Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba Dira Dilo Tse di Bosula?

Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba Dira Dilo Tse di Bosula?

Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba Dira Dilo Tse di Bosula?

GO NA le sengwe se batho ba le bantsi ba dumalanang ka sone: Rotlhe ga re a itekanela, ka jalo re a tle re dire diphoso le dilo tse dingwe tse re di ikwatlhaelang morago. Le fa go ntse jalo, a leno ke lone lebaka la go bo go na le ditiro tse dintsi tse di bosula, tse dikgolo mmogo le tse dinnye, tse re di iponelang ka matlho kgotsa tse re di utlwalelang mo e ka nnang letsatsi le letsatsi mo metsweding ya dikgang?

Le fa batho ba dira diphoso ka gonne ba sa itekanela, ba le bantsi ba a itse gore go na le melao ya boitsholo e e tshwanetseng go latelwa ka metlha le gore batho ba ka kgona go tila go dira dilo tse di bosula. Gape batho ba le bantsi ba a dumela gore go na le pharologanyo fa gare ga go bua sengwe se se seng boammaaruri o sa ikaelela le go senya motho leina ka boomo, le fa gare ga go gobatsa motho ka phoso le go bolaya motho ka boomo. Mme gone ditiro tse di tsitsibanyang mmele gantsi di dirwa ke batho fela ba ba tlwaelegileng. Ke ka ntlha yang fa batho ba dira dilo tse di bosula?

Baebele ga e re tlogele mo lefifing mo kgannyeng eno. E tlhalosa sentle mabaka a konokono a go bo batho ba dira dilo tse ba itseng gore di bosula. Ela tlhoko se e se buang.

“Kgatelelo fela e ka dira gore yo o botlhale a itshware jaaka setsenwa.”MORERI 7:7.

Baebele e bontsha gore ka dinako tse dingwe maemo a ka pateletsa batho go dira dilo tse ba neng ba ka se ka ba di dira. Batho bangwe ba ka nna ba bo ba dira ditiro tsa tlolomolao ba re ba leka go rarabolola mathata le tshiamololo. Buka ya Urban Terrorism ya re: “Gantsi selo sa konokono se se tlhotlheletsang serukhutlhi ke go betwa ke pelo ka ntlha ya maemo a go lebegang a sa laolege a dipolotiki, a loago le a itsholelo.”

“Go rata madi ke modi wa masula mangwe le mangwe otlhe.”1 TIMOTHEO 6:10, BAEBELE E E BOITSHEPO.

Seane sengwe sa re, Motho ntsi o okwa ke boladu, ka jalo tota le batho ba ba molemo ba ka tlola melao ya se se siameng le ya boitsholo fa ba solofediwa madi a mantsi. Batho bangwe ba ba lebegang ba le botsalano e bile ba le pelontle fa dilo di tsamaya sentle, go lebega ba fetoga gotlhelele go nna batho ba ba sa rategeng le ba ba bogale fa go bonala ba ka nna le madi kgotsa a ka ba latlhegela. Akanya ka ditiro tse dintsi tsa tlolomolao tse di dirwang ka ntlha ya bogagapa—go tseela batho madi ka go ba tshosetsa, go ba tsietsa, go tsaya batho ka dikgoka le e leng go ba bolaya.

“Ka gonne katlholo kgatlhanong le tiro e e bosula ga e a diragadiwa ka bofefo, ke sone se pelo ya bomorwa batho e ikemiseditseng go dira bosula ka tsela e e feletseng.”MORERI 8:11.

Temana eno e umaka mokgwa o batho ba nang le one wa go akanya gore ba ka tlola melao fa go se na ope yo o nang le taolo yo o ba bonang. Mokgwa ono o bonala fa batho ba kgweetsa ka lobelo lo lo seng kafa molaong, ba tsietsa ka nako ya ditlhatlhobo, ba utswa madi a setšhaba le go dira dilo tse dingwe tse di maswe le go feta. Fa molao o sa gagamala kgotsa go se na sepe se se dirang gore batho ba boife gore ba ka tshwarwa, batho ba gantsi ba ikobelang molao ba ka dira dilo tse ba neng ba ka se ka ba di dira. Makasine wa Arguments and Facts wa re: “Go lebega lebaka la go bo dikebekwa di kgona go dira bosula di sa otlhaiwe, le tlhotlheletsa batho fela ba ba tlwaelegileng go dira dilo tse di setlhogo thata.”

“Mongwe le mongwe o lekwa ka go gogelwa a ba a hepisiwa ke keletso ya gagwe. Go tswa foo keletso, fa e sena go emera, e tshola boleo.”JAKOBE 1:14, 15.

Batho botlhe ba ka nna le dikakanyo tse di phoso. Letsatsi le letsatsi re lebana le dikakantsho le dithaelo tse dintsi tsa go dira bosula. Mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele, Bakeresete ba ne ba bolelelwa jaana: “Ga go thaelo epe e e lo wetseng fa e se e e tlwaelegileng mo bathong.” (1 Bakorintha 10:13) Le fa go ntse jalo, gore a motho o tla dira bosula go ikaegile ka gore o tlhopha eng—go ntsha dikakanyo tse di bosula ka bonako mo tlhaloganyong ya gagwe kgotsa go tswelela a akanya ka tsone. Temana e e fa godimo e e nopotsweng mo lekwalong le le tlhotlheleditsweng la ga Jakobe e tlhagisa gore fa motho a letlelela keletso e e sa siamang gore ‘e emere,’ ga go pelaelo gore o tla dira dilo tse di sa siamang.

“Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.”DIANE 13:20.

Batho ba re tsalanang le bone ba ka re tlhotlheletsa fela thata—ka tsela e e siameng kgotsa e e sa siamang. Gantsi batho ba dira dilo tse ba neng ba sa ikaelela go di dira ka ntlha ya kgatelelo ya balekane kgotsa ka gonne ba ile ba tsalana le batho ba ba bosula mme seo sa felela ka ditlamorago tse di botlhoko. Fa Baebele e bua ka “dimatla” ga e bue ka batho ba ba seng botlhale, mme e bua ka batho ba ba tlhokomologang kgakololo e e molemo e e leng mo Lefokong la Modimo. Le fa re ka tswa re le basha kgotsa re le bagolo, fa re sa tlhophe ditsala tsa rona sentle, ke gore, re sa di tlhophe go ya ka melao e e siameng e e mo Baebeleng, ‘dilo ga di na go re tsamaela sentle.’

Temana eno ya Baebele le tse dingwe tse dintsi di bontsha lebaka la go bo batho—le fa e ka tswa e le batho fela ba ba tlwaelegileng—ba dira dilo tse di bosula le tse di tsitsibanyang mmele. Le fa go le mosola gore re tlhaloganye se se tlhotlheletsang batho go dira dilo tse di maswe, a go na le tsholofelo ya gore dilo di tla tokafala? Ee, ka gonne Baebele ga e re bolelele fela mabaka a go bo batho ba dira dilo tse di bosula mme gape e re naya ditsholofetso tsa gore dilo tseo di tla fela. Ditsholofetso tseo ke dife? A ruri dilo tsotlhe tse di bosula mo lefatsheng di tla tsamaya di fela? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseo.