkgang monate le le tlhwatlhwakgolo.—Johane 12:1-3.
“Fa o Dira Modiro wa Mokete”
Nako nngwe fa Jesu a ne a ja dijo kwa “ntlong ya mongwe wa babusi ba Bafarasai,” o ne a ruta batho ba ba neng ba le gone thuto ya botlhokwa. O ne a re: “Fa o dira modiro wa mokete, laletsa batho ba ba humanegileng, ba ba golafetseng, ba ba tlhotsang, ba ba foufetseng; mme o tla itumela, ka gonne ga ba na sepe se ba ka go duelang ka sone. Luke 14:1-14) Fa Mofarasai a ne a ka reetsa kgakololo ya ga Jesu, o ne a ka naya batho dijo tse di ntseng jang mo modirong oo?
Gonne o tla duelwa mo tsogong ya basiami.” (Motho yo o humileng o ne a ka newa senkgwe se se rileng sa maemo, se bakilwe ka dipopego tse di farologaneng go bo go bewa beine, tswina ya dinotshe, mashi le ditswaiso. Go ka direga gore botoro le tšhisi di ne di nna gone mo tafoleng. Gape go ne go nna le maungo a a foreshe a motlhware le a a neng a ntse a bolokilwe gore a se ka a senyega kgotsa oli ya motlhware. Go ya ka buka e e bidiwang Food in Antiquity, “ka ngwaga motho mongwe le mongwe o ne a ja dikilogerama di le masome a mabedi tsa oli ya motlhware, mme e nngwe e ne e dirisiwa mo ditlolong tse di ntlafatsang le go bonesa.”
Fa Mofarasai a ne a nna gaufi le lewatle, ene le baeng ba gagwe ba ne ba ka ja tlhapi e e sa tswang go tshwarwa. Ba ba neng ba nna kgakala le lewatle ba ne ba ka ja tlhapi e e neng e bolokilwe mme e tshetswe letswai gore e se ka ya bola. Mong wa modiro gape o ne a ka ba naya nama—dijo tse go neng go sa tlwaelega gore di fiwe batho ba ba humanegileng. Dijo tse ba neng ba tlwaetse go di newa e ne e le dijo tse di dirilweng ka mae. (Luke 11:12) Dijo tseno di ka tswa di ne di tsenngwa ditlhatsana tse di natefisang dijo le ditswaiso tse di jaaka minte, dile, kumina le mosetara. (Mathaio 13:31; 23:23; Luke 11:42) Morago ga gore baeng ba newe dijo, ba ne ba ka newa phuding ya korong e e besitsweng e tsentswe dithamane (almonds), tswina ya dinotshe le ditswaiso.
Batho ba ba neng ba tlile modirong ba ne ba ka newa diterebe—di le foreshe, di omisitswe kgotsa e le beine. Diketekete tsa digatisetso tsa beine tse di neng tsa bonwa kwa Palesetina, ke bosupi jwa gore batho ba bantsi ba ne ba rata beine. Kwa lefelong lengwe kwa Gibeone, baithutamarope ba ne ba fitlhela mafelo a a dirisetswang go boloka beine a le 63 a dirilwe ka matlapa mme a ne a ka boloka dilitara di ka nna 100 000 tsa beine.
“Lo se Ka le Ka Motlha Lwa Tlhobaela”
Fa o ntse o bala Diefangele, ela tlhoko kafa Jesu a buang ka dijo le dino ka gone mo dipapisong tsa gagwe kgotsa kafa a neng a ruta dithuto tsa botlhokwa ka gone ka nako ya dijo. Eleruri Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba itumelela go ja le go nwa, segolobogolo fa ba ne ba na le ditsala tsa bone tse di gaufi, mme ga ba a ka ba dira gore dilo tseno e nne tsone tsa botlhokwa mo botshelong jwa bone.
Jesu o ne a thusa barutwa ba gagwe go nna tekatekano mo tseleng e ba lebang dijo le dino ka yone fa a ne a re: “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela mme lwa re, ‘Re tla ja eng?’ kgotsa, ‘Re tla nwa eng?’ kgotsa, ‘Re tla apara eng?’ Gonne dilo tseno tsotlhe ke dilo tse ditšhaba di di gwalalelang. Gonne Rraalona wa selegodimo o a itse gore lo tlhoka dilo tseno tsotlhe.” (Mathaio 6:31, 32) Barutwa ba ne ba reetsa kgakololo eno, mme Modimo o ne a ba tlhokomela ka dilo tse ba di tlhokang. (2 Bakorintha 9:8) Gone ke boammaaruri gore se o se jang se ka tswa se farologana le se batho ba ba neng ba tshela mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba neng ba se ja. Mme o ka tlhomamisega gore Modimo o tla go tlhokomela fa o dira gore go mo direla go tle pele mo botshelong jwa gago.—Mathaio 6:33, 34.