Maeto a Bogologolo ka Sekepe go Ralala Mediterranean
Maeto a Bogologolo ka Sekepe go Ralala Mediterranean
Gompieno batho ba tlwaetse go palama sefofane ba tswa mo kontinenteng e nngwe mme ba ya kwa go e nngwe. A o ka gakgamadiwa ke gore le mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele batho ba ne ba tsaya maeto a maleele?
DINGWAGA di ka nna sekete pele ga Keresete, Kgosi Solomone o ne a aga lesomo la dikepe tse di neng di tsamaya le tsa kgosi ya Ture di tlisa dilo tse di tlhwatlhwakgolo mo Iseraele go tswa kwa dinageng tse di kgakala. (1 Dikgosi 9:26-28; 10:22) Mo lekgolong la borobongwe la dingwaga B.C.E., kwa boemakepeng jwa Jopa jo bo kwa Mediterranean kwa Iseraele, moporofeti Jona o ne a palama sekepe se se neng se ya kwa Tareshishe. * (Jona 1:3) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., moaposetoloi Paulo o ne a tsaya loeto ka sekepe go tloga kwa Kaesarea kwa Iseraele go ya kwa Puteoli, e gompieno e leng Pozzuoli, kwa Kgogometsong ya Naples kwa Italy.—Ditiro 27:1; 28:13.
Baitsehisitori ba itse gore mo motlheng wa ga Paulo, bagwebi ba ba tswang kwa kgaolong ya Mediterranean ka metlha ba ne ba ya kwa India ba raletse Lewatle le Lehibidu, mme mo bogareng jwa lekgolo la bobedi la dingwaga, * Le fa go ntse jalo, re itse eng ka maeto a bogologolo a a neng a tsewa ka dikepe go ralala Mediterranean go ya kwa bophirima? Batsamayakadikepe ba bogologolo ba ne ba ya bokgakala jo bo kana kang go ela kwa bophirima?
bangwe ba ile ba bo ba fitlha kwa China.Maeto a Bogologolo a Bafonekia
Makgolokgolo a dingwaga pele ga motlha wa ga Paulo, batho ba ba tsamayang ka dikepe ba ne ba simolola go tlhoma mafelo a kgwebo kwa Bophirima. Go dumelwa gore Bafonekia, ba naga ya bone e leng mo motseng o gompieno o bidiwang Lebanona, ba ne ba fitlha kwa Atlantic ka 1200 B.C.E. Mo e ka nnang ka 1100 B.C.E., go feta kgogometso ya Gibraltar, ba ne ba aga motse o o bidiwang Gadir, o gone jaanong e leng motse wa boemakepe jwa Cádiz jo bo kwa Spain. Dingwe tsa dilo tse di neng di le teng koo e ne e le selefera le thini tse di neng di epiwa mo motseng oo, tse di neng di rekwa ke bagwebi ba Atlantic.
Rahisitori wa Mogerika e bong Herodotus o ne a kwala gore mo lekgolong la bosupa la dingwaga B.C.E., Faro Neko wa Egepeto o ne a dira lesomo la dikepe tsa Bafonekia, tse ba neng ba di kgweetsa go tswa kwa Lewatle le Lehibidu le simololang gone. Boikaelelo jwa gagwe e ne e le go dikologa Afrika go tloga kwa botlhaba go ya kwa bophirima.
Ka nako eo, Bafonekia ba ne ba dira dipatlisiso ka dintshi tsa Afrika ka makgolokgolo a dingwaga. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya diphefo tse di maatla le makhubu a a sa iketlang, go ne go tla nna boima gore batsamayakadikepe ba ba neng ba ya kwa borwa ba iphaphathile ka Lotshitshi lwa Atlantic ba tsamaele kgakala. Go ya ka Herodotus, Bafonekia ba ne ba tsaya loeto lono lo losha go simolola kwa Lewatleng le Lehibidu mme ba ela kwa lotshitshing lo lo kafa botlhaba jwa Afrika go ya kwa Lewatleng la India. Mo bogareng jwa ngwaga, ba ne ba aga go bapa le lotshitshi mme ba jala peo, ba nna teng go fitlha ba roba ba bo ba tswelela ka loeto lwa bone. Herodotus a re mo ngwageng wa boraro, ba ne ba dikologa kontinente yotlhe, ba tsena ka Mediterranean mme ba boela kwa Egepeto.
