Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Itise Gore O se Ka wa Tsiediwa

Itise Gore O se Ka wa Tsiediwa

Itise Gore O se Ka wa Tsiediwa

DON QUIXOTE ke moanelwa yo o itsegeng thata mo ditlhamaneng tse mokwadi mongwe wa Mo-Spain wa mo lekgolong la bo16 la dingwaga e bong Miguel de Cervantes a di kwadileng mo bukeng ya gagwe e e itsegeng thata e e bidiwang ka leina la moanelwa yono. Mo bukeng eo, Don Quixote o akanya thata ka ditlhamane le dikinane tsa batlhabani ba ba pelokgale ba ba apereng diaparo tse di phatsimang tsa ntwa mme ba namola makgarebe a matshelo a bone a leng mo kotsing. Go ise go ye kae, o simolola go akanya gore le ene ke motlhabani. Mo karolong nngwe e e rategang ya tlhamane eo, o tlhasela mafetlho a le mantsi a a pompang metsi ka phefo, a akanya gore ke setlhopha se se kotsi sa diganka. E re ka a ne a tlhomamisegile gore o direla Modimo ka go bolaya diganka tseo, o felela a itlhabisitse ditlhong thata.

Ke boammaaruri gore kgang ya ga Don Quixote ke tlhamane fela mme gantsi go tsiediwa ke kgang e e masisi. Ka sekai, akanya ka motho yo o lemaletseng bojalwa yo o dumelang gore a ka nwa kafa a batlang ka gone, mme a bo a felela a sentse botsogo jwa gagwe le botshelo jwa lelapa la gagwe. Kgotsa akanya ka motho yo o nang le bolwetse jwa anorexia yo o ithayang a re o otlegile e bile o na le botsogo jo bo molemo mme tota a ntse a ipolaisa tlala e bile a tloga a swa.

A ope fela wa rona a ka tsiediwa? Ka maswabi, karabo ke ee. Boammaaruri ke gore rotlhe re ka tsiediwa. Mme seno se ka akaretsa go tsiediwa ka dithuto tsa bodumedi tse re sa bolong go di rata—mo go ka felelang ka ditlamorago tse di botlhoko. Seo se ka direga jang? O ka itisa jang gore o se ka wa tsiediwa?

Dikotsi Tsa go Tsiediwa

Dikishinare nngwe ya re go tsietsa go kaya “go dira gore motho a dumele gore selo se se seng boammaaruri se boammaaruri.” Gape go kaya “go dira gore batho ba amogele kgopolo kgotsa thuto ya maaka e e dirang gore ba se ka ba nna le kitso, ba tlhakane tlhogo kgotsa ba itlhoboge.” Lefoko leno le mafoko a mangwe a a jaaka go “timetsa” le go “fora” tota a kaya go faposa motho a sa lemoge. Fa motho a sa lemoge gore o neilwe tshedimosetso e e seng boammaaruri ka boomo gore a nne a ‘se na kitso, a tlhakane tlhogo kgotsa a itlhobogile,’ ruri o mo kotsing e kgolo.

Kgang e e utlwisang botlhoko ke gore gantsi batho ba ba tsieditsweng ga ba batle go tlogela se ba se dumelang, tota le fa go na le bosupi jo bo utlwalang sentle jwa gore seo ga se boammaaruri. Gongwe se ba se dumelang se ba amile thata jaana mo ba sa batleng go amogela bosupi bope jwa gore ga se boammaaruri.

A re Ka Tsiediwa?

Gongwe o ka ipotsa jaana: ‘A re tla bo re feteletsa dilo fa re re rotlhe re ka tsiediwa malebana le dilo tse re di dumelang tsa bodumedi?’ Nnyaa, le e seng. Seno ke ka gonne Satane Diabolo, yo Jesu a neng a re ke “ramaaka” o ikaeletse go re tsietsa rotlhe. (Johane 8:44) Gape Baebele e tlhalosa Satane e le “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.” O ‘foufaditse megopolo’ ya batho ba le bantsi fa e sa le go tloga bogologolo. (2 Bakorintha 4:4) Le gone jaanong o ‘tsietsa lefatshe lotlhe le le nang le banni.’—Tshenolo 12:9.