Herodotus o ne a konela pego ya gagwe ka go re Bafonekia ba ne ba bua dilo tse a neng a sa di dumele, go akaretsa le gore ba re fa ba ne ba tsamaya go bapa le naga e e kafa borwa jwa Afrika, ba ne ba bona letsatsi kafa mojeng wa bone. Eleruri go ne go tla nna thata gore Bagerika ba bogologolo ba dumele seno. Motho yo o goletseng kwa bokone jwa ekhweitha o tlwaetse go bona letsatsi kafa borwa. Ka jalo, fa a ya kwa bophirima, letsatsi le kafa molemeng wa gagwe. Mme kwa Cape of Good Hope, e e kafa borwa jwa ekhweitha, motshegare letsatsi le kafa bokone—kafa mojeng wa mongwe le mongwe yo o yang kwa bophirima.
Ka makgolokgolo a dingwaga, baitsehisitori ba ntse ba ngangisana ka se Herodotus a se buileng. Go bonala go ne go ka se kgonege gore batsamayakadikepe ba le bantsi ba bogologolo ba dikologe Afrika. Le fa go ntse jalo, bakanoki ba dumela gore Faro Neko o ne a ntsha taelo ya gore go tsewe loeto loo mme ba ne ba ka kgona go dira jalo, fa motho a akanyetsa bokgoni le kitso tse di neng di le teng ka nako eo. Rahisitori Lionel Casson a re: “Go ne go ka kgonega go tsaya loeto loo. Ga go na lebaka la go bo setlhopha sa Bafonekia se ne se ka palelwa ke go tsaya loeto loo mo motlheng oo le ka tsela e Herodotus a lo tlhalosang ka yone.” Ga re kgone go tlhomamisa gore pego ya ga Herodotus e boammaaruri go le kana kang. Le fa go ntse jalo, e re bontsha go se kae maiteko a a neng a dirwa a go tsaya maeto ka sekepe go ya kwa dikgaolong tse di kgakala tse di neng di sa itsege mo motlheng oo wa bogologolo.
Pytheas o ya Kwa Bokone
Bafonekia e ne e se bone fela batho ba bogologolo ba Mediterranean ba ba neng ba ya kwa bophirima go ela kwa Atlantic. Nngwe ya dikolone tse batsamayakadikepe ba Bagerika ba neng ba di tlhoma kwa Mediterranean ke Massalia, e gone jaanong e leng motse wa Fora wa Marseilles. Motse ono o ne wa huma ka ntlha ya kgwebo ya mo lewatleng le mo lefatsheng. Bagwebi ba ne ba romela beine, oli le boronse tsa Mediterranean go tswa kwa Massalia go ya kwa bokone mme ba ne ba amogela ditshipi le amber go tswa kwa bokone. Ga go pelaelo gore baagi ba Massalia ba ne ba batla go itse kwa dilo tseno di tswang gone. Ka jalo mo e ka nnang ka 320 B.C.E., Pytheas wa Mo-Massalia o ne a tswa
letsholo go ya go iponela dinaga tseo tse di kwa kgakala kwa bokone.Fa a boa, Pytheas o ne a kwala buka e e kaga loeto lwa gagwe ya setlhogo se se reng On the Ocean. Le fa mokwalo wa ntlhantlha wa Segerika wa buka ya gagwe o sa tlhole o le teng, e ne ya nopolwa ke bakwadi ba ka nna 18 ba bogologolo. Dipolelwana tse ba di nopotseng di bontsha gore Pytheas o ne a tlhalosa ka kelotlhoko mawatle, makhubu, thutafatshe le dipalo tsa baagi ba mafelo a a ileng a a etela. Gape o ne a dirisa boleele jwa moriti wa tshipi e e lekanyang go bona gore motshegare moriti wa letsatsi o tla bo o le fa kae go ya ka letlha le le rileng mme go tswa foo a bo a fopholetsa gore o setse a tsamaile sekgala se se kana kang go ya kwa bokone.
Dilo tse Pytheas a neng a di kgatlhegela e ne e le tsa saense. Le fa go ntse jalo, boikaelelo jo bogolo jwa loeto lwa gagwe e ne e se go tlhotlhomisa dilo tsa saense. Go na le moo, bakanoki ba ne ba akantsha gore borakgwebo ba kwa Massalia ba ne ba mo laela le go mo tshegetsa ka madi gore a ye go bona tsela ya mo lewatleng e e yang kwa dintshing tse di kwa kgakala kwa ba neng ba itse gore maje a botlhokwa a mabenyane le thini a ne a ka bonwa gone. Mme jaanong Pytheas o ne a ya kae?