Satane o ne a simolola go tsietsa batho go tswa fela kwa tshimologong. Ka sekai, o ne a tsietsa Efa, a dira gore a akanye gore ga a tlhoke go ikobela melao ya Mmopi wa gagwe le gore a ka ‘tshwana le Modimo, a itse molemo le bosula,’ ke gore, a itirele tshwetso ya se se molemo le se se bosula. (Genesise 3:1-5) Eno e ne e le tsietso ya ntlha e kgolo ka gonne le fa batho ba ne ba neilwe kgololesego ya go itlhophela se ba batlang go se dira, ba ne ba sa bopiwa ba na le bokgoni jwa go itirela tshwetso ya se se siameng le se se sa siamang. Ke Modimo fela yo o nang le tshwanelo eo le thata ya go dira jalo ka gonne e le Mmopi le Molaodi. (Jeremia 10:23; Tshenolo 4:11) Ruri ke go itsietsa go akanya gore tshwanelo ya go tlhopha fa gare ga se se siameng le se se sa siamang ke tshwanelo ya go dira tshwetso ya gore ke eng se se siameng le se se sa siamang! Le fa go ntse jalo, go motlhofo gore rona batho ba ba sa itekanelang re wele mo seraing seo.

A o Ka Tsiediwa?

Dithuto tse o di ratang tsa bodumedi di ka tswa di na le makgolokgolo a dingwaga di le teng, gongwe di nna di fetisediwa mo dikokomaneng ka go latelana. Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore di boammaaruri. Goreng go ka tualo? Pego ya Baebele e bontsha gore moragonyana fela ga loso lwa baaposetoloi ba ga Keresete, go ne ga nna le batho ba ba tsietsang mo phuthegong ya Bokeresete ba ba neng ba ruta “dilo tse di sokameng gore ba gogele barutwa kwa go bone.” (Ditiro 20:29, 30) Ba ne ba kgona go tsietsa batho “ka dikgang tse di tlhotlheletsang” le ka “botlhajana le tsietso e e lolea go ya ka ngwao ya batho.”—Bakolosa 2:4, 8.

A le gompieno go direga se se tshwanang? Ee, ka gonne moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa gore dilo di ne di tla nna maswe le go feta mo “malatsing a bofelo,” mo nakong eno e re tshelang mo go yone. O ne a re: “Batho ba ba boikepo le maferefere ba tla tswelela ba sulafalela pele, ba tsietsa e bile ba tsiediwa.”—2 Timotheo 3:1, 13.

Ka jalo, go botlhale go tsaya tsia tlhagiso eno ya ga moaposetoloi Paulo: “Ka gone a yo o akanyang gore o eme a tlhokomele gore a se ka a wa.” (1 Bakorintha 10:12) Ke boammaaruri gore Paulo o ne a bua ka kamano e motho a nang le yone le Modimo. Tota e bile go akanya gore Satane ga a ka ke a go tsietsa, ka bogone fela ke go itsietsa. Ruri ga go na motho yo o ka se amiweng ke “maano a boferefere” a ga Satane. (Baefeso 6:11) Ke gone ka moo moaposetoloi a neng a bua kafa a boifang ka gone gore Bakeresete ka ene ‘ka tsela nngwe, jaaka noga e ne ya faposa Efa ka boferefere jwa yone, megopolo ya bone e ka nna ya senngwa ya tswa mo bopeloephepeng le mo boitshekong tse di tshwanetseng Keresete.’—2 Bakorintha 11:3.

O ka Itisa Jang Gore O se Ka wa Tsiediwa?

Ka jalo o ka itisa jang gore Satane a se ka a go tsietsa? O ka dira jang gore o tlhomamise gore o “obamela [Modimo] ka moya le ka boammaaruri”? (Johane 4:24) Dirisa se Jehofa Modimo a go neileng sone. Sa ntlha, o go neile “nonofo ya botlhale” gore o kgone go farologanya boammaaruri le maaka. (1 Johane 5:20) Gape o dirile gore o kgone go lemoga maano a ga Satane. (2 Bakorintha 2:11) Tota e bile o go neile sengwe le sengwe se o se tlhokang go thibela maiteko a ga Satane a go go tsietsa.—Diane 3:1-6; Baefeso 6:10-18.

Sa botlhokwa le go feta, Modimo o go neile sengwe se se ka ikanngwang se o ka itshireletsang ka sone. Ke eng seo? Ke sone se moaposetoloi Paulo a neng a kgothaletsa modirimmogo le ene e bong Timotheo gore a ikaege ka sone malebana le dilo tsa bodumedi. Fa moaposetoloi Paulo a sena go tlhagisa ka “batho ba ba boikepo le maferefere,” o ne a bolelela Timotheo gore a emelane le bone ka go thaya sengwe le sengwe se a se dumelang mo ‘mekwalong e e boitshepo’—ke gore, mo Lefokong la Modimo le le boitshepo e leng Baebele.—2 Timotheo 3:15.

Ke boammaaruri gore batho bangwe ba ka nna ba re motho ope fela yo o dumelang mo Modimong e bile a amogela Baebele e le Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng o timetse. Le fa go ntse jalo, tota batho ba ba timetseng ke ba ba itlhokomolosang ka boomo bosupi jotlhe jo bo bontshang gore Mmopi o teng le gore Baebele ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. *Baroma 1:18-25; 2 Timotheo 3:16, 17; 2 Petere 1:19-21.

Go na le go tsiediwa ke “se se bidiwang ‘kitso’ mme e se yone,” dirisa Lefoko la Modimo go tlhomamisa se e leng boammaaruri. (1 Timotheo 6:20, 21) Etsa banna le basadi ba megopolo e e bulegileng ba moaposetoloi Paulo a neng a ba rerela kwa Berea. Ba ne “ba amogela lefoko ka mogopolo o o tlhagafetseng thata.” Ba ne ba sa dumele fela se moaposetoloi Paulo a neng a ba ruta sone, gape ba ne ba “tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi gore a dilo tseno di ne di ntse jalo.”—Ditiro 17:11.

Fa o tlhatlhoba se o se dumelang jaaka ba ne ba dira, ga o tlhoke go boifa sepe. Tota e bile Baebele e go kgothaletsa go ‘tlhomamisa dilo tsotlhe’ pele o dumela gore di boammaaruri. (1 Bathesalonika 5:21) Go ela kwa bofelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., moaposetoloi Johane o ne a kgothatsa Bakeresete ka ene jaana: “Baratwa, lo se ka lwa dumela dipolelwana dingwe le dingwe tse di tlhotlheleditsweng, mme tlhatlhobang dipolelwana tse di tlhotlheleditsweng go bona gore a di tswa mo Modimong.” (1 Johane 4:1) Tota le fa thuto nngwe ya bodumedi e lebega e “tlhotlheleditswe”—kgotsa e tswa kwa Modimong—go botlhokwa gore o tlhatlhobe Dikwalo go tlhomamisa gore e boammaaruri pele o e dumela.—Johane 8:31, 32.

Dirisa Se o Se Ithutang

Le fa go ntse jalo, go tlhokega sengwe se se fetang seo. Morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “Nnang badiri ba lefoko, mme e seng bautlwi fela, lo itsietsa ka tsela e e phoso ya go akanya.” (Jakobe 1:22) Go itse fela se Baebele e se rutang ga go a lekana. O tshwanetse go dirisa se o se ithutang. O ka dira seo jang? Ka go dira se Modimo a go laelang gore o se dire mme o sa dire dilo tse a di kgalang.

Ka sekai, akanya kafa batho ba bantsi ba nang le boitsholo jo bo sa siamang ka gone. A seno ga se bontshe kafa Satane a kgonneng ka teng go tsietsa batho gore ba akanye gore ba ka kgona go itlhokomolosa melao ya Modimo ya boitsholo mme ba sa lebane le ditlamorago tsa teng? Ka ntlha ya seno, moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete jaana ka tlhamalalo: “Lo se ka lwa tsietsega: Modimo ga se yo o ka sotliwang. Gonne le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.”—Bagalatia 6:7.

O se ka wa nna jaaka “monna yo o seeleele,” yo Jesu a neng a re o ‘utlwa’ mafoko a gagwe mme “a sa a dire.” Jaaka Cervantes’ Don Quixote yo o neng a tsiediwa ke dilo tse a neng a di akanya, monna yoo o ne a itsietsa ka go akanya gore a ka aga ntlo e e nonofileng e bile e sireletsegile mo motheong o o sa tlhomamang wa motlhaba. Go na le moo, nna jaaka monna “yo o neng a aga ntlo ya gagwe mo lefikeng.” Jesu o ne a re monna yono o “botlhale” ka gonne o utlwa mafoko a ga Jesu “a ba a a dira.”—Mathaio 7:24-27.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 18 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona makasine wa Tora ya Tebelo wa June 1, 2004 mo go tsebe 9-14 le buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 12, 13]

A o Leba Dilo Kafa Tota di Leng ka Teng?