Kwa Brittany, Boritane le Kwa Dinageng Tse Dingwe
Go bonala Pytheas a ne a ya kwa Iberia le go ela kwa godimo kwa lotshitshing lwa Gaul go ya kwa Brittany, kwa a neng a nna gone. Re itse seno ka gonne nngwe ya dilekanyo tsa gagwe tsa go bona gore letsatsi le kwa ntlheng efe—tse go bonalang a ne a di tsaya mo lefatsheng—di lekana le karolo e nngwe kwa bokone jwa Brittany. *
Batho ba kwa Brittany ba ne ba itse go dira dikepe le go di kgweetsa mme ba ne ba dira kgwebo le Boritane. Cornwall, e leng lefelo le le kwa borwabophirima jwa Boritane le ne le na le thini e ntsi e leng karolo ya botlhokwa ya boronse mme ke kwa Pytheas a neng a ya teng. Pego ya gagwe e tlhalosa bogolo le tsela e Boritane e neng e lebega ka yone jaaka khutlotharo, mme seno se ka tswa se raya gore o tshwanetse a bo a ile a tsamaya go dikologa setlhaketlhake seo.
Le fa re sa tlhomamise gore Pytheas o ne a dirisa tsela efe, o ka tswa a ile a tsamaya fa gare ga Boritane le Ireland, a feleletsa a le mo Setlhaketlhakeng sa Man, e latitude ya sone e tshwanang le selekanyo sa gagwe sa bobedi se a neng a se lekanya ka letsatsi. A ka tswa a tsere selekanyo sa boraro kwa Lewis kwa Outer Hebrides, kgakala le lotshitshi lo lo kafa bophirima jwa Scotland. Go tswa koo, go bonala a ne a ya kwa bokone kwa Ditlhaketlhakeng tsa Orkney, e e leng kwa bokone jwa naga ya Scotland ka gonne pego ya gagwe e e nopotsweng ke Pliny yo Mogolwane
e bega gore di ne di dirilwe ka ditlhaketlhake di le 40.Pytheas o ne a kwala gore fa o se na go tsamaya malatsi a le marataro o ya kwa bokone jwa Boritane o fitlha mo nageng nngwe e e bidiwang Thule. Bakwadi ba le mmalwa ba bogologolo ba umaka tlhaloso ya ga Pytheas ya gore Thule ke naga e mo go yone letsatsi le phirimang go setse go le bosigo thata. O ne a re fa o ka tsamaya letsatsi le le lengwe ka sekepe go tswa koo, o tla fitlha kwa lewatle le “aesitseng” gone. Batho ba le bantsi ba ne ba sa dumalane ka gore lefelo le Pytheas a reng ke Thule le kwa kae—bangwe ba re le kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Faeroe, ba bangwe ba re kwa Norway mme ba bangwe bone ba re kwa Iceland. Le fa Thule e ka tswa e ne e le kwa kae, bakwadi ba bogologolo ba ne ba dumela gore “e kwa mafelong a a itsegeng a a kwa bokone jo bo kwa kgakala.”
Go bonala Pytheas a ile a boela kwa Boritane a dirisa tsela e e batlang e tshwana le e a neng a e tlogetse a bo a feleletsa go dikologa setlhaketlhake seo. Ga re itse gore a o ne a tswelela a tlhotlhomisa lotshitshi lo lo kafa bokone jwa Yuropa pele a boela kwa Mediterranean. E ka ne Pytheas a dirile seo kgotsa nnyaa, Pliny yo Mogolwane o nopola Pytheas a na le taolo mo dikgaolong tse di tlhagisang amber. Didirisiwa tseno tse di tlhwatlhwakgolo tsa bogologolo di ne di le kwa Jutland, e e leng karolo ya Denmark ya gompieno e bile e le kwa lotshitshing lo lo kafa borwa jwa Lewatle la Baltic. Gone mme, Pytheas a ka tswa a ithutile ka mafelo ano fa a ne a etetse boemakepe bongwe jwa kwa botlhaba jwa Boritane mme go ya kafa re itseng ka gone, ga a bua sepe ka gore o ne a a etela.