Ka bo1930, motaki mongwe wa kwa Sweden e bong Oscar Reutersvärd, o ne a taka a bo a anamisa ditshwantsho tse morago di neng tsa bidiwa ditshwantsho tse di tsietsang matlho. Sekai sa gompieno sa ditshwantsho tseno se kafa molemeng. Fa o gaodisa ditshwantsho tseno fela, di lebega di dira gore o dumele dilo tse tota di ka se kang tsa kgonega. Mme fa o di leba ka kelotlhoko, o bona maano a a botlhale a a tlhamilweng ke motaki yo o lekang go tsietsa matlho le mogopolo wa motho yo o di lebileng.

Ditshwantsho tseno tse di tsietsang matlho ga se tsone fela tse di lebegang di farologane le se tota di leng sone. Dingwaga di ka nna dikete di le pedi tse di fetileng, Baebele e ne ya tlhagisa jaana: “Disang: gongwe go ka tswa go na le mongwe yo o tla lo tsayang jaaka ba a ba tsomileng a dirisa botlhajana le tsietso e e lolea go ya ka ngwao ya batho, go ya ka dilo tsa tshimologo tsa lefatshe mme e seng go ya ka Keresete.”—Bakolosa 2:8.

Se se dirang gore tlhagiso eno e utlwale le go feta ke gore mokwadi wa yone o ne a kile a tsiediwa. E re ka a ne a rutilwe ke mongwe wa barutisi ba ba itsegeng thata ba bodumedi ba motlha wa gagwe e bile a ne a itsiwe ke batho ba maemo, o ka nna wa akanya gore o ne a ka se tsiediwe motlhofo.—Ditiro 22:3.

Monna yono—Saulo wa Tareso—o ne a rutilwe gore motho ope fela yo o neng a sa dire dingwao le ditlwaelo tsa bodumedi jwa gagwe o molato. A tlhotlheleditswe ke baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda, o ne a tsaya go bogisa motho ope fela yo o ganang go tlogela tumelo ya gagwe ya Bokeresete e le tiro e a e neilweng ke Modimo. O ile a bo a ema nokeng polao ya motho yo o tswang mo nageng ya gaabo ka ntlha ya tatofatso ya maaka ya gore o ne a tlhapaditse Modimo.—Ditiro 22:4, 5, 20.

Fa nako e ntse e ile, Saulo o ne a thusiwa go bona pharologanyo fa gare ga se se siameng le se se sa siamang, se Modimo a se amogelang le se a sa se amogeleng. Fa monna yono yo o tlhoafetseng e bong Saulo a sena go lemoga gore o phoso, o ne a tlogela dilo tse a neng a di dira mme a simolola go bidiwa Paulo, moaposetoloi wa ga Jesu Keresete. Paulo o ne a sa tlhole a tsiediwa mme o ne a bone kobamelo ya boammaaruri. —Ditiro 22:6-16; Baroma 1:1.

Fela jaaka Paulo, batho ba le bantsi ba ba peloephepa ba kile ba bo ba tsieditswe ke dithuto tse di ka tshwantshanngwang le ditshwantsho tse di tsietsang matlho—ditumelo tse di lebegang di utlwala mme di sa tswe mo Lefokong la Modimo. (Diane 14:12; Baroma 10:2, 3) Mme ba ne ba thusiwa go bona sentle ditumelo le maungo a bodumedi jwa bone ka tsela e tota a leng ka yone. (Mathaio 7:15-20) Fa ba ntse ba nna le kitso ya boammaaruri ya Baebele, ba ne ba fetola se ba se dumelang le tsela e ba neng ba tshela ka yone gore Modimo a ba amogele.

A o ka rata go etsa sekao sa ga moaposetoloi Paulo mme o tlhatlhobe se o se dumelang o dirisa Lefoko la Modimo e leng Baebele? Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 10]

Engravings by Doré