Motsamai yo mongwe yo o itsegeng ka go tsaya maeto kwa Mediterranean yo o kwadileng ka go etela ga gagwe kwa Boritane ke Julius Caesar, mme o ne a goroga kwa borwa jwa setlhaketlhake seno ka 55 B.C.E. Ka 6 C.E., matsholo a mangwe a Baroma a ne a fitlha kwa bokone jo bo kgakala kwa Jutland.
Go Oketsa Kitso ka Lefatshe
Go batlisisa dilo ga Bafonekia le Bagerika go ne ga dira gore ba nne le kitso e e oketsegileng ka thutalefatshe, e seng fela ya Mediterranean le Atlantic mme le ya dinaga tse di kwa borwa jwa Afrika le bokone jo bo kwa kgakala jaaka Arctic. Batho ba motlha oo ba ne ba rata go batlisisa, go gweba, go oketsa kitso ya bone ka lefatshe, go etela kwa mafelong a a kwa kgakala mme seno se dira gore ba nne le dikgopolo le kitso e e oketsegileng.
Dipego tse di sa ntseng di le teng tsa dilo tse di batlisisitsweng bogologolo di bontsha fela karolo ya maeto ka sekepe a bakgweetsasekepe ba ba pelokgale ba neng ba a wetsa sentle. Ke bakgweetsasekepe ba bogologolo ba le kae ba ba neng ba boela kwa lefelong le ba tlogileng kwa go lone ba bo ba sa kwale gore ba ne ba ile kae? Mme ke ba le kae ba ba tsereng maeto ka dikepe ba tswa kwa metseng ya bone ba ya kwa lotshitshing lo lo kgakala, ba bo ba sa boe? Dipotso tseno ga di ise di arabiwe. Mme gone go na le sengwe se re ka se lemogang ka go anama ga Bokeresete mo nakong e e fetileng.—Bona lebokose le le fa godimo.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 3 Gantsi leina leno le itsiwe e le la kgaolo nngwe kwa borwa jwa Spain le bakwadi ba Bagerika le Baroma ba le bitsang Tartessus.
^ ser. 4 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka go tsaya maeto ka dikepe go ya kwa botlhaba, bona setlhogo se se reng “Barongwa Ba ne Ba Kgona go ya Bokgakala jo bo Kana Kang go Ela Kwa Botlhaba?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa January 1, 2009.
^ ser. 16 Gompieno go ka twe ke latitude ya 48°42’ N.
[Lebokoso mo go tsebe 29]
Dikgang Tse di Molemo di “Rerwa mo Popong Yotlhe”
Mo e ka nnang ka 60-61 C.E., moaposetoloi Paulo o ne a kwala gore dikgang tse di molemo di ne tsa “rerwa mo popong yotlhe e e kafa tlase ga legodimo.” (Bakolosa 1:23) A o ne a raya gore Bakeresete ba ne ba setse ba rerile kwa India, Botlhaba jo bo Kgakala, Afrika, Spain, Gaul, Boritane, Baltics le kwa lefelong le Pytheas a reng ke Thule? Go bonala go sa nna jalo, mme ga re a tlhomamisega ka seo.
Le fa go ntse jalo, ga go pelaelo gore dikgang tse di molemo di ne tsa anama fela thata. Ka sekai, Bajuda le basokologi ba ba neng ba amogela Bokeresete ka Pentekosete ya 33 C.E., ba ne ba ya kwa Parathia, Elama, Media, Mesopotamia, Arabia, Asia Minor, dikarolo tsa Libia go ela kwa Kurene le Roma—ba akaretsa lefatshe le le neng le itsiwe ke batho ba ba neng ba bala makwalo a ga Paulo.—Ditiro 2:5-11.
[Setshwantsho/Mmapa mo go tsebe 26, 27]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Herodotus o ne a re fa batsamayakadikepe ba ne ba tsamaya go bapa le naga e e kafa borwa jwa Afrika, ba ne ba bona letsatsi kafa mojeng wa bone
[Mmapa]
AFRIKA
LEWATLE LA MEDITERRANEAN
LEWATLE LA INDIA
LEWATLE LA ATLANTIC
[Setshwantsho/Mmapa mo go tsebe 28, 29]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Loeto lo loleele lwa mokgweetsasekepe wa Mogerika e bong Pytheas
[Mmapa]
IRELAND
ICELAND
NORWAY
Lewatle la Bokone
BORITANE
BRITTANY
SEKASETLHAKE SA IBERIA
LOTSHITSHI LO LO KAFA BOKONE JWA AFRIKA
LEWATLE LA MEDITERRANEAN
Marseilles